Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Ithutile go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe

O Ithutile go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe

Etsa Tumelo ya Bone

O Ithutile go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe

PETERE ga a na go tsamaya a lebala nako ya fa ene le Jesu ba ne ba lebane mo matlhong. A tsela e Jesu a neng a mo lebile ka yone e ne e bontsha gore o kgobegile marapo kgotsa gore ga a mo amogele? Ga re a tlhomamisega ka seo; pego e e tlhotlheleditsweng ya re “Morena a retologa a leba Petere.” (Luke 22:61) Petere o ne a lemoga gore phoso e a e dirileng e masisi fa Jesu a ne a mo leba. O ne a lemoga gore o dirile selo se Jesu a neng a se bolelela pele, sone se Petere a neng a rile a ka se se dire—o ne a itatotse Mong wa gagwe yo o rategang. E ne e le nako e e hutsafatsang mo go Petere, gongwe e le letsatsi le le bosula go gaisa otlhe mo botshelong jwa gagwe.

Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go na le tsholofelo. E re ka Petere e ne e le monna yo o nang le tumelo e kgolo, o ne a sa ntse a na le sebaka sa go baakanya diphoso tsa gagwe le go ithuta nngwe ya dithuto tse dikgolo tsa ga Jesu. Thuto eno e ne e amana le go itshwarela. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ithuta thuto eno, ka jalo a re sekasekeng kafa Petere a ithutileng thuto eno e e thata ka gone.

Monna yo o Neng a Tshwanetse go Ithuta go le Gontsi

Mo e ka nnang dikgwedi di le thataro pelenyana kwa motseng o Petere a goletseng kwa go one wa Kaperenama, Petere o ne a tla kwa go Jesu mme a mmotsa jaana: “Morena, morwarre o tshwanetse go nteofela makgetlo a le kae gore ke mo itshwarele? Go fitlha go makgetlo a le supa?” Gongwe Petere o ne a akanya gore o ne a le pelotshweu. Tota e bile baeteledipele ba bodumedi ba motlha oo ba ne ba ruta gore motho o tshwanetse go itshwarela yo mongwe ka makgetlo a le mararo fela! Jesu o ne a mo araba a re: “E seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.”—Mathaio 18:21, 22.

A Jesu o ne a raya gore Petere o ne a tshwanetse go bala diphoso tsotlhe tse motho a mo diretseng tsone? Nnyaa, go na le moo, fa a re 7 ya ga Petere e nne 77, o ne a raya gore ga go na palo e e beilweng e motho a tshwanetseng go itshwarela yo mongwe ka yone. Jesu o ne a bontsha Petere gore o ne a tlhotlheleditswe ke moya wa go nna peloethata le wa go sa itshwarele o o neng o aname mo motlheng oo wa go bala gore o itshwarela motho ga kae jaaka e kete o kwala molato wa gagwe mo bukeng ya dikoloto. Le fa go ntse jalo, fa motho a itshwarela go ya ka melao ya Modimo o tla dira jalo ka bopelotshweu.

Petere ga a ka a ngangisana le Jesu. A mme thuto ya ga Jesu e ile ya mo ama? Ka dinako tse dingwe re ithuta go le gontsi ka go itshwarela fa re lemoga kafa re batlang thata ka teng go itshwarelwa. Ka jalo a re sekasekeng ditiragalo tse di neng tsa direga pele ga loso lwa ga Jesu. Mo diureng tseo tse di thata, go ne go na le dilo tse dintsi tse Petere a neng a di dira tse di neng di tlhoka gore Mong wa gagwe a mo itshwarele.

Lebaka La go Bo go Tlhokega Gore re Nne re Itshwarela ba Bangwe

E ne e le maitseboa a a sa lebalesegeng—bosigo jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu a le mo lefatsheng. Jesu o ne a sa ntse a na le dilo di le dintsi tse a neng a batla go di ruta baaposetoloi ba gagwe—ka sekai, go ikokobetsa. Jesu o ne a ba tlhomela sekao sa go nna boikokobetso ka go ba tlhapisa dinao, tiro e e neng e dirwa ke batlhanka ba maemo a a kwa tlase. Kwa tshimologong Petere o ne a gana gore Jesu a mo tlhapise dinao. Morago ga moo, Petere o ne a kopa Jesu gore a se ka a mo tlhapisa dinao fela mme gape a mo tlhapise diatla le tlhogo! Jesu ga a ka a mo felela pelo go na le moo o ne a bua le ene a ritibetse mme a mo tlhalosetsa botlhokwa le bokao jwa se a neng a se dira.—Johane 13:1-17.

Le fa go ntse jalo, moragonyana fela ga moo, baaposetoloi ba ne ba simolola go ngangisana ka gore ke ofe yo mogolo mo go bone. Ga go pelaelo gore Petere o ne a nna le seabe mo tiragalong eo e e tlhabisang ditlhong e e bontshang boikgogomoso. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba kgalemela ka bopelonomi mme a ba akgolela dilo tse di molemo tse ba ileng ba di dira—go bontsha gore ba ikanyega mo go Mong wa bone. Mme gone, o ne a bolelela pele gore ba ne ba tla mo tlogela. Petere o ne a re ga a kitla a tlogela Jesu tota le fa a ka lebana le loso. Mme Jesu o ne a bolelela pele gore mo go jone bosigo joo, Petere o tla itatola Mong wa gagwe makgetlo a le mararo pele mokoko o lela gabedi. Go tswa foo Petere ga a ka a ganetsa fela se Jesu a neng a se bua mme o ile a ba a ipelafatsa a bolela gore o tla ikanyega go feta baaposetoloi ba bangwe botlhe!—Mathaio 26:31-35; Mareko 14:27-31; Luke 22:24-28.

A jaanong Jesu o ne a tloga a felela Petere pelo? Tota e bile, ka nako eo e e thata, Jesu o ne a ntse a leba dilo tse di molemo mo baaposetoloing ba gagwe ba ba sa itekanelang. Le fa a ne a itse gore Petere o tla mo itatola, o ne a re: “Ke go diretse mokokotlelo gore o se ka wa felelwa ke tumelo; le wena, fa fela o sena go boa, nonotsha bakaulengwe ba gago.” (Luke 22:32) Ka jalo, Jesu o ne a bontsha gore o tlhomamisegile gore Petere o tla baakanya phoso ya gagwe mme a boe a dire kabelo ya gagwe ka boikanyegi. A bo e le moya wa go bontsha go nna pelonomi le go itshwarela jang ne!

Moragonyana mo tshimong ya Gethesemane, Petere o ne a tshwanelwa ke go kgalemelwa makgetlo a le mmalwa. Jesu o ne a kopa gore ene, Jakobe le Johane ba nne ba disitse fa a ntse a rapela. Jesu o ne a hutsafetse thata e bile a tlhoka go engwa nokeng mme Petere le ba bangwe ba ne ba nnela go robala. Jesu o ne a bua jaana, a bontsha gore o ba utlwela botlhoko e bile o ba itshwaretse: “Gone, moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”—Mareko 14:32-38.

Go ise go ye kae, ke fa go tsena segopa sa batho, ba tshotse dipone mme ba tlhometse ka ditšhaka le melamu. Jaanong eno e ne e le nako ya go dira dilo ka botlhale le ka kelotlhoko. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a itlhaganelela go tsaya kgato, mme a kgatikanya tšhaka fa pele ga ga Maleko, mongwe wa batlhanka ba moperesiti yo mogolo mme a mo kgaola tsebe. Jesu o ne a kgalemela Petere a ritibetse, a busetsa tsebe ya monna yono mme a bo a tlhalosa molaomotheo o o sa ntseng o kaela balatedi ba gagwe le gompieno wa go sa ipusolosetse ka thubakanyo. (Mathaio 26:47-55; Luke 22:47-51; Johane 18:10, 11) Petere o ne a setse a dirile diphoso di le dintsi tse di neng di tlhoka gore Mong wa gagwe a mo itshwarele. Se a neng a se dira se re gopotsa gore “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Ke mang mo go rona yo o sa tlhokeng gore Modimo a mo itshwarele letsatsi le letsatsi? Le fa go ntse jalo, Petere o ne a tlile go diragalelwa ke dilo di le dintsi mo bosigong joo. Mme go ne go na le sengwe se se maswe le go feta se se neng se tlile go direga.

Phoso e Kgolo e Petere a e Dirileng

Jesu o ne a bolelela segopa seo sa batho gore fa ba ne ba mmatla ba ne ba tshwanetse go tlogela baaposetoloi ba gagwe ba tsamaye. Petere o ne a lebile fa segopa seo se tshwara Jesu mme go se na sepe se a ka se dirang. Go tswa foo, Petere o ne a tshaba fela jaaka baaposetoloi ba bangwe ba ne ba dira.

Fa Petere le Johane ba ntse ba tshaba, ba ka tswa ba ne ba ema gaufi le ntlo ya ga Ananiase yo pele e neng e le Moperesiti yo Mogolo, kwa Jesu a neng a isiwa gone pele gore a ye go botsolodiwa. Mme fa ba ne ba isa Jesu kwa lefelong leo, Petere le Johane ba ne ba tla kwa morago ba tsamaela “kgakajana.” (Mathaio 26:58; Johane 18:12, 13) Petere e ne e se legatlapa. Ruri go ne go tlhoka bopelokgale jo bo seng kana ka sepe gore motho a sale segopa seo morago. Segopa seo se ne se tlhometse mme Petere o ne a setse a gobaditse mongwe wa bone. Le fa go ntse jalo, tsela e Petere a dirang dilo ka yone fano ga e bontshe gore o na le lorato lo lo ikanyegang lo a neng a bolela gore o na le lone—go ikemisetsa go swela Mong wa gagwe fa go tlhokega.—Mareko 14:31.

Fela jaaka Petere, batho ba le bantsi gompieno ba batla go latela Keresete ba tsamaela “kgakajana”—ba dira jalo ka tsela ya gore go se ka ga nna le ope yo o ba lemogang. Mme fela jaaka Petere a ile a kwala moragonyana, tsela e le nngwe fela ya go latela Keresete ka botlalo ke ka go nna gaufiufi le ene ka mo re ka kgonang ka gone, re etsa sekao sa gagwe mo dilong tsotlhe, go sa kgathalasege ditlamorago tsa seo.—1 Petere 2:21.

Petere o ne a setse batho ba ba neng ba tshwere Jesu morago mme gone a le kelotlhoko gore ba se ka ba mo lemoga go fitlha a goroga fa kgorong ya nngwe ya matlo a mantle a magolo a Jerusalema. E ne e le ntlo ya ga Kaiafase, moperesiti yo mogolo yo o neng a humile thata e bile a na le tlhotlheletso e kgolo mo setšhabeng. Gantsi matlo a a ntseng jalo a ne a agiwa go dikologa lolwapa, a na le kgoro e o tsenang ka yone pele ga o tsena mo lolwapeng. Petere o ne a goroga fa kgorong mme ga a ka a letlelelwa go tsena. Johane, yo o neng a setse a tsene mo teng, o ne a tla mme a kopa motlhokomedi gore a bulele Petere. Go bonala Petere a ne a se ka a tsamaya mmogo le Johane; e bile ga a ka a leka go tsena mo ntlong gore a eme fa thoko ga Mong wa gagwe. O ne a ema mo lolwapeng, kwa batlhanka mmogo le badiredi bangwe ba neng ba ntse ba eme fa pele ga molelo o o mogote gore ba ikomose, a ntse a lebile fa basupi ba maaka ba ba supang kgatlhanong le Jesu ba ntse ba tsena le go tswa fa tsheko e ntse e tsweletse mo teng.—Mareko 14:54-57; Johane 18:15, 16, 18.

E re ka molelo oo o ne o dira gore go nne lesedinyana, mosetsana yo o neng a buletse Petere kgoro o ne a kgona go mmona sentle. Mosetsana yono o ne a mo itse. O ne a bua jaana a mo latofatsa: “Le wena o ne o na le Jesu wa Mogalalea!” E re ka Petere a ne a sa lebelela seo, o ne a itatola a re ene ga a itse Jesu—le gore ga a tlhaloganye gore mosetsana yoo o ne a bua ka eng. O ne a ya go ema gaufi le kgoro, a leka go dira gore batho ba se ka ba mmona, mme gone mosetsana yo mongwe o ne a mo lemoga mme a re: “Monna yono o ne a na le Jesu wa Monasaretha.” Petere o ne a ikana a re: “Ga ke itse monna yono!” (Mathaio 26:69-72) Go ka tswa go ile ga direga gore o ne a utlwa mokoko o lela morago ga gore a itatole Jesu lekgetlo la bobedi, mme gone o ne a iteegile tsebe jaana gore a ka gopola boporofeti jo Jesu a neng a mmolelela jone diura di le mmalwa tse di fetileng.

Nakwana morago ga moo, Petere o ne a ntse a leka ka natla go dira gore batho ba se ka ba mo lemoga. Mme setlhopha sa batho ba ba neng ba eme go dikologa lolwapa ba ne ba atamela. Mongwe wa bone e ne e le wa losika lwa ga Maleko, motlhanka yo Petere a neng a mo gobaditse. O ne a raya Petere a re: “Ke go bone kwa tshingwaneng le ene, a ga go jalo?” Petere o ne a ikutlwa a patelesega go ba tlhomamisetsa gore ba ne ba sa bue boammaaruri. Ka jalo, o ne a ikana, go bonala a ne a kaya gore o tshwanetse go hutsiwa fa e le gore o bua maaka. Fa a sena go bua mafoko ano mokoko o ne wa lela—e ne e le lekgetlo la bobedi Petere a o utlwa mo bosigong joo.—Johane 18:26, 27; Mareko 14:71, 72.

Jesu o ne a sa tswa go ema gaufi le mathudi a lebile mo lolwapeng. Ka yone nako eo, jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya setlhogo seno, ene le Petere ba ne ba lebana mo matlhong. Ka yone nako eo, Petere o ne a lemoga kafa a utlwisitseng Mong wa gagwe botlhoko thata ka gone. Petere o ne a tswa mo lolwapeng, a tshwentswe ke phoso e a e dirileng. O ne a leba kwa mebileng ya motse, a boneseditswe tsela ke ngwedi yo o tletseng o o neng o tloga o wela. O ne a fuduegile maikutlo. A itshekile dikeledi. O ne a thubega ka selelo.—Mareko 14:72; Luke 22:61, 62.

Fa motho a sena go lemoga bomasisi jwa phoso e e ntseng jalo, go motlhofo gore a akanye gore boleo jo a bo dirileng bo maswe thata gore a ka itshwarelwa. Gongwe Petere o ne a ipotsa gore a go ne go ntse jalo ka ene. A Petere o ne a tla itshwarelwa?

A Petere O ne A ka Se ka A Itshwarelwa?

Go boima go akanya gore Petere o ne a utlwile botlhoko go le kana kang fa letsatsi le tlhaba mme go itsege gore o dirile eng. Ruri o tshwanetse a bo a ile a ikwatlhaya fa Jesu a ne a swa mo thapameng eo fa a sena go tlhokofadiwa ka diura di le dintsi! Petere o tshwanetse a bo a ile a hutsafala gangwe le gape fa a gopola kafa a ileng a oketsa kutlobotlhoko ya Mong wa gagwe ka gone mo go se e neng ya nna letsatsi la gagwe la bofelo mo lefatsheng. Le fa Petere a ne a hutsafetse, o ne a se ka a ineela. Re itse seno ka gonne Baebele ya re go ise go ye kae o ne a kopana le bakaulengwe ba gagwe gape. (Luke 24:33) Ga go pelaelo gore baaposetoloi botlhe ba ne ba ikwatlhaela tsela e ba neng ba itshwara ka yone mo bosigong joo mme ba ne ba gomotsana fela thata.

Ka tsela nngwe, re bona kafa Petere a neng a dira nngwe ya ditshwetso tse di botlhale ka gone. Fa motlhanka wa ga Jehofa a dira phoso, sa botlhokwa ga se gore e masisi go le kana kang mme ke tsela e a ikemiseditseng ka yone go e baakanya. (Diane 24:16) Petere o ne a bontsha tumelo ya mmatota ka go kopana le bakaulengwe ba gagwe le fa a ne a tshwenyegile mo maikutlong. Fa mongwe a kgobegile marapo kgotsa a ikwatlhaela se a se dirileng, a ka raelesega go itlhaola mme go dira jalo go kotsi. (Diane 18:1) Go botlhale gore o atamalane le badumedikawena mme o boe o nne le nonofo e o e tlhokang gore o direle Modimo.—Bahebera 10:24, 25.

E re ka Petere a ne a na le bakaulengwe ba gagwe, o ne a utlwa pego e e tshosang ya gore mmele wa ga Jesu o ne o se mo lebitleng. Petere le Johane ba ne ba tabogela kwa lebitleng le Jesu a neng a fitlhilwe kwa go lone mme kgoro ya lone e ne e tswetswe. Go ka direga gore Johane yo o neng a le mmotlana o ne a goroga pele. O ne a etsaetsega fa a bona kgoro ya lebitla e butswe. Petere ene ga a ka a dira jalo. Le fa Petere a ne a lapisitswe ke go taboga, o ne a tsena mo teng ga lebitla. Go ne go sena ope!—Johane 20:3-9.

A Petere o ne a dumela gore Jesu o tsositswe? La ntlha o ne a sa dumele, tota le fa basadi ba ba ikanyegang ba ne ba mmegela gore baengele ba ne ba bonala kwa go bone go ba itsise gore Jesu o tsositswe mo baswing. (Luke 23:55–24:11) Mme kwa bokhutlong jwa letsatsi leo, Petere o ne a sa tlhole a utlwile botlhoko e bile a sa belaele. Jesu o ne a tshela mme jaanong e le sebopiwa sa moya se se maatla! O ne a iponatsha mo baaposetoloing ba gagwe botlhe. Le fa go ntse jalo, pele a dira jalo o ne a dira sengwe kwa thoko. Mo letsatsing leo baaposetoloi ba ne ba re: “Ammaaruri Morena o tsositswe mme o bonetse kwa go Simone!” (Luke 24:34) Ka tsela e e tshwanang, moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka letsatsi leo le le gakgamatsang le Jesu ‘a neng a bonala mo go Kefase, go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi.’ (1 Bakorintha 15:5) Maina a mangwe a ga Petere ke Kefase le Simone. Jesu o ne a bonala kwa go ene mo letsatsing leo—go bonala Petere a ne a le esi.

Baebele ga e re bolelele gore go ne ga direga eng fa Jesu le Petere ba ne ba kopana. Re ka akanya kafa Petere a neng a amegile ka gone fa a bona Morena wa gagwe yo o rategang a tshela gape le go nna le tshono ya go tlhalosa kafa a neng a utlwile botlhoko ka gone e bile a ikwatlhaya. Se a neng a se tlhoka thata e ne e le gore a itshwarelwe. Ke mang yo o ka belaelang gore Jesu o ne a mo itshwarela ka botlalo? Gompieno Bakeresete ba ba leofang ba tshwanetse go gakologelwa se se neng sa diragalela Petere. Le ka motlha ga re a tshwanela go akanya gore Modimo ga a ka ke a re itshwarela. Jesu o ne a etsa Rraagwe, yo ‘o tla itshwarelang ka tsela e kgolo.’—Isaia 55:7.

Bosupi jo bo Oketsegileng Jwa go Itshwarela

Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe gore ba ye kwa Galalea kwa a neng a tla kopana gape le bone. Fa ba goroga, Petere o ne a ya go tshwara ditlhapi mo Lewatleng la Galalea. Ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba tsamaya le ene. Petere o iphitlhela gape a le mo letsheng le a neng a fetsa nako e ntsi a le mo go lone pele e nna molatedi wa ga Jesu. Modumo o o dirwang ke mokoro, go itaagana ga makhubu le go tshwara matloa a a tlhabang e tshwanetse ya bo e ne e le dilo tse a neng a di itse. A mo bosigong joo a ka tswa a ne a ipotsa gore o tla dirang ka botshelo jwa gagwe e re ka jaanong Jesu a ne a weditse bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng? A o ne a kgatlhiwa ke botshelo jo bo sa raraanang jwa go tshwara ditlhapi? Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba tshwara sepe mo bosigong joo jotlhe.—Mathaio 26:32; Johane 21:1-3.

Ka jalo, fa bosigo bo sa ba ne ba utlwa mongwe a ba bitsa a le kwa lotshitshing mme a re ba latlhele matloa a bone kafa letlhakoreng le lengwe la mokoro. Ba ne ba dira jalo mme ba tshwara ditlhapi di le 153! Petere o ne a itse gore motho yoo ke mang. O ne a tlola mo mokorong mme a thuma go ya kwa lotshitshing. Fa ba le kwa lotshitshing, Jesu o ne a ba naya tlhapi e e besitsweng mo magaleng. O ne a tlhomile mogopolo mo go Petere.

Jesu o ne a botsa Petere gore a o rata Morena wa gagwe “go feta tseno”—go bonala a ne a bua jalo a supile ditlhapi tse dintsi tse ba neng ba di tshwere. A Petere o ne a tla rata kgwebo ya go tshwara ditlhapi go feta tsela e a neng a rata Jesu ka yone? Fela jaaka Petere a ne a itatola Morena wa gagwe gararo, Jesu jaanong o ne a mo naya sebaka sa go tlhomamisa ka makgetlo a le mararo gore o a mo rata mme a bua jalo ditsala tsa gagwe di reeditse. Fa Petere a ntse a dira jalo, Jesu o ne a mmolelela gore o tshwanetse go bontsha lorato loo jang: ka go dira gore tirelo e e boitshepo e tle pele ga dilo tsotlhe, go fudisa le go disa letsomane la ga Keresete e leng balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang.—Johane 21:4-17.

Ka jalo Jesu o ne a tlhomamisa gore ene le Rraagwe ba ne ba sa ntse ba ka dirisa Petere. Petere o ne a tlile go nna le seabe sa botlhokwa mo phuthegong a kaelwa ke Keresete. Jono ke bosupi jo bogolo jwa gore Jesu o itshwarela ka botlalo! Ga go pelaelo gore Petere o ne a amiwa ke go bontshiwa boutlwelobotlhoko joo.

Petere o ne a dira kabelo ya gagwe ka boikanyegi ka dingwaga di le dintsi. O ne a nonotsha bakaulengwe ba gagwe fela jaaka Jesu a ne a mo laetse pele ga loso lwa gagwe. Petere o ne a disa le go fepa balatedi ba ga Keresete ka bopelotelele le bopelonomi. Simone o ne a tshela go dumalana le leina le Jesu a neng a mo neile lone—Petere kgotsa Lefika—ka go nna motho yo o nonofileng, yo o ikanyegang le yo o nang le tlhotlheletso e e molemo mo phuthegong. Bosupi jwa seo bo bonala mo makwalong a mabedi a a kgothatsang a Petere a neng a a kwala a e neng ya nna dibuka tse di botlhokwa mo Baebeleng. Gape makwalo ao a bontsha gore Petere ga a ka a lebala thuto e a neng a e ithuta mo go Jesu ya go itshwarela.—1 Petere 3:8, 9; 4:8.

E kete le rona re ka ithuta thuto eo. A ka metlha re kopa Modimo gore a re itshwarele diphoso tse dintsi tse re di dirang? A re dumela gore Modimo o tla re itshwarela le gore boitshwarelo jwa gagwe bo na le maatla a go phimola maleo a rona? A le rona re itshwarela batho ba bangwe? Fa re dira jalo re tla bo re etsa tumelo ya ga Petere—le boutlwelobotlhoko jwa Mong wa gagwe.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Petere o dirile dilo di le dintsi tse di neng di tlhoka gore Mong wa gagwe a mo itshwarele, mme ke mang mo go rona yo o sa tlhokeng go itshwarelwa letsatsi le letsatsi?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Morena a retologa a leba Petere”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

“Morena . . . o bonetse kwa go Simone!”