Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se go Itse Leina la Modimo go se Akaretsang

Se go Itse Leina la Modimo go se Akaretsang

A LEINA la gago le na le bokao jo bo rileng? Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, go tlwaelegile go naya ngwana leina le le nang le bokao. Leina le le tlhophilweng le ka bontsha se batsadi ba ngwana ba se dumelang le se ba se tsayang se le botlhokwa kgotsa se ba lebeletseng gore ngwana wa bone a se fitlhelele mo isagweng.

Mokgwa wa go naya bana maina a a nang le bokao ga se selo se sesha. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, gantsi batho ba ne ba newa maina ka ntlha ya se a se kayang. Maina a ka bontsha se go lebeletsweng gore motho a nne sone. Ka sekai, fa Jehofa a ne a bolelela Dafide ka seabe se morwawe e bong Solomone a neng a tla nna le sone mo isagweng, o ne a re: “Leina la gagwe e tla nna Solomone [le le kayang “Kagiso”], ke tla naya Iseraele kagiso le tidimalo mo metlheng ya gagwe.”—1 Ditiragalo 22:9.

Ka dinako tse dingwe Jehofa o ne a naya motho yo o neng a tla nna le seabe se sesha leina le lesha. Mosadi wa moopa wa ga Aborahame o ne a newa leina la Sara, le le kayang “Kgosigadi.” Ka ntlha yang? Jehofa o ne a re: “Ke tla mo segofatsa ke ba ke go naya ngwana wa mosimane ka ene; ke tla mo segofatsa mme o tla nna ditšhaba; dikgosi tsa ditšhaba di tla tswa mo go ene.” (Genesise 17:16) Eleruri go tlhaloganya lebaka la go bo Sara a ne a newa leina le lesha go ne go tla akaretsa go tlhaloganya seabe se a tla nnang le sone.

Go tweng ka leina le le botlhokwa thata go gaisa maina a mangwe—Jehofa? Le kaya eng? Fa Moshe a ne a botsa Modimo leina la gagwe, Jehofa o ne a mo araba jaana: “Ke tla nna se ke tla nnang sone.” (Ekesodo 3:14) Thanolo ya ga Rotherham e ranola mafoko ano jaana: “Ke Tla Nna sengwe le sengwe se ke batlang go nna sone.” Leina la ga Jehofa le bontsha gore ke Modimo yo o kgonang go dira ditiro di le dintsi. Ka sekai: Mmè a ka tshwanelwa ke go dira ditiro di le dintsi letsatsi le letsatsi go tlhokomela bana ba gagwe—go nna mooki, moapei, morutabana—go ya ka se se tlhokegang. Go ntse jalo le ka Jehofa, le fa ene a kgona go dira dilo ka tsela ya maemo a a kwa godimo. E le gore a direle batho se a se ikaeletseng ka lorato, a ka nna sengwe le sengwe se a batlang go nna sone, a dira tiro nngwe le nngwe e e tlhokegang. Ka jalo, go itse leina la Modimo e bong Jehofa go akaretsa go tlhaloganya le go anaanela ditiro tsa gagwe tse dintsi.

Ka maswabi, batho ba ba sa itseng leina la Modimo ga ba itse botho jwa gagwe jo bo molemo. Le fa go ntse jalo, fa o ithuta Baebele, o ka itse gore Jehofa a ka nna Mogakolodi yo o botlhale, Mmoloki yo o maatla le Motlamedi yo o pelotshweu, jalo le jalo. Eleruri, bokao jwa leina la ga Jehofa bo botlhokwa.

Le fa go ntse jalo, go itse leina la Modimo ga se ka metlha go leng motlhofo. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa lebaka la go bo go le jalo.