Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dingwaga Tse 500 Tsa Dithuto Tsa ga Calvin di Fitlheletse Eng?

Dingwaga Tse 500 Tsa Dithuto Tsa ga Calvin di Fitlheletse Eng?

Dingwaga Tse 500 Tsa Dithuto Tsa ga Calvin di Fitlheletse Eng?

JEAN CAUVIN (John Calvin) o tsholetswe kwa Noyon, kwa Fora, ka 1509. O ne a tlhoma tsamaiso ya bodumedi e e neng e na le seabe sa botlhokwa mo botshelong jwa batho ba le bantsi kwa dikarolong dingwe tsa Yuropa, kwa dinageng tsa Amerika, mo Afrika Borwa le kwa mafelong a mangwe. O tsewa e le mongwe wa Badiradiphetogo ba bagolo ba kereke mo hisitoring ya dinaga tsa Bophirima.

Gompieno, dingwaga di ka nna 500 morago ga go tsholwa ga ga Calvin, dikgopolo le dithuto tsa gagwe di sa ntse di tlhotlheletsa ka tsela nngwe dikereke tsa Boporotesetanta tse di jaaka Reformed, Presbyterian, Congregational le dikereke tse dingwe tsa Puritan. Ka September, mokgatlho wa World Alliance of Reformed Churches, o ne wa bega gore o na le balatedi ba le dimilione di le 75 mo dinageng di le 107.

Bodumedi Jwa ga Calvin bo Kgatlhanong le Bokatoliki

Rraagwe Calvin e ne e le agente e bile e le mokwaledi wa kereke ya Katoliki kwa Noyon. Tiro ya gagwe e tshwanetse ya bo e ne e dira gore a kgone go bona boitsholo jo bo sa siamang jo bo neng bo aname jwa baruti mo motlheng oo. Ga re tlhomamise gore a seno se ne sa felela ka gore rraagwe John le mogoloe John ba tsose dikganetso kgotsa ba nyatse kereke, mme gone moragonyana ba ne ba kobiwa mo kerekeng. Fa rraagwe John a sena go tlhokafala, go ne ga nna thata gore a fitlhwe ke Bakeresete. Tiragalo eno e tshwanetse ya bo e ile ya dira gore John a tlhoboge Bokatoliki le go feta.

Bontsi jwa dibuka tse di buang ka ga Calvin ga di tlhalose sepe se sentsi ka ene fa e se gore fa a ne a le mosha e ne e le motho yo o itidimaletseng, a sa rate go tlotla. Tota le fa a ne a le kwa sekolong kwa Paris, Orléans le kwa Bourges, go lebega a ne a se na ditsala tse dintsi. Mme Calvin o ne a na le bokgoni jwa go tlhaloganya dilo ka bonako e bile a na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go gopola dilo. Ka ntlha ya seno le bonatla jwa gagwe—a ithuta go tloga ka ura ya botlhano mo mosong go fitlha bosigogare letsatsi le letsatsi—o ne a kgona go nna moitse wa molao pele a nna le dingwaga di le 23. Gape o ne a ithuta Sehebera, Segerika le Selatine gore a ithute Baebele. Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa se Calvin a neng a itsege ka sone e ne e le mokgwa wa gagwe wa go ineela mo tirong, e leng mokgwa o le gompieno ba le bantsi ba o bonang mo bathong ba ba latelang dikgopolo tsa gagwe.

Fa go ntse go le jalo, kwa nageng e e mabapi ya Jeremane, Martin Luther o ne a tshwaya Kereke ya Katoliki diphoso phatlalatsa ka ntlha ya boferefere jwa yone le go ruta dithuto tse e seng tsa Baebele. Batho ba le bantsi ba dumela gore ka 1517, o ne a kokotela lenaane la dikgopolo tsa gagwe kgotsa dilo tse a neng a sa dumalane le tsone tse 95 mo lebating la kereke kwa Wittenberg, a kgothaletsa gore go nne le diphetogo mo kerekeng. Batho ba le bantsi ba ne ba dumalana le Luther, mme ka bonako Diphetogo di ne tsa anama le Yuropa yotlhe. Ka ntlha ya seo, go ne ga tsoga dikganetso mo mafelong a le mantsi, mme baganetsi kgotsa Baporotesetanta, ba ne ba bogisediwa go buelela dilo tse ba di dumelang. Ka 1533 kwa Paris, tsala ya ga Calvin e bong Nicholas Cop o ne a neela puo e e neng e ema Luther nokeng, mme ka gonne Calvin a ne a mo thusitse go kwala puo eo, ene le Cop ba ne ba tshwanelwa ke go tshaba gore ba se ka ba bolawa. Calvin ga a ka a tlhola a boela kwa Fora go ya go nna teng.

Ka 1536, Calvin o ne a gatisa buka ya Institutes of the Christian Religion e e tlhalosang bodumedi jwa Boporotesetanta ka botlalo. O ne a e kwalela Kgosi Francis I a buelela Baporotesetanta ba Bafora, ba morago ba neng ba bidiwa Ba-Huguenot. Calvin o ne a tshwaya dithuto tsa Katoliki diphoso mme a buelela ntlha ya konokono ya se a se dumelang—bolaodi jwa Modimo. Buka ya ga Calvin ya Intitutes ga e a tlhotlheletsa dikgang tsa bodumedi fela mme gape e itsege ka tlhotlheletso ya yone mo puong ya Sefora le mo mokgweng o Bafora ba kwalang dibuka tsa bone ka one. Calvin o ne a itsege e le mongwe wa Badiradiphetogo ba bagolo. Kgabagare o ne a nna kwa Geneva, kwa Switzerland, mme go tloga ka 1541 go ya pele, o ne a dira diphetogo di le dintsi mo toropong eo.

Go Dira Diphetogo Kwa Geneva

Calvin o ne a nna le tlhotlheletso e kgolo kwa Geneva. Buka ya tshedimosetso ya Encyclopedia of Religion ya re e re ka a ne a tseela boitsholo jo bo siameng le tshiamo kwa godimo, o ne a fetola Geneva gore e se tlhole e nna “motse o o itsegeng ka bosula mme e nne motse o batho botlhe ba one ba laolwang ke melao e e gagametseng ya boitsholo.” Go ne ga nna le diphetogo le mo dilong tse dingwe. Dr. Sabine Witt, motlhokomedi wa Musiamo wa Hisitori ya kwa Jeremane o o kwa Berlin o tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya dintwa tsa bodumedi tsa kwa Fora, palo ya batho [ba Geneva] e ne ya oketsega go menagane gabedi mo dingwageng di sekae fela morago ga gore diketekete tsa batshabi ba Baporotesetanta di ye koo ka bontsi.” Ba-Huguenot, ba e neng e le dinatla jaaka Calvin, ba ne ba tokafatsa ikonomi ya motse wa Geneva, ba dira gore e nne lefelo la go gatisa le le go dirwang ditshupanako mo go lone.

Batshabi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe le bone ba ne ba tla mo Geneva, go akaretsa ba bantsi ba ba tswang kwa Engelane, kwa Baporotesetanta ba neng ba tshosediwa gone ke Kgosigadi Mary I. Bontsi jwa batho ba ba neng ba latela dithuto tsa ga Calvin e ne e le batshabi mme ba ne ba simolola se lokwalopaka lwa bodumedi lwa Christ in der Gegenwart (Mokeresete wa Segompieno) lo se tlhalosang e le “thutabodumedi ya ba ba bogisiwang.” Ka 1560 batshabi bano ba ne ba gatisa Geneva Bible, e leng Baebele ya ntlha ya Seesemane e e neng e na le ditemana tse di kgaogantsweng ka dinomore. E re ka Baebele eno e ne e le nnye, e ne e dira gore go nne motlhofo gore motho a ithute Lefoko la Modimo a le esi. Eno e tshwanetse ya bo e ne e le yone thanolo ya Baebele e Ba-Puritan ba neng ba tsamaya ka yone fa ba fudugela kwa Amerika Bokone ka 1620.

Le fa go ntse jalo, Geneva ga e a ka ya nna botshabelo jo bo sireletsegileng mo bathong botlhe. Michael Servetus, yo o tsholetsweng kwa Spain ka 1511, o ne a ithuta Segerika, Selatine, Sehebera le kalafi mme a ka tswa a ile a kopana le Calvin fa ba ne ba le mo sekolong mmogo kwa Paris. Servetus o ne a lemoga fa a ntse a ithuta Baebele gore thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe ga e a thewa mo Dikwalong. O ne a leka go kwalelana le Calvin ka kgang eno mme ene o ne a leba Servetus e le mmaba mme e se tsala. Fa Servetus a ne a bogisiwa ke Bakatoliki kwa Fora, o ne a siela kwa Geneva e leng motse o Calvin a neng a nna kwa go one. Mo boemong jwa go amogelwa, o ne a tshwarwa, a sekisediwa bokgelogi, mme a fisiwa mo koteng ka 1553. Mokwalahisitori Friedrich Oehninger a re, “Go bolawa ga ga Servetus e sa ntse e le selabe mo botshelong le mo tirong ya Modiradiphetogo [Calvin] yo o neng a le molemo mo dilong tse dingwe.

Calvin o ne a dira dilo di le dintsi fa a ntse a leka go tlisa diphetogo. Go dumelwa gore o kwadile dibuka tsa ditshupiso di feta 100 le makwalo a le 1 000 le gore o neetse dithero di ka nna 4 000 kwa Geneva. Mo go seno sotlhe, Calvin ga a ka a tlhalosa fela tsela e a akanyang gore Bokeresete bo tshwanetse go nna ka yone mme gape o ne a leka go tlhotlheletsa batho go tshela ka tsela e a akanyang gore Bakeresete ba tshwanetse go tshela ka yone, bogolo jang kwa Geneva, e a neng a akanya gore e tla nna sengwe se se jaaka motse wa Modimo. *

Maiteko a magolo a ga Calvin a go tlisa diphetogo kwa Geneva a feletse ka eng? Go ya ka Swiss Federal Statistics Office, ka ngwaga wa 2000, diperesente di le 16 fela tsa banni ba kwa Geneva e ne e le maloko a Kereke ya Reformed (ya batho ba ba neng ba latela dithuto tsa ga Calvin), mme go na le Bakatoliki ba bantsi go feta batho ba ba neng ba latela dithuto tsa ga Calvin kwa toropong eo.

Dikgaogano Tsa Bodumedi di a Anama

Ka ntlha ya Diphetogo, ditoropo le dinaga di ne tsa ipolela gore ke tsa Bokatoliki, Bolutere kgotsa di latela dithuto tsa ga Calvin, mme seo sa dira gore Yuropa e kgaogane ka bodumedi. Le fa Badiradiphetogo ba ne ba utlwana ka go tshwaya Kereke ya Katoliki diphoso, ba ne ba sa dumalane ka bobone. Dr. Witt, yo o nopotsweng pelenyana a re: “Tota le Baporotesetanta ka bobone ba ne ba sa dumalane ka tsa thutabodumedi.” Le fa botlhe ba ne ba dumela gore Baebele e tshwanetse go nna yone motheo wa tumelo ya Bokeresete, ba ne ba sa dumalane ka dithuto tse dintsi tse ba neng ba di ruta. Kwa tshimologong ba ne ba sa dumalane ka bokao jwa Sejo sa Morena sa Maitseboa le go nna gone ga ga Keresete. Fa nako e ntse e ya, bodumedi jwa ga Calvin bo ne jwa tlhama nngwe ya dithuto tsa jone tse go ganetsanwang thata ka tsone: taolelogale.

Go ne ga nna le kgang ya moruthutha malebana le bokao jwa taolelogale. Setlhopha sengwe sa batho ba ba neng ba latela dithuto tsa ga Calvin se ne sa bolela gore pele batho ba leofa, Modimo o ne a dirile tshwetso ya gore ba sekae ba ba tlhophilweng ba ne ba tla bolokwa ka Keresete, mme ba bangwe botlhe ba ne ba ka se bolokwe. Ka jalo, setlhopha seno se ne se dumela gore poloko e tswa kwa Modimong le gore batho botlhe ga ba lekane. Batho ba bangwe ba ba neng ba latela dithuto tsa ga Calvin ba ne ba dumela gore batho botlhe ba ka bolokwa, le gore motho ke ene a itlhophelang gore a o batla go bolokwa kgotsa nnyaa. Seno se ne se kaya gore motho ke ene a ka itlhophelang gore a bolokwe. Tota le morago ga lobaka lo loleele Calvin a sena go swa, ditlhopha tsa batho ba ba latelang dithuto tsa gagwe di ne tsa sala di sa dumalane ka dikgang tse di jaaka molao wa Modimo, kgololesego ya motho ya go itlhophela le kgang ya go lekana ga batho.

Bodumedi Jwa ga Calvin bo ne Jwa Nna le Seabe mo go Bogiseng Batho

Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, Kereke ya Dutch Reformed e e latelang dikgopolo tsa ga Calvin e ne ya tlhalosa gore taolelogale ke lone lebaka la go tlhaola batho ka lotso mo Afrika Borwa. Nelson Mandela, yo e neng ya nna ene poresidente wa ntlha wa motho montsho mo Afrika Borwa o ne a bua jaana malebana le molao wa puso wa gore basweu ba laole ditso tse dingwe: “Molao ono o ne o buelelwa ke Kereke ya Dutch Reformed, e e neng e dira gore mokgwa wa go tlhaola batho ka lotso le mmala o nne le mabaka a bodumedi ka go dira gore batho ba akanye gore Ba-Afrikaner e ne e le batho ba Modimo a ba itlhophetseng mme batho bantsho bone e le lotso lwa maemo a a kwa tlase. Go ya ka Ba-Afrikaner, kereke e ne e dumalana le mokgwa wa go tlhaola batho ka lotso le mmala.”

Ka bo1990, Kereke ya Dutch Reformed e ne ya kopa maitshwarelo phatlalatsa ka go bo e ile ya dumalana le mokgwa wa go tlhaola batho ka lotso le mmala. Mo polelong nngwe ya semmuso e e neng e bidiwa Rustenburg Declaration, baeteledipele ba kereke ba ne ba dumela jaana: “Bangwe ba rona re ne re sokamisa Baebele tota re dira gore e dumalane le go tlhaola batho ka lotso le mmala, mme seo sa dira gore batho ba le bantsi ba dumele gore Modimo o a go amogela.” Fa dingwaga di ntse di feta, tsela e kereke e neng e tsaya go tlhaola batho ka lotso le mmala ka yone ga e a ka ya dira fela gore batho ba boge ka ntlha ya go tlhaolwa ka lotso gape e ne ya dira gore batho ba akanye gore Modimo ke ene a go bakang!

John Calvin o ne a swela kwa Geneva ka 1564. Kwa bofelong, go begwa gore o ne a leboga batho ba a tsenang kereke le bone ka gonne “ba ile ba baka thata jaana motho yo o sa tshwanelweng gotlhelele ke pako e e ntseng jalo” mme a ikopa maitshwarelo ka ntlha ya makoa a gagwe a go fela pelo le go galefa. Mme le fa a ne a na le makoa ao, ruri mekgwa ya kereke ya Porotesetanta ya go bereka—bonatla, go ikgalema le go ineela mo tirong—e tsamaisana thata le botho le melao ya boitsholo ya ga John Calvin.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, tsebe 321-325, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Ka ntlha ya Diphetogo, ditoropo le dinaga di ne tsa ipolela gore ke tsa Bokatoliki, Bolutere kgotsa di latela dithuto tsa ga Calvin, mme seo sa dira gore Yuropa e kgaogane ka bodumedi

[Mmapa mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Noyon

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 18]

SPAIN

FORA

PARIS

Noyon

Orléans

Bourges

SWITZERLAND

GENEVA

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Bodumedi jwa Baporotesetanta bo ne jwa thewa mo bukeng ya ga Calvin ya “Institutes” (1536)

[Motswedi wa Setshwantsho]

© INTERFOTO/​Alamy

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go bolawa ga ga Servetus e sa ntse e le selabe mo botshelong le mo tirong ya ga Calvin

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Mary Evans Picture Library

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Thanolo ya “Geneva Bible” (1560) ke yone Baebele ya ntlha ya Seesemane e e neng e na le ditemana tse di kgaogantsweng ka dinomore

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy American Bible Society

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

French town: © Mary Evans Picture Library