Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa Letsatsi Lengwe le Lengwe la Botshelo Jwa Gago go Galaletsa Modimo

Dirisa Letsatsi Lengwe le Lengwe la Botshelo Jwa Gago go Galaletsa Modimo

Dirisa Letsatsi Lengwe le Lengwe la Botshelo Jwa Gago go Galaletsa Modimo

MOPESALEMA DAFIDE o ne a rapela Jehofa jaana: “Dira gore ke utlwe bopelonomi jwa gago jwa lorato mo mosong. . . . Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone.” (Pes. 143:8) Fa o tsoga mo mosong mme o leboga Jehofa go bo a go neile letsatsi le lengwe gape la botshelo, a o etsa Dafide ka go kopa Jehofa gore a go kaele fa o dira ditshwetso le go go thusa go dira se se tshwanetseng? Ga go pelaelo gore o dira jalo.

E re ka re le batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa, ‘e ka ne re a ja kgotsa re a nwa kgotsa re dira sepe fela,’ re leka ka natla go ‘dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.’ (1 Bakor. 10:31) Re lemoga gore tsela e re tshelang ka yone letsatsi le letsatsi e ka tlotla Jehofa kgotsa ya mo tlontlolola. Gape re gakologelwa gore Lefoko la Modimo la re Satane o latofatsa bomorwarraagwe Keresete—e bile tota o latofatsa batlhanka botlhe ba Modimo ba ba mo lefatsheng—“bosigo le motshegare.” (Tshen. 12:10) Ka jalo, re ikemiseditse go araba ditatofatso tsa maaka tsa ga Satane le go ipedisa pelo ya ga Jehofa ka go direla Rraarona yo o kwa legodimong tirelo e e boitshepo “motshegare le bosigo.”—Tshen. 7:15; Dia. 27:11.

A re sekasekeng ka bokhutshwane ditsela di le pedi tsa botlhokwa tse re ka dirisang letsatsi lengwe le lengwe la botshelo jwa rona go galaletsa Modimo ka tsone. Ya ntlha e akaretsa go dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele mo botshelong jwa rona, mme ya bobedi yone e akaretsa go amega ka ba bangwe.

Go Tshelela Boineelo Jwa Rona

Fa re ne re ineela mo go Jehofa, re ne re bontsha gore re batla go mo direla go tswa pelong. Gape re ne re solofetsa Jehofa gore re tla tsamaya mo ditseleng tsa gagwe “letsatsi le letsatsi”—ee, ka bosakhutleng. (Pes. 61:5, 8) Mme re ka diragatsa jang tsholofetso eo? Re ka bontsha jang gore re rata Jehofa ka pelo yotlhe letsatsi le letsatsi?

Lefoko la Modimo le bontsha sentle maikarabelo a Jehofa a lebeletseng gore re a diragatse. (Dute. 10:12, 13) Mangwe a one a mo lenaaneng le le mo lebokoseng la setlhogo se se reng  “Maikarabelo A re A Neilweng ke Modimo,” le le mo tsebe 22. Dikabelo tseno tsotlhe di tswa kwa Modimong mme ka jalo di botlhokwa. Re ka swetsa jang gore ke efe e e tshwanetseng go tla pele fa go na le di le mmalwa tse re tshwanetseng go di dira ka nako e le nngwe?

Tirelo ya rona e e boitshepo e tshwanetse go tla pele, mme e akaretsa go ithuta Baebele, go rapela, go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo bodireding. (Math. 6:33; Joh. 4:34; 1 Pet. 2:9) Mme gone re ka se dire ditiro tsa semoya letsatsi lotlhe. Gape re tshwanetse go ya tirong ya boitshediso, go ya sekolong le go dira ditiro tse dintsi tsa mo gae. Le fa go ntse jalo, re dira sotlhe se re ka se kgonang go rulaganya gore tiro ya rona ya boitshediso mmogo le ditiro tse dingwe di se ka tsa kgoreletsa tirelo ya rona e e boitshepo, jaaka go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ka sekai, fa re rulaganya go ya malatsing a boikhutso, re tlhomamisa gore ga re kitla re fetwa ke ketelo ya molebedi wa potologo, kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, kopano ya potologo kgotsa ya kgaolo. Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra kgona go diragatsa mangwe a maikarabelo a rona ka nako e le nngwe. Ka sekai, re ka nna ra dira gore go phepafatsa Holo ya Bogosi e nne tiro e e dirwang ke lelapa lotlhe kgotsa re dirise nako ya go ja kwa tirong kgotsa kwa sekolong go rerela badirimmogo le rona kgotsa ba re tsenang sekolo le bone. Ee, nako le nako fa re tshwanelwa ke go dira tshwetso mo botshelong jwa rona—e e jaaka go batla tiro, go batla sekolo kgotsa go tlhopha ditsala—re batla gore ditshwetso tsa rona di tlhotlhelediwe ke tiro ya botlhokwa go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa rona—go obamela Jehofa, Rraarona yo o lorato.—Mor. 12:13.

Bontsha Gore o Amega ka ba Bangwe

Jehofa o batla gore re amege ka ba bangwe mme re ba direle dilo tse di molemo. Mme Satane ene o rotloetsa bopelotshetlha. Lefatshe la gagwe le tletse ka “baithati” le “barati ba menate” mmogo le ba ba “jalelang nama.” (2 Tim. 3:1-5; Bagal. 6:8) Batho ba le bantsi ga ba kgathale gore dilo tse ba di dirang di ama ba bangwe jang. “Ditiro tsa nama” di bonwa gongwe le gongwe.—Bagal. 5:19-21.

Ruri tsela e batho ba ba tlhotlhelediwang ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa ba itshwarang ka yone e farologane thata ka gonne bone ba bontsha lorato, bopelonomi le molemo fa ba dirisana le ba bangwe! (Bagal. 5:22) Lefoko la Modimo le re bolelela gore re beye dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang kwa pele ga tse rona re di tlhokang. Ka jalo, re bontsha ba bangwe gore re a ba kgatlhegela, le fa gone re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra itshunya nko mo dikgannyeng tsa bone tsa botho. (1 Bakor. 10:24, 33; Bafil. 2:3, 4; 1 Pet. 4:15) Re amega segolobogolo ka badumedi mmogo le rona. Gape re leka ka natla go thusa batho ba e seng Bakeresete. (Bagal. 6:10) A go na le tsela nngwe e o ka bontshang mongwe yo o kopanang le ene bopelonomi gompieno?—Bona lebokose le le reng  “Bontsha Gore o Amega ka Bone,” le le mo tsebe 23.

Ga re tlhoke go emela nako nngwe e e kgethegileng kgotsa gore go direge sengwe se se rileng pele ga re ka bontsha ba bangwe gore re amega ka bone. (Bagal. 6:2; Baef. 5:2; 1 Bathes. 4:9, 10) Go na le moo, letsatsi le letsatsi re leka go lemoga maemo a batho ba bangwe ba leng mo go one le go nna re iketleeditse go ba thusa fa go tlhokega, le fa go dira jalo go ka nna ga re kgoreletsa ka tsela nngwe. Re batla go nna pelotshweu ka sengwe le sengwe fela se re nang le sone—nako ya rona, dithoto, maitemogelo le botlhale jwa rona. Jehofa o re tlhomamisetsa gore fa re abela ba bangwe ka bopelotshweu le ene o tla nna pelotshweu mo go rona.—Dia. 11:25; Luke 6:38.

Tirelo e e Boitshepo “Bosigo le Motshegare”

A tota go a kgonega go direla Jehofa tirelo e e boitshepo “bosigo le motshegare”? Ee, ka go dira dikarolo tsotlhe tsa kobamelo ya rona ka metlha le ka natla. (Dit. 20:31) Re ka tshwarega thata mo tirelong e e boitshepo ka go bala le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, ka go rapela re sa kgaotse, ka go leka ka natla go nna gone kwa dipokanong tsotlhe le ka go dirisa tshono nngwe le nngwe go naya bosupi.—Pes. 1:2; Luke 2:37; Dit. 4:20; 1 Bathes. 3:10; 5:17.

A mongwe le mongwe wa rona o direla Jehofa tirelo eno e e boitshepo? Fa go le jalo, keletso e re nang le yone ya go mo itumedisa le go araba ditatofatso tsa ga Satane e tla bonala mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Re leka ka natla go galaletsa Jehofa mo go sengwe le sengwe se re se dirang le mo maemong ape fela a re ka iphitlhelang re le mo go one. Re letla gore melaometheo ya gagwe e laole se re se buang le tsela e re itshwarang ka yone le gore e re kaele fa re dira ditshwetso. Re bontsha go anaanela tsela e e lorato e a re tlhokomelang ka yone le tshegetso ya gagwe ka go mo ikanya ka botlalo le go dirisa maatla a rona mo tirelong ya gagwe. Mme fa re tlola melao ya gagwe ka ntlha ya bosaitekanelang jwa rona re amogela kgakololo le kotlhao ya gagwe.—Pes. 32:5; 119:97; Dia. 3:25, 26; Bakol. 3:17; Baheb. 6:11, 12.

A re tsweleleng pele go tshela ka tsela e e galaletsang Modimo letsatsi le letsatsi. Fa re dira jalo, re tla bonela meya ya rona tapologo le go itumelela ka bosakhutleng tlhokomelo e e lorato ya ga Rraarona yo o kwa legodimong.—Math. 11:29; Tshen. 7:16, 17.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22]

 Maikarabelo A re A Neilweng ke Modimo

• Rapela ka metlha.—Bar. 12:12.

• Bala le go ithuta Baebele, mme o dirise kgakololo ya yone.—Pes. 1:2; 1 Tim. 4:15.

• Obamela Jehofa mo phuthegong.—Pes. 35:18; Baheb. 10:24, 25.

• Tlamela maloko a lelapa la gago ka dilo tse ba di tlhokang tsa nama le tsa semoya le tse ba di tlhokang mo maikutlong.—1 Tim. 5:8.

• Rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mme o dire barutwa.—Math. 24:14; 28:19, 20.

• Itlhokomele mo mmeleng, mo semoyeng le mo maikutlong, mo go akaretsang go rulaganyetsa boitlosobodutu jo bo molemo.—Mar. 6:31; 2 Bakor. 7:1; 1 Tim. 4:8, 16.

• Dira maikarabelo a o nang le one mo phuthegong.—Dit. 20:28; 1 Tim. 3:1.

• Phepafatsa legae la gago le Holo ya Bogosi.—1 Bakor. 10:32.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

 Bontsha Gore o Amega ka Bone

• Mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o godileng.—Lefi. 19:32.

• Mongwe yo o lwalang mo mmeleng kgotsa mo maikutlong.—Dia. 14:21.

• Leloko lengwe la phuthego le le tlhokang sengwe thata mme e le sengwe se o ka kgonang go se mo naya.—Bar. 12:13.

• Mongwe wa lelapa la gaeno.—1 Tim. 5:4, 8.

• Modumedi ka wena yo o tlhokafaletsweng ke molekane wa lenyalo.—1 Tim. 5:9.

• Mogolwane yo o dirang ka natla mo phuthegong ya lona.—1 Bathes. 5:12, 13; 1 Tim. 5:17.