Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaya ka Moya Mme o Tshele go Dumalana le Boineelo Jwa Gago

Tsamaya ka Moya Mme o Tshele go Dumalana le Boineelo Jwa Gago

Tsamaya ka Moya Mme o Tshele go Dumalana le Boineelo Jwa Gago

“Nnang lo tsamaye ka moya mme ga lo na go diragatsa keletso epe ya senama ka gope.”—BAGAL. 5:16.

1. Batho ba ne ba kolobediwa ka ditsela dife tse di farologaneng ka letsatsi la Pentekosete?

BALATEDI ba ga Jesu ba ne ba bua ka diteme ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. fa ba sena go kolobediwa ka moya o o boitshepo. Ba ne ba bontsha gore ba na le mpho ya moya e ba neng ba e neilwe ka kgakgamatso. (1 Bakor. 12:4-10) Mpho eno le puo e e neng ya neelwa ke moaposetoloi Petere di ne tsa nna le diphelelo dife? Ba le bantsi ba ne ba “tlhabega mo pelong.” Fa Petere a sena go ba rotloetsa, ba ne ba ikwatlhaya mme ba kolobediwa. Pego ya tiragalo eo e e itsegeng ya re: “Ba ba neng ba amogela lefoko la gagwe ka pelo yotlhe ba kolobediwa, mme mo letsatsing leo go ne ga okediwa ka meya e ka nna dikete di le tharo.” (Dit. 2:22, 36-41) Fela jaaka Jesu a ne a laetse, ba ne ba tla bo ba kolobeditswe ka metsi mo leineng la Rara, la Morwa le la moya o o boitshepo.—Math. 28:19.

2, 3. (a) Tlhalosa pharologanyo fa gare ga go kolobediwa ka moya o o boitshepo le go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo. (b) Ke ka ntlha yang fa go lebeletswe gore botlhe ba ba nnang Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba kolobediwe ka metsi?

2 Le fa go ntse jalo, a go na le pharologanyo fa gare ga go kolobediwa ka moya o o boitshepo le go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo? Ee. Ba ba kolobediwang ka moya o o boitshepo ba tsalwa sesha e le bomorwa Modimo ba ba tsetsweng ka moya. (Joh. 3:3) Ba tlodiwa gore mo isagweng e nne dikgosi mmogo le Jesu le baperesiti ba babotlana mo Bogosing jwa Modimo jwa kwa legodimong, mme ba bopa karolo ya mmele wa semoya wa ga Keresete. (1 Bakor. 12:13; Bagal. 3:27; Tshen. 20:6) Ka jalo kolobetso eno—ya go kolobediwa ka moya o o boitshepo—ke yone kolobetso e Jehofa a neng a kolobetsa batho ka yone ka letsatsi la Pentekosete le morago ga moo fa a ne a tlhopha batho gore e nne baruaboswammogo le Keresete. (Bar. 8:15-17) Mme go tweng ka go kolobediwa ka metsi mo leineng la moya o o boitshepo, sengwe se gantsi se diregang kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo tsa batho ba ga Jehofa mo motlheng wa rona?

3 Bakeresete ba boammaaruri ba kolobediwa ka metsi go tshwantshetsa gore ba ineela ka botlalo mo go Jehofa Modimo. Ke sone se batho ba ba bileditsweng go ya go tshela kwa legodimong ba se dirileng. Mme le dimilione tsa banna le basadi ba motlha wa gompieno ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng le bone ba tshwanetse go kolobediwa ka metsi. Le fa motho a ka tswa a solofetse go tshela kae, o tshwanetse go kolobediwa ka metsi mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo gore a amogelwe ke Modimo. Go lebeletswe gore Bakeresete botlhe ba ba kolobediwang jalo ba ‘nne ba tsamaya ka moya.’ (Bala Bagalatia 5:16.) A o tsamaya ka moya mme ka jalo o tshela go dumalana le boineelo jwa gago?

Go ‘Tsamaya ka Moya’ go Kaya Eng?

4. Tota go ‘tsamaya ka moya’ go kaya eng?

4 Go ‘tsamaya ka moya’ go akaretsa go dumela gore moya o o boitshepo o dire mo go wena, o go tlhotlheletse. Ka mafoko a mangwe, go kaya go laolwa ke moya o o boitshepo mo go se o se dirang letsatsi le letsatsi. Bagalatia kgaolo 5 e bontsha pharologanyo fa gare ga go tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo le go tlhotlhelediwa ke nama.—Bala Bagalatia 5:17, 18.

5. Fa o tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, o tla ithiba mo ditirong dife?

5 Fa o tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, o leka go ithiba mo ditirong tsa nama. Ditiro tseno di akaretsa dilo tse di jaaka “kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, go fufega, mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo.” (Bagal. 5:19-21) Ka mafoko a mangwe, o “bolaya ditlwaelo tsa mmele ka moya.” (Bar. 8:5, 13) Go dira jalo go tla go thusa go tlhoma mogopolo wa gago mo dilong tsa moya le gore o o letle go go kaela, go na le go itetla gore o laolwe ke dikeletso tsa nama.

6. Dira setshwantsho go bontsha gore go tlhokega eng gore o ungwe maungo a moya.

6 Fa moya o o boitshepo o ntse o dira mo go wena, o nna le dinonofo tse di molemo, “maungo a moya.” (Bagal. 5:22, 23) Le fa go ntse jalo, o lemoga gore seno se tlhoka gore o tseye matsapa. Re ka tshwantsha seno jaana: Molemi o tlhagolela tshimo. Mme gone o tlhoka letsatsi le metsi; fa di seyo a ka se lebelele go bona thobo epe. Re ka tshwantsha moya o o boitshepo le letsatsi. Re tlhoka moya o o boitshepo gore re nne le maungo a moya. Le fa go ntse jalo, ke eng se se ka tlhogang fa molemi a sa dira ka natla? (Dia. 10:4) Ee, tsela e o tlhagolelang mmu wa pelo ya gago ka yone e ama tsela e o tla bontshang maungo a moya ka yone. Ka jalo ipotse jaana, ‘A ke letla moya o o boitshepo gore o ungwe maungo a one ka go o letla gore o ntlhotlheletse?’

7. Ke ka ntlha yang fa go ithuta le go tlhatlhanya go thusa jaana gore o nne le maungo a moya o o boitshepo?

7 Gape balemi ba tshwanetse go nosetsa dijalo tsa bone ka metsi gore ba bone thobo e kgolo. E le gore o nne le maungo a moya, o tlhoka metsi a boammaaruri a a mo Baebeleng a a bonwang mo phuthegong ya Bokeresete gompieno. (Isa. 55:1) O tshwanetse wa bo o tlhaloseditse batho ba le bantsi gore Dikwalo Tse di Boitshepo di tlhotlheleditswe ka moya o o boitshepo. (2 Tim. 3:16) Gape setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se re thusa thata go tlhaloganya metsi a a itshekileng a boammaaruri jwa Baebele. (Math. 24:45-47) Ka jalo go bonala sentle gore fa re batla go tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, re tshwanetse go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone. Fa e le gore o dira jalo, o etsa dikao tse di molemo tsa baporofeti ba ba neng ba “tlhotlhomisa ka manontlhotlho ba bo ba batlisisa ka kelotlhoko” tshedimosetso e ba neng ba e neilwe. Go molemo go ela tlhoko gore tota le baengele ba ile ba bontsha gore ba kgatlhegela thata dithuto tsa boammaaruri tsa semoya tse di malebana le Losika lo lo solofeditsweng le phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng.—Bala 1 Petere 1:10-12.

Moya o re Tlhotlheletsa Jang?

8. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o kope Jehofa gore a go neye moya wa gagwe?

8 Go ithuta Dikwalo le go tlhatlhanya fela ga go a lekana. O tshwanetse go nna o kopa Jehofa gore a go thuse le go go kaela. A ka “dira se se fetang thata dilo tsotlhe tse re di kopang kgotsa re di bopang mo mogopolong.” (Baef. 3:20; Luke 11:13) Mme gone o ne o ka araba jang fa mongwe a ne a ka go botsa a re, “Ke eng fa ke tshwanetse go nna ke kopa mme e le gore Modimo ‘o itse dilo le fa e le dife tse ke di tlhokang le pele ga ke mo kopa’?” (Math. 6:8) Selo sa ntlha, fa o rapelela moya o o boitshepo, o bontsha gore o ikaegile ka Jehofa. Ka sekai, fa mongwe a ne a ka tla go kopa thuso mo go wena, o ne o ka dira sengwe le sengwe fela se o ka se kgonang go mo thusa ka gonne a kopile thuso mo go wena, go bontsha gore o a go ikanya. (Bapisa le Diane 3:27.) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a itumela fa o kopa moya wa gagwe, mme o tla go o naya.—Dia. 15:8.

9. Go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete go ka go thusa jang gore o tlhotlhelediwe ke moya wa Modimo?

9 O ka tlhaloganya sentle gore go ya kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo ke tsela e nngwe e re ka dirang ka yone gore moya wa Modimo o re tlhotlheletse. Go botlhokwa thata gore re leke ka natla go nna teng kwa dipokanong tseno le go reetsa ka kelotlhoko. Go dira jalo go go thusa go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakor. 2:10) Gape go akgela ka metlha go na le melemo. Akanya ka dipokano tse o ntseng o ya kwa go tsone mo dibekeng tse nnè tse di fetileng. O ile wa tsholetsa seatla ga kae, o ithaopa go araba, go tlhalosa se o se dumelang? A o bona go na le fa o ka tokafatsang teng mo ntlheng eno? Fa go le jalo, dira tshwetso ya gore o tla dirang mo dibekeng tse di tlang. Jehofa o tla bona gore o iketleeditse go nna le seabe a bo a go naya moya wa gagwe o o boitshepo mme one o tla go thusa gore o solegelwe molemo thata fa o le kwa dipokanong.

10. Go tsamaya ka moya go akaretsa go naya ba bangwe taletso efe?

10 Go tsamaya ka moya go akaretsa go amogela taletso e e mo go Tshenolo 22:17: “Moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!’ Mme le fa e le mang yo o utlwang a a re: ‘Tla!’ Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.” Moya o dirisa setlhopha se se tloditsweng sa monyadiwa go naya batho taletso eno ya go tla go nwa metsi a botshelo. Fa e le gore o amogetse taletso e e reng “Tla!” a o ititeile sehuba gore le wena o re, “Tla!”? Ruri ke tshiamelo e kgolo go nna le seabe mo tirong eno e e bolokang matshelo!

11, 12. Moya o o boitshepo o thusa jang mo tirong ya go rera?

11 Gone jaanong moya o o boitshepo o kaela tiro eno ya botlhokwa. Re bala kafa moya o o boitshepo o neng wa thusa ka teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga go bulela barongwa masimo a masha. Moaposetoloi Paulo le ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba “idiwa ke moya o o boitshepo go bua lefoko mo kgaolong ya Asia”; le gone ga ba a ka ba letlelewa go tsena mo Bithinia. Ga re itse gore tota moya o ne o ba itsa jang go tsena mo mafelong ao, mme go bonala sentle gore moya o ne wa kaela Paulo go ya kwa tshimong e kgolo ya Yuropa. O ne a bona ponatshegelo ya monna mongwe wa kwa Makedonia yo o neng a mo kopa gore a tle go ba thusa.—Dit. 16:6-10.

12 Le gompieno moya wa ga Jehofa o kaela tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Batho ga ba bontshiwe diponatshegelo dipe ka kgakgamatso gore di ba kaele; mme go na le moo Jehofa o kaela batlodiwa ka moya o o boitshepo. Gape moya o rotloetsa bakaulengwe le bokgaitsadi go dira sotlhe se ba ka se kgonang mo tirong ya go rera le go ruta. Kwantle ga pelaelo o ntse o dira tiro eno ya botlhokwa. A o ka oketsa boipelo jwa gago fa o ntse o dira tiro eno e e itumedisang?

13. O ka latela kaelo ya moya o o boitshepo jang? Naya sekai.

13 O ka latela kaelo ya moya o o boitshepo ka go dirisa tshedimosetso e e newang batho ba Modimo. Akanya ka Mihoko yo mmotlana wa kwa Japane. Fa a ne a sa le mosha mo tirelong ya bobulatsela, o ne a ikutlwa a sa tshwanelege go dira maeto a go boela; o ne a dumela gore tota ga a kgone go ngoka kgatlhego ya beng ba matlo. Mo e ka nnang ka yone nako eo, Tirelo ya Rona ya Bogosi e ne ya naya dikakantsho tse di molemo tsa kafa go ka dirwang maeto a makhutshwane a go boela ka teng. Go tswa foo go ne ga gatisiwa boroutšhara jwa A Satisfying Life—How to Attain It. Bo ne jwa thusa thata mo tshimong ya kwa Japane. Mihoko o ne a dirisa dikakantsho tsa kafa boroutšhara jono bo ka dirisiwang ka teng, bogolo jang kafa go ka dirwang maeto a makhutshwane a go boela ka teng. Go ise go ye kae o ne a simolola dithuto tsa Baebele le batho ba gongwe pele ga foo ba ka bong ba ganne go ithuta. A re: “Ke ne ka nna le dithuto tse dintsi tota—nako nngwe ke ne ka nna le di le 12—mo ke neng ka tshwanelwa ke go bolelela bangwe ba bone gore ba name ba eme pele, pele re ka simolola go ithuta!” Ee ruri, fa o tsamaya ka moya, mme o latela kaelo e e newang batlhanka ba ga Jehofa, o ka bona thobo e kgolo.

Ikaege ka Moya wa Modimo

14, 15. (a) Go ka kgonega jang gore batho ba ba sa itekanelang ba tshele go dumalana le boineelo jwa bone? (b) O ka dira jang gore o nne le ditsala tse di molemolemo?

14 E re ka o le modiredi yo o tlhomilweng, o na le bodiredi jo o tshwanetseng go bo dira. (Bar. 10:14) O ka tswa o sa ikutlwe o tshwanelega ka botlalo go sikara boikarabelo jo bo ntseng jalo. Mme jaaka go ntse ka batlodiwa, Modimo ke ene a dirang gore o tshwanelege. (Bala 2 Bakorintha 3:5.) O ka tshela go dumalana le boineelo jwa gago ka go dira bojotlhe jwa gago le ka go ikaega ka moya wa Modimo.

15 Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo gore rona batho ba ba sa itekanelang re tshele go dumalana le boineelo jo re bo diretseng Modimo wa rona yo o itekanetseng, Jehofa. Bothata bongwe ke gore bangwe ba o kileng wa bo o tsalane le bone ba ka gakgamadiwa ke tsela e ntšha e o tshelang ka yone mme ba ka ‘bua le wena ka go go kgoba.’ (1 Pet. 4:4) Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebala gore jaanong o na le ditsala tse disha, mme tsa botlhokwa thata mo go tsone tsotlhe ke Jehofa le Jesu Keresete. (Bala Jakobe 2:21-23.) Gape go botlhokwa go tlwaelana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya galona, ba e leng bangwe ba “bakaulengwe botlhe” ba ba mo lefatsheng. (1 Pet. 2:17; Dia. 17:17) Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe go go thusa go nna le ditsala tse di tla tswelelang di go tlhotlheletsa go dira molemo.

16. O ka “itumedisiwa” jang “ke makoa” fela jaaka Paulo?

16 Le fa o na le ditsala tse di ka go thusang mo phuthegong, o sa ntse o ka nna wa fitlhela go le thata go lebana le mathata a letsatsi le letsatsi. Ka dinako tse dingwe dilo tse o tshwanelwang ke go di itshokela di ka go imela, o bo o ikutlwe jaaka e kete o ntaakwa ke mathata kafa le kafa. Eo ke nako e o tshwanetseng go rapela Jehofa ka yone, o kopa moya wa gagwe o o boitshepo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (Bala 2 Bakorintha 4:7-10; 12:10.) Paulo o ne a itse gore moya wa Modimo o ka bipa makoa a batho, go sa kgathalesege gore ke a mofuta ofe. Ka jalo, maatla a Modimo a a dirang a ka go nonotsha nako le nako fa o ikutlwa o le bokoa e bile o tlhoka thuso. Paulo o ne a re o ne a ka “itumedisiwa ke makoa.” Fa a le bokoa o ne a utlwa moya o o boitshepo o dira mo go ene. Le wena o ka ikutlwa fela jalo!—Bar. 15:13.

17. Moya o o boitshepo o ka go thusa jang gore o ye kwa o tshwanetseng go ya teng?

17 Re tlhoka moya wa Modimo gore re nne re ineetse mo go ene. O ka itshwantsha le motsamaisi wa sekepe se se nang le saile se se laolwang ke phefo. O batla go direla Jehofa ka bosakhutleng. Moya o o boitshepo o tshwana le phefo e e ka go thusang fa o tsamaisa sekepe gore o goroge kwa o yang teng o babalesegile. Ga o batle go akgaakgelwa kwa le kwa ke moya wa lefatshe la ga Satane. (1 Bakor. 2:12) Fa o ntse o tsamaisa sekepe ka tsela ya tshwantshetso, o tshwanetse go senka phefo e e tla go isang kwa o yang teng o bo o dira gore e go kaele. Moya o o boitshepo ke one o ka go thusang. Moya o o boitshepo o tla go isa kwa o tshwanetseng go ya teng, o dirisa Lefoko la Modimo le phuthego ya gagwe e e kaelwang ke moya.

18. O ititeile sehuba go dira eng jaanong, mme ka ntlha yang?

18 Fa e le gore o ntse o ithuta le Basupi ba ga Jehofa, o kopanela le bone mo dilong tsa semoya, mme o ise o tseye dikgato tsa botlhokwa tsa gore o ineele o bo o kolobediwe, ipotse jaana, ‘Ke eng fa ke okaoka?’ Fa e le gore o lemoga kafa moya o o boitshepo o thusang ka teng go diragatsa thato ya ga Jehofa gompieno e bile o anaanela se moya ono o se dirang, tsaya dikgato tse o ithutileng gore o tshwanetse go di tsaya. Jehofa o tla go segofatsa thata. O tla go naya moya wa gagwe o o boitshepo ka bopelotshweu. Fa e le gore o na le dingwaga di le dintsi o kolobeditswe, ruri o iponetse kafa moya o o boitshepo o dirang ka teng mo botshelong jwa gago. O bone e bile o ikutlwetse kafa Modimo a ka go nonotshang ka teng ka moya wa gagwe. A ka tswelela a go nonotsha jalo—ee, le ka bosakhutleng. Ka jalo, ititeye sehuba gore o nne o tsamaya ka moya o o boitshepo.

A o A Gakologelwa?

• Go ‘tsamaya ka moya’ go kaya eng?

• Ke eng se se ka go thusang gore o ‘nne o tsamaya ka moya’?

• O ka dira jang gore o tshele go dumalana le boineelo jwa gago?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

O tshwanetse go tsaya matsapa gore o tlhagolele mmu wa pelo ya gago

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

A o tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo?