Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE ENG se se tlhotlheleditseng lerasta lengwe go beola moriri wa lone le go se tlhole le tlhoa makgoa? Ke eng se se neng sa thusa lekawana le le ratang ntwa le le neng le phutha madi mo bathong ba ba rekileng diokobatsi le bo le a isa kwa bathong ba ba gwebang ka tsone, gore le fetole tsela e le neng le tshela ka yone? Ela tlhoko se batho bano ba se buang.

“Ke ile ka bo ka fenya letlhoo.”—HAFENI NGHAMA

DINGWAGA: 34

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: ZAMBIA

DINTLHA KA GA GAGWE: LERASTA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa kampeng ya batshabi kwa Zambia. Mmè o ne a tshabile kwa Namibia ka nako ya ntwa mme o ne a nna leloko la Mokgatlho wa Batho ba Afrika Borwa Bophirima [South West Africa People’s Organization (SWAPO)]. Mokgatlho ono o ne o lwa le puso ya Afrika Borwa e e neng e busa Namibia ka nako eo.

Ke ne ka nna mo dikampeng tsa batshabi di le mmalwa mo dingwageng tsa me tsa ntlha di le 15. Basha ba ba neng ba le mo dikampeng tsa SWAPO ba ne ba rutilwe gore ba tshwanetse go lwela kgololesego. Re ne re rutilwe go akanya fela ka dipolotiki le go tlhoa makgoa.

Fa ke ne ke na le dingwaga di le 11 ke ne ke batla go tlhomamisiwa go nna Mokeresete mo kerekeng e e mo kampeng e e neng e na le batho ba madumedi a a farologaneng a Bakatoliki ba Roma, Balutere, Ba-Anglican le ba bangwe. Moruti yo ke neng ka bua le ene o ne a re ke se ka ka dira jalo. Go simolola ka nako eo go ya pele, ke ne ka se ka ka dumela mo Modimong. Fa ke ne ke na le dingwaga di le 15, tsela e ke neng ke rata mmino wa reggae ka yone le kafa ke neng ke batla go fetola tsela e e sa siamang e batho ba bantsho ba neng ba tshwarwa ka yone mo Afrika, go ne ga dira gore ke nne leloko la mokgatlho wa Marasta. Ke ne ka godisa di-dread, ka goga marijuana, ka tlogela go ja nama mme ka lwela kgololesego ya bantsho. Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka tlogela go tshela botshelo jo bo sa siamang kgotsa go leba difilimi tsa thubakanyo. Ke ne ka tswelela ke bua puo e e leswe.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Ka 1995, fa ke ne ke na le dingwaga di ka nna 20, ke ne ka simolola go akanya thata ka gore ke batla go dira eng ka botshelo jwa me. Ke ne ke bala dibuka tsotlhe tse ke neng ke di fitlhela tsa Marasta. Dingwe tsa tsone di ne di umaka Baebele, le fa go ntse jalo ke ne ke sa tlhaloganye tsela e di neng di tlhalosiwa ka yone. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke ipalele Baebele.

Moragonyana, tsala nngwe ya me ya Lerasta e ne ya nnaya buka ya go ithuta Baebele e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ithuta kgatiso eno le Baebele ke sa thusiwe ke ope. Moragonyana, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa mme ka ithuta Baebele le bone.

Ke ne ka leka ka natla gore ke tlogele go goga le go nwa bojalwa thata. (2 Bakorintha 7:1) Ke ne ka baakanya tsela e ke neng ke lebega ka yone, ka beola di-dread, ka kgaotsa go leba ditshwantsho tse di hepisang le difilimi tsa thubakanyo mme ka se tlhole ke bua puo e e leswe. (Baefeso 5:3, 4) Kgabagare ke ne ka tlogela go tlhoa makgoa. (Ditiro 10:34, 35) Go dira diphetogo tseno go ne go akaretsa go tlogela go reetsa mmino o o neng o kgothaletsa tlhaolele le go tlogela ditsala tsa me tse di neng di tla ntlhotlheletsa go tshela ka tsela e ke neng ke tshela ka yone pele.

Fa ke sena go dira diphetogo tseno, ke ne ka batla Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa mme ka kopa go nna leloko la bone. Ke ne ka tshwarelwa thuto ya Baebele. Fa ke ne ke dira tshwetso ya gore ke kolobediwe go nna Mosupi wa ga Jehofa, ba lelapa la gaetsho ba ne ba se ka ba itumela. Mmè o ne a re nka tlhopha bodumedi le fa e ka nna bofe jwa “Bokeresete” mme e seng jwa Basupi ba ga Jehofa. Mongwe wa bomalome yo o neng a itsege thata mo pusong, ka metlha o ne a ntatofatsa ka tshwetso e ke e dirileng ya go itsalanya le Basupi.

Le fa go ntse jalo, go ithuta kafa Jesu a neng a dirisana ka gone le batho le go dirisa kgakololo ya gagwe go ne ga nthusa go itshokela kganetso le go sotliwa. Fa ke ne ke bapisa se Basupi ba neng ba se ruta le se Baebele e se rutang, ke ne ke tlhatswegile pelo gore ke bone boammaaruri. Ka sekai, ba latela taelo ya Baebele ya go rerela batho ba bangwe. (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 15:14) Gape ga ba nne le seabe mo dipolotiking.—Pesalema 146:3, 4; Johane 15:17, 18.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Go ithuta go tshela ka melao ya Baebele go nthusitse ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, go tlogela marijuana go ne ga dira gore ke se ka ka senya madi a mantsi kgwedi le kgwedi. Ga ke tlhole ke bona dipono e bile botsogo jwa me jwa mmele le jwa mogopolo bo tokafetse.

Gone jaanong botshelo jwa me bo na le bokao, e leng selo se ke neng ke sa bolo go se eletsa fa e sa le ke le mosha. Mme selo sa botlhokwa le go feta ke gore ke ikutlwa ke atamalane thata le Modimo.—Jakobe 4:8.

“Ke ithutile go laola bogale jwa me.”—MARTINO PEDRETTI

DINGWAGA: 43

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AUSTRALIA

DINTLHA KA GA GAGWE: O NE A GWEBA KA DIOKOBATSI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Fa ke ntse ke gola lelapa la gaetsho le ne le fuduga gantsi. Ke ile ka nna mo metsaneng, mo toropong e kgolo mme ka nna ka nakwana mo lefelong le Ba-Aborigine ba neng ba nna mo go lone mo metseselegaeng. Ke sa ntse ke gakologelwa dinako tse di molemo tse ke neng ka nna le tsone le bontsalake le bomalome—re tshwara ditlhapi, re tsoma, re betla ditshamekisi tse di bidiwang di-boomerang le dilo tse dingwe tsa legong.

Rre e ne e le ramabole mme o ne a simolola go nthuta ntwa ke sa le monnye thata. Ke ne ke rata ntwa. Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ke fetsa nako e ntsi ke nwa bojalwa kwa dibareng. Nna le ditsala tsa me re ne re rumola batho gore re lwe le bone. Re ne re tle re dirise dithipa le dithobane tsa beisebolo go tlhasela setlhopha sa batho ba le 20 kgotsa go feta.

Ke ne ke dira madi ka go rekisa diokobatsi le dilo tse di utswilweng ke batho ba ba berekang mo boemakepeng. Gape ke ne ke tsaya madi mo bathong ba ba rekileng diokobatsi ke bo ke a neela batho ba ba gwebang ka tsone mme ke ne ke tle ke ba tshosetse ka ditlhobolo. Ke ne ke batla go nna mmolai. Moano wa me e ne e le go re, Bolaya batho kgotsa ba tla go bolaya.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Ke ne ke utlwetse ka Basupi ba ga Jehofa fa ke ntse ke gola. Fa ke le mo dingwageng tsa bo20, ke gakologelwa ke botsa mmè gore a ga a itse kwa mongwe wa bone a nnang gone. Malatsi a le mabedi morago ga moo, Mosupi yo o bidiwang Dixon o ne a nketela. Fa re sena go tlotla go se kae, o ne a ntaletsa go re ke tle kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ya kwa pokanong eo mme fa e sa le ka nako eo, ke na le dingwaga di le 20 ke ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Potso nngwe le nngwe e ke neng ke e botsa Basupi, ba ne ba e araba ka Baebele.

Ke ne ka ithuta gore Jehofa o kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona tota le batho ba ba sa siamang. (2 Petere 3:9) Ke lemogile gore ke Rre yo o lorato yo o tla ntlhokomelang le fa go ka se nne le motho yo o ka ntlhokomelang. Gape ke ne ka ithuta gore o tla intshwarela maleo a me fa nka tlogela ditsela tsa me tse di sa siamang. Temana ya Baebele ya Baefeso 4:22-24 e ne ya ntlhotlheletsa fela thata. E ne ya ntlhotlheletsa gore ke “latlhe botho jo bogologolo” mme ke “apare jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo.”

Go ne ga ntsaya lobaka lo loleele gore ke fetole tsela e ke neng ke tshela ka yone. Ke ne ke kgona go fetsa beke yotlhe ke sa dirise diokobatsi, mme ka mafelobeke fa ke na le ditsala ke ne ke di dirisa. Ke ne ka lemoga gore fa ke batla go fetola tsela e ke tshelang ka yone ke ne ke tshwanetse go tlogela ditsala tsa me, ka jalo ke ne ka swetsa ka gore ke fudugele kwa nageng e nngwe. Dingwe tsa ditsala tsa me di ne tsa kopa go tsamaya le nna mme ke ne ka dumela. Fa re le mo loetong, ba ne ba simolola go goga marijuana mme ba ne ba leka go a nnaya. Ke ne ka ba bolelela gore ke batla go tlogela mekgwa eo mme re ne ra kgaogana mo molelwaneng wa naga. Morago ga moo ke ne ka utlwela gore ditsala tsa me di ne tsa kgothosa banka di dirisa tlhobolo.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Fa ke sena go kgaogana le ditsala tseo ke ne ka lemoga gore go ne go le motlhofo go dira diphetogo tse di tlhokegang mo botshelong jwa me. Ka 1989 ke ne ka nna Mosupi yo o kolobeditsweng. Fa ke sena go kolobediwa, kgaitsadiake, mmè le rre ba ne ba direla Jehofa mmogo le nna.

Gone jaanong ke na le dingwaga di le 17 ke nyetse e bile ke na le bana ba bararo ba ba ntle. Ke ithutile go laola bogale jwa me tota le fa ke kgopisitswe. Gape ke ithutile go rata batho ba ‘ditso tsotlhe, merafe yotlhe le dipuo tsotlhe.’ (Tshenolo 7:9) Mafoko a ga Jesu a itshupile a le boammaaruri mo go nna. O ne a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:31, 32.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Go dira diphetogo go ne go akaretsa go tlogela go reetsa mmino o o neng o kgothaletsa tlhaolele

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Nna le ditsala tsa me re ne re rumola batho gore re lwe le bone. Re ne re tle re dirise dithipa le dithobane tsa beisebolo go tlhasela setlhopha sa batho ba le 20 kgotsa go feta