Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letsholo le le Kgethegileng la Kwa Bulgaria le a Atlega

Letsholo le le Kgethegileng la Kwa Bulgaria le a Atlega

Letsholo le le Kgethegileng la Kwa Bulgaria le a Atlega

“Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.”—MATH. 9:37, 38.

RURI mafoko ano a ga Jesu a tshwanela se se diragetseng kwa Bulgaria, naga e ntle ya Balkan e e kwa borwabotlhaba jwa Yuropa! Go tlhokega thata badiri ba ba oketsegileng gore ba rerele banni ba koo ba ba fetang dimilione di le supa dikgang tse di molemo. Go na le baboledi ba ka nna 1 700 kwa Bulgaria, mme ga ba kgone go rerela batho botlhe ba ba mo tshimong ya bone. Ka jalo, Setlhopha se se Laolang se ne sa dumela gore go lalediwe Basupi ba ba buang Se-Bulgaria ba ba tswang kwa dinageng di le mmalwa tsa kwa Yuropa, gore ba tle go nna le seabe mo letsholong le le kgethegileng ka 2009. Letsholo leo le ne le tlile go tsaya dibeke di le supa ka nako ya selemo, mme le ne le tla fela ka nako ya Kopano ya Kgaolo ya “Nnang lo Disitse!” ya kwa Sofia, ka August 14-16, 2009.

Go Arabela Batho ba le Bantsi

Bakaulengwe kwa ofising ya lekala kwa Sofia ba ne ba ipotsa gore ke batho ba le ba kae ba ba tswang kwa Fora, Gerika, Italy, Jeremane, Poland le kwa Spain ba ba neng ba tla tla go ema letsholo leo nokeng. Go ne go raya gore batho bao ba tshwanetse go ipega go ya kwa Bulgaria le go dirisa malatsi a bone a boikhutso koo ba rera. Go ne go itumedisa thata go bona palo ya ba ba ikwadisang e oketsega beke le beke go fitlha ba nna 292! E re ka go ne go ikwadisitse baithaopi ba le bantsi jalo, go ne go ka kgonega gore ba romelwe kwa ditoropong di le tharo tse di farologaneng tsa kwa Bulgaria: Kazanlak, Sandanski le Silistra. Balebedi ba ba etang ba kwa Bulgaria ba ne ba laletsa babulatsela mmogo le baboledi ba mo mafelong ao gore le bone ba tshegetse letsholo leno. Kgabagare go ne go na le baithaopi ba ba tlhagafetseng ba le 382 ba ba neng ba rera dikgang tse di molemo mo masimong a a neng a etelwa ka sewelo.

Go ne ga romelwa bakaulengwe ba diphuthego tse di gaufi nako e sa ntse e le teng go ya go rulaganya marobalo. Ba ne ba hira difolete le dihotele tse di sa tureng. Bakaulengwe bao ba ne ba dira ka natla go thusa baithaopi bao gore ba ikutlwe ba amogelesegile le go ba naya dilo tse ba di tlhokang. Mo ditoropong tsotlhe tse tharo go ne ga hirwa mafelo a go kopanela. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore bakaulengwe ba ba etileng e nne bone ba tshwarang dipokano tsa phuthego. Go ne go itumedisa thata go bona baboledi ba le 50 ba kopane ba galaletsa Jehofa mo mafelong a a se nang le fa e le Mosupi a le mongwe.

Tlhagafalo ya ba ba neng ba tlile mo letsholong leno ba tswa kwa dinageng di sele e ne e ama pelo. Kwa Bulgaria ka paka ya selemo, mogote o kgona go fitlha go didikirii tsa celsius di le 40. Le fa go ntse jalo, go ne go se sepe se se neng se ka kgoba bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba tlhagafetseng marapo. Banni ba ba fetang 50 000 ba toropo ya Silistra, e e fa Nokeng ya Danube, ba ne ba rerelwa ka botlalo mo dibekeng tsa ntlha tse tharo. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba etela metse e e fa gaufi, ba bo ba fitlha kwa Tutrakan, dikilometara di le 55 kwa bokone jwa Silistra. Ba ne ba tlwaetse go simolola bodiredi jwa bone ka 9:30 mo mosong. Gantsi morago ga dijo tsa motshegare ba ne ba tswelela ba rera go fitlha ka 7:00 maitseboa kgotsa morago ga foo. Ka ntlha ya tlhagafalo e kgolo ya baithaopi bano, letsholo la kwa Kazanlak le kwa Sandanski le lone le ne la anamela kwa metseng le kwa ditoropong tse di gaufi.

Ke Eng se se Neng sa Fitlhelelwa?

Mo dibekeng tse supa tseno go ne ga rerwa ka tsela e e tlhomologileng. Jaaka go ne ga buiwa mo metlheng ya baaposetoloi, banni ba ditoropo tseno ba ne ba ka re: ‘Lo tladitse motse wa rona ka thuto ya lona.’ (Dit. 5:28) Basupi botlhe ba ba neng ba nna le seabe mo letsholong leno ba ne ba tsamaisa dimakasine di ka nna 50 000 mme ba simolola dithuto tsa Baebele di le 482. Se se itumedisang ke gore go simolola ka September 1, 2009 go ne ga tlhongwa phuthego kwa Silistra mme kwa Kazanlak le kwa Sandanski go ne ga nna le ditlhopha. Ruri go a itumedisa go bona batho ba e neng e le la ntlha ba utlwa dikgang tse di molemo ka letsholo leno ba gatela pele sentle semoyeng.

Mo bekeng ya ntlha ya letsholo leno, kgaitsadi mongwe yo e leng mmulatsela yo o kgethegileng yo o tswang kwa Spain mme a bua Se-Bulgaria, o ne a rerela mmè mongwe yo o bidiwang Karina yo o neng a rekisa makwalodikgang mo mmileng. Karina o ne a kgatlhegela molaetsa mme a tla dipokanong. O ne a amogela thuto ya Baebele gone fela foo. O ne a kopa gore a tshwarelwe thuto ya Baebele kwa parakeng ka gonne monna wa gagwe e le molatolamodimo. Bomorwadie ba babedi ba ne ba kopanela le ene mo thutong eo ya Baebele. Morwadie yo mogolwane e bong Daniela o ne a kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele thata. O ne a bala buka yotlhe ya Baebele e Ruta Eng? mo bekeng e le nngwe mme gone fela foo a simolola go dirisa se Baebele e se rutang malebana le go se dirise ditshwantsho mo kobamelong. Go tswa foo o ne a simolola go bolelela ditsala tsa gagwe boammaaruri jo a bo ithutileng. Morago ga dibeke di le tharo fela a sena go tla dipokanong tsa phuthego la ntlha, o ne a raya kgaitsadi yo o ithutang le ene a re: “Ke ikutlwa e kete ke mongwe wa lona. Ke tshwanetse go dirang gore le nna ke simolole go rera?” Daniela le mmaagwe, mmogo le monnawe ba ntse ba tswelela pele sentle.

Kwa Kazanlak, mokaulengwe mongwe wa kwa Bulgaria e bong Orlin, yo o neng a tlile letsholong leno a tswa kwa Italy, o ne a boela kwa a neng a hirile gone morago ga tirelo ya tshimo. Fa a ntse a le mo tseleng o ne a rerela makawana a mabedi a a neng a ntse mo bankeng mo parakeng. O ne a ba naya buka ya Baebele e Ruta Eng? a bo a rulaganya go ba etela gape letsatsi le le latelang. Mo loetong leo, Orlin o ne a simolola thuto ya Baebele le Svetomir, mme ba ne ba tswelela ka yone mo letsatsing le le latelang. Orlin o ne a ithuta le Svetomir makgetlo a le robedi mo malatsing a le robongwe. Svetomir o ne a re: “Malatsi a le mabedi pele ke kopana le wena, ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse gore ke mo itse. Mme ke ne ka mo solofetsa gore ke tla ineela mo go ene fa a ka nthusa gore ke mo itse.” Bakaulengwe ba mo lefelong leo ba ne ba tswelela ba ithuta le Svetomir morago ga gore Orlin a boele kwa Italy, mme o ntse a tsweletse go dirisa boammaaruri jo a bo ithutang.

Ba ba Intshang Setlhabelo ba Bona Masego a Magolo

Bakaulengwe ba ka bopelotshweu ba neng ba dirisa malatsi a bone a boikhutso le madi a bone go ya kwa nageng e nngwe go ya go rera dikgang tse di molemo ba ikutlwa jang? Mogolwane mongwe wa kwa Spain o ne a kwala jaana: “Letsholo leno le dirile gore bakaulengwe ba ba mo tshimong ya Se-Bulgaria kwa Spain ba atamalane tota. Le amile thata bakaulengwe ba ba nnileng le seabe mo go lone.” Banyalani bangwe ba kwa Italy ba ne ba kwala jaana: “Eno e ne e le kgwedi e e monate go di gaisa tsotlhe mo botshelong jwa rona!” Gape ba ne ba re: “Letsholo leno le fetotse matshelo a rona! Jaanong re batho ba ba botoka.” Banyalani bano ba ne ba simolola go akanya thata ka kgang ya go fudugela kwa Bulgaria go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone. Carina ke kgaitsadi wa mmulatsela wa ka metlha yo o sa nyalwang wa kwa Spain yo o neng a nna le seabe mo letsholong la kwa Silistra. Morago ga foo o ne a tlogela tiro ya gagwe kwa Spain mme a fudugela kwa Bulgaria go ya go thusa phuthego e ntšha ya mo toropong eo. O ne a beile madi a a lekaneng a a neng a ka itshedisa ka one ngwaga otlhe fa a le kwa Bulgaria. Carina o ne a bua jaana ka tshwetso e a e dirileng: “Ke itumelela thata go bo Jehofa a ne a ntetla go tla go direla mo Bulgaria, mme ke solofela gore ke tla tswelela ke direla kwano ka lobaka lo loleele. Ke setse ke ithuta Baebele le batho ba le batlhano mme ba le bararo ba bone ba nna gone kwa dipokanong.”

Kgaitsadi mongwe wa kwa Italy o ne a batla go nna le seabe mo letsholong leno, mme e re ka a ne a sa tswa go simolola tiro e ntšha, o ne a se na malatsi a boikhutso. Seo ga se a ka sa mo kgoba marapo, mme o ne a kopa gore a newe malatsi a boikhutso a kgwedi yotlhe a sa duelwe, e bile o ne a ikemiseditse go tlogela tiro fa kopo ya gagwe e sa sekegelwe tsebe. O ne a gakgamala fa a utlwa mothapi wa gagwe a re: “Go siame, mme o tshwanetse go ntirela selo se le sengwe fela: O tshwanetse go nthomelela posokarata e e tswang kwa Bulgaria.” Kgaitsadi yono o ne a dumela gore Jehofa o arabile dithapelo tsa gagwe.

Stanislava, kgaitsadi mongwe wa mosha yo o tswang kwa toropong ya Bulgaria ya Varna, yo o neng a bereka tiro ya nako e e tletseng e e duelang madi a mantsi, o ne a tsaya malatsi kwa tirong gore a nne le seabe mo letsholong la kwa Silistra. O ne a tsholola dikeledi fa a bona kafa babulatsela ba bantsi ba ba neng ba tswa kgakala go tla go rera dikgang tse di molemo mo nageng ya gabone ba neng ba itumetse ka teng. E re ka a ne a tshwaregile ka tiro ya boitshediso, o ne a simolola go ipotsa gore ene o ne a dira eng ka botshelo jwa gagwe. Fa a boela gae morago ga dibeke di le pedi, o ne a tlogela tiro mme a simolola go nna mmulatsela wa ka metlha. Jaanong o ikutlwa a itumetse tota ka gonne a gopola Mmopi mo bosheng jwa gagwe.—Mor. 12:1.

A bo go itumedisa jang ne go direla Jehofa ka matlhagatlhaga! Ga go na sepe se se botoka se o ka se dirang go feta go dirisa nako le maatla a gago mo tirong eno e e botlhokwa ya go ruta le go rera dikgang tse di molemo. A go na le dilo dingwe tse wena o ka di dirang go oketsa seabe se o nnang le sone mo bodireding jono jo bo bolokang matshelo? Go ka tswa go na le mafelo mangwe a go tlhokegang baboledi kwa go one mo nageng ya gaeno. A o ka fudugela kwa mafelong a a ntseng jalo? Kgotsa o ka akanyetsa go ithuta puo e nngwe e le gore o thuse batho ba ba nyoretsweng boammaaruri jwa Baebele mo nageng ya gaeno. O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go segofatsa thata fa o dira diphetogo le fa e le dife gore o oketse seabe se o nnang le sone mo bodireding.—Dia. 10:22.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 32]

Letsatsi Le le Sa Lebalesegeng

Bontsi jwa batho ba ba neng ba tswa kwa dinageng tse dingwe tsa Yuropa go tla go tshegetsa letsholo leno le le kgethegileng la kwa Bulgaria, ba ne ba rulagantse go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Nnang lo Disitse!” kwa Sofia. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo lefelong leo ba ne ba kgothala tota fa ba kopana le baeng ba bantsi ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng. A bo batho ba le 2 039 ba ba neng ba le mo kopanong eo ba ne ba itumela jang ne fa Mokaulengwe Geoffrey Jackson wa Setlhopha se se Laolang a golola Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Se-Bulgaria! Botlhe ba ba neng ba le gone ka Labotlhano ba ne ba bontsha kanaanelo e e tswang pelong ka go opa legofi ka matlhagatlhaga ka lobaka lo loleele. Bontsi bo ne jwa rothisa dikeledi. Thanolo eno e e boammaaruri e e kwadilweng ka puo e e motlhofo go tlhaloganngwa e tla thusa baagi ba ba dipelo di ikanyegang ba kwa Bulgaria go itse Jehofa.

[Mmapa mo go tsebe 30, 31]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

BULGARIA

SOFIA

Sandanski

Silistra

Kazanlak

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Go ne ga newa bosupi jo bogolo mo dibekeng tseo tse supa