Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete—Molaetsa wa Gagwe o Ama Batho go le Kana Kang?

Jesu Keresete—Molaetsa wa Gagwe o Ama Batho go le Kana Kang?

Jesu Keresete—Molaetsa wa Gagwe o Ama Batho go le Kana Kang?

“Eleruri tsela e Jesu wa kwa Kaperenama a neng a tshela ka yone e sa ntse e ama batho gompieno mme e bontsha sentle gore e ne e le monna yo mogolo thata.” *AUTHOR GREGG EASTERBROOK.

MAFOKO a na le tlhotlheletso. Mafoko a a tlhophilweng sentle a ka tlhotlheletsa batho, a dira gore ba nne le tsholofelo le go fetola matshelo a bone. Ga go na motho ope yo o kileng a bua ka tsela e e tlhotlheletsang thata jaana go feta Jesu Keresete. Motho yo o neng a utlwa Jesu a neela se gone jaanong se itsiweng e le Thero ya kwa Thabeng, o ne a kwala jaana moragonyana: “E rile Jesu a fetsa mafoko ano, phelelo ya nna gore boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.”—Mathaio 7:28.

Go tla go fitlha jaanong, mafoko a Jesu a a buileng a itsiwe ke batho mo lefatsheng lotlhe. Akanya ka dikai di le mmalwa tsa dilo tse a neng a di bua tse di nang le bokao jo bogolo.

“Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.”—Mathaio 6:24.

“Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 7:12.

“Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”—Mathaio 22:21.

“Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Mme Jesu o dirile se se fetang go bua mafoko a a sa lebalesegeng. Molaetsa o a neng a o rera o ne o ama ka gonne o ne o itsise boammaaruri ka Modimo, o ruta batho kafa ba ka nnang le botshelo jo bo nang le bokao ka teng le go bontsha sentle tharabololo ya pogo yotlhe e batho ba lebanang le yone e leng Bogosi jwa Modimo. Fa re ntse re tlhatlhoba molaetsa ono mo ditsebeng tse di latelang, re tlile go bona gore ke ka ntlha yang fa Jesu a tswelela “go ama dipelo tsa batho” ba le dimilione.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Kaperenama e ne e tsewa e le motse o Jesu a goletseng mo go one o o mo kgaolong ya Galalea.—Mareko 2:1.