Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Senka Masego a ga Jehofa ka Tlhoafalo

Senka Masego a ga Jehofa ka Tlhoafalo

Senka Masego a ga Jehofa ka Tlhoafalo

“[Modimo] o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—BAHEB. 11:6.

1, 2. (a) Batho ba le bantsi ba dira eng gore ba bone masego a Modimo? (b) Ke eng fa re tshwanetse go batla gore Jehofa a re segofatse?

“MODIMO a go segofatse!” Mo dinageng dingwe go tlwaelegile gore batho ba bue jalo fa mongwe a ba diretse sengwe se se molemo. Baruti ba madumedi a a farologaneng ba a tle ba segofatse batho, diphologolo le dilo tse di sa tsheleng. Batho ba ka nna ba tlhotlhelediwa go etela mafelo mangwe a bodumedi ba solofetse gore ba tla segofadiwa. Ka metlha batho ba dipolotiki ba kopa Modimo gore a segofatse setšhaba sa bone. A o akanya gore go a tshwanela gore batho ba kope masego a a ntseng jalo? A mme ba a a newa? Tota ke mang yo o amogelang masego a Modimo, mme ka ntlha yang?

2 Jehofa o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo o tla nna le batho ba ba phepa le ba ba ratang kagiso ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe, ba ba tla rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi go ya kwa mafelelong a lefatshe le fa ba tlhoiwa e bile ba ganediwa. (Isa. 2:2-4; Math. 24:14; Tshen. 7:9, 14) Rona ba re dumetseng go rwala boikarabelo jwa go nna bangwe ba batho bano re batla—e bile re tlhoka—masego a Modimo ka gonne kwantle ga one re ka se atlege gotlhelele. (Pes. 127:1) Mme gone re ka bona jang masego a Modimo?

Masego a Wela Batho ba ba Kutlo

3. Matswela e ka bo e nnile afe fa Baiseraele ba ka bo ba ne ba le kutlo?

3 Bala Diane 10:6, 7Pele fela ga setšhaba sa Iseraele se tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Jehofa o ne a bontsha gore ba ne ba tla atlega le go sirelediwa fela fa ba utlwa lentswe la gagwe. (Dute. 28:1, 2) Masego a ga Jehofa a ne a se na go tlela batho ba gagwe fela, mme a ne a tla ba “wela.” Ruri batho bao ba ba kutlo ba ne ba tla bona masego ao.

4. Go ikobela Modimo ka bopeloephepa go akaretsa eng?

4 Gore Baiseraele ba nne kutlo ba ne ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe? Molao wa Modimo o ne o bolela gore o ne a ka se itumele fa batho ba gagwe ba sa mo direle “ka boipelo le ka go ipela ga pelo.” (Bala Duteronome 28:45-47.) Go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa ga e a tshwanela go nna seomodiro fela, re dira se se neng se ka dirwa le ke diphologolo kgotsa madimona. (Mar. 1:27; Jak. 3:3) Go ikobela Modimo ka bopeloephepa go supa lorato. Seo se bontshiwa ke boitumelo jo re nnang le jone ka gonne re dumela gore melao ya ga Jehofa ga e imele le gore “o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Baheb. 11:6; 1 Joh. 5:3.

5. Go ikanya tsholofetso ya ga Jehofa go ne go ka thusa motho jang gore a ikobele molao o o mo go Duteronome 15:7, 8?

5 Ela tlhoko gore go nna kutlo jalo go ka bo go ile ga bontshiwa jang ka go ikobela molao o o umakilweng mo go Duteronome 15:7, 8. (E bale.) Bahumanegi ba ka bo ba ile ba bona kgololo ka nakwana le fa ba ne ba ikobela molao oo ba sa rate, mme potso ke gore a seo se ka bo se dirile gore batho ba Modimo ba nne le kamano e e molemo mme ba bontshane lorato? Sa botlhokwa le go feta, a go dira jalo go ka bo go bontshitse gore ba dumela gore Jehofa o na le bokgoni jwa go tlamela batlhanka ba gagwe le gore ba anaanela tshono ya go etsa bopelotshweu jwa gagwe? Le go ka! Modimo o ne a ela tlhoko boemo jwa pelo ya motho yo o abang ka bopelotshweu tota mme a bo a solofetsa go mo segofatsa mo go sengwe le sengwe se a se dirang. (Dute. 15:10) Go nna le tumelo mo tsholofetsong eo go ne go tla dira gore motho a tseye kgato mme seno se ne se tla felela ka masego a a seng kana ka sepe.—Dia. 28:20.

6. Bahebera 11:6 e tshwanetse go re tlhomamisetsa eng?

6 Mo godimo ga go nna le tumelo ya gore Jehofa ke Moduedi wa batlhanka ba gagwe, Bahebera 11:6 e umaka nonofo e nngwe gape e re tshwanetseng go nna le yone gore re segofadiwe ke Modimo. Ela tlhoko gore Jehofa o duela batho ba ba “mmatlang ka tlhoafalo.” Lefoko la puo ya ntlhantlha le le dirisitsweng fano le kaya go dira ka natla le go kgaratlha. Ruri seno se tshwanetse go re tlhomamisetsa gore re tla bona masego! Modimo yo o esi wa boammaaruri, “yo a ka se kang a aka” ke ene yo o abang masego ao. (Tito 1:2) O bontshitse ka dingwagangwaga gore ruri re ka ikanya ditsholofetso tsa gagwe. Ka metlha se a se buang se a direga. (Isa. 55:11) Ruri re ka tlhomamisega ka botlalo gore fa re bontsha tumelo ya mmatota, o tla nna Moduedi wa rona.

7. Re ka bona jang masego ka “losika” lwa ga Aborahame?

7 Jesu Keresete o ne a itshupa e le karolo ya konokono ya “losika” lwa ga Aborahame. Bakeresete ba ba tloditsweng ba bopa karolo ya bobedi ya “losika” loo lo lo boleletsweng pele. Ba laetswe gore ba “bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe, tsa yo o neng a [ba] bitsa mo lefifing a [ba] isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (Bagal. 3:7-9, 14, 16, 26-29; 1 Pet. 2:9) Re ka se kgone go nna le kamano e e molemo le Jehofa fa re tlhokomologa batho ba Jesu a ba tlhomileng go tlhokomela dilo tsa gagwe. Kwantle ga thuso ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” re ne re ka se tlhaloganye ka botlalo bokao jwa se re se balang mo Lefokong la Modimo e bile re ne re ka se itse gore re se dirise jang mo matshelong a rona. (Math. 24:45-47) Modimo o tla re segofatsa fa re dirisa se re se ithutang mo Dikwalong.

Go Nna re Akantse ka Thato ya Modimo

8, 9. Ke eng se tlhogo ya lotso e bong Jakobe a neng a se dira go dumalana le tsholofetso ya Modimo?

8 Kgang ya go dira ka natla gore re bone masego a Modimo e re gopotsa tlhogo ya lotso e bong Jakobe. O ne a sa itse gore se Modimo a se solofeditseng Aborahame se ne se tla diragadiwa jang, mme o ne a dumela gore Jehofa o ne a tla atisa losika lwa ga rraagwemogolo fela thata, lo ditlogolwana tsa lone e neng e tla nna setšhaba se segolo. Ka jalo ka 1781 B.C.E., Jakobe o ne a ya kwa Harana go ya go batla mosadi. O ne a sa batle fela motho yo o neng a tla nna molekane yo o molemo; go na le moo o ne a batla mosadi yo o ratang dilo tsa semoya yo e neng e le moobamedi wa ga Jehofa le yo o neng a tla nna mmè yo o molemo mo baneng ba gagwe.

9 Re itse gore Jakobe o ne a kopana le Ragele yo o neng a amana le ene ka losika. O ne a rata Ragele mo a bileng a dumela go direla rraagwe e bong Labane dingwaga di le supa gore a tle a tseye Ragele go nna mosadi wa gagwe. Eno e ne e se kgang fela ya batho ba babedi ba ba neng ba ratana thata. Jakobe o ne a itse sentle ka se Modimo Mothatayotlhe a neng a se solofeditse rraagwemogolo e bong Aborahame le rraagwe e bong Isake. (Gen. 18:18; 22:17, 18; 26:3-5, 24, 25) Mme Isake ene o ne a raya Jakobe morwawe a re: “Modimo Mothatayotlhe o tla go segofatsa a go atisa a ba a go ntsifatsa, mme ruri o tla nna phuthego ya ditšhaba. Mme o tla go naya tshegofatso ya ga Aborahame, wena le losika lwa gago lo lo nang le wena, gore o tle o rue lefatshe la boagi jwa gago jwa boeng, jo Modimo a bo neileng Aborahame.” (Gen. 28:3, 4) Ka jalo matsapa a Jakobe a a tsereng go batla mosadi yo o tshwanelang, le go nna le lelapa a ne a bontsha gore o ikanya se Jehofa a neng a se buile.

10. Ke eng fa Jehofa a ne a itumelela go segofatsa Jakobe go dumalana le kopo ya gagwe?

10 Jakobe o ne a sa ipatlele dikhumo gore a thuse lelapa la gagwe. O ne a akantse ka se Modimo a neng a se mo solofeditse mmogo le ditlogolwana tsa gagwe. O ne a amegile thata ka go diragadiwa ga thato ya ga Jehofa. Jakobe o ne a ititeile sehuba gore o tla dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang gore a segofadiwe ke Modimo le fa go ne go na le dikgoreletsi. O ne a tswelela a dira jalo le fa a setse a tsofetse, mme Jehofa o ne a mo segofatsa.—Bala Genesise 32:24-29.

11. Re tshwanetse go tsaya matsapa afe go dumalana le thato ya Modimo e a re senoletseng yone?

11 Jaaka Jakobe, ga re itse sengwe le sengwe malebana le tsela e Jehofa a tla diragatsang maikaelelo a gagwe ka yone. Le fa go ntse jalo, fa re ithuta Lefoko la Modimo, re kgona go lemoga se se tla diragalang ka “letsatsi la ga Jehofa.” (2 Pet. 3:10, 17) Ka sekai, ga re itse gore letsatsi leo le tla tla leng, mme gone re itse gore le gaufi. Re dumela Lefoko la Modimo fa le re, fa re neela bosupi ka botlalo mo nakong e khutshwane e e setseng, re tla ipoloka re bo re boloka ba ba re reetsang.—1 Tim. 4:16.

12. Re ka tlhomamisega ka eng?

12 Re a itse gore bokhutlo bo ka tla nako nngwe le nngwe; ka jalo ga go tlhokege gore Jehofa a emele gore re rerele motho mongwe le mongwe yo o mo lefatsheng. (Math. 10:23) Mo godimo ga moo, re newa kaelo e e molemo ya kafa re ka rerang ka tsela e e nang le matswela ka gone. Ka tumelo, re dira tiro eno ka bojotlhe jwa rona, re dirisa sengwe le sengwe se re nang le sone. A ka metlha re tla rera mo tshimong e e nang le matswela? Tota re tla itse jang gore tshimo e tla nna le matswela? (Bala Moreri 11:5, 6.) Tiro ya rona ke go rera re na le tsholofelo ya gore Jehofa o tla re segofatsa. (1 Bakor. 3:6, 7) Re ka tlhomamisega gore o bona matsapa a re a tsayang mme ka moya wa gagwe o o boitshepo, o tla re naya kaelo le fa e le efe e re e tlhokang.—Pes. 32:8.

Go Kopa Moya o o Boitshepo

13, 14. Tsela e moya o o boitshepo wa Modimo o kgonang go dira ka yone gore batlhanka ba gagwe ba tshwanelege e bontshitswe jang?

13 Go tweng fa re ikutlwa re sa tshwanelege go dira kabelo nngwe kgotsa go nna le seabe mo tirong ya go rera? Re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa go tokafatsa bokgoni bope jo re nang le jone mo tirelong ya gagwe. (Bala Luke 11:13.) Moya wa Modimo o ka dira gore batho ba tshwanelegele go dira tiro nngwe kgotsa go bona ditshiamelo tsa tirelo go sa kgathalesege gore ba ne ba le mo boemong bofe pele kgotsa gore ba diragaletswe ke eng mo nakong e e fetileng. Ka sekai, fela fa Baiseraele ba sena go fuduga kwa Egepeto, moya wa Modimo o ne wa thusa badisa le batlhanka go fenya baba ba bone mo ntweng le fa ba ne ba se na maitemogelo a go lwa. (Ekes. 17:8-13) Moragonyana ga foo, one moya oo o ne wa tshololelwa Besalele le Oholiabe gore ba dire dipolane tsa kago tsa motlaagana tse dintle, tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo.—Ekes. 31:2-6; 35:30-35.

14 Moya oo o o maatla o ne wa thusa batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno gore ba neye phuthego dilo tse e di tlhokang fa go ne go tlhokega gore ba simolole tiro ya go gatisa. Mokaulengwe R. J. Martin yo e neng e le molebedi wa feketiri ka nako eo, o ne a kwala lekwalo a tlhalosa se se neng se setse se fitlheletswe ka 1927. “Morena o ne a bula kgoro ka nako e e tshwanetseng; mme re ne ra amogela motšhine o mogolo o o gatisang wa rotary, le fa re ne re sa itse gore o dirilwe jang kgotsa gore o dirisiwa jang. Mme Morena o itse go dira gore ditlhaloganyo tsa ba ba ineetseng ka botlalo mo go ene di tshware dilo ka bonako. . . . Mo dibekeng di le mmalwa fela re ne ra kgona go dira gore motšhine oo o bereke sentle; mme o sa ntse o bereka, o dira tiro e le batho ba ba o dirileng ba neng ba sa akanye gore o ka e dira.” Go tla go fitlha gompieno, Jehofa o ntse a segofatsa matsapa a a ntseng jalo.

15. Baroma 8:11 e ka kgothatsa jang batho ba ba lebaneng le thaelo?

15 Moya wa ga Jehofa o dira ka ditsela tse di farologaneng. Batlhanka botlhe ba Modimo ba ka bona moya oo, mme o ba thusa go fenya mathata a a boitshegang. Go tweng fa re ikutlwa re fekeediwa ke thaelo? Re ka kgothadiwa ke mafoko a ga Paulo a a mo go Baroma 7:21, 25 le 8:11. Ee, le rona re ka thusiwa ke “moya wa yo o neng a tsosa Jesu mo baswing,” mme o ka re nonotsha gore re fenye dikeletso tsa nama. Ditemana tseo di ne di kwaletswe Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, mme molaetsa wa tsone o ka thusa batlhanka botlhe ba Modimo. Rotlhe re bona botshelo ka go nna le tumelo mo go Keresete, ka go dira ka natla go bolaya dikeletso tse di sa siamang, le ka go tshela go ya ka kaelo ya moya.

16. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re bone moya o o boitshepo wa Modimo?

16 A re ka lebelela gore Modimo a re neye maatla a gagwe a a dirang kwantle ga gore re tseye matsapa? Nnyaa. Mo godimo ga go rapelela maatla ao, re tshwanetse go tlhoafalela go ithuta Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (Dia. 2:1-6) Mo godimo ga moo, moya wa Modimo o rena mo phuthegong ya Bokeresete. Go nna teng ka metlha kwa dipokanong go bontsha gore re rata go ‘utlwa se moya o se buang le diphuthego.’ (Tshen. 3:6) Gape re tshwanetse go nna boikokobetso mme re amogele se re se ithutang. Diane 1:23 e re gakolola jaana: “Boelang morago fa ke lo kgalemela. Mme ke tla dira gore moya wa me o elele mo go lona.” Eleruri Modimo o naya “ba ba mo utlwang jaaka mmusi,” moya wa gagwe o o boitshepo.—Dit. 5:32.

17. Re ka tshwantsha tsela e Modimo a segofatsang matsapa a rona ka yone le eng?

17 Le fa go tlhokega gore re tseye matsapa gore re segofadiwe ke Modimo, gakologelwa gore go dira ka natla ga se gone fela go dirang gore batho ba ga Jehofa ba nne le letlepu la dilo tse di molemo tse a di ba neileng. Tsela e a segofatsang matsapa a re a tsayang ka yone e ka tshwantshiwa le tsela e mebele ya rona e solegelwang molemo ka yone ke dijo tse di molemo tse re di jang. Tsela e Modimo a dirileng mebele ya rona ka yone e re thusa gore re itumelele dijo mme di re neye dikotla tse di botlhokwa. Gape ke ene a re nayang dijo. Ga re itse gore dijo tsa rona di tsaya kae dikotla tsa tsone, e bile batho ba bantsi ba ka se kgone go tlhalosa kafa mebele ya rona e bonang maatla ka teng go tswa mo dijong tse re di jang. Se re se itseng fela ke gore seno se a direga, mme fa re ja, re dira gore se direge. Re bona matswela a a molemo le go feta fa re tlhopha go ja dijo tse di nang le dikotla. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o tlhalositse dilo tse re tshwanetseng go di dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng, mme o re thusa go di fitlhelela. Ruri o re thusa go tlala seatla mme re tshwanetse go mmaka. E le gore re bone masego, re tshwanetse go mo ikobela, re dire go dumalana le thato ya gagwe.—Hag. 2:18, 19.

18. O ikemiseditse go dira eng, mme ka ntlha yang?

18 Ka jalo, dira bojotlhe jwa gago fa o dira tiro nngwe le nngwe e o e abetsweng. Ka metlha kopa Jehofa gore a go thuse gore o atlege. (Mar. 11:23, 24) Fa o ntse o dira jalo, tlhomamisega gore “mongwe le mongwe yo o senkang o a bona.” (Math. 7:8) Batlodiwa ba tla segofadiwa ka “serwalo sa botshelo” kwa legodimong. (Jak. 1:12) “Dinku tse dingwe” tsa ga Keresete tse di kgaratlhelang go amogela masego ka losika lwa ga Aborahame, di tla itumelela go mo utlwa a re: “Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.” (Joh. 10:16; Math. 25:34) Ruri “ba [Modimo] a ba segofatsang ba tla rua lefatshe, . . . mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pes. 37:22, 29.

A o Ka Tlhalosa?

• Go nna kutlo ka tsela ya mmatota go akaretsa eng?

• Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re segofadiwe ke Modimo?

• Re ka amogela jang moya o o boitshepo wa Modimo, mme o ka re thusa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Jakobe o ne a sokasokana le moengele gore Jehofa a mo segofatse.

A le wena o tsaya matsapa jalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa thusa Besalele le Oholiabe gore ba dire tiro e e duleng diatla