Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa re ka Latelang Jesu ka Gone

Kafa re ka Latelang Jesu ka Gone

Se re Se Ithutang mo go Jesu

Kafa re ka Latelang Jesu ka Gone

Fa batho ba ne ba dumela mo go Jesu, gantsi o ne a ba raya a re: “Nna molatedi wa me.” (Mathaio 9:9; 19:21) Go nna molatedi wa ga Jesu go akaretsa eng, ke go re, go nna Mokeresete? Ela tlhoko dikarabo tsa dipotso tseno tse tharo tsa konokono.

O tshwanetse go dirisana le batho ba bangwe jang?

▪ Morutwa wa ga Jesu o tshwanetse go latela ditaelo tsa kafa re ka dirisanang le batho ba bangwe ka gone. Ka sekai, Jesu o ne a re: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” Go tweng fa mongwe a go kgopisa? Jesu o ne a re: “Nna bofefo go rarabolola dikgang le yo o ngongoregang ka wena.” Gape o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, le Rraalona ga a na go itshwarela ditlolo tsa lona.”—Mathaio 5:25; 6:15; 7:12.

Jesu o ne a gakolola banyalani jaana: “Lo utlwile gore go ne ga twe, ‘O se ka wa dira boaka.’ Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” Mokeresete wa boammaaruri o letla dithuto tsa ga Jesu go ama mogopolo le pelo ya gagwe.—Mathaio 5:27, 28.

Bakeresete ba boammaaruri ba ithontsha dilo dingwe gore ba kgone go thusa batho ba bangwe. Jesu o ne a iketleeleditse go thusa batho ba bangwe. Ka sekai, fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba lapisitswe ke loeto lwa go ya go rera, ba ne ba se na nako tota le ya go ja. Ka jalo Jesu o ne a ba tsaya ka mokoro a ya le bone kwa lefelong le le se nang batho gore ba ikhutse. Mme batho ba ne ba utlwalela gore ba ya kae mme ba ya go ba kgatlhantsha. Pego ya Baebele ya re: “Ya re a tswa, a bona boidiidi jo bogolo, mme a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mareko 6:30-34) O ka etsa Jesu ka go dira se Modimo a batlang gore o se dire, le fa o ka lebana le mathata.

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo?

▪ Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba bolelele ba bangwe dikgang tse di molemo. O ne a raya baaposetoloi a re: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re, ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Mathaio 10:7) Balatedi ba ga Jesu ba na le molaetsa o o botlhokwa thata. Jesu o ne a rapela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri.”—Johane 17:3.

Jesu o ne a bolelela pele ka tiro e balatedi ba gagwe ba le dimilione ba neng ba tla e dira. O ne a re: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Fa e le gore o ithutile ka Bogosi jwa Modimo e bile o dumela se Baebele e se rutang, ga go pelaelo gore o tla itumelela go bolelela ba bangwe se o se itseng. Balatedi ba bantsi ba ga Jesu ba simolola ka go bolelela ba masika a bone ka Bogosi jwa Modimo.—Johane 1:40, 41.

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go kolobediwa?

▪ Fa Jesu a ne a kolobediwa mo nokeng ya Joredane, go bonala a ne a bua jaana fa a rapela: ‘Ke tlile go dira thato ya gago, wena Modimo.’ (Bahebera 10:7) Fa o batla go dira thato ya Modimo, le wena o tshwanetse go kolobediwa. Jesu o ne a laela jaana: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse.”—Mathaio 28:19.

Ke maikarabelo le melemo efe e motho a nnang le yone fa a kolobeditswe? Balatedi ba ga Jesu ba ba kolobeditsweng ba direla Modimo ka moya otlhe. Jesu o ne a nopola Molao wa Modimo o o reng: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) Gape o ne a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole.” (Mathaio 16:24) Kolobetso e tshwantshetsa tshwetso e motho a e dirileng ya go iitatola le go laolwa ke Modimo. Batho ba ba leng mo kamanong eno e e kgethegileng ba ka kopa Modimo gore a ba neye segakolodi se se phepa.—1 Petere 3:21.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 18 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.