Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Mmetli wa Dikgong”

“Mmetli wa Dikgong”

Kafa Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga ba Neng ba Tshela ka Gone

“Mmetli wa Dikgong”

“A yono ga se morwa mmetli wa dikgong?”—MATHAIO 13:55.

JESU o ne a sa itsiwe e le “morwa mmetli wa dikgong” fela mme gape o ne a itsiwe e le “mmetli wa dikgong.” (Mareko 6:3) Go bonala tiro eno a e rutilwe ke rraagwe yo o mo godisitseng e bong Josefa.

Jesu o ne a tshwanetse go itse go dira eng le go dirisa dithulusu dife gore a nne mmetli? A ka tswa a ile a direla baagi ba Nasaretha dilo dife? Mme go thapisiwa go dira ka logong a sa le monnye go tshwanetse ga bo go ile ga mo solegela molemo jang fa a godile?

Kgwebo ya Lelapa Setshwantsho se se fa tlase se bontsha rre a ruta morwawe yo mogolo go dirisa motšhine wa go bora mesima mo logonnyeng. Morwa yo mmotlana o lebile e bile o reeditse ka tlhoafalo.

Gantsi basimane ba ne ba simolola go thapisiwa jalo ba na le dingwaga di ka nna 12 go ya go 15. Ba ne ba ithuta tiro eno mo go borraabone. Go ne go tsaya dingwaga di le dintsi gore ba itse tiro eno mme ba ne ba tshwanetse go dira ka natla fa ba ne ba batla go nna le bokgoni jo bo tlhokegang gore ba nne babetli ba ba ditswerere. Akanya ka dingwaga di le dintsi tse di itumedisang tse Josefa a tshwanetseng a bo a ile a di fetsa a na le Jesu—a dira le ene, a tlotla le ene, a mo ruta gore a nne mmetli yo o setswerere. Ruri Josefa o tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a bona Jesu e le setswerere mo tirong ya go betla ka logong!

Go ne Go Tlhokega Kitso, Maatla le Bokgoni Mmetli o ne a tshwanetse go itse logong lo a berekang ka lone. O ne a ka tlhopha go dirisa logong lwa ditlhare tse di jaaka phaene, moakere, mosedara, mosikamore le motlhware. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ne go se na mabenkele a a neng a rekisa logong lo lo neng lo setse lo segilwe sentle mme lo siametse gore mmetli a lo dirise. Go na le moo, o ne a tla ya kwa sekgweng, a tlhophe ditlhare tse di siameng, a di kgaole, go tswa foo a bo a gogela dikota tsa tsone tse di boima kwa a direlang gone.

Mmetli o ne a tla dira eng ka dikota tse a di kokoantseng? O ne a ka fetsa diura di le dintsi a berekela kwa ntle, a thusa batho go aga matlo. O ne a dira dikota tsa marulelo, ditepisi tsa mo teng ga ntlo, ditswalo, difensetere le diforeimi tsa mabota.

Gape mmetli o ne a dira fanitšhara. Setshwantsho se se latelang se bontsha dingwe tsa dilo tse a neng a di dira—raka e e neng e na le mabati le dishelofo (1); dibeo tsa dinao (2), ditulo (3) le ditafole (4) tsa mefutafuta le tsa bogolo jo bo sa lekaneng; le bolao jwa losea. Fa mmetli a batla go kgabisa fanitšhara nngwe o ne a ka tsenya logong lo longwe lo lo kgabisitsweng. Go e sireletsa le go dira gore e lebege e le ntle o ne a ka e tshasa bonota, varnish kgotsa oli.

Gape mmetli o ne a direla balemi dilwana tsa go lema—dijokwe (5) ka logong lo lo boima le dilo tse di jaaka diforoko, diharaka le digarawe (6). Megoma (7) e a neng a e dira e ne e tshwanetse go nna thata ka gonne dintlha tsa yone tsa tshipi di ne di tla bo di lema mo mmung o o nang le matlapa. Gape o ne a dira dikaraki tsa logong (8) le dikolotsana, a bo a di direla maotwana a logong kgotsa a a nang le di-spike tsa logong. Gape tiro ya gagwe e ne e ka tswa e akaretsa go baakanya fanitšhara, dithulusu le dikaraki tse a di di rileng le go di boloka di le mo boemong jo bo siameng.

A o ka leka go akanya gore tiro ya ga Jesu ya go betla e ne e dira gore a lebege jang? Akanya letlalo la ga Jesu le fisitswe ke letsatsi la kwa Botlhabagare, mesifa ya gagwe e gagamaditswe ke tiro e e thata e a neng a e dira le diatla tsa gagwe di le thata ka ntlha ya go tshwara logong lo lo seng borethe le go dirisa dilepe, dihamore le dishaga.

Motswedi wa Ditshwantsho Jesu o ne a kgona go dirisa dilo tse batho ba di itseng go ba ruta dithuto tse di boteng tsa boammaaruri. A o ne a dirisa dilo tse a neng a di itse e le mmetli mo ditshwantshong dingwe tsa gagwe? Ela tlhoko dingwe tsa tsone. O ne a raya boidiidi jwa batho a re: “Ke ka ntlha yang fa o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme o sa akanyetse tlhomeso e e mo leitlhong la gago?” Mmetli o ne a tla itse gore tlhomeso e bogolo jo bo kana kang. (Mathaio 7:3) Moragonyana Jesu o ne a raya setlhopha se sengwe a re: “Ga go motho ope yo o beileng seatla sa gagwe mo mogomeng mme a leba kwa dilong tse di kwa morago yo o tshwanelang bogosi jwa Modimo sentle.” Go ka direga gore o ne a dira megoma e le mentsi. (Luke 9:62) Taletso nngwe e e molemo ya ga Jesu e ne e bua ka sedirisiwa sengwe se se neng se dirwa ke mmetli. Jesu o ne a re: “Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna. Jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:29, 30) Ga go pelaelo gore Jesu o ne a itse go dira jokwe e e sa gotlheng diphologolo mme e le ‘pelonomi’ kgotsa e lekana sentle.

Baganetsi ba ga Jesu ba ka tswa ba ne ba mo sotla ka go mmitsa “morwa mmetli wa dikgong.” Le fa a ne a sotliwa, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le ba gompieno ba bona go le botlhokwa go nna balatedi ba mmetli yono yo o boikokobetso.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Lebokose la Mmetli la Dithulusu

Mmetli wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga yo o jaaka Jesu o ne a tla tshwanelwa ke go itse go dirisa dithulusu tse di bontshitsweng fano. Shaga ya gagwe (1) e ne e le ya foreime ya logong e na le meno a tshipi mme e ne e shaga fa motho a e goga. O ne a tla dirisa sekwere (2) go lekanya se a se betlang le go dirisa thapo (3) go bona gore se a se betlang se tlhamaletse. Gape go ne go na le selekanyi (4), thupa e e lekanyang (5), sekafole se se rethefatsang logong (6) le selepe (7) sa go rema ditlhare.

Sedirisiwa sa mmetli se se dikologang fa se betla (8) le faele (9) di ne di dirisiwa go kgaola le go dira dipopego tse di farologaneng tsa logong. Mo sekhurumelong sa lebokoso la dithulusu, o ka bona hamore ya logong (10) e e neng e dirisediwa go kokotela dimapo kgotsa go itaya tšhisele. Gape go na le shaga e nnye (11), thipa (12) ya go seta le dimapo (13). Fa pele ga lebokoso la dithulusu go na le hamore ya tshipi (14) le petlwana (15) ya go betla. Mo sekhurumelong go na le thipa (16) le ditšhisele (17) tsa bogolo jo bo farologaneng. Boro (18) e fa thoko ga lebokoso la dithulusu.