Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Arabiwa Dipotso di le Nnè ka ga Bokhutlo

Go Arabiwa Dipotso di le Nnè ka ga Bokhutlo

Go Arabiwa Dipotso di le Nnè ka ga Bokhutlo

JESU KERESETE o ne a bolelela pele gore nako nngwe mo isagweng, ‘bokhutlo bo tla tla.’ Fa a ne a tlhalosa ka nako eo, o ne a re: “Ka nako eo go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.”—Mathaio 24:14, 21.

Se Jesu a neng a se bua ka bokhutlo le ditemana tse dingwe tsa Baebele tse di ka ga kgang eno, di tsosa dipotso di le mmalwa tsa botlhokwa. Bula Baebele ya gago mme o utlwe gore e araba dipotso tseo jang.

1 Go Tla Nyelediwa Eng?

Baebele ga e rute gore lefatshe la mmatota le tla senngwa. Mopesalema o ne a kwala jaana: “[Modimo] o thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Baebele ga e rute gore batho botlhe ba tlile go nyelediwa mo lefatsheng ka molelo. (Isaia 45:18) Jesu o ne a re batho bangwe ba tla falola bokhutlo. (Mathaio 24:21, 22) Ka jalo, Baebele ya re go tla nyelediwa eng?

Go tla nyelediwa dipuso tsa batho tse di palelwang. Modimo o ne a tlhotlheletsa moporofeti Daniele go kwala jaana: “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Dintwa le go kgotlelwa ga lefatshe di tla fela. Pesalema 46:9 fa e tlhalosa gore Modimo o tlile go dira eng, ya re: “O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.” Gape Baebele e ruta gore Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

Bokebekwa le tshiamololo di tla fela. Lefoko la Modimo le solofetsa jaana: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.” *Diane 2:21, 22.

2 Bokhutlo bo Tla Tla Leng?

Jehofa Modimo o beile “nako e e tlhomilweng” ya go fedisa boikepo le go tlhoma puso ya gagwe ya Bogosi. (Mareko 13:33) Mme Baebele e bontsha sentle gore ga re ka ke ra itse letlha le bokhutlo bo tla tlang ka lone. Jesu o ne a re: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:36) Le fa go ntse jalo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba bolelela pele gore maemo a ne a tla nna jang mo lefatsheng pele Modimo a tlisa bokhutlo. Bokhutlo bo tla tla fa ditiragalo tsotlhe tse di latelang di diragala ka nako e le nngwe mo lefatsheng lotlhe.

Go tla nna le diphetogo mo dipolotiking, mo tikologong le mo botshelong jwa batho ka selekanyo se segolo. Fa Jesu a ne a araba dipotso tsa barutwa ba gagwe tse di ka ga bokhutlo, o ne a re: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi, go tla nna dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana, go tla nna le ditlhaelo tsa dijo. Tseno ke tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.” (Mareko 13:8) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1-5.

Go na le letsholo la go rera mo lefatsheng lotlhe ka dipuo tse di farologaneng. Jesu o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

3 Morago ga Bokhutlo go Tla Latela Eng?

Baebele ga e rute gore batho ba ba siameng ba tla tsewa mo lefatsheng gore ba ye go tshela kwa legodimong ka bosakhutleng. Go na le moo, Jesu o ne a ruta gore boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho bo tla diragadiwa. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5; 6:9, 10) Baebele e solofetsa gore batho ba ba tlhokafalang pele ga bokhutlo bo tla, ba tla tsosiwa mo isagweng. (Jobe 14:14, 15; Johane 5:28, 29) Morago ga bokhutlo go tla latela eng?

Jesu o tla busa a le kwa legodimong e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Moporofeti Daniele o ne a kwala jaana: “Ke ne ka nna ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bona! go ne go tla mongwe yo o tshwanang le morwa motho [Jesu yo o tsositsweng] mo marung a magodimo; mme a kgona go tsena kwa go Mogologolo wa Malatsi [Jehofa Modimo], mme ba mo atametsa fa pele ga Ene yoo. Mme [Jesu] o ne a newa bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle. Bobusi jwa gagwe ke bobusi jo bo nnang ka bosakhutleng jo bo se kitlang bo feta, mme bogosi jwa gagwe ke jo bo se kitlang bo senngwa.”—Daniele 7:13, 14; Luke 1:31, 32; Johane 3:13-16.

Batho ba ba tla busiwang ke Bogosi jwa Modimo ba tla nna le botsogo jo bo itekanetseng, pabalesego ya leruri le botshelo jo bosakhutleng. Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.” (Isaia 65:21-23) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana ka nako eo: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

4 O Tshwanetse go Dira Eng Gore o Falole Bokhutlo?

Moaposetoloi Petere o ne a re batho bangwe ba ba tshelang mo motlheng wa bofelo ba ne ba ka se dumele gore Modimo o tla tsaya kgato ka dilo tse di diragalelang batho le go fedisa boikepo mo lefatsheng. (2 Petere 3:3, 4) Le fa go ntse jalo, Petere o kgothaletsa batho ba ba tshelang mo motlheng wa rona go dira dilo tse di latelang.

Ithute mo dilong tse di diragetseng mo nakong e e fetileng. Petere o ne a re Modimo “o ne a se ka a ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo, mme a boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba le supa fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi.” (2 Petere 2:5) Petere o ne a bua jaana ka batho ba ba sotlang: “Go ya ka keletso ya bone, ntlha eno ga ba kgone go e lemoga, gore go ne go na le magodimo go tswa bogologolong le lefatshe le eme le kitlane go tswa mo metsing e bile le le mo gare ga metsi ka lefoko la Modimo; mme lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi. Mme magodimo le lefatshe * tse di gone jaanong di boloketswe molelo ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi.”—2 Petere 3:5-7.

Tshela go ya ka melao ya boitsholo ya Modimo. Petere o ne a re ba ba batlang go falola bokhutlo ba tla dira ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.’ (2 Petere 3:11) Ela tlhoko gore Petere o gatelela go dira ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro’ le “ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.” Ka jalo, seno se akaretsa se se fetang go ipolela gore o na le tumelo kgotsa go leka go nna le kamano le Modimo ka motsotso wa bofelo gore o tle o bolokwe.

Ke ditiro dife tse Modimo a di amogelang? Ke eng o sa leke go bapisa se o se itseng le se Baebele e se rutang mo kgannyeng eno? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go dira jalo. Ba kope gore ba go bontshe go tswa mo Baebeleng ya gago lebaka la go bo ba araba jalo. Go dira jalo go ka go thusa go lebana le isagwe ka bopelokgale e bile o tlhomamisegile, le fa go na le dilo di le dintsi tse di dirang gore re boife gone jaanong.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Gape bona setlhogo se se reng “A Batho Botlhe Ba na Le Tshono ya go Itse Modimo?” se se mo go tsebe 22 mo makasineng ono.

^ ser. 19 Fano Petere o bua ka lefatshe ka tsela ya tshwantshetso. Mokwadi wa Baebele e bong Moshe, le ene o ne a bua ka lefatshe ka tsela ya tshwantshetso. O ne a kwala jaana: “Lefatshe lotlhe la tswelela le na le puo e le nngwe fela.” (Genesise 11:1) Fela jaaka lefatshe la mmatota le sa bue “puo e le nngwe,” ga se lefatshe la mmatota le le tla senngwang. Go na le moo, jaaka Petere a bua, ke baikepi ba ba tla senngwang.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Lefatshe ga le kitla le senngwa mme go tla senngwa batho ba ba le senyang