Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

3 Re Tshwanetse go Rapela Jang?

3 Re Tshwanetse go Rapela Jang?

MO KGANNYENG ya thapelo, madumedi a le mantsi a tlhoma mogopolo thata mo dilong tse di bonwang, tse di jaaka gore motho o rapela a eme kgotsa a ntse jang, o dirisa mafoko afe le gore o latela meetlo efe. Le fa go ntse jalo, Baebele e re thusa gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo dilong tse di bonwang, go na le moo re o tlhome mo dikarolong tse di botlhokwa thata tsa potso e e reng, “Re tshwanetse go rapela jang?”

Baebele e bua ka batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ba neng ba rapela ba le mo mafelong a a farologaneng, ba eme kgotsa ba ntse ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ba ne ba rapelela mo pelong kgotsa kwa godimo go ya ka maemo. Ba ne ba rapela ba lelaletse kwa godimo kgotsa ba obile ditlhogo. Ba ne ba sa dirise ditshwantsho, dibaga kgotsa dibuka tsa dithapelo, go na le moo ba ne ba rapela go tswa pelong. Ke eng se se neng se dira gore Modimo a utlwe dithapelo tsa bone?

Fela jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, ba ne ba rapela Modimo a le mongwe fela—Jehofa. Go na le selo se sengwe gape sa botlhokwa. Re bala jaana mo go 1 Johane 5:14: “Eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” Dithapelo tsa rona di tshwanetse go dumalana le thato ya Modimo. Seo se kaya eng?

Gore re rapele go dumalana le thato ya Modimo, re tshwanetse go itse gore thato ya gagwe ke eng. Ka jalo, go ithuta Baebele ke selo sa botlhokwa se se ka re thusang go rapela. A seno se raya gore Modimo a ka se utlwe dithapelo tsa rona fa re se baithuti ba Baebele? Nnyaa, mme gone Modimo o lebeletse gore re ithute ka thato ya gagwe, re dire ka natla gore re e tlhaloganye re bo re e dire. (Mathaio 7:21-23) Re tshwanetse go rapela go dumalana le se re se ithutang.

Modimo o utlwa dithapelo tse di dumalanang le thato ya gagwe, tse di rapelwang ka tumelo e bile di rapelwa ka leina la ga Jesu

Fa re ntse re ithuta ka Jehofa le thato ya gagwe, tumelo ya rona e a nonofa, e leng selo se sengwe se se botlhokwa mo kgannyeng ya thapelo. Jesu o ne a re: “Dilo tsotlhe tse lo di kopang ka thapelo, lo na le tumelo, lo tla di amogela.” (Mathaio 21:22) Tumelo ga se go dumela sengwe le sengwe fela. Go na le moo, ke go dumela sengwe le fa se sa bonwe mme go na le bosupi jo bo utlwalang sentle jwa gore se teng. (Bahebera 11:1) Baebele e na le bosupi jo bo feletseng jwa gore le fa re sa kgone go bona Jehofa, ke motho wa mmatota, o a ikanyega e bile o iketleeditse go araba dithapelo tsa batho ba ba dumelang mo go ene. Mo godimo ga moo, ka metlha re ka kopa tumelo e e oketsegileng mme Jehofa o rata go re naya se re se tlhokang.—Luke 17:5; Jakobe 1:17.

Selo se sengwe sa botlhokwa malebana le kafa re tshwanetseng go rapela ka gone ke seno. Jesu o ne a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Re ka atamela Rara e bong Jehofa ka Jesu. Ka jalo, Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba rapele ka leina la gagwe. (Johane 14:13; 15:16) Seno ga se reye gore re tshwanetse go rapela Jesu. Go na le moo, re tshwanetse go rapela ka leina la ga Jesu, re gakologelwa gore Jesu ke ene a dirileng gore re kgone go atamalana le Rraarona yo o itekanetseng le yo o boitshepo.

Nako nngwe balatedi ba ga Jesu ba ba neng ba atamalane thata le ene ba ne ba mo kopa jaana: “Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone.” (Luke 11:1) Go bonala sentle gore ba ne ba sa mo kope gore a ba bolelele ka dilo tseno tsa botlhokwa tse re sa tswang go tlotla ka tsone. Ba ne ba batla go itse gore ba bue ka eng—ka mafoko a mangwe ba botsa jaana, ‘Re tshwanetse go rapelela eng?’