Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kaine o Tsere Mosadi wa Gagwe Kae?

Kaine o Tsere Mosadi wa Gagwe Kae?

Babadi ba a Botsa . . .

Kaine o Tsere Mosadi wa Gagwe Kae?

▪ “Fa e le gore Adame le Efa ba ne ba na le bana ba babedi ba basimane e bong Kaine le Abele, mosadi wa ga Kaine o ne a tswa kae?” Le fa gantsi batho ba ba belaelang Baebele ba botsa potso eno go leka ba bangwe, Baebele e re neela tshedimosetso e e lekaneng gore re bone karabo e e kgotsofatsang.

Kgaolo ya boraro le ya bonè ya Genesise e re neela tshedimosetso e e latelang: (1) Efa e ne e le “mmabatshedi botlhe.” (2) Go ne ga feta nako go simolola fa Kaine a ne a tsholwa go fitlha a ntsha setlhabelo se Modimo a neng a se gana. (3) Fa Kaine a sena go lelekiwa gore e nne “mokgarakgatshegi le mofaladi,” o ne a tshwenyegile ka gore ‘mongwe fela yo o mmonang’ a ka nna a leka go mmolaya. (4) Modimo o ne a tlhoma sesupo go sireletsa Kaine, se se bontshang gore bomorwarraagwe kgotsa ba bangwe ba losika ba ne ba ka leka go mmolaya. (5) “Morago ga moo,” Kaine o ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe kwa “lefatsheng la Bofaladi.”—Genesise 3:20; 4:3, 12, 14-17.

Dintlha tse di fa godimo di bontsha gore go a utlwala go swetsa ka gore mosadi wa ga Kaine e ne e le setlogolwana sa ga Efa se se tshotsweng ka letlha le le sa itseweng. Genesise 5:4 e tlhalosa gore mo dingwageng di le 930 tse Adame a di tshedileng, o ne “a nna le bana ba basimane le ba basetsana.” Mme gone Baebele ga e bontshe ka tlhamalalo gore tota mosadi wa ga Kaine e ne e le morwadia Efa. Eleruri, kgang ya gore go buiwa ka ene morago ga gore Kaine a lelekiwe e bontsha gore go ne go fetile nako e e lekaneng mo a ka tswang e ne e le mongwe wa bana ba bana ba ga Adame le Efa. Ke gone ka moo, The Amplified Old Testament e tlhalosang mosadi wa ga Kaine e le “mongwe wa bana ba ga Adame.”

Motlhalosi wa Baebele wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Adam Clarke o ne a fopholetsa gore e re ka Kaine a ne a boifa, Modimo o ne a tlhoma sesupo ka gonne go ne go setse go na le dikokomana di le mmalwa tsa ga Adame—tse di neng di lekane go “tlhoma metse e le mmalwa.”

Gompieno batho bangwe ba akanya gore go ne go ka se kgonege gore Kaine a nyale kgaitsadie kgotsa ngwana mongwe wa bana ba ga Adame ba ba neng ba nyalane. Gantsi seno se dirwa ke gore ba tsaya go dira jalo e le moila kgotsa ba boifa gore bana ba batsadi ba bone e leng masika ba ka tsholwa ba golafetse. Le fa go ntse jalo, F. LaGard Smith o ne a akgela jaana mo kgatisong ya The Narrated Bible in Chronological Order: “Ruri go ka direga gore barwarraamotho le bokgaitsadiabone ba ntlha ba ne ba nyalana, le fa dikokomana tse di latelang di ne di ka bona go sa siama go dira jalo.” Gape re tshwanetse go ela tlhoko gore, go tlhakanela dikobo le wa losika yo o gaufi go ne ga simolola go ilediwa fa Moshe a ne a amogela melao ya Modimo e e yang kwa setšhabeng sa Iseraele ka 1513 B.C.E.—Lefitiko 18:9, 17, 24.

Gompieno ga re a itekanela jaaka batsadi ba rona ba ntlha ba kile ba itekanela dingwaga di le diketekete tse di fetileng. Tsela e dijini le dilo tse re di gotsang mo batsading ba rona di re amang ka yone e ka tswa e ne e sa ba ame jaaka e re ama gompieno. Mo godimo ga moo, dipatlisiso tsa bosheng, tse di jaaka e e mo kgatisong ya Journal of Genetic Counseling, di bontsha gore fa bontsala ba nna le bana mmogo, ga se gantsi go ka diregang gore bana bao ba tsholwe ba golafetse jaaka batho ba le bantsi ba akanya. Ka jalo, go a utlwala gore dilo tse di ntseng jalo e ne e ka se nne dilo tse batho ba tshwenyegang thata ka tsone mo motlheng wa ga Adame kgotsa pele ga motlha wa ga Noa. Ka jalo, re ka swetsa ka gore mosadi wa ga Kaine e ne e le mongwe wa ba losika lwa gagwe.