Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Ikanyega fa a Lebane le Diteko

O ne A Ikanyega fa a Lebane le Diteko

Etsa Tumelo ya Bone

O ne A Ikanyega fa a Lebane le Diteko

PETERE o ne a leba difatlhego tsa bareetsi ba ga Jesu a tshwenyegile. Ba ne ba le mo sinagogeng kwa Kaperenama. Petere o ne a nna mo motseng ono; kgwebo ya gagwe ya go tshwara ditlhapi e ne e le mono, mo lotshitshing lwa Lewatle la Galalea; batho ba le bantsi ba e leng ditsala tsa gagwe, ba losika le ba a dirisanang le bone ka kgwebo ba ne ba nna mono. Kwantle ga pelaelo Petere o ne a batla gore batho ba mo gagabo ba lebe Jesu jaaka ene, ba itumele jaaka a ne a itumelela go ithuta ka Bogosi jwa Modimo a rutiwa ke morutisi yo mogolo go gaisa botlhe. Go ne go lebega go ka se nne jalo fa Jesu a ne a etela Kaperenama mo letsatsing leo.

Batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba reetsa. Bangwe ba ne ba ngunanguna, ba ganetsa se Jesu a neng a se bua. Mme se se neng se tshwenya Petere thata e ne e le tsela e bangwe ba barutwa ba ga Jesu ba neng ba itshwara ka yone. Difatlhego tsa bone di ne di sa tlhole di phatsima ka boitumelo jo bo neng bo nna gone ka ntlha ya go bo ba ithuta dilo tse disha, go ithuta boammaaruri. Jaanong ba ne ba lebega ba sa itumela, e bile ba tenegile. Bangwe ba ne ba re puo ya ga Jesu e a tsitsibanya. Ba ne ba se ka ba tlhola ba mo reetsa mme ba tswa mo sinagogeng—ba bo ba tlogela go latela Jesu.

Go ne go le thata mo go Petere le mo baaposetoloing ba bangwe. Petere o ne a sa tlhaloganye ka botlalo se Jesu a neng a se bua mo letsatsing leo. Kwantle ga pelaelo o ne a tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Jesu a ne a ka lebega a kgopisa fa a sa tlhalosiwe. Mme Petere o ne a tla dirang? E ne e se lekgetlo la ntlha e bile e se la bofelo a lekwa gore o ikanyega go le kana kang mo go Mong wa gagwe. A re boneng gore tumelo ya ga Petere e mo thusitse jang gore a fenye diteko tseo le go nna a ikanyega.

O ne A Ikanyega fa ba Bangwe ba sa Ikanyege

Gantsi Petere o ne a bona dilo tse Jesu a neng a di dira di gakgamatsa. Gangwe le gape Mong wa gagwe o ne a dira dilo kgotsa a bua ka tsela e e neng e sa tsamaisane le se batho ba neng ba se lebeletse. Letsatsi fela pele ga foo, Jesu o ne a fepile boidiidi jwa batho ba le diketekete ka kgakgamatso. Ka ntlha ya seno, ba ne ba leka go mo dira kgosi. Mme o ne a gakgamatsa ba le bantsi ka go tswa mo gare ga boidiidi a bo a bolelela barutwa ba gagwe gore ba palame mokoro mme ba ye kwa Kaperenama. Fa barutwa ba ntse ba tsamaya ka mokoro bosigo joo, Jesu o ne a ba gakgamatsa gape ka go tsamaya mo godimo ga Lewatle le le matsubutsubu la Galalea, a ruta Petere thuto ya botlhokwa kaga tumelo. *

Mo mosong ba ne ba lemoga gore boidiidi joo bo ne bo ntse bo ba setse morago go dikologa lekadiba. Go ne go bonala sentle gore batho bano ba ne ba tlhotlhelediwa ke go eletsa go bona Jesu a dira gore go nne le dijo ka kgakgamatso mme e ne e se gore ba eletsa go utlwa dithuto tsa boammaaruri. Jesu o ne a ba kgalemelela moya wa bone wa go rata dilo tse di bonalang. Motlotlo oo o ne wa tswelela kwa sinagogeng kwa Kaperenama, kwa Jesu a neng a boa gape a dira dilo tse ba neng ba sa di lebelela a leka go ba ruta thuto nngwe ya botlhokwa mme go se motlhofo go e tlhaloganya.

Jesu o ne a batla gore batho bao ba se ka ba mo tsaya fela e le motho yo o ba fang dijo tsa senama, mme e le yo o ba fang dijo tsa semoya tse di tswang kwa Modimong le yo botshelo le loso lwa gagwe di neng di tla dira gore batho ba bangwe ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, o ne a dira setshwantsho, a itshwantsha le mana, senkgwe se se neng sa fologa kwa legodimong mo motlheng wa ga Moshe. Fa bangwe ba ganetsa ntlha eo, o ne a dirisa setshwantsho se se utlwalang sentle go tlhalosa gore batho ba tshwanetse go ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe gore ba bone botshelo. Seno se ne sa dira gore batho ba gakale. Bangwe ba ne ba re: “Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?” Bontsi jwa barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlogela go mo sala morago. *Johane 6:48-60, 66.

Petere o ne a tla dirang? Le ene o tshwanetse a bo a ne a sa tlhaloganye mafoko a ga Jesu. O ne a ise a tlhaloganye gore Jesu o tshwanetse go swa gore a diragatse thato ya Modimo. A mme Petere o ne a raelesega gore le ene a tlogele go sala Jesu morago jaaka barutwa ba ba fetofetogang ba ba neng ba mo tlogetse mo letsatsing leo? Nnyaa; go ne go na le sengwe sa botlhokwa se se neng se dira gore Petere a farologane le banna bao. E ne e le eng?

Jesu o ne a leba baaposetoloi ba gagwe mme a re: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” (Johane 6:67) O ne a bua le bone ba le 12, mme Petere ke ene a neng a araba. Gantsi e ne e le ene a arabang. Petere a ka tswa e ne e le ene yo mogolo mo go bone botlhe. Mme gone, e ne e le ene yo o ratang go ntsha maikutlo a gagwe go feta ba bangwe mo setlhopheng seo; go ne go lebega a sa okaoke go ntsha se se mo mafatlheng. Mo lekgetlong leno o ne a bua mafoko ano a a itumedisang a a sa lebalegeng: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 6:68.

A mafoko ao ga a go ame pelo? Tumelo e Petere a neng a na le yone mo go Jesu e ne e mo thusitse gore a nne le nonofo e e tlhomologileng—boikanyegi. Petere o ne a lemoga sentle gore ga go na Mmoloki ope kwantle ga Jesu le gore Jesu o ne a boloka batho ka mafoko a gagwe—dithuto tse a neng a di ruta ka Bogosi jwa Modimo. Petere o ne a itse gore le fa go ne go na le dilo dingwe tse a sa di tlhaloganyeng, go ne go se na gope gape kwa a ka yang teng fa a batla go amogelwa ke Modimo le go bona masego a botshelo jo bo sa khutleng.

A le wena o ikutlwa fela jalo? Ka maswabi, batho ba le bantsi mo lefatsheng la gompieno ba re ba rata Jesu mme ga ba ikanyege. Fa re ikanyega ka tsela ya mmatota mo go Keresete, re tshwanetse go leba dithuto tsa ga Jesu jaaka Petere a ne a di leba. Re tshwanetse go di ithuta, go di tlhaloganya, le go tshela ka tsone—tota le fa di re gakgamatsa ka gonne di sa tsamaisane le se re se lebeletseng kgotsa se re se ratang. Fa fela re ikanyega re ka solofela go bona botshelo jo bo sa khutleng jo Jesu a re bo batlelang.

O ne A Ikanyega fa a Kgalemelwa

Nakwana fela morago ga nako eo e ba neng ba tshwaregile thata ka yone, Jesu o ne a tsamaya le baaposetoloi ba gagwe le barutwa ba bangwe mo mosepeleng o moleele go ya kwa bokone. Setlhoa se se tletseng kapoko sa Thaba ya Heremone, e e kwa ntlheng e e kwa bokone ya Lefatshe le le Solofeditsweng, se ne se tle se bonale le fa ba le mo metsing a a pududu a Lewatle la Galalea. Fa nako e ntse e tsamaya, thaba eo e ne e lebega e le kwa godimo le go feta fa setlhopha seno se ntse se atamela, se tlhatlogela kwa metseng e e gaufi le Kaesarea Filipi. * Mo tikologong eno e ntle, e ba neng ba kgona go bona Lefatsheng le le Solofeditsweng kwa borwa, Jesu o ne a botsa balatedi ba gagwe potso ya botlhokwa.

O ne a botsa a re, “Boidiidi jwa re ke mang?” Re ka akanya kafa Petere gape a neng a leba Jesu mo matlhong ka gone, mme a lemoga bopelonomi, maatla le botlhale jwa Mong wa gagwe. Jesu o ne a batla go itse gore bareetsi ba gagwe ba ne ba tlhalogantse jang se ba neng ba se bone le se ba neng ba se utlwile. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba araba potso eo, ba bua dingwe tsa dikgopolo tse di phoso tse batho ba bantsi ba neng ba na le tsone ka ga gore ke mang. Mme Jesu o ne a sa batle go itse seo fela. O ne a batla go itse gore a balatedi ba gagwe le bone ba ne ba na le kgopolo eo e e phoso? O ne a botsa jaana: “Mme lona, lwa re ke mang?”—Luke 9:18-22.

Le fano gape, Petere o ne a itlhaganelela go araba. O ne a dirisa mafoko a a utlwalang sentle e bile a bua ka bopelokgale go tlhalosa tsela e ba le bantsi ba ba neng ba le teng ba neng ba ikutlwa ka yone. O ne a re: “O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.” Re ka akanya fela kafa Jesu a tshwanetseng a bo a ile a nyenya ka teng a itumetse fa a mo akgola ka lorato. Jesu o ne a gopotsa Petere gore Jehofa Modimo, e seng motho ope, ke ene a neng a dirile gore ba ba nang le tumelo ya mmatota ba bone ntlha eno ya botlhokwa ya boammaaruri. Petere o ne a thusitswe gore a lemoge nngwe ya dithuto tsa botlhokwa thata tse Jehofa a neng a kile a di senola—gore Mesia yo o sa leng a solofeditswe, kgotsa Keresete, ke mang!—Mathaio 16:16, 17.

Keresete yono e ne e le ene yo boporofeti jwa bogologolo bo neng bo re ke leje le baagi ba neng ba tla le gana. (Pesalema 118:22; Luke 20:17) Go ya ka boporofeti joo, Jesu o ne a senola gore Jehofa o ne a tla tlhoma phuthego mo go lone leje le Petere a neng a sa tswa go le tlhalosa. * Go tswa foo, o ne a naya Petere maikarabelo mangwe a botlhokwa tota mo phuthegong eo. Ga a ka a dira gore Petere a nne le maemo mo baaposetoloing ba bangwe, jaaka bangwe ba ne ba akanya, mme o ne a mo naya maikarabelo. O ne a naya Petere “dilotlolo tsa bogosi.” (Mathaio 16:19) E ne e tla nna tiro ya ga Petere go naya mefuta e meraro ya batho tsholofelo ya go tsena mo Bogosing jwa Modimo—ba ntlha, Bajuda, go tswa foo Basamarea, mme kwa bofelong, Baditšhaba, kgotsa batho ba e seng Bajuda.

Le fa go ntse jalo, moragonyana Jesu o ne a re ba ba neng ba neilwe go le gontsi ba ne ba tla ikarabelela mo dilong tse dintsi, mme re bona boammaaruri jwa mafoko ano mo go se se diragaletseng Petere. (Luke 12:48) Jesu o ne a tswelela pele go senola dithuto tsa botlhokwa kaga Mesia, a bo a tlhomamisa gore o ne a tlile go boga le go swela kwa Jerusalema. Petere o ne a utlwisiwa botlhoko ke go utlwa dilo tseno. O ne a tseela Jesu kwa thoko a mo kgalemela a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.”—Mathaio 16:21, 22.

Kwantle ga pelaelo Petere o ne a na le maitlhomo a a siameng, ka jalo o tshwanetse a bo a ile a gakgamadiwa ke karabo ya ga Jesu. O ne a furalela Petere, a leba barutwa ba bangwe—ba ba ka tswang ba ne ba akantse se se tshwanang—mme a re: “Mpota kafa morago, Satane! O sekgopi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.” (Mathaio 16:23; Mareko 8:32, 33) Mafoko a ga Jesu a ka re solegela molemo rotlhe. Go motlhofo thata go iphitlhela re laolwa ke dikakanyo tsa batho go na le tsa Modimo. Fa re dira jalo, tota le fa re ne re batla go thusa, re ka iphitlhela re buelela maikaelelo a ga Satane go na le a Modimo. Mme Petere o ne a araba jang?

Kwantle ga pelaelo o ne a itse gore Jesu o ne a sa mmitse Satane Diabolo ka tsela ya mmatota. Tota e bile, Jesu ga a ka a bua le Petere jaaka a ne a bua le Satane. Jesu o ne a raya Satane a re: “Tsamaya;” mme o ne a raya Petere a re: “Mpota kafa morago.” (Mathaio 4:10) Jesu ga a ka a latlha moaposetoloi yono yo a neng a bona gore o molemo tota, mme o ne a mmontsha fela se se neng se le phoso ka tsela e a neng a akanya ka yone mo kgannyeng eno. Go bonala sentle gore Petere o ne a tshwanetse go tlogela go ema fa pele ga Mong wa gagwe e le sekgoreletsi mo go ene, mme o ne a tshwanetse go mo pota ka fa morago e le molatedi wa gagwe yo o mo emeng nokeng.

A Petere o ne a nna manganga, a galefa kgotsa a ngala? Nnyaa; o ne a amogela kgakololo ka boikokobetso. Ka jalo o ne a bontsha boikanyegi gape. Botlhe ba ba latelang Keresete ba tla nna ba tlhoka go gakololwa ka dinako dingwe. Re ka tswelela pele re atamalana le Jesu Keresete le Rraagwe, e bong Jehofa Modimo, fa fela re amogela kotlhao ka boikokobetso e bile re ithuta mo go yone.—Diane 4:13.

O ne A Duelelwa Boikanyegi Jwa Gagwe

Go ise go ye kae Jesu o ne a bua mafoko a mangwe gape a a gakgamatsang: “Ammaaruri ke a lo raya ka re go na le bangwe ba bao ba emeng fano ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope go fitlha ba bona Morwa motho pele a tla a le mo bogosing jwa gagwe.” (Mathaio 16:28) Ga go pelaelo gore mafoko ao a ne a dira gore Petere a ipotse dipotso. Tota Jesu a ka tswa a ne a kayang? Gongwe Petere o ne a ipotsa gore a go kgalemelwa botlhoko jalo go ne go kaya gore a ka se newe tshiamelo e e ntseng jalo e e kgethegileng.

Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang beke morago ga moo, Jesu o ne a tsaya Jakobe, Johane le Petere a ba isa “kwa thabeng e e kwa godimo”—gongwe e ne e le Thaba ya Heremone, e e neng e le sekgala sa dikilometara di se kae fela go tloga mo ba neng ba le gone. Gongwe go ne go le bosigo ka gonne banna bano ba bararo ba ne ba otsela. Mme fa Jesu a ntse a rapela go ne ga diragala sengwe se se neng sa dira gore ba thanye mo borokong.—Mathaio 17:1; Luke 9:28, 29, 32.

Jesu o ne a simolola go fetoga ponalo fa pele ga bone. Sefatlhego sa gagwe se ne sa simolola go galalela go fitlha se phatsima jaaka letsatsi. Diaparo tsa gagwe le tsone di ne di tsabakela ka bosweu. Go ne ga bonala banna ba babedi ba na le Jesu, yo mongwe a tshwana le Moshe yo mongwe a tshwana le Elija. Ba ne ba bua le ene “kaga go tloga ga gagwe mo a neng a laoletswe go go diragatsa kwa Jerusalema”—go swa le go tsosiwa ga gagwe. Go ne go bonala sentle gore Petere o ne a le phoso ka go ganela Jesu go diragalelwa ke tiragalo e e utlwisang botlhoko e e neng e tloga e direga!—Luke 9:30, 31.

Petere o ne a ikutlwa a patelesega go nna le seabe ka tsela nngwe mo ponatshegelong eno. Go ne go bonala e kete Moshe le Elija ba ne ba tswa fa go Jesu. Ka jalo, Petere o ne a re: “Moruti, go molemo go bo re le fano, jalo a re tlhomeng megope e le meraro, o mongwe e le wa gago mme o mongwe e le wa ga Moshe mme o mongwe e le wa ga Elija.” Ke boammaaruri gore baemedi bano ba babedi ba ba neng ba le mo ponatshegelong ba ba tshwanang le batlhanka ba ga Jehofa ba ba sa bolong go tlhokafala ba ne ba sa tlhoke megope. Ruri Petere o ne a sa itse se a se buang. Le fa go ntse jalo, a ga o rate monna yono yo o matlhagatlhaga le yo o pelonomi?—Luke 9:33.

Petere, Jakobe le Johane ba ne ba amogela maduo a mangwe mo bosigong joo. Go ne ga nna le leru mme la ba okamela mo thabeng. Mo go lone go ne ga utlwala lentswe—lentswe la ga Jehofa Modimo! O ne a re: “Yono ke Morwaake, ene yo o tlhophilweng. Mo reetseng.” Morago ga moo ponatshegelo e ne ya fela mme ba ne ba sala le Jesu mo thabeng.—Luke 9:34-36.

Ruri eo e ne e le ponatshegelo e e gakgamatsang tota mo go Petere—le mo go rona! Masome a dingwaga moragonyana, o ne a kwala ka tshiamelo e a neng a nna le yone ya go ‘bona tlotlomalo ya gagwe ka matlho’ go bona Jesu e le Kgosi e e galalelang ya kwa legodimong. Ponatshegelo eo e ne ya tlhomamisa boporofeti jo bontsi jwa Lefoko la Modimo e bile e ne ya nonotsha tumelo ya ga Petere gore a kgone go fenya diteko tse a neng a tla lebana le tsone. (2 Petere 1:16-19) Fela jaaka Petere ponatshegelo eno e ka re nonotsha fa re nna re ikanyega mo go Mong yo Jehofa a mo tlhomileng, re ithuta mo go ene, re amogela kgalemelo ya gagwe mme ka boikokobetso re mo latela letsatsi le letsatsi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Bona setlhogo se se reng “Etsa Tumelo ya Bone—O ne A Lwantsha go Nna le Poifo le Dipelaelo,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 2009.

^ ser. 9 Tsela e boidiidi jwa kwa sinagogeng bo fetofetogang ka yone e bonala fa re bapisa tsela e ba neng ba itshwara ka yone fa Jesu a bua ka nako eo le se ba neng ba se bua letsatsi pele ga foo fa ba ne ba bua ba itumetse ba re Jesu ke moporofeti wa Modimo.—Johane 6:14.

^ ser. 15 Go tswa mo lotshitshing lwa Lewatle la Galalea, mosepele oo wa dikilometara tse 50 o ne wa dira gore setlhopha seno se tswe mo lefelong le le kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle jwa dimetara di ka nna 210 mme se fitlhe mo go le le kwa godimo ga dimetara di ka nna 350, se raletse dikgaolo tse di nang le bontle jwa tlholego.

^ ser. 18 Bona lebokose la setlhogo se se reng  “Lefika ke Mang?” mo go tsebe 28.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

 Lefika ke Mang?

“Ke go raya ke re, O Petere, mme mo lefikeng leno ke tla aga phuthego ya me.” (Mathaio 16:18) Mafoko ao, a Jesu a neng a a bua le moaposetoloi Petere, gantsi a ile a tlhaloganngwa a kaya gore Petere e ne e tla nna motheo wa phuthego ya Bokeresete. Kereke ya Katoliki e ruta gore Jesu o ne a dira gore Petere a nne yo mogolo mo baaposetoloing ba bangwe, a mo dira mopapa wa ntlha. Ka jalo, kwa Saint Peter’s Basilica kwa Roma, mafoko a ga Jesu a kwadilwe ka Selatine mo teng ga moago o o ruletsweng ka marulelo a a kgolokwe, ka ditlhaka tse di fetang motho ka boleele.

A Jesu o ne a raya gore Petere ke lefika le Jesu a neng a tla aga phuthego ya gagwe mo go lone? Nnyaa. Ela tlhoko mabaka a mararo a go bo re ka tlhomamisega ka ntlha eno. Sa ntlha, baaposetoloi ba bangwe ba ne ba le teng, mme ga ba a ka ba tlhaloganya mafoko a ga Jesu ka tsela eo. Fa e le gore Jesu o ne a dira gore Petere a nne yo mogolo mo baaposetoloing ba bangwe fa pele ga bone botlhe, ke eng fa moragonyana ba ne ba ngangisana gangwe le gape gore ke mang yo mogolo mo go bone? (Mareko 9:33-35; Luke 22:24-26) Sa bobedi, moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore lefika e ne e se Petere mme e ne e le Jesu Keresete. (1 Bakorintha 3:11; 10:4) Sa boraro, masome a dingwaga moragonyana Petere o ne a bontsha gore o ne a sa akanye gore e ne e le lefika. Go na le moo, o ne a kwala gore Jesu e ne e le “leje la sekhutlo la motheo” le le sa bolong go bolelelwa pele le le tlhophilweng ke Modimo.—1 Petere 2:4-8.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Petere o ne a ikanyega le fa a ne a kgalemelwa

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Boikanyegi jwa ga Petere bo ne jwa duelwa ka gore a bone ponatshegelo e e gakgamatsang