Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswelela o Amogelwa ke Modimo Le fa O Lebana le Diphetogo

Go Tswelela o Amogelwa ke Modimo Le fa O Lebana le Diphetogo

Go Tswelela o Amogelwa ke Modimo Le fa O Lebana le Diphetogo

A O LEBANE le diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago? A o fitlhela go le thata go amogela diphetogo tseo? Bontsi jwa rona re kile ra lebana le diphetogo kgotsa re sa ntse re tla lebana le tsone. Dikai tsa mmatota tsa batho ba nako e e fetileng di ka re thusa go lemoga dinonofo tse di tla re solegelang molemo.

Ka sekai, akanya ka Dafide le diphetogo tse dintsi tse a neng a tshwanelwa ke go lebana le tsone. E ne e le mosimanyana fela wa modisa fa Samuele a ne a mo tlotsa gore a tle a nne kgosi mo isagweng. Fa a ne a sa le mosha, o ne a ithaopela go lwantsha mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe. (1 Sam. 17:26-32, 42) Dafide yo mmotlana o ne a lalediwa gore a ye go nna kwa lelapeng la segosi la ga Kgosi Saulo, mme o ne a tlhomiwa go nna molaodi wa masole. Dafide a ka tswa a ne a ise a tsamaye a akanye gore a ka diragalelwa ke dilo tseno tsotlhe; le gone o ne a ka se ka a itse go sa le pele gore go tla diragalang.

Dafide le Saulo ba ne ba simolola go tlhoka kutlwano. (1 Sam. 18:8, 9; 19:9, 10) Dafide o ne a tshwanelwa ke go tshela e le motshabi ka dingwaga di le mmalwa gore a iphalotse. Le fa a ne a setse a busa e le kgosi mo Iseraele, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga fela thata, segolobogolo morago ga gore a dire boaka le go leka go fitlha boleo joo ka go bolaya motho. Ka ntlha ya maleo a gagwe, lelapa la gagwe le ne la welwa ke masetlapelo. Ka sekai, morwawe e bong Abesalome o ne a mo tsuologela. (2 Sam. 12:10-12; 15:1-14) Le fa go ntse jalo, fa Dafide a sena go ikwatlhaela maleo a a neng a a dirile a go dira boaka le go bolaya motho, Jehofa o ne a mo itshwarela mme a boa a mo amogela gape.

Le wena botshelo jwa gago bo ka nna jwa fetoga. Re ka lebana le diphetogo mo matshelong a rona ka ntlha ya bolwetse, mathata a itsholelo kgotsa mathata a lelapa—le e leng ka ntlha ya dilo tse re di dirang. Ke dinonofo dife tse di ka re thusang go ipaakanyetsa go lebana le dikgwetlho tse di ntseng jalo?

Boikokobetso Bo a Re Thusa

Boikokobetso bo akaretsa go nna le moya wa go ikoba. Boikokobetso jwa mmatota bo dira gore re kgone go ipona kafa tota re ntseng ka teng le go bona batho ba bangwe kafa tota ba ntseng ka teng. Fa re sa tseele batho ba bangwe kwa tlase e bile re sa nyatse dilo tse ba di fitlheletseng, re ka tokafatsa tsela e re anaanelang ka yone se ba leng sone le se ba se dirang. Ka tsela e e tshwanang, boikokobetso bo ka re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa re diragaletswe ke sengwe le gore re ka lebana jang le boemo joo.

Morwa Saulo e bong Jonathane, ke sekao se se molemo mo kgannyeng eno. Botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetolwa ke maemo a a neng a ka se kgone go a laola. Fa Samuele a ne a bolelela Saulo gore Jehofa o ne a tlile go mo amoga bogosi, ga a ka a re Jonathane o tla mo tlhatlhama go nna kgosi. (1 Sam. 15:28; 16:1, 12, 13) Modimo ga a ka a tlhopha Jonathane go nna kgosi e e latelang ya Baiseraele, mme o ne a tlhopha Dafide. Ka tsela nngwe go tlhoka kutlo ga ga Saulo go ne ga dira gore dilo di se ka tsa tsamaela Jonathane sentle. Jonathane o ne a ka se tlhatlhame rraagwe, le fa se Saulo a neng a se dirile e ne e se molato wa gagwe. (1 Sam. 20:30, 31) Jonathane o ne a itshwara jang mo maemong ano? A o ne a nna le sekgopi ka gonne a sa tlhophiwa go nna kgosi, a bo a simolola go fufegela Dafide? Nnyaa. Le fa Jonathane a ne a feta Dafide ka dingwaga tse dintsi e bile a mo feta ka maitemogelo, o ne a ema Dafide nokeng ka boikanyegi. (1 Sam. 23:16-18) Boikokobetso bo ne jwa mo thusa go tlhaloganya gore ke mang yo o neng a amogelwa ke Modimo, mme ga a ka a “ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.” (Bar. 12:3) Jonathane o ne a tlhaloganya gore Jehofa o lebeletse eng mo go ene mme o ne a amogela tshwetso ya gagwe mo kgannyeng eo.

Gone ke boammaaruri gore diphetogo tse dintsi di ka baka mathata mangwe. Nako nngwe Jonathane o ne a dirisana le banna ba babedi ba a neng a atamalane le bone. Yo mongwe e ne e le tsala ya gagwe e bong Dafide yo o neng a tlhophilwe ke Jehofa gore a tle a nne kgosi. Yo mongwe e ne e le rraagwe e bong Saulo, yo Jehofa a neng a sa tlhole a mo amogela mme a sa ntse a busa e le kgosi. Boemo jono bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa utlwisa Jonathane botlhoko fa a ntse a leka go tswelela a amogelwa ke Jehofa. Diphetogo tse re tshwanetseng go lebana le tsone di ka nna tsa dira gore re tlhobaele le go tlelwa ke poifo. Mme fa re ka leka go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone, re tla kgona go tswelela re mo direla ka boikanyegi fa re ntse re lebana le diphetogo tseo.

Kafa Boingotlo bo Leng Botlhokwa ka Teng

Go nna boingotlo go akaretsa go itse dilo tse re ka kgonang go di dira le tse re ka se kgoneng go di dira. Boikokobetso le boingotlo ke dinonofo tse di sa tshwaneng. Motho yo o boikokobetso a ka tswa a sa lemoge sentle dilo tse a ka kgonang go di dira le tse a ka se kgoneng go di dira.

Dafide o ne a le boingotlo. Le fa Jehofa a ne a setse a mo tlhophile go nna kgosi, go ne ga feta dingwaga di le dintsi a sa kgone go busa. Baebele ga e umake sepe se se bontshang gore Jehofa o ne a tlhalosetsa Dafide gore ke ka ntlha yang fa go lebega go diega. Le fa go ntse jalo, boemo jono jo go lebegang bo ne bo kgoba marapo ga bo a ka jwa mo tshwenya. O ne a itse gore go na le dilo tse a kgonang go di dira le tse a sa kgoneng go di dira e bile o ne a tlhaloganya gore Jehofa, yo o neng a letlelela boemo jono, o ne a itse se a se dirang. Ka gone, le fa Dafide a ne a ka bolaya Saulo gore a iphalotse, ga a ka a dira jalo, e bile o ne a thibela le mopati wa gagwe e bong Abishai gore a se ka a dira jalo.—1 Sam. 26:6-9.

Ka dinako tse dingwe mo phuthegong ya rona go ka direga sengwe se re sa se tlhaloganyeng kgotsa se re bonang se sa tsamaisiwe sentle kgotsa ka thulaganyo. A ka boingotlo re tla lemoga gore Jesu ke ene Tlhogo ya phuthego le gore o dirisa setlhopha sa bagolwane ba ba tlhomilweng gore ba etelele pele? A re tla bontsha boingotlo, re itse gore fa re batla go tswelela re amogelwa ke Jehofa re tshwanetse go mo ikanya gore a re etelele pele ka Jesu Keresete? A re tla leta ka boingotlo le fa go dira jalo go se motlhofo?—Dia. 11:2.

Go Nna Pelonolo go re Thusa go Leba Dilo Sentle

Bopelonolo ke go nna bonolo. Bo dira gore fa re utlwisiwa botlhoko re kgone go itshoka ka bopelotelele re sa tenege, re sa kgopisege, e bile re sa ipusolosetse. Bopelonolo ke nonofo e go leng thata go nna le yone. Se se kgatlhang ke gore temana nngwe mo Baebeleng ya re “ba ba pelonolo ba lefatshe” ba kopiwa gore ba ‘batle bopelonolo.’ (Sefa. 2:3) Bopelonolo bo tsamaisana le boikokobetso le boingotlo, mme bo akaretsa le dinonofo tse dingwe tse di jaaka molemo le bonolo. Motho yo o pelonolo o amogela thapiso le tao mme kgabagare a bo a kgona go gola semoyeng.

Bopelonolo bo ka re thusa jang gore re lebane le diphetogo mo botshelong jwa rona? Gongwe o setse o etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba na le go tsaya diphetogo e le sengwe se se sa siamang. Boammaaruri ke gore diphetogo di ka re naya sebaka sa go amogela thapiso e e oketsegileng go tswa kwa go Jehofa. Botshelo jwa ga Moshe bo bontsha seno.

Fa Moshe a na le dingwaga di le 40 o ne a setse a na le dinonofo tse di molemo tota. O ne a itshupile gore o amega ka dilo tse batho ba Modimo ba di tlhokang le gore o na le moya wa go intsha setlhabelo. (Baheb. 11:24-26) Le fa go ntse jalo, pele ga Jehofa a mo roma go etelela Baiseraele pele go tswa kwa Egepeto, Moshe o ne a tshwanelwa ke go lebana le diphetogo tse di neng tsa dira gore a nne pelonolo go feta pele. O ne a tshaba kwa Egepeto mme a nna kwa nageng ya Midiana ka dingwaga di le 40 e le modisa, a sa tlhole a na le maemo a a kwa godimo a a neng a na le one pele. Go ile ga felela jang? Phetogo eno e ne ya mo dira motho yo o botoka. (Dipa. 12:3) O ne a ithuta go baya dilo tsa semoya kwa pele ga dilo tse ene a ratang go di dira.

Gore re kgone go bona kafa Moshe a neng a le pelonolo ka teng, a re sekasekeng se se neng sa diragala fa Jehofa a ne a re O batla go latlha setšhaba se se seng kutlo mme a dire ditlogolwana tsa ga Moshe setšhaba se se thata. (Dipa. 14:11-20) Moshe o ne a buelela setšhaba seo. Mafoko a gagwe a bontsha gore o ne a tshwenyegile ka leina la Modimo le bakaulengwe ba gagwe, o ne a sa tshwenyega ka dilo tse di amang ene fela. Maikarabelo a Moshe a neng a na le one e le moeteledipele le motsereganyi wa setšhaba a ne a tlhoka motho yo o pelonolo. Miriame le Arone ba ne ba ngongorega kgatlhanong le Moshe, mme le fa go ntse jalo pego ya Baebele ya re “e ne e le motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe.” (Dipa. 12:1-3, 9-15) Go lebega Moshe a ne a itshokela kgobo ya bone ka bopelonolo. Go ka bo go ile ga diregang fa Moshe a ne a se pelonolo?

Mo lekgetlhong le lengwe, banna bangwe ba ne ba newa moya wa ga Jehofa mme wa dira gore ba porofete. Motlhokomedi wa ga Moshe e bong Joshua o ne a dumela gore Baiseraele bano ba ne ba sa itshware sentle. Mme ka bopelonolo Moshe ene o ne a bona dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone mme ga a ka a tshwenyega ka gore o tla latlhegelwa ke maemo a a neng a na le one. (Dipa. 11:26-29) Fa Moshe a ka bo a ne a se pelonolo, a a ka bo a ile a amogela phetogo eno e e neng ya direga mo thulaganyong ya ga Jehofa?

Bopelonolo bo ne jwa thusa Moshe gore a kgone go dirisa sentle taolo e a neng a e neilwe le go dira tiro e a neng a e neilwe ke Modimo. Jehofa o ne a mo kopa gore a pagame Thaba ya Horebe mme a emele batho fa pele ga gagwe. Modimo o ne a bua le Moshe a dirisa moengele a bo a mo tlhoma gore e nne motsereganyi wa kgolagano. Bopelonolo jwa ga Moshe bo ne jwa dira gore a kgone go amogela phetogo eno e kgolo mo maikarabelong a a neng a na le one mme a se ka a dira sepe se se neng se ka dira gore a se ka a amogelwa ke Modimo.

Go tweng ka rona? Bopelonolo bo ka re thusa thata gore re gatele pele. Batho botlhe ba ba neilweng ditshiamelo le maikarabelo mo gare ga batho ba Modimo, ba tshwanetse go nna pelonolo. Bopelonolo bo dira gore re se ka ra ikgogomosa fa re lebana le diphetogo e bile bo dira gore re kgone go nna le boikutlo jo bo siameng fa re lebana le maemo a a rileng mo botshelong. Tsela e re itshwarang ka yone e botlhokwa. A re tla amogela phetogo eo? A re tla e tsaya e le tshono ya go tokafatsa dilo? E ka nna tshono e e tlhomologileng ya gore re leke go nna pelonolo!

Re tla lebana le diphetogo ka metlha mo matshelong a rona. Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go tlhaloganya lebaka la go bo dilo dingwe di direga. Dilo tse re sa kgoneng go di dira le kutlobotlhoko di ka nna tsa dira gore go nne thata go tswelela re leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Le fa go ntse jalo, dinonofo tse di jaaka boikokobetso, boingotlo le bopelonolo di tla re thusa go amogela diphetogo tse re lebanang le tsone le go tswelela re amogelwa ke Modimo.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Boikokobetso jwa mmatota bo dira gore re kgone go ipona kafa tota re ntseng ka teng

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Bopelonolo bo ka re thusa thata gore re gatele pele

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Moshe o ne a tshwanelwa ke go lebana le dikgwetlho tse di neng tsa dira gore a nne pelonolo go feta pele