Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Losing Lwa Lewatle

Losing Lwa Lewatle

Lekwalo le le Tswang Kwa Grenada

Losing Lwa Lewatle

GA GO pelaelo gore fa o ne o ka newa kabelo ya go dira tirelo ya borongwa kwa nageng e sele, o ne o ka itumela tota. Fela jaaka ngwana yo monnye yo o swegaswegang ka gonne a batla go itse, o ne o ka ipotsa dipotso ka batho ba koo, lefelo leo le se o tla se itumelelang fa o ntse o rera.

Fa nna le mosadi wa me re ne re abelwa go ya go direla kwa Grenada, e e nang le lotshitshi lo lontle lo lo nang le mafelo a ka nna 45 a batho ba ka iketlang kwa go one, re ne ra ipotsa fela gore mafelo ao a ntse jang. Go ise go ye kae re ne re tla itumelela go ya kwa go lengwe la mafelo ano, mme re itumelela go bona batho go feta go aramela letsatsi le go lelesela mo makhubung.

Lotshitshi lwa Grand Anse ga lo kgakala le kwa lapeng kwa Grenada fa o tsamaya ka koloi—mme o tsamaya o bona bontle jo bo gakgamatsang! Tsela ya teng e e motsopodia e dira gore re kgone go bona mafelo a mantle thata mo tseleng. Mefapha ya dithota e botala jo bontlentle. Mo tseleng eo yotlhe, re ne re tsamaya re bona dithaba, dikgwa tsa pula, diphororo le bontlentle jwa lewatle. Ke gone ka moo bajanala ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng ba etelang lefelo leno! Naga e ntle thata mo e leng gore mokgweetsi o tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se ka a iteega tsebe. Ditsela tsa teng di matsoketsane mme mo mafelong a mangwe di ditshesane mo o ka ipotsang gore a dikoloi tse pedi di ka fapaana di sa thulane.

Re ne ra goroga kwa lefelong la kopano kwa Grenada Trade Center, e e fa thoko ga tsela go bapa le Lotshitshi lwa Grand Anse. Go ise go ye kae, ke fa go na le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 600, ba phuthegile go tla go tlhola mmogo ba itumetse e bile ba rutiwa Baebele. E ne e le letsatsi le le kgethegileng, bogolo jang mo go Lesley le Daphne, banyalani ba ba neng ba le mo dingwageng tsa bo70. Lesley o ne a tlile go kolobediwa. Daphne o ne a sa bolo go leta letsatsi leno ka tlhoafalo e kgolo, e re ka a ne a kolobeditswe go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka 1958.

Basupi ba tsaya kolobetso—e e dirwang ka go ina motho gotlhelele mo metsing—e le botlhokwa thata. Ke kgato e motho a e tsayang fa a sena go nna le kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa Baebele a bo a e dirisa mo botshelong jwa gagwe. Ke sengwe se motho a se dirang phatlalatsa se se bontshang gore o ineetse mo go Jehofa Modimo.

Ke ne ke kopilwe go neela puo e e tlhalosang se Dikwalo di se buang ka kolobetso. Fa puo e fela, Lesley le batho ba bangwe ba babedi ba le bone ba neng ba tlile go kolobediwa ba ne ba ema. O ne a apere hempe e tshweu e e siditsweng sentle a bofile thae e bile a nyenya. Ke ne ka botsa jaana: “A lo ikwatlhaetse maleo a lona e bile lo ineetse mo go Jehofa gore lo dire thato ya gagwe?” O ne o kgona go bona gore ba araba ka bopeloephepa le go supa gore ba ineetse fa ba ne ba araba go tswa pelong ba re, “Ee!”

E re ka ke ne ke itse ka botshelo jwa ga Lesley, tiragalo eno e ne ya nkama maikutlo fela thata. Go ne go fetile masomesome a dingwaga a ntse a okaoka go ithuta Baebele. Go tswa foo ene le mosadi wa gagwe ba ne ba etela setlhaketlhake se sengwe. Fa ba le koo, ba ne ba swetsa ka gore mongwe le mongwe a ye kwa bodumeding jwa gagwe. Lesley o ne a raya Daphne a re: “Wena ya kwa kerekeng ya gago, nna ke tla ya kwa go ya me.”

Lesley o ne a isa Daphne kwa Holong ya Bogosi a bo a fetela kwa kerekeng ya Anglican e e mo lefelong leo. Fa kereke e tswa, Lesley o ne a boela kwa Holong ya Bogosi a ya go tsaya mosadi wa gagwe. Fa a fitlha kwa holong, o ne a farafarwa ke batho ba ba pelontle, ba ba botsalano ba ba neng ba mo amogela ka diatla tsoopedi, le fa e ne e le la ntlha ba mmona. Seo se ne sa kgatlha Lesley thata. Fa a ne a le kwa kerekeng ya gagwe, ga a ka a buisiwa ke ope. Lesley o ne a raya Daphne a re: “Nka se tlhole ke boela kwa kerekeng ele. Go ne go se na ope yo o nkgathalelang, ke raya le ene moruti tota. Ga go na ope yo o ileng a ntumedisa. Ke ne ka tsena ka ba ka tswa ke sa buisiwa ke ope.” Fa Lesley a tswa mo kerekeng, o ne a swetsa ka gore a ka se tlhole a boela kwa go yone.

Morago ga moo, Lesley o ne a simolola go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo. Jaanong o ne a ya go kolobediwa. Ba ba yang go kolobediwa ba ne ba leba kwa lotshitshing lwa lewatle mme ra ba sala morago. E re ka lewatle le ne le le gaufi, go ne go sa tlhokege gore re tlhome letamo la kolobetso jaaka go dirwa kwa dikopanong tse dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa. Re ne re kgabaganya tsela fela re bo re tsena fa losing lwa lewatle.

Lotshitshi lwa Grand Anse lo na le motlhaba o mosweu o o ikadileng sekgala sa dikilometara tse tharo go iphaphatha le lewatle mme lo na le metsi a matala a a nnang a le bothitho ngwaga otlhe. Bajanala ba ne ba gakgametse fa ba bona setlhopha sa rona se goroga fa losing lwa lewatle, banna ba apere dihempe e bile ba bofile dithae, basadi ba apere mesese le dikete. Lesley o ne a tswa go apola a bo a apara sekipa le borokgwe jo bokhutshwane. Akanya fela gore Daphne o ne a ikutlwa jang fa a bona monna wa gagwe a kolobediwa mme ene a setse a na le dingwaga di le 50 a kolobeditswe! Sefatlhego sa gagwe se ne se phatsima ka boitumelo. Tota le bajanala ba ne ba itumela le rona. Le bone ba ne ba opa diatla nako le nako fa mongwe a kolobediwa.

Loapi lo lotala, motlhaba o mosweu le makhubu a lewatle—ruri lotshitshi lono lo ne lo setse lo galaletsa Mmopi wa lone. Mme lo ne lo mo galaletsa le go feta fa mongwe le mongwe wa batho ba bararo ba ba sa tswang go kolobediwa ba tswa mo metsing. Go ne go itumedisa thata go ba bona. E ne e le letsatsi le le kgethegileng tota. Ruri Lesley le Daphne ba ne ba nna le nako e e itumedisang kwa losing lwa lewatle.