Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithuto Tse di Boammaaruri fa di Bapisiwa le Tsa Maaka—Boammaaruri ka ga Jesu

Dithuto Tse di Boammaaruri fa di Bapisiwa le Tsa Maaka—Boammaaruri ka ga Jesu

Dithuto Tse di Boammaaruri fa di Bapisiwa le Tsa Maaka—Boammaaruri ka ga Jesu

O AKANYANG? A DIPOLELWANA TSE DI LATELANG DI BOAMMAARURI KGOTSA KE MAAKA?

Jesu o ne a tsholwa ka December 25.

Banna ba bararo ba ba botlhale ba ne ba etela Jesu ka nako ya fa a tsholwa.

Jesu e ne e le ngwana a le esi fela wa ga Marea.

Jesu e ne e le Modimo, a na le mmele wa motho.

Jesu e ne e se monna yo o molemo fela.

BATHO ba le bantsi ba ka re dipolelwana tseno tsotlhe di boammaaruri. Ba bangwe bone ba ka re go boima—e bile ga go kgonege—go itse gore di boammaaruri. Gongwe ba akanya gore fa fela o dumela mo go Jesu, karabo ga e botlhokwa go le kalo.

Le fa go ntse jalo, Baebele e bua se se farologaneng. E re kgothaletsa go nna le “kitso e e boammaaruri ya Morena wa rona Jesu Keresete.” (2 Petere 1:8) Re nna le kitso eo fa re sekaseka Diefangele. Di re senolela boammaaruri ka ga Jesu gore re kgone go farologanya dithuto tsa boammaaruri le tsa maaka. Ka jalo a re sekasekeng se Diefangele di se tlhalosang malebana le dilo tse batho ba di dumelang tse di umakilweng fa godimo.

TUMELO: Jesu o ne a tsholwa ka December 25.

A TUMELO ENO E BOAMMAARURI KGOTSA KE MAAKA?: KE MAAKA.

Ga go na gope mo Baebeleng mo go buiwang ka kgwedi kgotsa letsatsi le Jesu a tshotsweng ka lone. Ka jalo, letlha la December 25 le tswa kae? Go ya ka The Encyclopædia Britannica, batho bangwe ba ba ipitsang Bakeresete “ba ne ba batla gore letlha leo le lebagane le letsatsi le Baroma ba ketekang moletlo wa bone wa boheitane ka lone go tshwaya . . . nako e mariga a felang ka yone mo diura tsa motshegare di simololang go boa di nna ditelele le letsatsi le simololang go tlhaba le setse le le kwa godimo mo loaping.” Yone buka eno ya re dingwao di le dintsi tsa Keresemose di simologile ka go “keteka moletlo wa boheitane wa temothuo le wa letsatsi mo bogareng jwa paka ya mariga.”

A Jesu o ne a tla dumela gore go ketekiwe letsatsi la gagwe la botsalo ka December 25? Ela tlhoko: Letsatsi le Jesu a tshotsweng ka lone ga le itsiwe. Ga go na gope mo Dikwalo di re laelang gore re keteke letsatsi leo la botsalo e bile ga go na bosupi bope jwa gore Bakeresete ba pele ba ne ba le keteka. Go farologana le moo, Baebele e re bolelela letsatsi le Jesu a tlhokafetseng ka lone mme o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba le boloke. * (Luke 22:19) Go bonala sentle gore Jesu o ne a batla gore batho ba tseye letsatsi la loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo le le botlhokwa e seng la botsalo jwa gagwe.—Mathaio 20:28.

TUMELO: Banna ba bararo ba ba botlhale (kgotsa dikgosi tse tharo go ya ka ditumelo dingwe tse di tlwaelegileng) ba ne ba etela Jesu fa a tsholwa.

A TUMELO ENO E BOAMMAARURI KGOTSA KE MAAKA?: KE MAAKA.

Gongwe o bone ditshwantsho tse mo go tsone go tshwantshitsweng lefelo le Jesu a tsholetsweng mo go lone a le mo bojelong jwa diruiwa, a dikologilwe ke banna ba le bararo ba ba botlhale ba tshwere dimpho. Le fa go ntse jalo, ditshwantsho tseo di itlhametswe mme ga se boammaaruri.

Gone ke boammaaruri gore batho ba ba tswang kwa Botlhaba ba ne ba tla go obamela ngwana yo mmotlana Jesu. Mme gone baeng bano e ne e le balepadinaledi. (Mathaio 2:1, The New English Bible; The Bible—An American Translation) A mme ba ne ba fitlhela Jesu a le mo bojelong jwa diruiwa? Nnyaa; ba ne ba mo etela kwa ntlong. Go bonala sentle gore ba ne ba goroga dikgwedi di le mmalwa Jesu a sena go tsholwa.—Mathaio 2:9-11.

A baeng bano ba ne ba le 2? 3? 30? Baebele ga e re bolelele. Gongwe ka gonne ba ntshitse mefuta e le meraro ya dimpho batho ba akanya gore ba ne ba le bararo. * (Mathaio 2:11) Bangwe ba ile ba bo ba re banna bano ba go tweng ba botlhale ba ne ba emela ditso tse di farologaneng tsa batho. Mme kgopolo eo ga e yo mo Dikwalong. Go na le moo, fela jaaka kakgelo ya Efangele nngwe e bontsha, kgopolo e e ntseng jalo e simolotswe ke “mokwalahisitori mongwe wa lekgolo la borobedi la dingwaga yo o neng a fopholetsa fela gore dilo di ne di ntse jang.”

TUMELO: Jesu e ne e le ngwana a le esi fela wa ga Marea.

A TUMELO ENO E BOAMMAARURI KGOTSA KE MAAKA?: KE MAAKA.

Diefangele di bontsha sentle gore Jesu o ne a na le bomonnawe. Efangele ya ga Luke ya re Jesu ke ngwana wa ga Marea wa “leitibolo” mo go rayang gore o ne a tshola bana ba bangwe moragonyana. * (Luke 2:7) Efangele ya ga Mareko e bega gore bangwe mo motseng wa Nasaretha ba ne ba tsaya Jesu a tshwana fela le bomonnawe, ba ne ba sa mo lebe a le botlhokwa. Ba ne ba botsa jaana: “A Jakobe le Josefa le Judase le Simone, ga se bomorwarraagwe? A bokgaitsadie ga ba nne mono mo motseng wa rona?”—Mareko 6:3, Contemporary English Version; Mathaio 12:46; Johane 7:5.

Le fa Diefangele di bua ka tsela e e farologaneng, baithutabodumedi ba le bantsi ba sa ntse ba re Jesu e ne e le ngwana a le esi fela wa ga Marea. Bangwe ba re bomorwarraagwe Jesu le bokgaitsadie e ne e le bontsalaagwe. * Batho ba bangwe ba fopholetsa gore bomonnawe Jesu e ne e se bana ba ga Marea mme e le ba ga Josefa. Mme gone ipotse: Fa e le gore Jesu e ne e le ngwana a le esi fela wa ga Marea, a Banasaretha ba ne ba ka bua se ba neng ba se bua? Go farologana le seo, go ka direga gore bangwe ba bone ba ne ba mmona a imile. Ba ne ba itse sentle gore Jesu e ne e le mongwe wa bana ba bantsi ba Marea a neng a ba tshola.

TUMELO: Jesu e ne e le Modimo, a na le mmele wa motho.

A TUMELO ENO E BOAMMAARURI KGOTSA KE MAAKA?: KE MAAKA.

Kgopolo ya gore Modimo o ne a tla mo lefatsheng le go tshela e le Jesu, e leng yone thuto ya konokono ya gore go na le Medimo e Meraro mo go a le Mongwe, e nnile gone ka lobaka lo loleele—mme e seng mo motlheng wa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, The Encyclopædia Britannica ya re: “Polelwana Medimo e Meraro mo go a le Mongwe le tlhaloso ya yone ga di tlhage mo Tesetamenteng e Ntšha . . . Thuto eno e ne ya anama ka iketlo fa makgolo a dingwaga a ntse a feta le fa go ne go ganetsanwa thata ka yone.”

Fa bodumedi bo ruta gore Jesu e ne e le Modimo, ruri bo a mo tlontlolola. * Bo dira seo jang? Akanya ka setshwantsho seno. Badiri bangwe ba kopa sengwe mo mookameding wa bone, mme o ba bolelela gore ga a na maatla a go ba letla go dira jalo. Fa e le gore o bua boammaaruri, o a lemoga gore o na le maatla a a rileng fela a a lekanyeditsweng. Fa seo se se boammaaruri mme a ka kgona go ba naya se ba se kopang a bo a tlhopha go se dire jalo, o ba tsieditse.

Ka jalo, Jesu o ne a reng fa baaposetoloi ba gagwe ba babedi ba eletsa go nna le maemo? O ne a ba raya a re: “Go nna kafa seatleng sa me sa moja mono le kafa go sa molema ga se ga me go go aba, mme ke ga ba ba go baakanyeditsweng ke Rre.” (Mathaio 20:23) Fa e le gore ruri Jesu e ne e le Modimo, o ne a tla bo a sa bue boammaaruri. Go na le go tsuologela Yo o nang le taolo e kgolo, Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo sa boikokobetso—mme a bontsha gore ga a lekane le Modimo.

TUMELO: Jesu e ne e se monna yo o molemo fela.

A TUMELO ENO E BOAMMAARURI KGOTSA KE MAAKA?: KE BOAMAARURI.

Jesu o ne a re e ne e se monna yo o molemo fela. O ne a re: “Ke Morwa Modimo.” (Johane 10:36) Ke boammaaruri gore mongwe le mongwe a ka re ke Morwa Modimo. Mme gone fa e le gore Jesu o ne a sa bue boammaaruri, seo se ne se tla dira gore a itsege jang? Ruri e ne e ka se nne monna yo o molemo go na le moo o ne a tla itsege e le motsietsi!

Bosupi jo bo ka ikanngwang thata ke jo bo tswang kwa Modimong. O ne a bua jaana ka Jesu ka makgetlo a le mabedi: “Yono ke Morwaake.” (Mathaio 3:17; 17:5) Akanya fela: Mo Dikwalong go umakiwa nako e lentswe la Modimo le neng la utlwiwa mo lefatsheng ka yone ka makgetlo a le mmalwa fela—le fa go ntse jalo mo go a le mabedi a one Modimo o ne a tlhomamisa gore Jesu ke Morwawe! Ruri jono ke bosupi jo bo gaisang bope fela jo bo bontshang gore Jesu ke morwa Modimo.

A go na le dintlha tse go builweng ka tsone mo setlhogong seno malebana le Jesu tse o neng o sa di itse? Fa go ntse jalo, ke eng fa o sa sekaseke Diefangele tse di tlhotlheleditsweng? Thuto e e ntseng jalo e ka itumedisa le go go solegela molemo. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re go ithuta boammaaruri ka ga gagwe le Rraagwe go “raya botshelo jo bo sa khutleng”—Johane 17:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Jesu o ne a swa ka Letsatsi la Tlolaganyo kgotsa ka Nisane 14 go ya ka khalendara ya Bajuda.—Mathaio 26:2.

^ ser. 18 Mathaio o bega gore batswakwa “ba ne ba bula matlotlo a bone” ba naya Jesu gouta le lebano le mera. Se se kgatlhang ke gore dimpho tseo tse di tlhwatlhwakgolo di ka tswa di ne di tlile ka nako e e siameng e re ka lelapa la gaabo Jesu—le le neng le humanegile—le ne la patelesega go tshaba moragonyana.—Mathaio 2:11-15.

^ ser. 21 Le fa Jesu a ile a imiwa ka kgakgamatso, bana ba bangwe botlhe ba ga Marea le monna wa gagwe e bong Josefa ba ne ba se ka ba imiwa ka kgakgamatso.—Mathaio 1:25.

^ ser. 22 Kgopolo eno e e neng ya gatelelwa ke Jerome mo e ka nnang ka 383 C.E., e tlwaelegile mo bathong ba ba dumelang gore Marea o ne a tswelela e le kgarebane botshelo jotlhe jwa gagwe. Moragonyana Jerome o ne a nna le dipelaelo ka kgopolo eo ya gagwe, le fa go ntse jalo mo bathong ba le bantsi—tota le mo go ba ba nang le maemo mo Kerekeng ya Katoliki—ba ne ba sa ntse ba na le kgopolo eo.

^ ser. 26 Go bona dintlha ka botlalo ka thuto ya gore Go na Le Medimo e Meraro Mo go A le Mongwe, bona boroutšhara jwa A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe? jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

Dintlha Tse Dingwe Tse Di ka Go Gakgamatsang

Jesu e ne e le motho yo o ntseng jang? A e ne e le motho yo o peloethata, yo o sa rateng batho e bile a se botsalano mo e leng gore o ne a sa itse gore batho fela ba lebana le maemo afe? Bangwe ba ka re o ne a ntse jalo. Gongwe ke lone lebaka la go bo ba gakgamadiwa ke go itse gore Jesu  . . .

• o ne a ya kwa meletlong e e itumedisang.—Johane 2:1-11.

• o ne a akgola batho.—Mareko 14:6-9.

• o ne a rata bana.—Mareko 10:13, 14.

• o ne a lela phatlalatsa.—Johane 11:35.

• o ne a tlhomogela batho pelo.—Mareko 1:40, 41.