Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sinagoge—Kwa Jesu le Barutwa ba Gagwe ba Neng ba Rera Gone

Sinagoge—Kwa Jesu le Barutwa ba Gagwe ba Neng ba Rera Gone

Sinagoge—Kwa Jesu le Barutwa ba Gagwe ba Neng ba Rera Gone

“Go tswa foo a tsamayatsamaya mo Galalea yotlhe, a ruta mo disinagogeng tsa bone a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi.”—MATHAIO 4:23.

GANGWE le gape mo pegong ya Efangele, re fitlhela Jesu a le mo sinagogeng. E ka ne e le kwa Nasaretha kwa toropong e a goletseng kwa go yone kgotsa kwa Kaperenama, motse o e neng ya nna legae la gagwe kgotsa kwa go mongwe wa metse le ditoropo tse a neng a di etela fa a ne a tshwaregile mo bodireding jwa gagwe jwa dingwaga di le tharo le halofo, gantsi o ne a tlhopha go rera le go ruta ka Bogosi jwa Modimo kwa sinagogeng. Tota e bile fa Jesu a ne a bua ka bodiredi jwa gagwe o ne a re: “Ka metlha ke ne ke ruta mo sinagogeng le mo tempeleng, koo Bajuda botlhe ba phuthegelang gone.”—Johane 18:20.

Ka tsela e e tshwanang, gantsi baaposetoloi ba ga Jesu le Bakeresete ba bangwe ba pele ba ne ba ruta kwa disinagogeng tsa Bajuda. Mme gone, go ne ga tla jang gore Bajuda ba obamele kwa disinagogeng? Mafelo ao a kobamelo a ne a ntse jang mo motlheng wa ga Jesu? Mma re a sekaseke.

Selo se se Botlhokwa mo Botshelong Jwa Bajuda Banna ba Bajuda ba ne ba ya kwa Jerusalema gararo ka ngwaga go ya kwa moletlong o o neng o tshwarelwa kwa tempeleng e e boitshepo. Mme ba ne ba ya kwa sinagogeng ya mo lefelong la bone letsatsi le letsatsi go ya go obamela Modimo, ba ka tswa ba ne ba nna kwa Palesetina kgotsa kwa go nngwe ya dikolone tse dintsi tsa Bajuda tse di neng di tlhomilwe kwantle ga kgaolo eo.

Sinagoge e ne ya simolola go dirisiwa leng? Bangwe ba dumela gore e ne e le ka nako e Bajuda ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona ka yone (607-537 B.C.E.), nako e ka yone tempele ya ga Jehofa e neng e le matlotla. Kgotsa e ka tswa e ne e le ka bonako fela fa Bajuda ba sena go boa kwa botshwarwa, fa moporofeti Esera a ne a rotloetsa batho go nna le kitso e e oketsegileng le go tlhaloganya Molao wa Modimo.”—Esera 7:10; 8:1-8; 10:3.

Kwa tshimologong lefoko “sinagoge” le ne le kaya “kopano” kgotsa “phuthego.” Le ne le dirisiwa jalo mo go Septuagint e leng thanolo ya Segerika ya Dikwalo Tsa Sehebera. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, lefoko leo le ne la kaya moago o batho ba neng ba kopanela mo go one go obamela Modimo. Ka nako ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., mo e batlang e le motse mongwe le mongwe o Jesu a neng a o etela o ne o na le sinagoge ya one; di ne di le mmalwa mo ditoropong; kwa Jerusalema di ne di le dintsi. Dikago tseno di ne di agilwe jang?

Lefelo la Kobamelo le e Seng la Maemo Fa Bajuda ba ne ba aga sinagoge ba ne ba batla lefelo le le tsholetsegileng mme ba ne ba dira gore kgoro ya moago oo (1) e lebe kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, melao eo ya go aga e ne e sa gatelelwe ka gonne e ne e se ka metlha e fitlhelelwang.

Gantsi sinagoge e ne e se moago wa maemo fa o sena go agiwa le dilwana tse di mo teng di ne di se dintsi. Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa e ne e le motlaagana (2) kgotsa bobolokelo jo bo neng bo na le dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa setšhaba—memeno ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Fa dipokano di tshwarwa, motlaagana ono o monnye o ne o bewa mo lefelong lengwe le le rileng morago ga moo o bo o busediwa kwa phaposing e e sireletsegileng (3).

Gaufi le motlaagana go ne go na le ditulo tse di neng di beilwe kwa pele (4) tsa badiredibagolo ba ba okametseng sinagoge le tsa baeng bape fela ba ba tlhomologileng. (Mathaio 23:5, 6) Gaufi le bogare jwa holo go ne go na le serala se se kwa godimo se se nang le setlhomo le setulo sa sebui (5). Mo matlhakoreng a mararo go lebana le serala go ne go na le dibanka tse phuthego e neng e nna mo go tsone (6).

Go ne go tlwaelegile gore sinagoge e okamelwe le go engwa nokeng ke phuthego ya lefelo leo. Meneelo e e neng e ntshiwa ke batho botlhe, bahumi le bahumanegi e ne e thusa gore moago o tlhokomelwe le go bolokwa o le mo maemong a a siameng. Mme gone, dipokano tsa kwa sinagogeng di ne di tshwarwa jang?

Kobamelo Kwa Sinagogeng Thulaganyo ya kobamelo ya kwa sinagogeng e ne e akaretsa go opela, go rapela, go bala Dikwalo, go ruta le go rera. Phuthego e ne e simolola ka go bua mafoko a e a tshwereng ka tlhogo a Shema a a tshwanang le a Bajuda a go bolela tumelo ya bone. Leina la yone le tserwe mo lefokong la ntlha la lekwalo la ntlha le mafoko a lone a buiwang ka tlhogo: “Reetsa [Shema], wena Iseraele: Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.”—Duteronome 6:4.

Mme morago ga moo, go ne go balwa Torah le go e tlhalosa e leng dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele tse di kwadilweng ke Moshe. (Ditiro 15:21) Gape go ne go balwa dikarolo dingwe tsa dibuka tsa baporofeti (haftarahs) le go di tlhalosa le go bona kafa di ka dirisiwang ka gone. Ka dinako tse dingwe, dibui tse di etang di ne di dira fela jaaka Jesu a ile a dira mo tiragalong e e tlhalosiwang mo go Luke 4:16-21.

Ke boammaaruri gore lokwalo lwa momeno lo lo ileng lwa newa Jesu kwa pokanong eo lo ne lo sa kgaoganngwa ka dikgaolo le ditemana jaaka Dibaebele tsa rona gompieno. Ka jalo re ka akanya Jesu a phutholola lokwalo lwa momeno ka seatla sa molema fa a tla a le phutha ka seatla sa moja go fitlha a bona karolo e a e batlang. Fa a sena go bala, o phutha lokwalo lwa momeno.

Gantsi mekwalo eno e ne e kwadilwe ka Sehebera mme ya ranolwa ka Searamaika. Mo diphuthegong tse go neng go buiwa Segerika mo go tsone, go ne go dirisiwa Septuagint.

Selo sa Botlhokwa mo Botshelong Jwa Letsatsi le Letsatsi Selo sa botlhokwa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi jwa Mojuda e ne e le sinagoge le meago e mengwe e e agilweng go bapa le yone kgotsa e e mo lefelong leo e e neng e dirisediwa maikaelelo a a farologaneng. Ka dinako dingwe dikgetsi tsa kwa kgotlatshekelong di ne di tshwarelwa gone, le dikokoano tsa setšhaba tota le dipokano tse go neng go na le dijo tse di neng di jelwa kwa diphaposing tsa bojelo. Batho ba ba tsayang maeto ba ne ba amogelwa mo diphaposing tse di mo dikagong tse di mo sinagogeng.

Gape mo e batlang e le mo motseng mongwe le mongwe, sinagoge e ne e na le sekolo gantsi di le mo moagong o le mongwe. Re ka akanya ka phaposi e e tletseng baithuti ba bannye ba morutabana a ba rutang go bala ditlhaka tse dikgolo tse di mo letlapanakwalelong la bonota. Dikolo tseo ke tsone tse di neng di dira gore Bajuda ba bogologolo ba itse go bala le go kwala, tota le batho ba e seng ba maemo ba ne ba itse Dikwalo.

Mme gone maikaelelo a sinagoge e ne e le gore go nne le kobamelo ya ka metlha. Ka jalo ga go gakgamatse go bo dipokano tsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di tshwana ka ditsela di le dintsi le dipokano tsa Bajuda tsa kwa sinagogeng. Ka tsela e e tshwanang boikaelelo jwa dipokano tsa Bokeresete e ne e le go rapela Jehofa, go opela dipina tsa pako, go bala le go tlotla ka Lefoko la Modimo. Di ne di sa tshwane fela ka seo. Mo mafelo ano a kobamelo, dilo tse di tlhokegang le ditshenyegelo di ne di tlhokomelwa ka meneelo ya boithaopo; tshiamelo epe fela ya go bala le go tlhalosa Lefoko la Modimo e ne e sa newa setlhotswana sengwe sa baruti; mo maemong ano ka bobedi dipokano di ne di rulaganngwa le go kaelwa ke banna ba bagolo ba ba nang le maikarabelo.

Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba iketleeleditse go latela sekao sa ga Jesu le balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka jalo, dipokano tsa bone kwa Holong ya Bogosi di tshwarwa ka tsela e e tshwanang le e di neng di tshwarwa ka yone kwa disinagogeng tsa bogologolo. Mo godimo ga moo, Basupi ba kopana ka boikaelelo jo bo tshwanang le jo barati ba boammaaruri ba sa bolong go nna le jone—go ‘atamalana le Modimo.’—Jakobe 4:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Moago ono o agilwe ka polane ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Sinagoge ya Gamla

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Dikolo tsa kwa sinagogeng di ne di ruta basimane ba dingwaga di ka nna 6 go ya go 13