Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

Rebeka O ne A Ikemiseditse go Itumedisa Jehofa

Rebeka O ne A Ikemiseditse go Itumedisa Jehofa

REBEKA ke leina le le itsegeng thata mo mafelong a le mantsi gompieno. A o itse mongwe yo o nang le leina leno?— * Rebeka e ne e le motho wa botlhokwa thata yo go buiwang ka ene mo bukeng e e tumileng go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng e leng Baebele. Ke eng se o se itseng ka ene?— Re tshwanetse go batla go ithuta ka Rebeka ka gonne sekao sa gagwe se ka re thusa go direla Modimo wa boammaaruri, Jehofa.

Rebeka ke mosadi wa bobedi mo go ba go buiwang ka bone mo Baebeleng yo o ileng a nna moobamedi wa ga Jehofa. A o itse gore mosadi wa ntlha e ne e le mang?— E ne e le Sara, mosadi wa ga Aborahame. Fa Sara a setse a tsofetse, o ne a nna mmaagwe Isake—ngwana a le esi fela wa gagwe. Mma jaanong re boneng kafa Rebeka a neng a ikemiseditse ka gone go dira se se itumedisang Jehofa le kafa a neng a kopana le Isake ka gone.

Go setse go fetile dingwaga di feta 60 fa e sa le Modimo a boleletse Aborahame le Sara gore ba tswe mo Harana mme ba ye kwa lefatsheng la Kanana. Fa Aborahame le Sara ba setse ba tsofetse, Modimo o ba solofetsa gore ba tla nna le ngwana yo o tla bidiwang Isake. Fela jaaka o ka tswa o akanya, batsadi ba gagwe ba mo rata thata. Fa Sara a swa a na le dingwaga di le 127, morwawe, Isake, e setse e le monna mme o utlwisitswe botlhoko ke go swelwa ke mmaagwe. Aborahame ga a batle gore Isake a nyale mosadi wa Mokanana ka gonne batho bano ga ba obamele Jehofa. Ka jalo, o roma motlhanka wa gagwe yo gongwe e neng e le Eliasare gore a ye go batlela Isake mosadi mo bathong ba losika lwa ga Aborahame kwa Harana, e e bokgakala jwa dikilometara di feta 800!—Genesise 12:4, 5; 15:2; 17:17, 19; 23:1.

Fa nako e ntse e ya, Eliasare mmogo le dikamela di le lesome tse di neng di rwele dilwana le dimpho tse di neng di tla newa monyadiwa, o goroga kwa Harana le batlhanka ba bangwe ba ga Aborahame. Ba ema fa sedibeng gonne Eliasare a itse gore motshegare batho ba tla go nosa diphologolo tsa bone metsi le go a tseela ba malapa a bone. Eliasare o rapela gore mosadi yo a tla mo tlhophelang Isake o tla dumela jaana fa a mo kopa metsi: “Nwa, e bile ke tla nosa le dikamela tsa gago.”

Seno ke sone se se neng sa direga! Rebeka yo mmotlana yo “montle thata” o tla mo sedibeng. Fa Eliasare a mo kopa metsi o ne a re: “Ke tla gelela le dikamela tsa gago metsi.” Fa a ntse “a boaboa a sianela kwa sedibeng go ya go ga metsi,” Eliasare o ntse a mo tlhomile matlho “ka kgakgamalo.” Akanya fela! Rebeka o ne a tshwanetse go ga dilitara di le 1 000 tsa metsi gore a nose dikamela di le lesome tse di neng di nyorilwe!

Eliasare o naya Rebeka dimpho tse dintle tse a neng a di tshwere, mme Rebeka o mmolelela gore ke morwadia Bethuele wa losika lwa ga Aborahame. Rebeka o laletsa Eliasare le ditsala tsa gagwe gore ba tle kwa lapeng la gaabo gore ba “lale gone.” Go tswa foo, o sianela kwa lapeng go ya go bolelela ba lelapa la gaabo ka baeng ba ba rometsweng ke Aborahame kwa go bone go tswa kwa Kanana.

Fa mogoloe Rebeka e bong Labane a bona dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse di neilweng kgaitsadie e bile a utlwa gore Eliasare ke mang, o ne a ba kopa gore ba tsene mo ntlong. Mme Eliasare a re: “Ga nkitla ke ja go fitlha ke buile dikgang tsa me.” Ka jalo, o tlhalosa lebaka la go bo Aborahame a mo romile. Bethuele mmogo le mosadi wa gagwe le Labane, ba itumetse e bile ba dumalana le go nyalwa ga ga Rebeka.

Fa Eliasare le batho ba a neng a na le bone ba sena go ja, ba robala mo ntlong eo. Mo mosong o o latelang, Eliasare a re: “Nnayang tsela ke ye kwa go mong wa me.” Mme gone, mmaagwe Rebeka le mogoloe ba batla gore ba nne le bone “bogolo malatsi a le lesome.” Fa Rebeka a bodiwa gore a o batla go tsamaya ka yone nako eo, o araba jaana, “Ke iketleeleditse go tsamaya.” Ka yone nako eo o tsamaya le Eliasare. Fa ba goroga o nna mosadi wa ga Isake.—Genesise 24:1-58, 67.

A o akanya gore go ne go le motlhofo gore Rebeka a tlogele ba lelapa la gaabo le ditsala mme a ye kwa lefelong le le kwa kgakala, a itse gore go ka direga gore a se ka a tlhola a ba bona gape?— Nnyaa, go ne go se motlhofo. Le fa go ntse jalo, Rebeka o ne a segofadiwa ka gonne a ne a ikemiseditse go dira se se itumedisang Jehofa. O ne a nna mongwe wa losika lo Mmoloki wa rona, Jesu Keresete, a neng a tsholelwa mo go lone. Le rona re tla segofadiwa fa re ikemiseditse—fela jaaka ene—go dira se se itumedisang Jehofa.—Baroma 9:7-10.

^ ser. 3 Fa o bala le bana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o ba kgothaletse go ntsha maikutlo a bone.