Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Legodimo le Ntse Jang?

Legodimo le Ntse Jang?

Legodimo le Ntse Jang?

BATHO bangwe ba akanya gore ga go kgonege go itse gore go ntse jang kwa legodimong ka gonne ga go ope yo o kileng a tswa kwa go lone mme a re tlhalosetsa ka lone. Gongwe ba lebetse gore Jesu o ne a re: “Ke fologile kwa legodimong.” (Johane 6:38) O ne a raya baeteledipele bangwe ba bodumedi a re: “Lona lo tswa kwa mafelong a a kwa tlase; nna ke tswa kwa mafelong a a kwa godimo.” (Johane 8:23) Jesu o ne a reng ka legodimo?

Jesu o ne a tlhomamisa gore legodimo ke kwa Jehofa a nnang gone. O ne a re Modimo ke “Rre yo o kwa legodimong.” (Mathaio 12:50) Mme gone Jesu o ne a dirisa lefoko “legodimo” fa a bua ka dilo tse di farologaneng. Ka sekai, o ne a re lefaufau ke “legodimo” fa a ne a re: “Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo.” (Mathaio 6:26) Le fa go ntse jalo, lefelo le Jehofa a nnang kwa go lone le kwa godimo thata go feta lefaufau. Baebele ya re: “Go na le Yo o nnang kwa godimo ga kgolokwe ya lefatshe.”—Isaia 40:22.

A “Rre yo o kwa legodimong” o nna mo gare ga dinaledi? Mo Dikwalong Tse di Boitshepo lobopo le lone lo bidiwa “legodimo.” Ka sekai, mopesalema mongwe o ne a kwala jaana: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse?”—Pesalema 8:3, 4.

Jehofa Modimo ga a tlhoke go nna mo teng ga lobopo lo a lo bopileng fela jaaka mmetli a sa tlhoke go nna mo khabotong e a e dirileng. Kgosi Solomone o ne a bua jaana fa a ne a neela Jehofa tempele ya kwa Jerusalema: ‘A ruri Modimo o tla nna mo lefatsheng? Bona! Magodimo, ee, legodimo la magodimo, one a ka se go tshole; mme a bo ntlo eno e ke e agileng e le nnye jang ne!’ (1 Dikgosi 8:27) Fa e le gore Jehofa ga a nne kwa legodimong le re kgonang go le bona, ke legodimo lefe le tota a nnang kwa go lone?

Le fa batho ba ne ba dirisa dithelesekoupo tse di maatla go ithuta ka legodimo mme bangwe ba bone ba tsaya loeto go ya kwa lefaufaung, Baebele e sa ntse e bua boammaaruri fa e re: “Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.” (Johane 1:18) Jesu o ne a tlhalosa lebaka la seo fa a ne a re: “Modimo ke Moya.”—Johane 4:24.

Moya ke sebopiwa se se kwa godimo thata ga batho. Moya ga o a dirwa ka dilo tse di bonalang, tse di jaaka nama le madi, tse batho ba ka di bonang. Ka jalo, fa Jesu a ne a re o kile a nna gaufi le Rraagwe kwa “legodimong,” o ne a raya gore o kile a bo a tshela botshelo jo bo kwa godimo thata go gaisa jwa batho. (Johane 17:5; Bafilipi 3:20, 21) Lefelo leno la semoya le Jesu a neng a nna kwa go lone le Rraagwe ke le Baebele e le bitsang “legodimo.” Le ntse jang? Go direga eng kwa go lone?

Lefelo la Ditiro Tse di Itumedisang

Baebele e tlhalosa legodimo e le lefelo le go dirwang ditiro tse dintsi thata kwa go lone. E umaka dimilionemilione di le makgolokgolo tsa dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya tse di nnang kwa legodimong. (Daniele 7:9, 10) Sebopiwa sengwe le sengwe se na le botho jo bo farologaneng le jwa tse dingwe. Re itse seo jang? Fela jaaka go sa kgonege gore mo popong yotlhe go nne le ditshedi tse pedi tse di tshwanang kgo, re ka tlhomamisega gore le kwa legodimong go ntse fela jalo. Se se kgatlhang ke gore dibopiwa tseno tsa kwa legodimong tse di nang le botho jo bo sa tshwaneng di dira mmogo ka kutlwano, e leng se se farologaneng thata le se se diregang mo lefatsheng gompieno, mo go diregang ka sewelo gore batho ba dire mmogo ka kutlwano.

Ela tlhoko kafa Baebele e tlhalosang ditiro tse di dirwang kwa legodimong ka gone. “Bakang Jehofa, lona baengele ba gagwe, ba ba maatla, ba lo diragatsang lefoko la gagwe, ka go reetsa lentswe la lefoko la gagwe. Bakang Jehofa, lona masomosomo otlhe a gagwe, lona badiredi ba gagwe, ba lo dirang thato ya gagwe.” (Pesalema 103:20, 21) Ka jalo, go na le tiro e ntsi e e dirwang kwa legodimong. Re ka tlhatswega pelo gore tiro eo e a kgotsofatsa.

Tota le pele ga lefatshe le bopiwa, baengele ga ba bolo go nna ba direla Jehofa ka boitumelo. Go ya ka Dikwalo, fa Jehofa a ne a thaya lefatshe, barwa ba Modimo ba ne ba “goa mmogo ka boipelo,” e bile “ba ne ba simolola go goa ba baka.” (Jobe 38:4, 7) Tota e bile mongwe wa barwa ba Modimo wa kwa legodimong o ne a nna le tshiamelo ya go dira mmogo le Modimo mo go bopeng dilo tsotlhe. (Bakolosa 1:15-17) Tsela eno e e kgatlhang e tiro e e dirwang ka boitumelo kwa legodimong e tlhalosiwang ka yone e ka nna ya dira gore o ipotse dipotso malebana le legodimo le batho.

A Batho ba Bopetswe Gore ba ye Kwa Legodimong?

E re ka baengele ba ne ba direla Modimo pele ga lefatshe le bopiwa, go bonala monna wa ntlha le mosadi ba ne ba sa bopelwa gore ba ye go nna kwa legodimong. Go na le moo, Modimo o ne a raya banyalani bano ba ntlha a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.” (Genesise 1:28; Ditiro 17:26) Adame e ne e le ene motho wa ntlha mo lefatsheng, a itse Modimo e bile a mo direla ka boikanyegi. O ne a tlile go nna rre wa batho botlhe ba ba neng ba tla nna mo lefatsheng. “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.”—Pesalema 115:16.

Gantsi batho ga ba batle go swa; batho ga ba tlwaele loso. Modimo o ne a raya Adame a re loso e ne e tla nna kotlhao ya go se mo ikobele. Fa Adame a ka bo a ile a ikobela Modimo, o ne a se kitla a swa.—Genesise 2:17; Baroma 5:12.

Ga go gakgamatse go bo Modimo a sa bua sepe le Adame ka go ya kwa legodimong. Ka jalo, lefatshe e ne e se lefelo le batho ba tlhatlhobelwang mo go lone go bona gore a ba tshwanelegela go ya go tshela kwa legodimong. Motho o ne a bopetswe go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng, mme boikaelelo joo jwa Modimo bo sa ntse bo tlile go diragadiwa. Baebele e solofetsa gore “basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Go bonala sentle gore kwa tshimologong fela batho ba ne ba sa bopelwa gore ba ye kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, ke eng fa Jesu a ne a solofetsa baaposetoloi ba gagwe gore ba tla ya go tshela kwa legodimong? A Jesu o ne a raya gore batho botlhe ba ba siameng ba tla ya kwa legodimong?