Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Kolobediwa mo Leineng la Bomang le la Eng?

Re Kolobediwa mo Leineng la Bomang le la Eng?

Re Kolobediwa mo Leineng la Bomang le la Eng?

“Jalo tsamayang mme lo dire . . . barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.”—MATH. 28:19.

1, 2. (a) Go ne ga direga eng kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E.? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba bantsi ba ba neng ba le mo boidiiding ba ne ba tlhotlheletsega go kolobediwa?

JERUSALEMA e ne e tlhanasela ka boidiidi jwa batho ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng. Ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., go ne go tshwerwe moletlo wa botlhokwa mme baeng ba bantsi ba ne ba tlile kwa go one. Go ne ga direga sengwe se se sa tlwaelegang, se e neng ya re se sena go direga moaposetoloi Petere a baya puo e e maatla e e neng ya ama batho maikutlo thata. Bajuda le batho ba ba sokologetseng mo Sejudeng ba ka nna 3 000 ba ne ba amiwa ke mafoko a a neng a a bua, ba ikwatlhaya, mme ba kolobediwa mo metsing. Ka jalo ba ne ba nna karolo ya phuthego ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa. (Dit. 2:41) Go kolobediwa ga batho ba bantsi jalo mo makadibeng kana mo matsheng a a dikologileng Jerusalema go tshwanetse ga bo go ne go bakile mmudubudu o se kana ka sepe!

2 Ke eng se se neng sa dira gore go kolobediwe batho ba bantsi jalo? Mo mosong wa letsatsi leo, go ne “ga utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla.” Kwa phaposing e e kwa godimo ya ntlo, barutwa ba ga Jesu ba ka nna 120 ba ne ba tlala moya o o boitshepo. Morago ga moo, banna le basadi ba ba boifang Modimo ba ne ba phuthega mme ba kgatlhwa ke go utlwa barutwa bano ba “bua ka diteme tse di farologaneng.” Fa batho ba bantsi ba sena go reetsa se Petere a neng a se bua, go akaretsa le mafoko a a neng a a bua a sa potapote malebana le loso lwa ga Jesu, ba ne “ba tlhabega mo pelong.” Ba ne ba tshwanetse go dira eng? Petere o ne a araba a re: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete . . . mme lo tla amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.”—Dit. 2:1-4, 36-38.

3. Ka letsatsi la Pentekosete, Bajuda le batho ba ba sokologetseng mo Sejudeng ba ba ikwatlhayang ba ne ba tshwanetse go dira eng?

3 Akanya ka se Bajuda le batho ba ba sokologetseng mo Sejudeng ba ba neng ba reeditse Petere ba neng ba setse ba se itse ka Modimo. Ba ne ba setse ba amogetse Jehofa e le Modimo wa bone. Mme ba ne ba badile mo Dikwalong tsa Sehebera ka moya o o boitshepo, maatla a Modimo a a dirisitseng ka nako ya popo le morago ga moo. (Gen. 1:2; Baatlh. 14:5, 6; 1 Sam. 10:6; Pes. 33:6) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhoka kitso e e oketsegileng. Go ne go le botlhokwa gore ba tlhaloganye mme ba amogele tsela e Modimo a neng a tla ba tlisetsa poloko ka yone, e leng ka Mesia, Jesu. Ka jalo, Petere o ne a gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba “kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete.” Malatsi a le mmalwa pele ga foo, Jesu yo o tsositsweng o ne a laela Petere le ba bangwe gore ba kolobetse batho “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Math. 28:19, 20) Go dira jalo go ne go na le bokao jwa botlhokwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme le gompieno go sa ntse go na le bokao. Ke bokao bofe?

Mo Leineng la Rara

4. Go ne go diregile phetogo efe malebana le kafa batho ba neng ba ka nna le kamano le Jehofa ka teng?

4 Jaaka go bontshitswe, batho ba ba neng ba tsaya kgato ka se Petere a neng a se bua mo puong ya gagwe ba ne ba obamela Jehofa mme ba ne ba kile ba nna le kamano le ene. Ba ne ba ntse ba leka go latela Molao wa gagwe, e leng sone se se dirileng gore batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba tle mo Jerusalema. (Dit. 2:5-11) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a sa tswa go dira phetogo e kgolo mo tseleng e a neng a dirisana le batho ka yone. O ne a latlhile setšhaba sa gagwe se se kgethegileng sa Bajuda; o ne a ka se tlhole a ba amogela fela ka gonne ba boloka Molao. (Math. 21:43; Bakol. 2:14) Fa bareetsi bao ba ne ba batla gore kamano ya bone le Jehofa e nnele ruri, ba ne ba tshwanetse go dira sengwe se sele.

5, 6. Bajuda ba bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga le batho ba ba sokologetseng mo Sejudeng ba ne ba dira eng gore ba nne le kamano le Modimo?

5 Se ba neng ba tshwanetse go se dira e ne e se go furalela Jehofa, Moneibotshelo wa bone. (Dit. 4:24) Nnyaa, ba ba neng ba tsaya kgato ka se Petere a neng a se bua jaanong ba ne ba kgona go bona go feta le fa e le leng pele gore Jehofa ke Rre yo o molemo. O ne a rometse Mesia go ya go ba golola e bile o ne a iketleeditse go itshwarela le batho ba Petere a neng a ba raya a re: “A ntlo yotlhe ya Iseraele ruri e itse gore Modimo o ne a mo dira Morena le Keresete, Jesu yono yo lo neng lwa mmapola.” Tota e bile, ba ba neng ba dira se Petere a neng a se bua, jaanong ba ne ba tla nna le lebaka le le utlwalang le go feta la go anaanela se Rara a neng a se diretse botlhe ba ba neng ba batla go nna le kamano le ene!—Bala Ditiro 2:30-36.

6 Ruri Bajuda bao le batho ba ba sokologetseng mo Sejudeng jaanong ba ne ba kgona go bona gore go nna le kamano le Jehofa go akaretsa go dumela gore ke ene a re nayang poloko ka Jesu. Ka jalo, o ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba ikwatlhaela maleo a bone, go akaretsa le boleo jo ba bo dirileng, ba itse kana ba sa itse, jwa go nna le seabe mo go bolayeng Jesu. Mme gape go a utlwala gore mo malatsing a a neng a latela “ba ne ba tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi.” (Dit. 2:42) Ba ne ba ka ‘atamela kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang’ e bile ba ne ba batla go dira jalo.—Baheb. 4:16.

7. Batho ba bantsi gompieno ba fetotse jang tsela e ba lebang Modimo ka yone mme ba kolobediwa mo leineng la Rara?

7 Gompieno, dimilione tsa batho ba ba tswang mo madumeding a a farologaneng ba ithutile boammaaruri ka Jehofa mo Baebeleng. (Isa. 2:2, 3) Bangwe e ne e le balatolamodimo kana ba dumela mo Modimong mme ba akanya gore ga a kgathalele popo ya gagwe, mme ba ne ba tlhatswega pelo gore Mmopi o teng e bile ba ka nna le kamano e e molemo le ene. Ba bangwe ba ne ba obamela modimo wa tharonngwe kana medingwana e e farologaneng. Ba ne ba ithuta gore Jehofa ke ene fela Modimo Mothatayotlhe, mme jaanong ba mmitsa ka leina la gagwe. Seo se dumalana le kgang ya gore Jesu o rile barutwa ba gagwe ba tshwanetse go kolobediwa mo leineng la Rara.

8. Batho ba ba neng ba sa itse sepe ka boleo jo bo bakilweng ke Adame ba ne ba tshwanetse go itse eng ka Rara?

8 Gape ba ithutile gore ba ruile boleo mo go Adame. (Bar. 5:12) E ne e le la ntlha ba utlwa kgang eno mme ba ne ba tshwanelwa ke go dumela gore e boammaaruri. Batho bao ba ka tshwantshiwa le motho yo o neng a lwala mme a sa itse gore o a lwala. A ka tswa a kile a nna le matshwao mangwe a bolwetse, jaaka go utlwa ditlhabinyana. Le fa go ntse jalo, ka gonne a sa tlhatlhobiwa gore o tshwerwe ke bolwetse bofe, o ne a ka akanya gore o itekanetse mme ga a lwale. Mme o ne a tla lemoga gore ga go a nna jalo. (Bapisa le 1 Bakorintha 4:4.) O ne a tla dirang fa a ka tlhatlhojwa mme ga bonwa gore o tshwerwe ke eng? A go ne go ka se nne botlhale gore a batle kalafi e e itsiweng, e e berekang mme a e dirise? Ka tsela e e tshwanang, fa batho ba bantsi ba sena go ithuta boammaaruri ka boleo jo re bo ruileng, ba ile ba dumela gore Baebele e ba tlhatlhobe gore ba tshwerwe ke bolwetse bofe, mme jaanong ba tlhaloganya gore Modimo o ba naya kalafi. Ee, batho botlhe ba ba kgaoganeng le Rara ba tshwanetse go boela kwa go Ene yo o ka ba alafang.—Baef. 4:17-19.

9. Jehofa o ne a dira eng gore batho ba kgone go nna le kamano le ene?

9 Fa e le gore o setse o ineetse mo go Jehofa Modimo mme o Mokeresete yo o kolobeditsweng, o itse kafa go nna le kamano le ene go leng molemo ka teng. Jaanong o tlhaloganya kafa Rrago, Jehofa, a leng lorato ka teng. (Bala Baroma 5:8.) Le fa Adame le Efa ba ne ba leofela Modimo, o ne a dira sengwe gore bana ba bone—go akaretsa le rona—ba kgone go nna le kamano e e molemo le ene. Fa Modimo a ne a dira seo, o ne a tshwanelwa ke go itshokela bohutsana jwa go bona Morwawe yo o rategang a boga a bo a swa. A go itse seno ga go re thuse go ikokobeletsa bolaodi jwa Modimo le go ikobela ditaelo tsa gagwe ka gonne re rata go dira jalo? Fa e le gore ga o ise o ineele mo Modimong le go kolobediwa, o na le mabaka a go dira jalo.

Mo Leineng la Morwa

10, 11. (a) Jesu o go diretse eng se segolo? (b) O ikutlwa jang ka loso lwa ga Jesu lwa thekololo?

10 Akanya gape ka se Petere a neng a se raya boidiidi jwa batho. O ne a buelela thata gore batho ba amogele Jesu, mme go dira jalo go amana ka tlhamalalo le go kolobediwa “mo leineng la . . . Morwa.” Ke eng fa seo se ne se le botlhokwa ka nako eo, mme ke eng fa se le botlhokwa gone jaanong? Go amogela Jesu le go kolobediwa mo leineng la gagwe go kaya gore re amogela seabe sa gagwe mo kamanong ya rona le Mmopi. Jesu o ne a tshwanelwa ke go pegwa mo koteng ya tlhokofatso gore a tlose phutso ya Molao mo Bajudeng; le fa go ntse jalo, loso lwa gagwe lo ne lo solegela molemo le go feta. (Bagal. 3:13) O ne a ntsha setlhabelo sa thekololo se batho botlhe ba neng ba se tlhoka. (Baef. 2:15, 16; Bakol. 1:20; 1 Joh. 2:1, 2) Gore Jesu a kgone go dira seno, o ne a itshokela go direlwa tshiamololo, go kgalwa, go tlhokofadiwa mme kgabagare a bolawa. O anaanela setlhabelo sa gagwe go le kana kang? Akanya o le mosimane wa dingwaga tse 12 o palame sekepe sa Titanic, se se neng sa thula kgapetla e kgolo mme sa nwela ka 1912. O leka go palama mokoro o o falotsang batho, mme o tletse. Go tswa foo monna mongwe yo o setseng a le mo mokorong oo o atla mosadi wa gagwe, o boela mo sekepeng, a bo a go pega mo mokorong oo. O ikutlwa jang? Ruri o anaanela se a se go diretseng! O ka tlhaloganya kafa mosimane mongwe yo tota a diragaletsweng ke seo a neng a ikutlwa ka teng. * Le fa go ntse jalo, Jesu o go diretse se se fetang seo go menagane gantsintsi. O ne a swa gore o tshelele ruri.

11 O ne wa ikutlwa jang fa o ne o utlwa ka se Morwa Modimo a se go diretseng? (Bala 2 Bakorintha 5:14, 15.) O tshwanetse wa bo o ne wa anaanela seo thata. Seo se ne sa thusa go go tlhotlheletsa gore o ineele mo Modimong le gore o ‘se tlhole o itshelela, mme o tshelele ene yo o neng a go swela.’ Go kolobediwa mo leineng la Morwa go kaya go amogela se Jesu a se go diretseng le go ikobela bolaodi jwa gagwe jaaka e le “Moemedi yo Mogolo wa botshelo.” (Dit. 3:15; 5:31) Pele ga o kolobediwa, o ne o se na kamano le Mmopi, e bile tota o ne o se na tsholofelo ya mmatota. Mme jaanong o na le kamano le Rara ka gonne o na le tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete e bile o kolobeditswe. (Baef. 2:12, 13) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Lona ba lo kileng lwa bo lo fapogile e bile lo le baba ka gonne megopolo ya lona e ne e le mo ditirong tse e neng e le tse di boikepo, jaanong [Modimo] gape o lo letlantse ka mmele wa senama wa ga [Jesu] ka loso lwa gagwe, gore a lo tlise lo le boitshepo e bile lo se na molato.”—Bakol. 1:21, 22.

12, 13. (a) Go kolobediwa mo leineng la Morwa go tshwanetse ga dira gore o itshware jang fa mongwe a go kgopisa? (b) E re ka o le Mokeresete yo o kolobeditsweng mo leineng la ga Jesu, ke eng se o tshwanetseng go se dira?

12 Le fa o kolobeditswe mo leineng la Morwa, o itse sentle gore o sekametse mo go direng boleo. Go itse seo go go solegela molemo letsatsi le letsatsi. Ka sekai, fa mongwe a go kgopisa, a o gakologelwa gore loobabedi lo baleofi? Loobabedi lo tlhoka go itshwarelwa ke Modimo, e bile lo tshwanetse go itshwarelana. (Mar. 11:25) Go gatelela kafa seno se leng botlhokwa thata ka teng, Jesu o ne a dira setshwantsho seno: Mong wa motlhanka o ne a phimola sekoloto sa motlhanka yoo sa ditalenta di le dikete di le lesome (didenario di le dimilione di le 60). Moragonyana, motlhanka yoo o ne a gana go phimola molato wa motlhanka ka ene yo o neng a mo kolota didenario di le 100. Go tswa foo Jesu o ne a tlhalosa ntlha eno: Jehofa a ka se itshwarele motho yo o sa itshwareleng morwarraagwe. (Math. 18:23-35) Go kolobediwa mo leineng la Morwa go kaya go ikobela taolo e Jesu a nang le yone le go leka ka natla go etsa sekao sa gagwe le go latela dithuto tsa gagwe, go akaretsa ya go iketleeletsa go itshwarela ba bangwe.—1 Pet. 2:21; 1 Joh. 2:6.

13 Ga o kgone go etsa Jesu ka botlalo ka gonne ga o a itekanela. Le fa go ntse jalo, go dumalana le boineelo jwa gago jo o bo dirileng ka pelo yotlhe mo Modimong, o tshwanetse go dira bojotlhe jwa gago go etsa Jesu. Seno se akaretsa go tswelela o leka ka natla go apola botho jo bogologolo le go apara jo bosha. (Bala Baefeso 4:20-24.) Fa o tlotla tsala ya gago, o leka go etsa sekao sa yone le dinonofo tsa yone tse di molemo. Ka tsela e e tshwanang, o tshwanetse go ithuta mo go Keresete le go mo etsa.

14. O ka bontsha jang gore o ikobela taolo ya ga Jesu jaaka e le Kgosi kwa legodimong?

14 Go na le tsela e nngwe e o ka bontshang ka yone gore o tlhaloganya gore go bo o kolobeditswe mo leineng la Morwa go akaretsa eng. Modimo “o ne a baya dilo tsotlhe mo taolong kafa tlase ga dinao tsa [ga Jesu], a ba a mo dira tlhogo ya dilo tsotlhe mo phuthegong.” (Baef. 1:22) Ka jalo, o tshwanetse go tlotla tsela e Jesu a kaelang ka yone batho ba ba ineetseng mo go Jehofa. Keresete o dirisa batho ba ba sa itekanelang mo phuthegong, segolobogolo banna ba ba godileng semoyeng, e leng bagolwane ba ba tlhomilweng. Banna bao ba tlhomilwe “ka boikaelelo jwa go lolamisiwa ga baitshepi, . . . go agiwa ga mmele wa ga Keresete.” (Baef. 4:11, 12) Le fa motho yo o sa itekanelang a dira phoso, Jesu jaaka e le Kgosi ya Bogosi jwa kwa legodimong o kgona go baakanya dilo ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe. A o dumela seo?

15. Fa e le gore ga o ise o kolobediwe, o ka leba pele go bona masego afe fa o sena go kolobediwa?

15 Mme go na le bangwe ba ba iseng ba ineele mo go Jehofa le go kolobediwa. Fa e le gore ga o ise o dire jalo, a o kgona go bona mo go se go builweng ka sone fa godimo gore go ikobela Morwa go botlhale e bile go bontsha kanaanelo? Go kolobediwa mo leineng la Morwa go tla dira gore o bone masego a se kana ka sepe.—Bala Johane 10:9-11.

Mo Leineng la Moya o o Boitshepo

16, 17. Go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo go kaya eng mo go wena?

16 Go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo go kaya eng? Jaaka go umakilwe fa godimo, batho ba ba neng ba reeditse Petere ka letsatsi la Pentekosete ba ne ba itse gore moya o o boitshepo o teng. Tota e bile, ba ne ba kgona go iponela bosupi ka bobone jwa gore Modimo o sa ntse a dirisa moya o o boitshepo. Petere e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba “tlala moya o o boitshepo [le ba ba neng] ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng.” (Dit. 2:4, 8) Mafoko a a reng “mo leineng la” ga a kaye mo leineng la motho ka dinako tsotlhe. Gompieno dilo tse dintsi di dirwa “mo leineng la puso,” mme puso ga se motho. Di dirwa ka gonne puso e laetse gore di dirwe. Ka tsela e e tshwanang, motho yo o kolobediwang mo leineng la moya o o boitshepo o dumela gore moya o o boitshepo ga se motho, mme ke maatla a ga Jehofa a a dirang. Mme go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo go kaya gore motho o tlhaloganya seabe se moya oo o nang le sone mo maikaelelong a Modimo.

17 A ga o a simolola go itse ka moya o o boitshepo fa o ntse o ithuta Baebele? Ka sekai, o tlhaloganya gore Dikwalo di kwadilwe ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo. (2 Tim. 3:16) Fa o ntse o gatela pele semoyeng, o tshwanetse wa bo o ile wa tlhaloganya gore ‘Rara yo o kwa legodimong o naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang,’ go akaretsa le wena. (Luke 11:13) O ka tswa o bone moya o o boitshepo o dira mo botshelong jwa gago. Mme fa e le gore o sa ntse o tlile go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo, mafoko a Jesu a a buileng go tlhomamisa gore Rara o naya batho moya o o boitshepo, a kaya gore o tlile go bona masego fa o amogela moya oo.

18. Batho ba ba kolobediwang mo leineng la moya o o boitshepo ba bona masego afe?

18 Go a bonala gore le gompieno, Jehofa o dirisa moya oo go kaela le go etelela phuthego ya Bokeresete pele. Moya oo gape o thusa mongwe le mongwe wa rona mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi. Go bo re kolobeditswe mo leineng la moya o o boitshepo go kaya gore re amogela seabe se o nang le sone mo matshelong a rona e bile re ikobela kaelo ya one. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba ipotsa gore re ka kgona jang go tshela go dumalana le boineelo jwa rona mo go Jehofa le gore moya o o boitshepo o re thusa jang mo ntlheng eo. Re tla tlotla ka kgang eo mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Bona makasine wa Tsogang! ya October 22, 1981, tsebe 3-8 (ka Seesemane).

A o A Gakologelwa?

• Go kolobediwa mo leineng la Rara go kaya eng mo go wena?

• Go kolobediwa mo leineng la Morwa go kaya eng?

• O ka bontsha jang gore o tlhaloganya botlhokwa jwa go kolobediwa mo leineng la Rara le la Morwa?

• Go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo go kaya eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba basha ba ne ba nna le kamano efe le Rara?

[Motswedi wa Setshwantsho]

By permission of the Israel Museum, Jerusalem