Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boammaaruri ke Bofe ka Legodimo?

Boammaaruri ke Bofe ka Legodimo?

Boammaaruri ke Bofe ka Legodimo?

RURI tsholofelo ya go ya kwa legodimong e ka utlwala e itumedisa tota! Mamoseleme, Bahindu, Babuda, maloko a a farologaneng a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete le batho ba le bantsi ba ba sa kgatlhegeleng bodumedi, ba dumela gore batho ba tswelela ba tshela fa ba sena go swa. Gantsi batho ba akanya gore legodimo ke lefelo le lentle le le itumedisang le batho ba yang kwa go lone go ya go ikhutsetsa pogo le go kopana le “baratiwa ba bone ba ba suleng.” Mme gone, seane seno sa bogologolo se boammaaruri: Mongwe le mongwe o batla go ya kwa legodimong, mme ga go ope yo o batlang go swa gore a fitlhe koo. Goreng go ntse jalo?

Fa e le gore re ne re bopetswe gore re swe mme go tswa foo re ye kwa legodimong, a batho ba le bantsi ba ne ba se kitla ba lebelela pele gore ba swe ba bo ba ya kwa legodimong fela jaaka ngwana a lebelela pele nako ya fa a tla bo a godile kgotsa mosha yo o lebeletseng pele letsatsi la fa a tla bo a tsena mo lenyalong? Boammaaruri ke gore batho ba le bantsi ga ba batle go swa.

Tota le fa go ntse jalo, baruti ba re re baeng ba nakwana fela mo lefatsheng, legae la rona le kwa legodimong. Ka sekai, Theodore Edgar Cardinal McCarrick, bishopomogolo yo o rotseng marapo wa kwa Washington, D.C., o ne a nopolwa a re: “Ga re a bopelwa go tshela jaana mo lefatsheng. Re bopetswe go tshela kwa legodimong.” Ka tsela e e tshwanang, yo e kileng ya bo e le poresidente ya U.S. National Association of Evangelicals o ne a re: “Boikaelelo jwa botshelo ke go galaletsa Modimo le go ya kwa legodimong . . . ka gonne legodimo ke legae la rona.”

Batho ba ba dumelang gore fa motho a sena go swa o ya kwa legodimong gantsi ba dumela selo se ba se nang tshedimosetso e e lekaneng ka ga sone. George Barna e bong poresidente ya khampani e e dirang dipatlisiso ka dilo tse madumedi a di rutang, o ne a fitlhela gore batho ba le bantsi ba leba “botshelo le se se diregang fa motho a sena go swa go ya ka tsela e e bontshiwang mo metsweding e e farologaneng, jaaka mo difiliming, mo mminong le mo dibukeng.” Moruti mongwe wa kereke ya Episcopal kwa Florida o ne a re: “Ga re itse sepe ka legodimo ntle le gore ke lefelo le Modimo a nnang kwa go lone.”

Le fa go ntse jalo, legodimo ke kgang ya botlhokwa e go buiwang ka yone mo Baebeleng. Go ya ka Lefoko la Modimo, legodimo le ntse jang? A motho o ne a bopetswe go ya go tshela kwa legodimong? Fa e le gore batho ba ya kwa legodimong, ba ya go dirang koo?

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

Ke eng fa batho ba le bantsi ba batla go ya kwa legodimong, mme e le ba le mmalwa fela ba ba batlang go swa gore ba fitlhe koo?