Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

Bogosi jo bo Tla Fetolang Lefatshe Lotlhe

Bogosi jo bo Tla Fetolang Lefatshe Lotlhe

A O ITSE gore ke Bogosi bofe joo?— * Ke jo Jesu a re rutileng go bo rapelela. O re rutile gore re kope Modimo jaana: “A bogosi jwa gago bo tle.” (Mathaio 6:9, 10) Mo dingwageng di ka nna 2 000 tse di fetileng, balatedi ba ga Jesu ba ntse ba rapela Modimo gore Bogosi jwa Gagwe bo tle. A le wena o kile wa bo rapelela?—

Fa o batla go tlhaloganya gore bogosi ke eng, o tshwanetse go itse gore kgosi ke eng. Kgosi ke motho yo o busang. O na le naga e a e busang. Bogosi jwa Modimo jone bo busa lefatshe lotlhe. Fa Bogosi jwa Modimo bo tla, kgabagare mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla itumelela masego a puso ya Modimo e tla a tlisetsang batho.

Bogosi jwa Modimo ke puso e e kwa legodimong. Mo go Isaia 9:6, Baebele e bua ka Mmusi wa puso eno. Ela tlhoko gore ya reng ka ene: “Re tsaletswe ngwana, . . . mme go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe. Mme o tla tewa leina go twe . . . Kgosana ya Kagiso.”

A o itse gore kgosana ke eng?— Ee, ke morwa kgosi. Kgosi e kgolo e e kwa legodimong ke mang?— Ee, ke Jehofa. Baebele ya re ke “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Gantsi mo Baebeleng, Jesu o bidiwa “Morwa Modimo.” Lebaka lengwe ke ka go bo Jehofa a neile Jesu botshelo. Ka jalo, Jehofa ke ene Rraagwe Jesu.—Luke 1:34, 35; Johane 1:34, 49; 3:17; 11:27; 20:31; Ditiro 9:20.

Bogosi jwa Modimo jo Jesu a re rutileng gore re bo rapelele ke puso e e kgethegileng. Ke puso ya “kgosana” ka gonne Jehofa o dira gore Morwawe, Jesu, e nne ene Mmusi kgotsa Kgosi ya Bogosi. A mme o ne o itse gore go tla tlhophiwa batho ba bangwe gore ba buse e le dikgosi le Jesu mo Bogosing jwa ga Rraagwe?— A re tlotle ka bone.

Pele ga fa Jesu a swa, o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang gore o ya kwa “ntlong” ya ga Rraagwe kwa legodimong. O ne a re: “Ke a tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo . . . , gore kwa ke gone le lona lo nne gone.” (Johane 14:1-3) A o itse gore baaposetoloi le batho ba bangwe ba ba tlhophilweng ba tla dirang kwa legodimong le Jesu?— “Ba tla busa e le dikgosi le ene.” E bile Baebele e re bolelela gore ke batho ba le kae ba ba tla busang e le dikgosi le Jesu. Ba tla bo ba le 144 000.— Tshenolo 14:1, 3; 20:6.

O akanya gore go tla nna jang mo lefatsheng fa Kgosana ya Kagiso le ba ba 144 000 ba ba tlhophilweng ba busa?— Go tla nna monate! Go tla bo go se na ntwa. Diphologolo ka botsone di tla nna ka kagiso e bile ga di kitla di tlhasela batho. Ga go ope yo o tla lwalang kgotsa yo o tla swang. Matlho a difofu a tla bona, ditsebe tsa bosusu di tla utlwa, digole di tla taboga le go tlolaka jaaka kgama. Go tla tlhoga dijo tse di siameng mo lefatsheng tse mongwe le mongwe a tla di itumelelang. Mme batho botlhe ba tla ratana fela jaaka Jesu a rutile barutwa ba gagwe gore ba ratane. (Johane 13:34, 35) A re bule buka ya Isaia mo ditemaneng tse di bontshitsweng fano mme re bale ka dilo tse di molemo tse di tla diragalang.—Isaia 2:4; 11:6-11; 25:8; 33:24; 35:5, 6; 65:21-24.

Fa e sa le Jesu a ruta batho go rapela ba re, “a bogosi jwa gago bo tle,” batho ba le bantsi ba ithutile ka ga Bogosi joo. Kitso eno e fetotse matshelo a bone. Go ise go ye kae, fa Bogosi joo bo tla bo bo busa mo boemong jwa dipuso tsotlhe tse di mo lefatsheng, batho botlhe ba ba direlang Jehofa Modimo le Mmusi wa gagwe yo o tlhophilweng e bong Jesu Keresete, ba tla nna le kagiso, botsogo jo bo molemo le boitumelo.—Johane 17:3.

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.