Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Jesu a Neng a se Ruta ka Modimo

Se Jesu a Neng a se Ruta ka Modimo

Se Jesu a Neng a se Ruta ka Modimo

“Ga go ope yo o itseng Rara sentle fa e se Morwa. Mme Morwa o batla go bolelela batho ba bangwe ka Rara gore le bone ba mo itse.”—LUKE 10:22, CONTEMPORARY ENGLISH VERSION.

PELE Morwa wa Modimo wa leitibolo e nna motho, o ne a fetsa nako e ntsi a le gaufi thata le Rraagwe. (Bakolosa 1:15) Ka jalo Morwa o ne a itse mogopolo, maikutlo le ditsela tsa ga Rraagwe. Moragonyana fa Morwa yono a tla mo lefatsheng e le Jesu, o ne a tlhoafaletse go ruta boammaaruri ka ga Rraagwe. Re ka ithuta go le gontsi ka Modimo ka go reetsa se Morwawe a neng a se bua.

Leina la Modimo Leina la Modimo, e bong Jehofa, le ne le le botlhokwa thata mo go Jesu. Morwa yono yo o rategang o ne a batla gore ba bangwe le bone ba itse leina leno la ga Rraagwe le go le dirisa. Leina la ga Jesu le kaya “Jehofa ke Poloko.” Mo bosigong jwa pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a ka rapela Jehofa a re: “Ke ba itsisitse leina la gago.” (Johane 17:26) Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a dirisa leina la Modimo e bile a dira gore ba bangwe le bone ba le itse. Mo godimo ga moo, batho ba ba neng ba reeditse Jesu ba ne ba tla itse jang boammaaruri ka Jehofa ntle le go itse leina la gagwe le gore le emela eng? *

Lorato lo logolo lwa Modimo Jesu o kile a rapela Modimo jaana: “Rara,  . . o nthatile pele lefatshe le thaiwa.” (Johane 17:24) E re ka Jesu a ne a bona kafa Modimo a leng lorato ka gone fa a ne a le kwa legodimong, fa a ne a le mo lefatsheng o ne a bontsha lorato loo ka ditsela di le dintsi tse di molemo.

Jesu o ne a bontsha gore lorato lwa ga Jehofa lo logolo. Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “lefatshe” ga le kaye “polanete e re tshelang mo go yone.” Tsela e le dirisitsweng ka yone mo temaneng eno le kaya batho. Modimo o rata batho thata jaana mo a bileng a ntsha Morwawe yo a mo ratang thata gore batho ba ba ikanyegang ba tle ba gololwe mo boleong le mo losong le gore ba nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Ga re ka ke ra tlhaloganya lorato loo lo logolo ka botlalo.—Baroma 8:38, 39.

Jesu o ne a tlhomamisa boammaaruri jono jo bo kgothatsang thata: Jehofa o rata mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe fela thata. Jesu o ne a ruta batho gore Jehofa o tshwana le modisa yo o tsayang nku nngwe le nngwe ya gagwe e farologane le tse dingwe e bile e le botlhokwa thata. (Mathaio 18:12-14) Jesu o ne a re ga go thaga le fa e le epe e e welang fa fatshe ntle le gore Jehofa a itse ka yone. O ne a oketsa ka gore: “Meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe.” (Mathaio 10:29-31) Fa e le gore Jehofa o kgona go lemoga gore thaga e le nngwe ga e yo mo sentlhageng, ga go pelaelo gore o tshwanetse a bo a ela tlhoko e bile a tlhokomela moobamedi mongwe le mongwe wa gagwe. Fa e le gore Jehofa o kgona go bala le go bona meriri ya ditlhogo tsa rona, go raya gore ga go na sepe mo botshelong jwa rona—dilo tse re di tlhokang, mathata a re kopanang le one le dilo tse re tshwenyegang ka tsone—se a sa se itseng.

Rraarona yo o kwa legodimong Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Jesu ke Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo. Ka jalo ga go gakgamatse gore gantsi fa Morwa yono yo o rategang a ne a bua ka Jehofa o ne a re ke “Rraagwe.” Tota e bile mo mafokong a ntlha a a kwadilweng a Jesu a neng a a bua fa a na le dingwaga di le 12 fela, o ne a re Jehofa ke “Rre.” (Luke 2:49) Lefoko “Rara” le tlhaga ka makgetlo a ka nna 190 mo Diefangeleng. Gantsi Jesu o ne a bua ka Jehofa e le “Rraalona,” “Rraarona” le “Rre.” (Mathaio 5:16; 6:9; 7:21) Fa Jesu a ne a dirisa leina leno, o ne a bontsha gore batho ba ba nang le boleo le ba ba sa itekanelang ba ka kgona go atamalana le Jehofa le go mo ikanya.

O kutlwelobotlhoko e bile o iketleeditse go itshwarela Jesu o ne a itse gore batho ba ba sa itekanelang ba tlhoka kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa fela thata. Mo setshwantshong sa gagwe sa morwa sesenyi, Jesu o ne a tshwantsha Jehofa le rre yo o kutlwelobotlhoko le yo o itshwarelang yo o amogelang morwawe yo o ikwatlhayang. (Luke 15:11-32) Ka jalo mafoko a ga Jesu a re tlhomamisetsa gore Jehofa o lemoga diphetogo dipe fela tse motho yo o sa itekanelang a di dirang tse di tla dirang gore a mo utlwele botlhoko. Jehofa o iketleeditse go itshwarela moleofi yo o ikwatlhayang. Jesu o ne a re: “Ke a lo bolelela gore go tla nna le boipelo jo bogolo jalo kwa legodimong kaga moleofi a le mongwe yo o ikwatlhayang go na le kaga basiami ba le masome a le robongwe le borobongwe ba ba sa tlhokeng boikwatlhao.” (Luke 15:7) Ke mang yo o ka se kang a rata go atamalana le Modimo yo o kutlwelobotlhoko jalo?

Moutlwi wa dithapelo Fa Jesu a ne a le kwa legodimong pele a tla mo lefatsheng o ne a bona ka tlhamalalo gore Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo” le gore o itumelela dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Pesalema 65:2) Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a le mo bodireding, o ne a ruta batho ba ba neng ba mo reeditse kafa ba ka rapelang ka gone le gore ba rapelele eng. O ne a ba gakolola jaana: ‘Lo se ka lwa boaboeletsa dilo di le dingwe.’ O ne a kgothaletsa batho ba ba neng ba mo reeditse gore ba rapelele thato ya Modimo gore e “diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” Le rona re ka rapelela dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi, go itshwarelwa maleo a rona le gore re se ka ra ineela fa re raelwa. (Mathaio 6:5-13) Jesu o ne a ruta gore Jehofa fela jaaka rre, o araba dithapelo tsa batlhanka ba gagwe tsa dilo tse ba di kopang ka tumelo go tswa pelong.—Mathaio 7:7-11.

Go tlhomamisa seno, Jesu o ne a ruta boammaaruri ka ga Jehofa le gore ke Modimo yo o ntseng jang. Mme go ne go na le sengwe se Jesu a neng a tlhoafaletse go se bolelela batho ba bangwe ka Jehofa—tsela e Jehofa a tla dirang diphetogo ka yone mo lefatsheng lotlhe go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le batho ba ba nnang mo go lone. Tota e bile molaetsa ono wa ga Jesu e ne e le setlhogo sa thero ya gagwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Leina Jehofa le tlhagelela makgetlo a ka nna 7 000 mo mokwalong wa ntlhantlha wa Baebele. Bokao jo bo amanang le leina leno ke gore “ke tla nna se ke tla nnang sone.” (Ekesodo 3:14) Modimo a ka kgona go nna sepe fela se a bonang go tlhokega go nna sone gore a fitlhelele boikaelelo jwa gagwe. Ka jalo leina leno le re tlhomamisetsa gore ka metlha Modimo o boammaaruri e bile sepe fela se a solofeditseng go se dira se tla diragala.