Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshwarega le go Ipela mo Tirelong ya Modimo

Go Tshwarega le go Ipela mo Tirelong ya Modimo

Go Tshwarega le go Ipela mo Tirelong ya Modimo

JEHOFA o batla gore o ipele. (Pes. 100:2) E re ka o le mongwe wa batlhanka ba gagwe le wena o tshwanetse wa bo o tshwaregile. Gongwe o ne o sa tshwarega thata jaana fa o ne o ineela mo Modimong, mme maikarabelo a kwa tirong le a mo phuthegong a ka tswa a dira gore o ikutlwe o goga bokete. Tota e bile o ka ikutlwa o le molato fa o sa kgone go fitlhelela dilo tsotlhe tse o neng o ikaeletse go di dira. O ka dira jang gore o bone tsela e e siameng ya go nna tekatekano mme o nne o na le “boipelo jwa ga Jehofa”?—Neh. 8:10.

O tshela mo metlheng e e thata le e e nang le dikgatelelo tse dintsi, ka jalo o tshwanetse go rulaganya dilo tsa gago sentle. Malebana le kgang eno, nngwe ya dikgakololo tse di tlhotlheleditsweng tsa ga moaposetoloi Paulo e tshwanela tota: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.”—Baef. 5:15, 16.

Go ya ka kgakololo eno e e molemo, o ka ipeela jang mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela mme o kgone go ithuta o le esi, go tlhokomela lelapa, go ya tirelong ya tshimo, go dira tiro ya boitshediso le ditiro tse dingwe tse di botlhokwa?

A o sa ntse o gopola boipelo jo o neng wa nna le jone fa o ne o ineela mo Modimong le go kolobediwa? Go itse Jehofa le maikaelelo a gagwe ke gone go neng go go leretse boipelo. O ka tswa o tsere dikgwedi o ithuta ka tlhoafalo gore o nne le kitso eo le boipelo. Mme kwantle ga pelaelo e ne e se matsapa a lefela. Go ithuta jalo go tokafaditse botshelo jwa gago.

Gore o tswelele o ipela, o tshwanetse go nna o iphepa semoyeng. Fa e le gore o fitlhela go le thata go nna le nako ya go bala le go ithuta Baebele, sekaseka thulaganyo ya gago. Le fa o ka dirisa metsotso e se kae fela ka letsatsi o ithuta le go tlhatlhanya, o tla atamalana le Jehofa mme kwantle ga pelaelo seo se tla oketsa boipelo jwa gago.

Bontsi jwa batlhanka ba Modimo ba ka fokotsa nako e ba e dirisang mo dilong tse di seng botlhokwa thata gore ba kgone go dira dilo tsa botlhokwa. Ipotse jaana, ‘Ke senya nako e kana kang ke bala dimakasine tsa lefatshe kgotsa makwalodikgang, ke lebeletse thelebishene, ke reeditse mmino, kgotsa ke dira sengwe se ke ratang go fetisa nako ka sone?’ Ditiro tse di ntseng jalo di ka itumedisa, fa fela di dirwa ka tekatekano. (1 Tim. 4:8) Fa o lemoga gore o na le bothata jwa go sa dirise nako sentle, tsaya dikgato go baakanya thulaganyo ya gago.

Adam, monna yo o nyetseng, yo o nang le bana ba le bararo e bile e le mogolwane, o tlhalosa gore ke eng se se mo thusang: “Ke lwela go tshela botshelo jo bo sa raraanang. Ke tila ditiro tsa go itlosa bodutu tse di jang nako e ntsi e bile ke tila go nna le dithoto tse di batlang tlhokomelo e ntsi. Ga se gore ke tshela botshelo jwa go itshotla—ke fela gore ke rata boitlosobodutu jo bo sa raraanang.”

Go tlhatlhanya ka matswela a a molemo a ditshwetso tse o di dirileng go ka oketsa boipelo jwa gago mme ga go thusa gore o tswelele o leba dilo sentle. Ka sekai, Mariusz, yo e leng mogolwane yo o nang le bana ba bararo a re: “Fa ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ka simolola go nna le tsholofelo ka isagwe. Ke sa ntse ke a tle ke lebane le mathata, a bontsi jwa one a itsiweng fela ke Jehofa. Mme ka ntlha ya thuso ya gagwe ke kgona go leba pele kwa isagweng ka boipelo.”

Fela jaaka mo kgannyeng ya ga Mariusz, go nna le boikutlo jo bo siameng go ka se fedise ditlhobaelo tsotlhe tse o nnang le tsone. Mme go ka go thusa gore o ikutlwe botoka le gore o kgone go lebana le mathata a botshelo ka katlego go feta pele. Re bala jaana: “Malatsi otlhe a yo o bogisiwang a bosula; mme yo o nang le pelo e e thamileng o nna le modiro ka metlha.” (Dia. 15:15) Tlhatlhanya le ka lorato lo Modimo a setseng a go lo bontshitse. Go tlhatlhanya ka tsela e e ntseng jalo go ka oketsa lorato lo o mo ratang ka lone le boipelo jwa gago jwa bomodimo.—Math. 22:37.

Go baya Jehofa kwa pele mo botshelong mmogo le ditiro tse re di mo direlang go oketsa boitumelo jwa lelapa. Go bontsha dinonofo tsa Bokeresete go fokotsa dikgotlhang mme go felela ka gore lo atamalane le go dirisana sentle mo lapeng. Ka jalo, legae la gago e tla nna lefelo le le nang le kagiso le kutlwano le lelapa lotlhe le ka tlang mo go lone.—Pes. 133:1.

Go dira ditiro tsa semoya mmogo lo le lelapa go oketsa boipelo jwa mmatota. Mariusz a re: “Ke tsaya nako e re e dirisang mmogo re le lelapa e le botlhokwa. Mosadi wa me o nkema nokeng tota. Nako le nako fa go kgonega, o tsamaya le nna fa ke le mo bodireding jwa tshimo kgotsa ke phepafatsa kwa setadiamong pele ga dikopano, gape o tsamaya le nna fa ke ya go neela dipuo tsa phatlalatsa kwa diphuthegong tse dingwe. Seno se a nkgothatsa.”

Dikwalo di laela Bakeresete gore ba tlamele ba malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Tim. 5:8) Mme fa e le gore tiro ya boitshediso e go tseela nako e ntsi le maatla, e ka go amoga boipelo mo tirelong ya Modimo. Rapela Jehofa ka kgang eno. (Pes. 55:22) Bangwe ba lemogile gore fa ba batla go baya Bogosi jwa Modimo kwa pele ba tshwanetse go batla tiro e sele ya boitshediso. Ga go na Mokeresete ope yo o tshwanetseng go letla tiro e e duelang madi a mantsi, e e mo jelang nako e ntsi le maatla go mo thibela go dira dilo tsa semoya tse di botlhokwa thata.—Dia. 22:3.

O ka nna wa fitlhela go le molemo gore o kwale fa fatshe dilo tsotlhe tse di ka go solegelang molemo le tse di ka go busetsang morago mo tirong e o e solofeditsweng kgotsa e o e dirang gone jaanong. Boammaaruri ke gore ga go na ope yo o sa batleng tiro e e kgotsofatsang le e e duelang sentle. Le fa go ntse jalo, a tiro e o e dirang gone jaanong e go thusa go tokafatsa bomoya jwa lelapa la gago? Sekaseka mabaka otlhe ka kelotlhoko mme o dire ditshwetso tse di tla dirang gore kamano ya gago le Jehofa e tle pele.

Fa e le gore tiro ya gago ya gone jaanong ga e go thuse gore o gole semoyeng, o tshwanetse go dira phetogo. Bakeresete ba bantsi ba ile ba dira diphetogo tse dikgolo e le gore ba nne le nako ya go dira dilo tsa semoya. Mokaulengwe mongwe kwa Poland a re: “Nako nngwe ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela khampani e ke neng ke e berekela ka gonne ke ne ke nna ke seyo ke le mo mesepeleng ya tiro. Ke ne ke se na nako e e lekaneng ya go dira ditiro tsa semoya kgotsa ya go tlhokomela lelapa la me.” Gone jaanong o itshedisa ka tiro e e sa mo jeleng nako e ntsi le e e sa mo tlhokeng maatla thata.

Bona Boipelo ka go Thusa ba Bangwe

Jesu o ne a re “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Dit. 20:35) Bakeresete ba na le ditshono di le dintsi tsa go aba jalo. Ka dinako tse dingwe, gore wena le motho yo mongwe lo itumele go tlhokega fela go nyenya le ene ka lorato, go mo dumedisa ka seatla kgotsa go mo lebogela ka bopeloephepa kabelo nngwe e a e dirileng ka botswerere mo phuthegong.

Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ka ene jaana: “Buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo, tshegetsang ba ba bokoa.” (1 Bathes. 5:14) Batho ba ba tshwenyegileng maikutlo ba ka nna ba ikutlwa ba sa kgone go lebana le mathata ka bobone. A o ka thusa batho bano? Fa o bona mongwe wa bakaulengwe ba gago a felelwa ke boipelo mo tirelong ya ga Jehofa, leka go mo kgothatsa. Fa o dira jalo le wena o tla kgothala. Go na le mathata mangwe a go se nang motho ope yo o ka a rarabololang. Le fa go ntse jalo, o ka bontsha kutlwelobotlhoko ka bopeloephepa le go kgothaletsa mokaulengwe wa gago gore a ikaege ka Jehofa yo o ka se kang a mo latlha. Ba ba dirang jalo ga ba na go ikwatlhaya.—Pes. 27:10; Isa. 59:1.

Kgato e nngwe e o ka e tsayang ke go laletsa mongwe yo go bonalang a felelwa ke boipelo gore a tsamaye le wena mo bodireding. Fa Jesu a ne a romela barutwa ba gagwe ba le 70, o ne a ba romela ka “bobedi le bobedi.” (Luke 10:1) A ga o dumalane gore o ne a direla gore batho ba babedi bano ba kgothatsane? A o ka dirisa mokgwa oo gompieno go thusa bangwe gore ba boe ba ipele?

Go na le dilo tse dintsi tse re nang le mabaka a go tshwenyega ka tsone mo botshelong. Go ntse go le jalo, Paulo o re gakolola jaana: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng!” (Bafil. 4:4) Botshelo jwa gago bo na le bokao ka gonne o rata Modimo, o a mo ikobela, mme o dira tiro e a go neileng yone ka tlhoafalo. Seo se a go ipedisa. Gape Jehofa o go thusa gore o kgone go lepalepana le dikgatelelo le mathata a o lebanang le one.—Bar. 2:6, 7.

Re kgona go bona ka matlho a tumelo gore re gaufi le lefatshe le lesha le Jehofa a re le solofeditseng. A bo re tla nna le masego a mantsi jang ne le mabaka a go ipela! (Pes. 37:34) Ka jalo re ka itumela, re sa lebale kafa Jehofa a re segofatsang ka teng le gone jaanong. Ka gone re ka ‘direla Jehofa ka go ipela.’—Pes. 100:2.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

O ka nna wa tshwanelwa ke go fetola tsela e o dirisang nako ya gago ka yone gore o nne o itumetse

BOITAPOLOSO le BOITLOSOBODUTU

LEGAE le GO TLHOKOMELA LELAPA

TIRO

DIPOKANO TSA BOKERESETE

GO ITHUTA O LE ESI

BODIREDI

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

A o ka kgona go thusa ba bangwe gore ba boe ba ipele?