Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ineela mo go Jehofa?

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ineela mo go Jehofa?

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ineela mo go Jehofa?

“Mo bosigong jono moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe . . . o ne a ema gaufi le nna.”—DIT. 27:23.

1. Bayakolobetsong ba a bo ba setse ba tsere dikgato dife, mme seno se tsosa dipotso dife?

“KA NTLHA ya setlhabelo sa ga Jesu Keresete, a o ikwatlhaetse maleo a gago le go ineela mo go Jehofa go dira thato ya gagwe?” Eno ke nngwe ya dipotso tse pedi tse di arabiwang ke bayakolobetsong kwa bokhutlong jwa puo ya kolobetso. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go ineela mo go Jehofa? Go ineela mo Modimong go re solegela molemo jang? Ke eng fa motho a ka se kgone go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang fa a sa ineela mo go ene? Go bona dikarabo tsa dipotso tseo, re tshwanetse gore pele re sekaseke gore boineelo ke eng.

2. Go ineela mo go Jehofa go kaya eng?

2 Go ineela mo Modimong go kaya eng? Ela tlhoko kafa moaposetoloi Paulo a neng a tlhalosa kamano ya gagwe le Modimo ka teng. O ne a bitsa Jehofa “Modimo yo ke leng wa gagwe” fa pele ga batho ba bangwe ba bantsi ba ba neng ba palame sekepe se se neng se le mo kotsing ya go nwela. (Bala Ditiro 27:22-24.) Bakeresete botlhe ba boammaaruri ke ba ga Jehofa. Mme lefatshe ka kakaretso le “namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Joh. 5:19) Bakeresete e nna ba ga Jehofa fa ba ineela mo go ene ka thapelo ka tsela e a e amogelang. Boineelo joo ke maikano a motho a a dirang ka boene. Bo latelwa ke kolobetso ya mo metsing.

3. Kolobetso ya ga Jesu e ne e tshwantshetsa eng, mme balatedi ba gagwe ba ka etsa sekao sa gagwe jang?

3 Jesu o ne a re tlhomela sekao fa a ne a itlhophela go dira thato ya Modimo. E re ka a ne a tsholetswe mo setšhabeng se se ineetseng sa Iseraele, o ne a setse a ineetse mo Modimong. Le fa go ntse jalo, fa a ne a kolobediwa o ne a dira sengwe se se fetang se se neng se lebeletswe go ya ka Molao. Lefoko la Modimo le bontsha gore o ne a re: “Bona! Ke tlile . . . go dira thato ya gago, wena Modimo.” (Baheb. 10:7; Luke 3:21) Ka jalo kolobetso ya ga Jesu e ne e tshwantshetsa gore o itlisa kwa Modimong gore a dire thato ya ga Rraagwe. Balatedi ba gagwe ba etsa sekao sa gagwe fa ba kolobediwa. Le fa go ntse jalo, bone fa ba kolobediwa mo metsing ba a bo ba bontsha phatlalatsa gore ba ineetse mo Modimong ka thapelo.

Kafa Boineelo bo re Solegelang Molemo ka Teng

4. Botsala jwa ga Dafide le Jonathane bo re ruta eng ka maitlamo?

4 Boineelo jwa Bokeresete ke kgang e e masisi. Ga se maitlamo fela a a sa reng sepe. Mme gone, go ineela go re solegela molemo jang? A re bapiseng mme re boneng gore go dira maitlamo mo dikamanong tsa batho go solegela molemo jang. Sekai sengwe ke sa botsala. Gore o nne le tsala, o tshwanetse gore wena ka bowena o nne tsala. Seno se akaretsa maitlamo—o ikutlwa o tshwanetse go amega ka tsala ya gago. Bongwe jwa botsala jo bo tlhomologileng thata jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng ke jwa ga Dafide le Jonathane. Ba ile ba bo ba dira kgolagano ya botsala. (Bala 1 Samuele 17:57; 18:1, 3.) Le fa botsala jo bo ntseng jalo bo bonwa sewelo, gantsi botsala bo a nonofa fa ditsala di ineetse mongwe go yo mongwe.—Dia. 17:17; 18:24.

5. Motlhanka o ne a ka solegelwa molemo jang goyagoile ke go nna motlhanka wa mong yo o molemo?

5 Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o tlhalosa kamano e nngwe e mo go yone batho ba neng ba solegelwa molemo ke go dira maitlamo. Fa motlhanka a ne a batla go ikutlwa a sireletsegile ka go nna motlhanka wa mong yo o molemo goyagoile, o ne a ka tsena mo tumalanong e e ba tlamang boobabedi. Molao oo wa re: “Fa lekgoba le ka bua ka go gatelela le re, ‘Ruri ke rata mong wa me, mosadi wa me le bomorwaake; ga ke batle go tswa jaaka yo o golotsweng,’ foo mong wa gagwe a mo atametse mo Modimong wa boammaaruri a bo a mo atametse fa setswalong kgotsa fa mophakwaneng; mme mong wa gagwe o tla phunya tsebe ya gagwe ka thoko, mme o tla nna motlhanka wa gagwe ka bosakhutleng.”—Ekes. 21:5, 6.

6, 7. (a) Maitlamo a solegela batho molemo jang? (b) Seo se bontsha eng ka kamano ya rona le Jehofa?

6 Lenyalo ke kamano e e tlhokang maitlamo a magolo. Ke maitlamo a o a direlang motho, e seng a o a dirang mo tumalanong nngwe e e kwalwang. Go ka se direge gore batho ba babedi ba ba nnang mmogo fela ba sa nyalana ba ikutlwe ba sireletsegile tota; le bana ba bone ba ka se ikutlwe ba sireletsegile. Mme batho ba ba dirileng maitlamo mongwe go yo mongwe ka go nyalana ka tsela e e tlotlegang ba na le lebaka la Dikwalo le le ba tlhotlheletsang la gore ba leke go rarabolola dikgotlhang tsa bone ka lorato fa go tsoga mathata.—Math. 19:5, 6; 1 Bakor. 13:7, 8; Baheb. 13:4.

7 Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, batho ba ne ba solegelwa molemo ke go dira ditumalano tse di ba tlamang mo go tsa kgwebo le kwa tirong. (Math. 20:1, 2, 8) Le gompieno go ntse fela jalo. Ka sekai, re solegelwa molemo ke go dira tumalano e e tlamang, e e kwadilweng fa fatshe, pele ga re simolola kgwebo kana re simolola go berekela khampani. Ka jalo, fa e le gore maitlamo a nonotsha botsala, lenyalo, le ditirisano tsa kwa tirong, go ineela ka pelo yotlhe go tla go solegela molemo le go feta mo kamanong ya gago le Jehofa! Jaanong a re sekasekeng kafa batho mo nakong e e fetileng ba ileng ba solegelwa molemo ka teng ke go ineela mo go Jehofa Modimo le kafa go dira jalo e neng e se maitlamo fela a a sa reng sepe ka teng.

Kafa Baiseraele ba Neng ba Solegelwa Molemo ka Teng ke go Ineela mo Modimong

8. Go ineela mo Modimong go ne go kaya eng mo Baiseraeleng?

8 Setšhaba sa Iseraele sotlhe se ne sa ineela mo go Jehofa fa se ne se direla Modimo maikano. Jehofa o ne a ba phuthela gaufi le Thaba ya Sinai, mme a ba raya a re: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe.” Batho ba ne ba araba jaana ka tumalano: “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng.” (Ekes. 19:4-8) Mo Baiseraeleng go ineela go ne go sa kaye fela go itlama go dira sengwe. Go ne go kaya gore ke ba ga Jehofa, mme Jehofa o ne a ba tshwara jaaka “thuo ya [gagwe] e e kgethegileng.”

9. Baiseraele ba ne ba solegelwa molemo jang ke go bo ba ne ba ineetse mo Modimong?

9 Baiseraele ba ne ba solegelwa molemo ke go nna setšhaba sa ga Jehofa. O ne a ikanyega mo go bone mme o ne a ba tlhokomela jaaka motsadi yo o lorato a tlhokomela ngwana wa gagwe. O ne a raya Baiseraele a re: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo? Le e leng basadi bano ba ka lebala, mme nna ga nkitla ke go lebala.” (Isa. 49:15) Jehofa o ne a ba naya Molao gore o ba kaele, a ba kgothatsa ka baporofeti mme a ba sireletsa a dirisa baengele. Mopesalema mongwe o ne a re: “O bolelela Jakobe lefoko la gagwe, le Iseraele melao ya gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi. Ga a dira jalo mo setšhabeng sepe se sele.” (Pes. 147:19, 20; bala Pesalema 34:7, 19; 48:14.) Fela jaaka Jehofa a ne a tlhokomela setšhaba sa gagwe bogologolo, o tla tlhokomela le batho ba ba ineelang mo go ene gompieno.

Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Ineela mo Modimong

10, 11. A re tsholetswe mo lelapeng la Modimo la lefatshe lotlhe? Tlhalosa.

10 Bangwe ba ka ipotsa jaana fa ba akanyetsa boineelo jwa Bokeresete le kolobetso, ‘Ke eng nka se obamele Modimo fa ke sa ineela mo go ene?’ Re bona lebaka sentle fa re sekaseka boemo jwa rona fa pele ga Modimo gone jaanong. Gakologelwa, ka ntlha ya boleo jwa ga Adame, rotlhe ga re a tsholelwa mo lelapeng la Modimo. (Bar. 3:23; 5:12) Gore re nne karolo ya lelapa la Modimo la lefatshe lotlhe, go botlhokwa gore re ineele mo go ene. A re boneng gore ka ntlha yang.

11 Ga go na ope wa rona yo o nang le rre yo o ka mo nayang botshelo jo bo sa khutleng. (1 Tim. 6:19) Ga re a tsholwa re le bana ba Modimo ka gonne fa batho ba ntlha ba babedi ba ne ba leofa, lotso lwa batho lo ne lwa kgaogana le Rraalone yo o lorato le Mmopi wa lone. (Bapisa le Duteronome 32:5.) Go simolola ka nako eo go ya pele, batho ba ile ba se ka ba nna karolo ya lelapa la ga Jehofa la lefatshe lotlhe, ba ne ba kgaogane le Modimo.

12. (a) Batho ba ba sa itekanelang ba ka nna jang karolo ya lelapa la Modimo? (b) Re tshwanetse go dira dilo dife pele ga re kolobediwa?

12 Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona a ka kopa Modimo gore a mo amogele go nna karolo ya lelapa la gagwe la batlhanka ba gagwe ba a ba amogelang. * Seo se ka kgonega jang ka rona re le baleofi jaana? Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Re ne ra letlana le Modimo ka loso lwa Morwawe, fa re ne re sa ntse re le baba.” (Bar. 5:10) Fa re kolobediwa re kopa Modimo gore a re neye segakolodi se se molemo gore a tle a re amogele. (1 Pet. 3:21) Le fa go ntse jalo, pele ga re kolobediwa, go na le dilo dingwe tse re tshwanetseng go di dira. Re tshwanetse go ithuta ka Modimo, go ithuta go mo ikanya, go ikwatlhaya le go sokologa. (Joh. 17:3; Dit. 3:19; Baheb. 11:6) Mme go sa ntse go na le sengwe se re tshwanetseng go se dira pele ga re ka nna karolo ya lelapa la Modimo. Ke eng seo?

13. Ke eng fa go tshwanela gore motho a dire maikano a go ineela mo Modimong gore a tle a nne karolo ya lelapa la Gagwe la baobamedi ba a ba amogelang?

13 Pele ga mongwe yo o kgaoganeng le Modimo a ka nna leloko la lelapa la Modimo la batlhanka ba a ba amogelang, o tshwanetse gore pele a direle Jehofa maikano a a masisi. Gore re tlhaloganye lebaka la seo, akanya ka rre yo o tlotlegang yo o kgatlhegelang mosha mongwe wa khutsana mme a batla go mo tsaya gore a nne leloko la lelapa la gagwe. Rre yoo o itsege e le motho yo o molemo. Le fa go ntse jalo, pele ga a amogela mosimane yono gore e nne morwawe, o batla gore mosimane yono a mo solofetse sengwe. Ka jalo o mo raya a re: “Pele ga ke go amogela gore o nne morwaake, ke batla go itse gore a o tla nthata e bile o tla ntlotla jaaka rrago.” Rre yono o tla amogela mosha yono mo lelapeng la gagwe fela fa a ka dira maikano ano. Seno se a utlwala. Ka tsela e e tshwanang, batho ba Jehofa a ba amogelang mo lelapeng la gagwe ke ba ba ikemiseditseng go dira maikano a go ineela mo go ene. Baebele ya re: “Ineeleng mo go ene: lo le setlhabelo se se tshelang, lo le ba ba ineetseng mme lo tshwanelwa ke gore a lo amogele.”—Bar. 12:1, The New English Bible.

Kgato e e Bontshang Lorato le Tumelo

14. Boineelo bo bontsha lorato jang?

14 Go dira maikano a go ineela mo Modimong go bontsha gore re rata Jehofa go tswa pelong. Ka ditsela dingwe go tshwana le go dira maikano a lenyalo. Monna wa Mokeresete yo o nyalang o bontsha lorato lwa gagwe ka go ikana gore o tla ikanyega mo mosading wa gagwe le fa go ka nna jang. Ao ke maitlamo a motho a a direlang motho yo mongwe mme ga se tsholofetso fela ya go dira sengwe. Monna wa Mokeresete yo o nyalang o tlhaloganya gore o ne a ka se kgone go nna mmogo le mosadi wa gagwe fa a ne a ka se dire maikano a lenyalo. Ka tsela e e tshwanang, re ka se solegelwe molemo ka botlalo ke go nna karolo ya lelapa la ga Jehofa fa re sa dire maikano a go ineela mo go ene. Ka jalo, re ineela mo Modimong ka gonne le fa re sa itekanela, re batla go nna batho ba gagwe mme re ititeile sehuba gore re tla ikanyega mo go ene, le fa go ka nna jang.—Math. 22:37.

15. Go ineela go bontsha tumelo jang?

15 Fa re ineela mo Modimong, re bontsha tumelo. Jang? Tumelo ya rona mo go Jehofa e dira gore re tlhomamisege gore go atamalana le Modimo go re solegela molemo. (Pes. 73:28) Re itse gore go tsamaya le Modimo go ka se nne motlhofo ka dinako tsotlhe fa re ntse re tshela mo “kokomaneng e e sokameng le e e kgopameng,” mme re ikanya tsholofetso ya Modimo ya gore o tla re ema nokeng. (Bafil. 2:15; 4:13) Re itse gore ga re a itekanela, mme re tlhomamisegile gore Jehofa o tla re bontsha kutlwelobotlhoko le fa re dira diphoso. (Bala Pesalema 103:13, 14; Baroma 7:21-25.) Re na le tumelo ya gore Jehofa o tla re duela fa re ikemiseditse go boloka bothokgami.—Jobe 27:5.

Go Ineela mo Modimong go Felela ka Boitumelo

16, 17. Ke eng fa go ineela mo go Jehofa go felela ka boitumelo?

16 Go ineela mo go Jehofa go a itumedisa ka gonne go akaretsa go intsha setlhabelo. Jesu o ne a bua boammaaruri jo bo ka se ganediweng fa a ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Dit. 20:35) Jesu o ne a iponela ka botlalo boitumelo jwa go aba fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng. Fa go tlhokega o ne a nna a sa ikhutse, a sa je e bile a sa tshele botshelo jo bo iketlileng, gore a thuse ba bangwe go bona tsela e e isang botshelong. (Joh. 4:34) Jesu o ne a itumelela go ipedisa pelo ya ga Rraagwe. O ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.”—Joh. 8:29; Dia. 27:11.

17 Ka jalo, Jesu o ne a bontsha balatedi ba gagwe tsela e e kgotsofatsang ya botshelo fa a ne a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole.” (Math. 16:24) Go dira jalo go dira gore re atamalane le Jehofa. A go na le motho ope yo mongwe yo o ka amegang ka rona ka lorato go gaisa Jesu?

18. Ke eng fa go tshela go dumalana le boineelo jwa rona mo go Jehofa go itumedisa go feta go ineela mo sengweng kana mo mothong ope?

18 Go ineela mo go Jehofa mme go tswa foo re bo re tshela go dumalana le boineelo jwa rona ka go dira thato ya gagwe, go itumedisa go feta go ineela mo sengweng kana mo mothong ope. Ka sekai, batho ba le bantsi ba tshela botshelo jotlhe jwa bone ba latelela dikhumo mme ba sa bone boitumelo le kgotsofalo ya mmatota. Le fa go ntse jalo, ba ba ineelang mo go Jehofa ba bona boitumelo jo bo nnelang ruri. (Math. 6:24) Tshiamelo ya go nna “badirimmogo le Modimo” e a ba itumedisa. Le fa go ntse jalo, ga ba a ineela mo tirong, mme ba ineetse mo Modimong wa rona yo o nang le kanaanelo. (1 Bakor. 3:9) Ga go na ope yo o ka anaanelang tsela e ba intshang setlhabelo ka yone go mo feta. E bile o tla busetsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang mo bosheng jwa bone gore a tle a ba tlhokomele ka bosakhutleng.—Jobe 33:25; bala Bahebera 6:10.

19. Batho ba ba ineetseng mo go Jehofa ba na le tshiamelo efe?

19 Go ineela mo go Jehofa go dira gore o nne le kamano e e gaufi le ene. Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jak. 4:8; Pes. 25:14) Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka lebaka la go bo re ka itlhophela go nna batho ba ga Jehofa re sa belaele sepe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Ba “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu ga ba na go nna bana ba Modimo go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ineetse mo Modimong, go a tshwanela gore ba ka bitsa Modimo ba re “Rraarona,” e bile go a tshwanela gore ba ka tsewa e le maloko a lelapa la ga Jehofa la baobamedi.—Joh. 10:16; Isa. 64:8; Math. 6:9; Tshen. 20:5.

O ka Araba Jang?

• Go ineela mo Modimong go kaya eng?

• Go ineela mo Modimong go re solegela molemo jang?

• Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse gore ba bo ba ineetse mo go Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go tshela go dumalana le boineelo jwa rona go re tlisetsa boitumelo jo bo nnelang ruri