Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bogosi Jwa Gago Ruri bo Tla Nitama”

“Bogosi Jwa Gago Ruri bo Tla Nitama”

Atamalana le Modimo

“Bogosi Jwa Gago Ruri bo Tla Nitama”

2 SAMUELE 7:1-16

GO RALALA hisitori, babusi ba le bantsi ba lefatshe ba ile ba tlosiwa mo maemong a bone. Ba bangwe ba ile ba ntshiwa morago ga ditlhopho mme bangwe ba ntshiwa ka dikgoka. Go tweng ka Jesu Keresete, Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jo bo kwa legodimong? A go na le sengwe se se ka mo thibelang go busa e le Kgosi e e tlhophilweng ke Modimo? Karabo ya potso eno e ka bonwa mo mafokong a Jehofa a neng a a bolelela Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo jaaka a kwadilwe mo go 2 Samuele kgaolo 7.

Fa kgaolo eno e simolola, re lemoga gore Dafide o tlhabilwe ke ditlhong, ka go bo ene, kgosi e e sa reng sepe, o nna mo ntlong e ntle ya segosi, fa letlole la Modimo le nna mo mogopeng wa maemo a a kwa tlase. * Dafide o bontsha gore o batla go agela Jehofa ntlo e e tlotlegang kgotsa tempele. (Temana 2) Mme gone Dafide ga se ene a tla agang ntlo eo. Jehofa o ne a dirisa moporofeti Nathane go bolelela Dafide gore morwawe ke ene a tla agang tempele.—Temana 4, 5, 12, 13.

Jehofa o ne a amiwa ke keletso e Dafide a neng a na le yone. Ka ntlha ya boineelo jwa ga Dafide le go ya ka boporofeti, Modimo o dira kgolagano le Dafide ya gore o tla tlhoma mongwe mo losikeng lwa segosi lwa ga Dafide yo o tla busang ka bosakhutleng. Nathane o bolelela Dafide se Modimo a neng a ikana go se dira: “Ntlo ya gago le bogosi jwa gago ruri bo tla nitama ka bosakhutleng fa pele ga gago; setulo sa gago sa bogosi ka bosone e tla nna se se tlhomamisitsweng ka thata ka bosakhutleng.” (Temana 16) Ke mang Mojaboswa wa leruri wa kgolagano eno—Ene yo o tla busang ka bosakhutleng?—Pesalema 89:20, 29, 34-36.

Jesu wa Nasaretha e ne e le setlogolwana sa ga Dafide. Fa moengele a ne a itsise ka go tsholwa ga ga Jesu, o ne a re: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Kgolagano le Dafide e diragadiwa ke Jesu Keresete. Ka jalo o busa e seng ka gonne a tlhophilwe ke batho mme se Modimo a neng a ikana gore o tla se dira ke sone se se dirang gore a tshwanelwe ke go busa ka bosakhutleng. A re gakologelweng gore ditsholofetso tsa Modimo ka metlha di a diragala.—Isaia 55:10, 11.

Go na le dilo tse pedi tse di botlhokwa tse re di ithutang mo go 2 Samuele kgaolo 7. Sa ntlha, re ka tlhomamisega gore ga go na sepe le gore ga go na ope yo o ka thibelang Jesu Keresete gore a buse. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore o tla diragatsa boikaelelo jwa puso ya gagwe, e leng go dira thato ya Modimo ka botlalo mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.—Mathaio 6:9, 10.

Sa bobedi, pego eno e re ruta thuto e e kgothatsang ka Jehofa. Gakologelwa gore Jehofa o ne a bona le go anaanela se Dafide a neng a ikaeletse go se dira. Go a gomotsa go itse gore Jehofa o anaanela boineelo jwa rona mo kobamelong ya gagwe. Ka dinako dingwe, maemo a re sa kgoneng go a laola a a jaaka botsogo jo bo bokoa kgotsa botsofe, a ka re thibela go dira sotlhe se re batlang go se dira fa re direla Modimo. Fa go le jalo, e kete re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa o bona le maikaelelo a motho yo o batlang go mo obamela ka pelo yotlhe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Letlole la kgolagano e ne e le letlole le le boitshepo le le neng le agilwe go ya ka ditaelo tsa ga Jehofa le go ya ka polane ya gagwe. Le ne le emela go nna gone ga ga Jehofa kwa Iseraele wa bogologolo.—Ekesodo 25:22.