Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kutlwano ya Bokeresete e Galaletsa Modimo

Kutlwano ya Bokeresete e Galaletsa Modimo

Kutlwano ya Bokeresete e Galaletsa Modimo

“Leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya.”—BAEF. 4:3.

1. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Efeso ba ne ba galaletsa Modimo jang?

KUTLWANO e e neng e le teng mo phuthegong ya Bokeresete kwa Efeso wa bogologolo e ne e galaletsa Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Mo motseng oo o e neng e le boremelelo jwa kgwebo, bakaulengwe bangwe e ne le bahumi ba ba neng ba na le batlhanka mme ba bangwe bone e ne e le batlhanka e bile gongwe e le badidi ba go ja dikata. (Baef. 6:5, 9) Bangwe e ne e le Bajuda ba ba neng ba ithutile boammaaruri mo dikgweding tse tharo tsa fa moaposetoloi Paulo a ne a rera kwa sinagogeng ya bone. Ba bangwe ba ne ba kile ba obamela Aretemise e bile ba ne ba kile ba dira ditiro tsa maselamose. (Dit. 19:8, 19, 26) Go bonala sentle gore Bokeresete jwa boammaaruri bo ne bo kopanya batho ba ba tswang mo maemong a mantsi a a farologaneng. Paulo o ne a lemoga gore Jehofa o ne a galalediwa ka ntlha ya kutlwano e e neng e le teng mo phuthegong. Moaposetoloi yoo o ne a re: “Kwa go ene go nne kgalalelo ka phuthego.”—Baef. 3:21.

2. Ke eng se se neng se beile kutlwano ya Bakeresete ba kwa Efeso mo kotsing?

2 Le fa go ntse jalo, kutlwano eo e e itumedisang ya phuthego ya Efeso e ne e le mo kotsing. Paulo o ne a tlhagisa bagolwane jaana: “Go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Dit. 20:30) Gape bakaulengwe bangwe ba ne ba sa ntse ba na le moya wa go baka dikgaogano, o Paulo a neng a re ‘o dira mo baneng ba botlhokakutlo.’—Baef. 2:2; 4:22.

Lekwalo le le Gatelelang Botlhokwa Jwa Kutlwano

3, 4. Lekwalo le Paulo a neng a le kwalela Baefeso le gatelela jang botlhokwa jwa kutlwano?

3 Paulo o ne a lemoga gore Mokeresete mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go dira maiteko a magolo gore go nne le kutlwano. Modimo o ne a tlhotlheletsa Paulo go kwalela Baefeso lekwalo le le neng le gatelela botlhokwa jwa kutlwano. Ka sekai, Paulo o ne a kwala ka maikaelelo a Modimo a “go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete.” (Baef. 1:10) Gape o ne a tshwantsha Bakeresete le maje a a farologaneng a go agilweng kago ka one. “Kago yotlhe, ka e kopanngwa mmogo ka kutlwano, e gola e nna tempele e e boitshepo ya ga Jehofa.” (Baef. 2:20, 21) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a bua thata ka kutlwano ya Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba mme gape o ne a gakolola bakaulengwe bao gore botlhe ba bopilwe ke Modimo. O ne a re Jehofa ke “Rara, . . . yo lelapa lengwe le lengwe kwa legodimong le mo lefatsheng le bidiwang ka ene.”—Baef. 3:5, 6, 14, 15.

4 Fa re sekaseka Baefeso kgaolo 4, re tla bona gore ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore re dire maiteko gore go nne le kutlwano, kafa Jehofa a re thusang ka teng gore re nne ka kutlwano, le mekgwa e e tla re thusang gore re nne re utlwana. Gore thuto eno e go solegele molemo, go ka nna molemo gore o bale kgaolo eo yotlhe.

Lebaka La go Bo go Tlhokega Maiteko Gore go Nne le Bongwefela

5. Ke eng se se dirang gore baengele ba Modimo ba direle ba le seoposengwe, mme ke eng fa go nna seoposengwe e ka nna kgwetlho mo go rona?

5 Paulo o ne a kopa bakaulengwe ba gagwe ba kwa Efeso gore ‘ba leke ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya.’ (Baef. 4:3) Go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa seno se tlhoka gore go dirwe maiteko, akanya ka kgang ya baengele ba Modimo. Ga go na ditshedi dipe tse pedi mo lefatsheng tse di tshwanang kgo, ka jalo Jehofa o tshwanetse a bo a dirile gore mongwe le mongwe wa baengele ba gagwe ba bantsintsi a se ka a tshwana le ba bangwe. (Dan. 7:10) Le fa go ntse jalo, ba ka kgona go direla Jehofa ba le seoposengwe ka gonne botlhe ba a mo reetsa e bile ba dira thato ya gagwe. (Bala Pesalema 103:20, 21.) Baengele ba ba ikanyegang ba na le dinonofo tse di farologaneng tse di molemo. Bakeresete le bone ba na le tsone mme gape ba na le makoa a a farologaneng. Seno se ka dira gore go nna seoposengwe e nne kgwetlho.

6. Ke mekgwa efe e e ka re thusang go dirisana sentle le bakaulengwe ba ba nang le makoa a a farologaneng le a rona?

6 Fa batho ba ba nang le boleo ba leka go dirisana mmogo, go motlhofo gore ba nne le mathata. Ka sekai, go tweng fa mokaulengwe yo o bonolo yo gantsi a gorogang thari a direla Jehofa mmogo le mokaulengwe yo o tshwarang nako mme a le bogale? Mongwe le mongwe wa bakaulengwe bao a ka nna le maikutlo a gore yo mongwe o tshwanetse go tokafatsa tsela e a dirang dilo ka yone, mme a lebala gore le ene go na le sengwe se a sa se direng ka tshwanelo. Bakaulengwe bao boobabedi ba ka direla mmogo jang ka kutlwano? Bona kafa mekgwa e Paulo a e buelelang mo mafokong a gagwe a a latelang e ka ba thusang ka teng. Go tswa foo o akanye kafa re ka dirang ka teng gore go nne le kutlwano ka go nna le mekgwa eo. O ne a re: “Ke lo rapela gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng . . . ka mogopolo o o ikokobeditseng fela thata le ka bonolo, ka bopelotelele, lo itshokelana ka lorato, lo leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.”—Baef. 4:1-3.

7. Ke eng fa go le botlhokwa gore re leke go direla mmogo ka kutlwano le Bakeresete ba bangwe ba ba dirang diphoso jaaka rona?

7 Go ithuta go direla Modimo ka kutlwano le batho ba bangwe ba ba dirang diphoso jaaka rona go botlhokwa ka gonne go na le setlhopha se le sengwe fela sa baobamedi ba boammaaruri. “Go na le mmele o le mongwe, le moya o le mongwe, fela jaaka lo ne lwa bidiwa mo tsholofelong e le nngwe e lo neng lwa bilediwa kwa go yone; Morena a le mongwe, tumelo e le nngwe, kolobetso e le nngwe; Modimo a le mongwe le Rara wa batho botlhe.” (Baef. 4:4-6) Jehofa o segofatsa bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba a ba dirisang e bile o ba naya moya wa gagwe. Le fa go ka tswa go na le mongwe yo o re kgopisang mo phuthegong, re tla ya kae? Ga go na gope go sele kwa re ka utlwang teng mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 6:68.

“Dimpho Tse e Leng Banna” ba Dira Gore go Nne le Kutlwano

8. Keresete o dirisa bomang go re nonotsha gore re se ka ra nna le dikgaogano?

8 Paulo o ne a dirisa mokgwa o masole a bogologolo a neng a o dirisa thata go bontsha kafa Jesu a abileng ka teng “dimpho tse e leng banna” go thusa go dira phuthego seoposengwe. Lesole le le fentseng le ne le ka tlisa motho wa setšhaba se sele yo le mo gapileng kwa gae go ya go nna motlhanka gore a thuse mosadi wa lone ka ditiro tsa mo gae. (Pes. 68:1, 12, 18) Ka tsela e e tshwanang, fa Jesu a sena go fenya lefatshe, o ile a nna le batlhanka ba bantsi ba ba direlang ka go rata. (Bala Baefeso 4:7, 8.) O ne a dirisa jang batshwarwa bao ba tshwantshetso? “O ne a aba bangwe go nna baaposetoloi, bangwe go nna baporofeti, bangwe go nna baefangedi, bangwe go nna badisa le barutisi, ka boikaelelo jwa go lolamisiwa ga baitshepi, go dira tiro ya bodiredi, go agiwa ga mmele wa ga Keresete, go fitlha rotlhe re fitlhelela bongwefela mo tumelong.”—Baef. 4:11-13.

9. (a) “Dimpho tse e leng banna” di thusa jang gore re nne re utlwana? (b) Ke eng fa leloko lengwe le lengwe la phuthego le tshwanetse go dira sengwe gore go nne le kutlwano mo phuthegong?

9 E re ka “dimpho [tseno] tse e leng banna” e le badisa ba ba lorato, ba thusa gore re nne re utlwana. Ka sekai, fa mogolwane wa phuthego a lemoga gore bakaulengwe bangwe ba babedi ba a “gaisana,” a ka dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong ka go ba naya kgakololo kwa thoko, “go [ba] lolamisa ka moya o o bonolo.” (Bagal. 5:26–6:1) E re ka “dimpho [tseno] tse e leng banna” e le barutisi, ba re thusa go nna le tumelo e e nonofileng e e theilweng mo dithutong tsa Baebele. Ka jalo ba dira gore go nne le kutlwano e bile ba re thusa gore re nne Bakeresete ba ba godileng semoyeng. Paulo o ne a re ba dira seno “e le gore re tle re se ka ra tlhola re nna masea, re heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete re heheutlwa ke makhubu e bile re akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho, ka boferefere ka go loga leano le le tsietsang.” (Baef. 4:13, 14) Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dira sengwe gore bakaulengwe botlhe ba nne seoposengwe, fela jaaka tokololo nngwe le nngwe ya mebele ya rona e thusa tse dingwe ka go di naya se di se tlhokang.—Bala Baefeso 4:15, 16.

Kgaratlhela go Nna le Mekgwa e Mesha

10. Boitsholo jo bo sa siamang bo ka baya kutlwano ya rona mo kotsing jang?

10 A o etse tlhoko gore kgaolo ya bonè ya lekwalo le Paulo a le kwaletseng Baefeso e bontsha gore go bontsha lorato ke gone go ka dirang gore Bakeresete ba ba godileng semoyeng ba nne seoposengwe? Go tswa foo, e tlhalosa se lorato lo se akaretsang. Ka sekai, go bontsha lorato go akaretsa go se dire kgokafalo le boitsholo jo bo repileng. Paulo o ne a kgothaletsa bakaulengwe ba gagwe gore ba ‘se ka ba tlhola ba tswelela ba tsamaya fela jaaka ditšhaba le tsone di tsamaya.’ Batho bao ba ne “ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro,” e bile “ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng.” (Baef. 4:17-19) Lefatshe le le se nang boitsholo le re tshelang mo go lone le baya kutlwano ya rona mo kotsing. Batho ba dira metlae ka kgokafalo, ba opela ka yone, ba itlosa bodutu ka go e lebelela, e bile ba e dira mo sephiring kana mo pontsheng. Tota le go tshameka ka maikutlo a lorato, mo go ka akaretsang go dira e kete o kgatlhegela go ratana le mongwe yo o se nang maikaelelo a go nyalana le ene, go ka go katosetsa kgakala le Jehofa le phuthego. Jang? Ka gonne go dira jalo go gogela motho motlhofo fela mo kgokafalong. Gape fa motho yo o mo lenyalong a tshameka ka maikutlo a lorato a bo a wela mo boakeng, seo se ka kgaoganya bana le batsadi ba bone e bile se ka kgaoganya balekane ba ba se nang molato le balekane ba bone ba lenyalo. Ruri go baka dikgaogano! Go ne go utlwala gore Paulo a kwale jaana: “Ga lo a ithuta Keresete a ntse jalo”!—Baef. 4:20, 21.

11. Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba dire phetogo efe?

11 Paulo o ne a gatelela gore re tshwanetse go tlogela ditsela tsa go akanya tse di ka senyang kutlwano mme re kgaratlhele go nna le mekgwa e e tla dirang gore re tshele le ba bangwe ka kagiso. O ne a re: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro le jo bo senngwang go ya ka dikeletso tsa jone [botho jo bogologolo] tse di tsietsang; . . . lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona, le gore lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baef. 4:22-24) Re ka ‘dirwa basha jang mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa rona’? Fa re dira maiteko a go anaanela le go tlhatlhanya ka se re se ithutang mo Lefokong la Modimo le mo sekaong se se molemo sa Bakeresete ba ba godileng semoyeng, re ka kgona go nna le botho jo bosha jo bo neng jwa “bopiwa go ya ka go rata ga Modimo.”

Itlwaetse Ditsela Tse Disha Tsa go Bua

12. Go bua boammaaruri go thusa jang gore go nne le kutlwano, mme ke eng fa batho bangwe ba thatafalelwa ke go bua boammaaruri?

12 Go bua boammaaruri go botlhokwa mo bathong ba e leng ditokololo tsa mongwe go yo mongwe mo lelapeng kana mo phuthegong. Go bua re phuthologile, re ntsha se se mo mafatlheng a rona, e bile re bua ka bopelonomi go ka dira gore batho ba nne seoposengwe. (Joh. 15:15) Mme go tweng fa motho a aketsa morwarraagwe? Fa morwarraagwe a lemoga seo, go tla nna thata gore a tswelele a mo ikanya. Go a utlwala go bo Paulo a ile a kwala jaana: “A mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe, ka gonne re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe.” (Baef. 4:25) Motho yo o tlwaetseng go bua maaka, gongwe a sa bolo go simolola go dira jalo a sa le ngwana, a ka thatafalelwa ke go simolola go bua boammaaruri. Mme Jehofa o tla anaanela maiteko a a a dirang gore a fetoge e bile o tla mo thusa.

13. Go se bue puo ya go kgoba go akaretsa eng?

13 Jehofa o re ruta gore re dire gore go nne le tlotlo le kutlwano mo phuthegong le mo lelapeng ka go re naya kaelo e e tlhomameng malebana le tsela e re tshwanetseng go bua ka yone. “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona . . . A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.” (Baef. 4:29, 31) Go ithuta go tlotla ba bangwe go ka re thusa gore re tile go bua ka tsela e e kgopisang. Ka sekai, monna yo o kgobang mosadi wa gagwe ka mafoko o tshwanetse go leka go fetola tsela e a mo lebang ka yone, segolobogolo fa a ithuta kafa Jehofa a tlotlang basadi ka teng. Tota e bile Modimo o tloditse basadi bangwe ka moya o o boitshepo, a ba naya tsholofelo ya go busa e le dikgosi le Keresete. (Bagal. 3:28; 1 Pet. 3:7) Ka tsela e e tshwanang, mosadi yo o nang le mokgwa wa go omanya monna wa gagwe o tshwanetse go fetoga fa a ithuta kafa Jesu a neng a itshwara ka teng fa a ne a rumolwa.—1 Pet. 2:21-23.

14. Ke eng fa go se laole bogale go le kotsi?

14 Mokgwa o mongwe o o amanang thata le puo ya go kgoba ke go se laole bogale. Mokgwa ono le one o ka kgaoganya batho ba e leng ditokololo tsa mongwe go yo mongwe. Bogale bo tshwana le molelo. Bo ka tswa taolong mme jwa baka mathata a a boitshegang. (Dia. 29:22) Motho yo o nang le lebaka la go galefa o tshwanetse go nna kelotlhoko gore a laole bogale jwa gagwe mme a tile go senya dikamano tse di molemo tse a nang le tsone le ba bangwe. Bakeresete ba tshwanetse go dira bojotlhe go itshwarela ba bangwe, ba se ka ba boloka dikgopi mme ba se ka ba tsosa dikgang tse go setseng go builwe ka tsone. (Pes. 37:8; 103:8, 9; Dia. 17:9) Paulo o ne a gakolola Baefeso jaana: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.” (Baef. 4:26, 27) Go palelwa ke go laola bogale go ka naya Diabolo sebaka sa go baka dikgaogano le dikgotlhang mo phuthegong.

15. Go itseela dilo tse e seng tsa rona go ka baka mathata afe?

15 Go tlotla dithoto tsa ba bangwe go dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Baebele ya re: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa.” (Baef. 4:28) Batho ba ga Jehofa ka kakaretso ba a tshepana. Mokeresete o ne a ka senya kutlwano eo fa a ne a ka dira gore ba bangwe ba se ka ba tlhola ba mo tshepa ka gonne a itseetse sengwe se e seng sa gagwe.

Go Rata Modimo go Dira Gore re Nne Seoposengwe

16. Go bua puo e e agang go ka dira jang gore re nne re le seoposengwe?

16 Phuthego ya Bokeresete e seoposengwe ka gonne botlhe ba ba mo go yone ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo gore ba tshware ba bangwe ka lorato. Go anaanela bopelonomi jwa ga Jehofa go re tlhotlheletsa gore re dire maiteko a go dirisa kgakololo eno: “[Buang] lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang. . . . Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.” (Baef. 4:29, 32) Jehofa ka bopelonomi o a re itshwarela rona batho ba ba dirang diphoso. A le rona ga re a tshwanela go itshwarela ba bangwe fa re bona diphoso tsa bone?

17. Ke eng fa re tshwanetse go leka ka natla go dira gore go nne le kutlwano?

17 Tsela e batho ba Modimo ba utlwanang ka yone e galaletsa Jehofa. Moya wa gagwe o re tlhotlheletsa ka ditsela tse di farologaneng go dira gore go nne le kutlwano. Ruri ga re batle go gana go kaelwa ke moya. Paulo o ne a re: “Lo se ka lwa hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo.” (Baef. 4:30) Kutlwano ke letlotlo le le tshwanetseng go ngomaelwa. E itumedisa botlhe ba ba nang le yone mme e galaletsa Jehofa. “Jalo, nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, lo bo lo tswelele lo tsamaya mo loratong.”—Baef. 5:1, 2.

O ka Araba Jang?

• Ke mekgwa efe e e dirang gore Bakeresete ba nne ka kutlwano?

Boitshwaro le boitsholo jwa rona bo ka thusa jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?

Tsela e re buang ka yone e ka re thusa jang gore re dirisane sentle le ba bangwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Batho ba mefuta e e farologaneng ba seoposengwe

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A o lemoga kotsi ya go tshameka ka maikutlo a ba bangwe a lorato?