Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Jesu a Tlotlomatsang Tshiamo ya Modimo ka Teng

Kafa Jesu a Tlotlomatsang Tshiamo ya Modimo ka Teng

Kafa Jesu a Tlotlomatsang Tshiamo ya Modimo ka Teng

“Modimo o ne a . . . tlhoma [Keresete] jaaka tshupelo ya thuanyo ka tumelo mo mading a gagwe. Seno e ne e le gore a bontshe tshiamo ya gagwe.”—BAR. 3:25.

1, 2. (a) Baebele e re ruta eng ka boemo jo batho ba leng mo go jone? (b) Go tla sekasekiwa dipotso dife mo setlhogong seno?

PEGO ya Baebele e e kaga botsuolodi jwa kwa tshimong ya Edene e itsege thata. Rotlhe re amiwa ke ditlamorago tsa boleo jwa ga Adame tse di tlhalosiwang mo temaneng eno: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Bar. 5:12) Le fa re ka leka thata jang go dira se se siameng, re dira diphoso, mme re tlhoka gore Modimo a re itshwarele. Tota le moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana a hutsafetse: “Molemo o ke o eletsang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke tlwaetseng go bo dira. A nna motho yo o tlhomolang pelo!”—Bar. 7:19, 24.

2 Ka gonne ka tlholego fela re baleofi, re ka ipotsa dipotso tseno tsa botlhokwa: Go tlile jang gore Jesu wa Nasaretha a tsholwe a se na boleo, mme ke eng fa a ne a kolobediwa? Botshelo jwa ga Jesu bo ne jwa tlotlomatsa jang tshiamo ya ga Jehofa? Sa botlhokwa le go feta, loso lwa ga Keresete lo fitlheletse eng?

Tshiamo ya Modimo e a Gwetlhiwa

3. Satane o ne a tsietsa Efa jang?

3 Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba gana go ikobela bolaodi jwa Modimo ka boeleele mme ba tlhopha go busiwa ke “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.” (Tshen. 12:9) Ela tlhoko kafa seno se diregileng ka teng. Satane o ne a naya kgopolo ya gore tsela ya ga Jehofa Modimo ya go busa ga e a siama. O ne a dira jalo ka go botsa Efa a re: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” Efa o ne a mmolelela taelo e e utlwalang sentle e Modimo a neng a setse a e ba neile ya gore ba ne ba sa tshwanela go ama setlhare se se rileng, ka gonne fa ba ka dira jalo ba tla swa. Go tswa foo Satane o ne a latofatsa Modimo ka gore o bua maaka. Diabolo o ne a re: “Ruri ga lo kitla lo swa.” Go tswa foo o ne a tsietsa Efa ka go dira gore a dumele gore Modimo o ne a mo tima sengwe se se molemo le gore fa a ka ja leungo leo, o ne a tla tshwana le Modimo, a kgona go itirela ditshwetso malebana le se se molemo le se se bosula.—Gen. 3:1-5.

4. Go tlile jang gore batho ba simolole go busiwa ke puso ya ga Satane e e kgatlhanong le Modimo?

4 Sentlentle, Satane o ne a raya gore batho ba ne ba ka itumela fa ba ipusa mme ba sa busiwe ke Modimo. Go na le gore Adame a tlotlomatse tshiamo ya bolaodi jwa Modimo, o ne a reetsa mosadi wa gagwe mme le ene a ja leungo le le ileditsweng. Ka jalo, Jehofa ga a ka a tlhola a tsaya Adame a itekanetse, mme Adame o re rwesitse mokgweleo o o bokete wa boleo le loso. Gape batho ba ne ba simolola go busiwa ke puso e e kgatlhanong le Modimo ya ga Satane, yo e leng “modimo wa lefatshe leno.”—2 Bakor. 4:4, Baebele e e Boitshepo; Bar. 7:14.

5. (a) Jehofa o ne a dira jang go dumalana le lefoko la gagwe? (b) Modimo o ne a naya ditlogolwana tsa ga Adame le Efa tsholofelo efe?

5 Go ya ka lefoko la ga Jehofa le le boammaaruri, o ne a atlholela Adame le Efa loso. (Gen. 3:16-19) A mme seo se ne se kaya gore boikaelelo jwa Modimo bo paletswe? Legoka! Fa Jehofa a ne a atlhola Adame le Efa, o ne a naya ditlogolwana tsa bone lebaka le le molemolemo la go nna le tsholofelo. O ne a dira jalo ka go bolela maikaelelo a gagwe a go tsosa “losika” lo Satane a neng a tla lo gobatsa mo seretheng. Le fa go ntse jalo, ntho e e mo seretheng ya Losika loo lo lo solofeditsweng, e ne e tla fola mme lone lo ne lo tla “gobatsa [Satane] mo tlhogong.” (Gen. 3:15) Baebele e atolosa kgang eno ka go bolela jaana ka Jesu Keresete: “Morwa Modimo o ne a bonadiwa ka boikaelelo jono, e leng, go senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Joh. 3:8) Mme boitshwaro jwa ga Jesu le loso lwa gagwe di ne tsa tlotlomatsa jang tshiamo ya Modimo?

Se Kolobetso ya ga Jesu e se Kayang

6. Re itse jang gore Jesu ga a rua boleo mo go Adame?

6 Fa Jesu e setse e le monna yo o godileng sentle, o ne a tla tshwana kgo le Adame yo o neng a itekanetse. (Bar. 5:14; 1 Bakor. 15:45) Seno se kaya gore Jesu o ne a tshwanetse go tsholwa a itekanetse. Seo se ne se ka kgonega jang? Moengele Gabariele o ne a tlhalosetsa mmaagwe Jesu e bong Marea jaana: “Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, le maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo le se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.” (Luke 1:35) Fa Jesu a ne a sa ntse a gola, go lebega Marea a ile a mmolelela dilo dingwe tse di malebana le botsalo jwa gagwe. Ka jalo, nako nngwe fa Marea le rraagwe Jesu yo o mo godisitseng e bong Josefa ba ne ba fitlhela Jesu yo mmotlana kwa tempeleng ya Modimo, o ne a ba botsa jaana: “A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?” (Luke 2:49) Go lebega Jesu a itsile a sa le mmotlana gore ke Morwa Modimo. Ka jalo, go tlotlomatsa tshiamo ya Modimo go ne go le botlhokwa thata mo go ene.

7. Jesu o ne a na le dilo dife tse di tlhwatlhwakgolo?

7 Jesu o ne a bontsha gore o kgatlhegela dilo tsa semoya tota ka go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa kobamelo. E re ka a ne a itekanetse mo mogopolong, o tshwanetse a bo a ile a ithuta le go tlhaloganya sengwe le sengwe se a neng a se utlwa le se a neng a se bala mo Dikwalong tsa Sehebera. (Luke 4:16) Gape o ne a na le selo se sengwe se se tlhwatlhwakgolo—mmele o o itekanetseng o o neng o ka ntshediwa batho setlhabelo. Fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a rapela e bile a ka tswa a ne a akanya ka mafoko a boporofeti a a mo go Pesalema 40:6-8.—Luke 3:21; bala Bahebera 10:5-10. *

8. Ke eng fa Johane Mokolobetsi a ne a leka go thibela Jesu gore a se ka a kolobediwa?

8 Kwa tshimologong Johane Mokolobetsi o ne a batla go thibela Jesu gore a se ka a kolobediwa. Ka ntlha yang? Ka gonne Johane o ne a kolobetsa Bajuda go bontsha gore ba ikwatlhaela maleo a a neng a amana le go tlola Molao. E re ka Johane a ne a amana thata le Jesu ka losika, o tshwanetse a bo a ne a itse gore Jesu o ne a siame mme a sa tlhoke go ikwatlhaya. Jesu o ne a tlhomamisetsa Johane gore go ne go tshwanela gore A kolobediwe. Jesu o ne a re: “Ka tsela eo go a tshwanela gore re diragatse gotlhe mo go siameng.”—Math. 3:15.

9. Kolobetso ya ga Jesu e ne e tshwantshetsa eng?

9 E re ka Jesu a ne a itekanetse, o ne a ka swetsa ka gore ene, jaaka Adame, o ne a na le bokgoni jwa go nna rre wa lotso lo lo itekanetseng lwa batho. Le fa go ntse jalo, Jesu ga ise a ko a eletse go nna le isagwe e e ntseng jalo ka gonne e ne e se thato ya ga Jehofa ka ene. Modimo o ne a rometse Jesu mo lefatsheng gore a diragatse seabe sa go nna Losika lo lo solofeditsweng, kana Mesia. Seno se ne se akaretsa gore Jesu a ntshe botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo. (Bala Isaia 53:5, 6, 12.) Mme gone kolobetso ya ga Jesu e ne e se na bokao jo bo tshwanang le jo ya rona e nang le jone. E ne e sa akaretse go ineela mo go Jehofa, e re ka Jesu a ne a setse a le karolo ya setšhaba sa Modimo se se ineetseng sa Iseraele. Go na le moo, kolobetso ya ga Jesu e ne e tshwantshetsa go itlisa kwa Modimong gore a dire thato ya Gagwe e Dikwalo di tlhalosang gore Mesia o ne a tla e dira.

10. Go dira ga ga Jesu thato ya Modimo e le Mesia go ne go akaretsa eng, mme Jesu o ne a ikutlwa jang ka seno?

10 Thato ya ga Jehofa ka Jesu e ne e akaretsa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, go dira barutwa, le go ba thusa go ipaakanyetsa tiro ya mo isagweng ya go dira barutwa. Gape go itlisa ga ga Jesu kwa Modimong go ne go akaretsa gore o iketleeditse go itshokela pogiso le loso lo lo setlhogo, go bontsha gore o ema bolaodi jwa ga Jehofa Modimo jwa tshiamo nokeng. Ka gonne Jesu o ne a rata Rraagwe yo o kwa legodimong tota, o ne a itumelela go dira thato ya Gagwe mme a kgotsofadiwa thata ke go ntsha mmele wa gagwe gore e nne setlhabelo. (Joh. 14:31) Gape o ne a itumedisiwa ke go itse gore boleng jwa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng bo ne bo ka neelwa Modimo e le thekololo go re rekolola mo bokgobeng jwa boleo le loso. A Modimo o ne a itumelela gore Jesu a itlise kwa go ene go tla go rwala maikarabelo ano a magolo? Ee ruri!

11. Jehofa o ne a bontsha jang gore o amogela Jesu e le Mesia yo o solofeditsweng kana Keresete?

11 Bakwadi botlhe ba banè ba Diefangele ba umaka mafoko a Jehofa Modimo a neng a a bua go bontsha gore o amogela Jesu fa a ne a tlhatloga a tswa mo metsing a Noka ya Joredane. Johane Mokolobetsi o ne a re: “Ke ne ka bona moya o fologa jaaka lephoi o tswa legodimong, mme wa nna mo go [Jesu] . . . Mme ke o bone, ka ba ka naya bosupi gore yono ke Morwa Modimo.” (Joh. 1:32-34) Mo godimo ga moo, ka nako eo Jehofa o ne a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.”—Math. 3:17; Mar. 1:11; Luke 3:22.

O ne A Ikanyega go Fitlha Losong

12. Jesu o ne a dirang ka dingwaga di le tharo le sephatlo fa a sena go kolobediwa?

12 Mo dingwageng tse tharo le sephatlo tse di neng tsa latela, Jesu o ne a dira ka bojotlhe fa a ne a ruta batho ka Rraagwe le ka tshiamo ya bolaodi jwa Modimo. Go tsamaya ka maoto a ya kwa le kwa mo Lefatsheng le le Solofeditsweng go ne go mo lapisa, mme go ne go se na sepe se se neng se ka mo thibela go neela bosupi ka botlalo ka boammaaruri. (Joh. 4:6, 34; 18:37) Jesu o ne a ruta ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo. O ne a bontsha gore Bogosi bo tla direla batho eng ka go fodisa balwetse ka kgakgamatso, ka go fepa boidiidi jwa batho ba ba tshwerweng ke tlala, le ka go tsosa baswi.—Math. 11:4, 5.

13. Jesu o ne a ruta eng malebana le thapelo?

13 Go na le gore Jesu a batle gore batho ba mmake ka ntlha ya dithuto tsa gagwe le ka ntlha ya go fodisa batho, o ne a tlhoma sekao se se tlhomologileng ka gore ka boikokobetso a ise pako yotlhe kwa go Jehofa. (Joh. 5:19; 11:41-44) Gape Jesu o ne a umaka dilo tsa botlhokwa thata tse re tshwanetseng go di rapelela. Dithapelo tsa rona di tshwanetse go akaretsa dikopo tsa gore leina la Modimo, Jehofa, “le itshepisiwe” le gore bolaodi jwa gagwe jwa tshiamo bo emisetse puso e e boikepo ya ga Satane gore “thato ya [gagwe] e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Math. 6:9, 10) Gape Jesu o ne a re kgothaletsa gore re dire go dumalana le dithapelo tseo ka gore re “batle pele bogosi le tshiamo ya [Modimo].”—Math. 6:33.

14. Le fa Jesu a ne a itekanetse, ke eng fa go ne go tlhokega gore a dire maiteko gore a diragatse seabe sa gagwe mo boikaelelong jwa Modimo?

14 Fa nako ya gore Jesu a swe loso lwa go intsha setlhabelo e ntse e atamela, o ne a simolola go imelwa ka ntlha ya maikarabelo a a bokete a a neng a tshwanetse go a diragatsa. Boikaelelo jwa ga Rraagwe le seriti sa gagwe di ne di ikaegile ka gore a itshokele go sekisiwa a gobelelwa le go bolawa setlhogo. Malatsi a le matlhano pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a rapela jaana: “Jaanong moya wa me o tshwenyegile, mme ke tla reng? Rara, mpoloke mo nakong eno. Le fa go ntse jalo, ke gone ka moo ke tlileng mo nakong eno.” Fa Jesu a sena go ntsha maikutlo ano a tlholego, o ne a bontsha gore ga a ikakanyetse a le esi ka go umaka kgang ya botlhokwa le go feta, mme a rapela a re: “Rara, galaletsa leina la gago.” Gone fela foo Jehofa o ne a re: “Ke le galaleditse e bile ke tla le galaletsa gape.” (Joh. 12:27, 28) Jesu o ne a iketleeditse go lebana le teko e kgolo go di feta tsotlhe ya boikanyegi e go se nang motho ope yo o kileng a lebana le yone. Mme go utlwa Rraagwe yo o kwa legodimong a bua mafoko ao go tshwanetse ga bo go ile ga dira gore Jesu a ikutlwe a tlhomamisegile tota gore o ne a tla kgona go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa. O ne a kgona go dira fela jalo!

Se Loso Lwa ga Jesu lo se Fitlheletseng

15. Fa Jesu a ne a le gaufi le go swa, ke eng fa a ne a re: “Go diragaditswe”?

15 Fa Jesu a ne a lepeletse mo koteng ya tlhokofatso a le mo botlhokong jo bo seng kana ka sepe, a tloga a neela moya, o ne a re: “Go diragaditswe!” (Joh. 19:30) A bo Jesu a kgonne go dira dilo tse dintsi jang ka thuso ya Modimo mo dingwageng tse tharo le sephatlo fa a sena go kolobediwa go fitlha kwa losong lwa gagwe! Fa Jesu a swa, go ne ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe, mme modiredi wa masole a Roma yo o neng a okametse polao ya gagwe o ne a tlhotlheletsega go re: “Eleruri yono e ne e le Morwa Modimo.” (Math. 27:54) Go lebega modiredi yono a ne a bone Jesu a sotliwa ka go bo a ipitsa Morwa Modimo. Le fa Jesu a diragaletswe ke dilo tse dintsi tse di botlhoko jalo, o ne a nna a ikanyega mme a supa gore Satane o maaka ka tsela e e ferosang sebete. Satane o ne a gwetlha batho botlhe ba ba emang bolaodi jwa Modimo nokeng ka go re: “Tsotlhe tse motho a nang natso o tla di ntshetsa botshelo jwa gagwe.” (Jobe 2:4, Baebele e e Boitshepo) Jesu, ka go ikanyega ga gagwe, o bontshitse gore Adame le Efa ba ka bo ba kgonne go itshokela teko ya bone e e neng e se ya sepe fa e bapisiwa le ya gagwe. Sa botlhokwa le go feta, botshelo le loso lwa ga Jesu di ne tsa tlotlomatsa tshiamo ya bolaodi jwa ga Jehofa. (Bala Diane 27:11.) A loso lwa ga Jesu lo fitlheletse sengwe gape? Ee ruri!

16, 17. (a) Ke eng se se neng se ka dira gore Jehofa a tseye basupi ba gagwe ba pele ga motlha wa Bokeresete ba siame? (b) Jehofa o ne a duela Morwawe jang ka gonne a ikanyega, mme Morena Jesu Keresete o ntse a tsweletse a dira eng?

16 Batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa ba tshedile pele ga Jesu a tla mo lefatsheng. Modimo o ne a ba tsaya ba siame mme ba ne ba newa tsholofelo ya tsogo. (Isa. 25:8; Dan. 12:13) Mme ke lebaka lefe le le kafa molaong le le neng le ka dira gore Modimo yo o boitshepo Jehofa, a neye batho ba ba leofileng tshiamelo eo? Baebele ya re: “Modimo o ne a . . . tlhoma [Jesu Keresete] jaaka tshupelo ya thuanyo ka tumelo mo mading a gagwe. Seno e ne e le gore a bontshe tshiamo ya gagwe, ka gonne o ne a itshwarela maleo a a neng a dirwa mo nakong e e fetileng fa Modimo a ne a ntse a supa bopelotelele; gore a bontshe tshiamo ya gagwe mo pakeng eno ya jaanong, gore a tle a nne yo o siameng le fa a bolela motho yo o nang le tumelo mo go Jesu e le yo o siameng.”—Bar. 3:25, 26. *

17 Jehofa o ne a duela Jesu ka go mo tsosetsa kwa boemong jo bo kwa godimo ga jo a neng a na le jone pele ga a tla mo lefatsheng. Jaanong Jesu o tshela botshelo jwa bosasweng e le sebopiwa se se galalelang sa moya. (Baheb. 1:3) E re ka Morena Jesu Keresete e le Moperesiti yo Mogolo le Kgosi, o ntse a tsweletse a thusa balatedi ba gagwe go tlotlomatsa tshiamo ya Modimo. A bo re leboga jang ne go bo Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa, e le Moduedi wa batho botlhe ba ba dirang jalo le ba ba mo direlang ka boikanyego, ba etsa Morwawe!—Bala Pesalema 34:3; Bahebera 11:6.

18. Go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Batho botlhe ba ba ikanyegang go simolola ka Abele ba ne ba na le kamano e e gaufi le Jehofa ka gonne ba ne ba bontsha tumelo e bile ba ikanya Losika lo lo solofeditsweng. Jehofa o ne a itse gore Morwawe o ne a tla ikanyega le gore loso lwa gagwe lo ne lo tla bipa “boleo jwa lefatshe” ka botlalo. (Joh. 1:29) Loso lwa ga Jesu gape lo solegela batho ba ba tshelang gompieno molemo. (Bar. 3:26) Ka jalo, thekololo ya ga Keresete e ka go tlisetsa masego afe? Go tla tlotlwa ka kgang eo mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Fano moaposetoloi Paulo o nopola mafoko a Pesalema 40:6-8 go ya ka thanolo ya Septuagint ya Segerika, e e nang le mafoko a a reng “o mpaakanyeditse mmele.” Mafoko ano ga a yo mo mekwalong ya Dikwalo tsa Sehebera ya bogologolo e e leng teng gompieno.

^ ser. 16 Bona setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo tsebe 6 le 7.

O ka Araba Jang?

• Tshiamo ya Modimo e ne ya gwetlhiwa jang?

• Kolobetso ya ga Jesu e ne e tshwantshetsa eng?

• Loso lwa ga Jesu lo fitlheletse eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

A o itse gore kolobetso ya ga Jesu e ne e tshwantshetsa eng?