Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A O Tshwanetse go Boloka Sabata Beke le Beke?

A O Tshwanetse go Boloka Sabata Beke le Beke?

A O Tshwanetse go Boloka Sabata Beke le Beke?

KWA bofelong jwa bo1980, ditlhotswana tsa Ba-Methodist di ne tsa tswa letsholo go ya kwa Suva, e leng motsemogolo wa Fiji. Banna, basadi le bana—botlhe ba apere diaparo tsa kereke—ba ne ba tswala ditsela di le 70. Ba ne ba emisa dipalangwa tsa kgwebo mmogo le difofane tsa boditšhabatšhaba le tsa mo nageng. Ke eng se se ba tlhotlheleditseng go dira jalo? Ba ne ba batla gore setšhaba se boloke letsatsi la Sabata gape.

Kwa Iseraele, moago mongwe le mongwe o mosha wa matlhatlaganyane o o agilweng ka 2001 o ne o tsentswe lefiti e e neng e ikemisa mo boalong bongwe le bongwe. Ka ntlha yang? Gore Mojuda mongwe le mongwe yo o ineetseng, yo o neng a boloka Sabata go simolola ka maitseboa a Labotlhano go fitlha ka maitseboa a Matlhatso, a se ka a dira “tiro” epe tota le go tobetsa dikonopo tsa lefiti.

Kwa Tonga, kwa bogosing jwa South Pacific, batho ga ba a letlelelwa go dira tiro epe ka Sontaga. Ga go na sefofane sepe se se dumeletsweng go kotama mo boemafofaneng le fa e le sekepe se se dumeletsweng go ema mo boemakepeng. Ditumalano dipe fela tse di saeniwang ka letsatsi leo ga di tsewe e le tsa semolao. Molaomotheo wa kwa Tonga o laela gore batho botlhe ba boloke letsatsi la Sontaga le le “boitshepo,” go sa kgathalesege gore motho ke wa bodumedi bofe. Ka ntlha yang? Go tlhomamisa gore batho botlhe mo nageng ba boloka Sabata.

Jaaka dikai tse di fa godimo di bontsha, batho ba le bantsi ba dumela gore Modimo o batla gore ba boloke Sabata beke le beke. Tota e bile, batho bangwe ba re go botlhokwa fela thata go boloka Sabata, ba dumela gore go dira jalo go dira gore re bone poloko ya bosakhutleng. Bangwe ba re taelo ya botlhokwatlhokwa e e tswang kwa Modimong ke go boloka Sabata. Sabata ke eng? Mme gone a Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba boloke letsatsi la Sabata beke le beke?

Sabata ke Eng?

Lefoko la Setswana e leng “Sabata” le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “go ikhutsa, go emisa go dira sengwe.” Le fa pego ya Genesise e bolela gore mo letsatsing la bosupa Jehofa Modimo o ne a ikhutsa mo tirong ya gagwe ya go bopa, e ne e le fela mo motlheng wa ga Moshe mo batho ba Modimo ba neng ba laelwa gore ba boloke letsatsi la diura di le 24 la boikhutso kgotsa Sabata. (Genesise 2:2) Fa Baiseraele ba sena go tswa mo Egepeto ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a ba naya mana ka tsela ya kgakgamatso mo nageng. Ba ne ba laelwa jaana malebana le go sela mana: “Lo se sele malatsi a le marataro, mme mo letsatsing la bosupa ke sabata. Ga se kitla se nna gone ka lone.” (Ekesodo 16:26) Go tswa foo re bolelelwa gore “batho ba boloka sabata mo letsatsing la bosupa,” go simolola ka maitseboa a Labotlhano fa letsatsi le phirima go fitlha ka maitseboa a Matlhatso fa letsatsi le phirima.—Ekesodo 16:30.

Nakwana fela morago ga gore ditaelo tseo di dirwe, Jehofa o ne a tlhoma molao o o malebana le go boloka Sabata, a bo a o tsenya mo Melaong e e Lesome e a neng a e naya Moshe. (Ekesodo 19:1) Molao wa bonè wa melao eno o ne o re: “O gakologelwe letsatsi la sabata gore o le tshole le le boitshepo, o dire tirelo mme o dire tiro yotlhe ya gago malatsi a le marataro. Mme letsatsi la bosupa ke sabata mo go Jehofa Modimo wa gago.” (Ekesodo 20:8-10) Ka jalo, go boloka Sabata e ne ya nna karolo ya botlhokwa mo botshelong jwa Baiseraele.—Duteronome 5:12.

A Jesu O ne A Boloka Sabata Beke le Beke?

Ee, Jesu o ne a boloka Sabata. Re bolelelwa jaana ka ene: “E rile tekanyetso e e feletseng ya nako e goroga, Modimo a romela Morwawe, yo o neng a tswa mo mosading le yo o neng a nna tlase ga molao.” (Bagalatia 4:4) Jesu e ne e le Moiseraele, mme ka ntlha ya seo le ene o ne a tshwanetse go ikobela Molao, mme molao oo o ne o akaretsa wa Sabata. Kgolagano eo ya molao e ne ya fedisiwa morago ga loso lwa ga Jesu. (Bakolosa 2:13, 14) Go itse nako e ditiragalo tseo di neng tsa direga ka yone go re thusa gore re tlhaloganye tsela e Modimo a lebang kgang eno ka yone.—Bona tšhate e e mo go tsebe 15.

Gone ke boammaaruri gore Jesu o ne a re: “Lo se ka lwa akanya gore ke tlile go senya Molao kgotsa Baporofeti. Ke tlile, e seng go senya, mme go diragatsa.” (Mathaio 5:17) Mme gone, mafoko a a reng “go diragatsa” a kayang? Ka sekai: Maitlamo a moagi a a dirang a go aga kago le go e fetsa o a diragatsa fela fa a sena go fetsa go aga moago oo e seng fa a gagola dipampiri tsa maitlamo ao. Le fa go ntse jalo, fa tiro e fedile mme mong wa moago a kgotsofetse, maitlamo ao a diragaditswe mme moagi ga a tlhole a le kafa tlase ga one. Ka tsela e e tshwanang, Jesu le ene ga a ka a roba kgotsa a gagola Molao: go na le moo, o ile a o diragatsa ka botlalo. Fa “maitlamo” ao a Molao a sena go diragadiwa, batho ba Modimo ba ne ba sa tlhole ba le kafa tlase ga one.

A Bakeresete ba Tshwanetse go Boloka Sabata?

E re ka Keresete a diragaditse Molao, a Bakeresete ba tshwanetse go boloka Sabata beke le beke? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go araba jaana: “Jalo a motho ope a se ka a lo atlhola ka go ja le go nwa kgotsa ka ga moletlo kgotsa go ilela ngwedi e ntšha kgotsa sabata; gonne dilo tseo ke moriti wa dilo tse di tlang, mme selo sa mmatota ke sa ga Keresete.”—Bakolosa 2:16, 17.

Mafoko ao a a tlhotlheleditsweng a bontsha phetogo e kgolo mo dilong tse Modimo a batlang gore batlhanka ba gagwe ba di dire. Ke eng fa go ne ga dirwa phetogo eo? Ka gonne Bakeresete ba laolwa ke molao o mosha, e leng “molao wa ga Keresete.” (Bagalatia 6:2) Kgolagano ya ntlha ya Molao e Modimo a neng a dirisa Moshe go e naya Baiseraele e ne ya se ka ya tlhola e dira morago ga loso lwa ga Jesu. (Baroma 10:4; Baefeso 2:15) A molao wa go boloka Sabata le one o ne wa khutla? Ee. Fa Paulo a sena go bolela gore “re golotswe mo Molaong,” o ne a tswelela ka go bua ka mongwe wa Melao e e Lesome. (Baroma 7:6, 7) Ka jalo, Melao e e Lesome—go akaretsa le molao wa Sabata—ke mengwe ya Melao e e neng ya khutla. Ke ka lebaka leo baobamedi ba Modimo ba sa tlholeng ba boloka Sabata beke le beke.

Phetogo e e neng ya nna gone mo mokgweng o Baiseraele ba neng ba o dirisa go obamela Modimo le o Bakeresete ba o dirisang o ka tshwantshiwa ka tsela eno: Setšhaba se ka nna sa fetola molaomotheo wa sone. Fa molaomotheo o mosha o setse o tlhomilwe semolao, ga go tlhole go lebeletswe gore batho ba ikobele molaomotheo wa pele. Le fa melao mengwe ya molaomotheo o mosha e ka tswa e tshwana le ya molaomotheo wa pele, melao e mengwe yone e ka tswa e sa tshwane. Ka jalo motho o tla tshwanelwa ke go ithuta molaomotheo ono o mosha ka kelotlhoko go bona gore jaanong ke melao efe e e dirisiwang. Gape moagi yo o ikanyegang o tla batla go itse gore molaomotheo o mosha o simolotse leng go dira.

Ka tsela e e tshwanang, Jehofa Modimo o ne a naya Baiseraele melao e feta 600, e e akaretsang e e lesome ya konokono. Melao eno e ne e akaretsa melao e e malebana le boitsholo, ditlhabelo, botsogo le go boloka Sabata. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng e tla nna “setšhaba” se sesha. (Mathaio 21:43) Go simolola ka 33 C.E. go ya pele, setšhaba seno se sesha se ne sa nna le “molao” o mosha o o theilweng mo melaong e mebedi ya botlhokwa—go rata Modimo le go rata moagelani. (Mathaio 22:36-40) Le fa “molao wa ga Keresete” o na le ditaelo tse di tshwanang le tse di leng mo Molaong tse di neilweng Baiseraele, ga re gakgamale go bo mengwe ya yone e farologane thata e bile e mengwe e sa tlhole e dira. Molao wa go boloka Sabata beke le beke ke mongwe wa melao e batho ba sa tlholeng ba tlhoka go o ikobela.

A Modimo o Fetotse Melao ya Gagwe?

A go bo Molao wa ga Moshe o tseetswe maemo ke molao wa ga Keresete go kaya gore Modimo o fetotse melao ya gagwe? Nnyaa. Fela jaaka motsadi a fetola melao e a e tlhomelang bana ba gagwe, a akanyetsa dingwaga tsa bone le maemo a bone, Jehofa le ene o fetotse melao e batho ba gagwe ba tlhokang go e ikobela. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa kgang eno jaana: “Pele ga tumelo e goroga, re ne re disiwa kafa tlase ga molao, re isiwa mmogo mo kgolegong, re lebile tumelong e e neng e laoletswe go senolwa. Ka gone Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete gore re tle re bolelwe re le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo. Mme jaanong e re ka tumelo e gorogile, ga re tlhole re le kafa tlase ga mogogi.”—Bagalatia 3:23-25.

Tsela e Paulo a tlhalosang mabaka ka yone e amana jang le kgang ya Sabata? Akanya ka sekai seno: Fa moithuti a le kwa sekolong, a ka nna a tlhoka go ithuta serutwa sengwe, se se jaaka go bereka ka logong mo letsatsing le le rileng beke le beke. Le fa go ntse jalo, fa a simolola go bereka, a ka nna a tshwanelwa ke go dirisa se a ithutileng sone kwa sekolong, e seng fela ka letsatsi le le lengwe jaaka a ne a dira kwa sekolong mme o tla dira jalo ka malatsi otlhe a beke. Ka tsela e e tshwanang, fa Baiseraele ba ne ba laolwa ke Molao, ba ne ba tshwanetse go beela letsatsi le le lengwe kwa thoko beke le beke gore ba ikhutse le go obamela Modimo. Mme Bakeresete bone ba tshwanetse go obamela Modimo, e seng gangwe fela mo bekeng, mme ka malatsi otlhe.

Ka jalo, a go phoso go beela letsatsi le le lengwe kwa thoko beke le beke gore o ikhutse le go obamela Modimo? Nnyaa. Lefoko la Modimo ga le direle ope tshwetso mme la re: “Motho mongwe o swetsa gore letsatsi lengwe le boitshepo go feta a mangwe. Motho yo mongwe ene o swetsa gore malatsi otlhe a a tshwana. Mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso.” (Baroma 14:5, God’s Word) Le fa bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore letsatsi lengwe le boitshepo go gaisa a mangwe, Baebele yone e bontsha sentle gore Modimo ga a lebelela gore Bakeresete ba boloke letsatsi la Sabata beke le beke.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

“Lo se sele malatsi a le marataro, mme mo letsatsing la bosupa ke sabata. Ga se kitla se nna gone ka lone.”—EKESODO 16:26

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

“Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete gore re tle re bolelwe re le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo. Mme jaanong e re ka tumelo e gorogile, ga re tlhole re le kafa tlase ga mogogi.”—BAGALATIA 3:24, 25

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

Mola O o Mo Mmapeng o o Farologanyang Dinako Tsa Dinaga le Sabata

Mola o o mo mmapeng o o farologanyang dinako tsa dinaga [International date line] o dira gore go nne thata gore batho ba ba dumelang gore ba tshwanetse go boloka Sabata beke le beke ba e boloke botlhe mo letsatsing le le lengwe gongwe le gongwe kwa ba leng gone. Molao oo o o sa bonaleng o feta go ralala karolo e kgolo ya Lewatle la Pacific go tswa kwa bokone go ya kwa borwa jwa mafelo a a tsididi. Dinaga tse di kwa bophirima jwa mola ono di kwa pele ka letsatsi le le lengwe ga tse di kwa botlhaba.

Ka sekai, fa e le Sontaga kwa Fiji le kwa Tonga, ke Matlhatso kwa Samoa le kwa Niue. Ka jalo fa motho a boloka Sabata kwa Fiji ka Matlhatso, maloko a bodumedi jwa gagwe kwa Samoa e e bokgakala jwa dikilometara di ka nna 1 145 a tla bo a bereka ka gonne e le Labotlhano koo.

Batho ba ba tsenang kereke ya Seventh-Day Adventist kwa Tonga ba boloka Sabata ka Sontaga, ba re fa ba dira jalo ba boloka Sabata ka nako e e tshwanang le ya maloko a bone kwa Samoa e e bokgakala jwa dikilometara di feta 850. Mme ka nako e e tshwanang maloko a kereke ya Seventh-Day Adventist kwa Fiji e e bokgakala jwa dikilometara tse di ka fa tlase ga tse 800 a dira ditiro tsa one tse di farologaneng ka gonne e le Sontaga koo mme ba boloka Sabata ka Matlhatso!

[Setshwantsho]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

\

\

\

\ SAMOA

\

— ― ― ― ― ― ― ―

FIJI \

Sontaga \ Matlhatso

\

\

TONGA \

\

\

\

[Tšhate mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Dintlha Tse di Tshwanetseng go Gopolwa ka ga Sabata:

Le fa temana ya Baebele e ka bontsha gore go botlhokwa go boloka Sabata beke le beke, re tshwanetse go batla go itse nako e mafoko ano a builweng ka yone.

4026 B.C.E. PELE GA MOTLHA WA GA MOSHE

ADAME O A BOPIWA Molao wa Sabata ga o a ntshiwa pele

ga motlha wa ga Moshe le wa

Baiseraele.—Duteronome 5:1-3, 12-14.

1513 B.C.E. MOLAO O MODIMO A O NEILENG BAISERAELE

BAISERAELE BA NEWA MOLAO Molao wa Sabata o ne o sa newa

ditšhaba tse dingwe. (Pesalema 147:19,20)

E ne e le “sesupo” fa gare ga ga Jehofa

le bomorwa Iseraele.—Ekesodo 31:16,17.

Sabata ya beke le beke e ne e le nngwe

ya disabata tse dintsi tse Baiseraele

ba neng ba laetswe go di

boloka.—Lefitiko 16:29-31; 23:4-8; 25:4, 11;

Dipalo 28:26.

33 C.E. MOLAO WA GA KERESETE

MOLAO O O NENG O NEILWE Ka 49 C.E. kwa Jerusalema,

BAISERAELE O A KHUTLA fa baaposetoloi le banna ba bagolwane

ba ne ba dira tshwetso ya gore Modimo

o batla gore Bakeresete ba dire eng, ga ba

a ka ba bua sepe ka gore Bakeresete ba

tshwanetse go boloka Sabata beke le

beke.—Ditiro 15:28, 29.

Moaposetoloi Paulo o ne a tshwenyegile

thata ka Bakeresete ba ba neng ba tlhomile

mogopolo mo go ketekeng malatsi a a

kgethegileng.—Bagalatia 4:9-11.

2010 C.E

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Makwalodikgang a bega gore ditlhopha tsa Ba-Methodist di ne tsa thibela ditsela di batla gore go bolokwe Sabata kwa Fiji

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of the Fiji Times