Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Puisano le Moagelani—Moya o o Boitshepo ke Eng?

Puisano le Moagelani—Moya o o Boitshepo ke Eng?

Puisano le Moagelani—Moya o o Boitshepo ke Eng?

BASUPI BA GA JEHOFA ba itumelela go tlotla le baagelani ba bone ka Baebele. A go na le potso nngwe ya Baebele e o kileng wa ipotsa yone? A o ka rata go itse sengwe ka se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang kgotsa dilo dingwe tse ba di dirang mo bodumeding jwa bone? Fa go le jalo, mo nakong e e tlang fa o kopana le Mosupi mongwe o se ka wa okaoka go mmotsa ka kgang eo. A ka itumelela go tlotla le wena ka dikgang tse di ntseng jalo.

Motlotlo o o latelang ke o o tlwaelegileng o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka nnang le one le moagelani. A re re Mosupi mongwe yo o bidiwang Katlego o etetse monna mongwe yo o bidiwang Thebe kwa legaeng la gagwe.

O Akanya Gore “Moya o o Boitshepo” ke Eng?

Thebe: Ke utlwile gore Basupi ba ga Jehofa ga se Bakeresete. Ga lo dumele mo moyeng o o boitshepo.

Katlego: Sa ntlha, mma ke go tlhomamisetse gore re Bakeresete. Lebaka la go bo ke go etetse gompieno ke ka gonne ke dumela mo go Jesu Keresete. Tota e bile, ke ene a laelang balatedi ba gagwe gore ba rere. A nka go botsa, fa o bua ka “moya o o boitshepo” o bua ka eng?

Thebe: Ke bua ka mongwe wa medimo e le meraro mo go a le mongwe, mothusi yo Jesu a neng a solofetsa gore o tla mo romela kwa go rona. Ke tsaya go le botlhokwa thata gore ke itse gore moya o o boitshepo o ka dira mo botshelong jwa me.

Katlego: Eo ke tsela e batho ba le bantsi ba tlhaloganyang moya o o boitshepo ka yone. Mo nakong e e fetileng, ke ile ka kgona go sekaseka se Baebele e se rutang ka kgang eno. Fa o na le nako, nka rata go go bontsha se ke se ithutileng.

Thebe: Ee, ke na le metsotso e sekae.

Katlego: Pele ke lebala, leina la me ke Katlego. Wena o bidiwa mang?

Thebe: Ke nna Thebe. Ke itumelela go go itse.

Katlego: Le nna ke itumelela go go itse Thebe. Ka ntlha ya nako, re tla tlotla fela ka ntlha e le nngwe. O rile moya o o boitshepo ke mothusi yo Jesu a re mo solofeditseng. Ke dumalana le wena. A mme o itse moya o o boitshepo e le motho, a lekana le Modimo?

Thebe: Ee, ke kafa ke rutilweng ka teng.

A Moya o o Boitshepo ke Motho?

Katlego: A re sekaseke pego nngwe ya Baebele e e tla re thusang go bona gore a moya o o boitshepo ke motho kgotsa nnyaa. O ka tswa o itse ditemana tseno. Ditiro 2:1-4 ya re: “Jaanong fa letsatsi la moletlo wa Pentekosete le ntse le tsweletse ba ne ba le mmogo botlhe mo lefelong le le lengwe fela, mme ka tshoganyetso ga utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang, mme wa tlala ka ntlo yotlhe e ba neng ba ntse mo go yone. Mme ba bona diteme tse e keteng tsa molelo mme tsa gasanngwa, e le nngwe ya nna mo go mongwe le mongwe wa bone, botlhe ba tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng, fela jaaka moya o ne o ba naya gore ba bue.”

Thebe: Pego eo ke a e itse.

Katlego: Jaanong, Thebe, a motho a ka tladiwa ka motho yo mongwe?

Thebe: Nnyaa ga go kgonege.

Katlego: A re lebe temana 17 mo go yone kgaolo eno. Karolo ya ntlha ya temana eno e balega jaana, “Modimo a re: ‘Mme mo metlheng ya bofelo ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe.’” Mma ke go botse jaana Thebe, a Modimo a ka tshololela bontlhanngwe jwa Modimo yo o lekanang le ene mo bathong?

Thebe: Le seo se ka se kgonege.

Katlego: Johane Mokolobetsi o ne a tlhalosa go tladiwa ka moya o o boitshepo ka tsela e e farologaneng. Seno re ka se bona mo go Mathaio 3:11. A o ka bala temana eno, tsweetswee?

Thebe: “Mme nna, ke lo kolobetsa ka metsi ka ntlha ya boikwatlhao jwa lona; mme yo o tlang morago ga me o nonofile go mpheta, yo ke sa lekanang go mo rola bompaatšhane. Yoo o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo le ka molelo.”

Katlego: Ke a leboga. A o etse tlhoko se Johane Mokolobetsi a neng a re se tla dirwa ka moya o o boitshepo?

Thebe: O ne a bua ka go kolobediwa ka moya o o boitshepo.

Katlego: Go ntse jalo. Ela tlhoko gore o umakile le go kolobediwa ka molelo. Boammaaruri ke gore molelo ga se motho. A o akanya gore temana eno ya re moya o o boitshepo ke motho?

Thebe: Nnyaa.

Katlego: Ka jalo, go ya ka ditemana tse re di sekasekileng, moya o o boitshepo ga se motho.

Thebe: Ee, ke a bona.

Moya o o Boitshepo ke “Mothusi” ka Tsela Efe?

Katlego: Mme kgantele o ne wa umaka lefoko “mothusi.” Jesu o ne a re moya o o boitshepo ke “mothusi” mo go Johane 14:26. A re e bale mmogo: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.” Batho ba bangwe ba akanya gore go lebega temana eno e dumalana le kgopolo ya gore moya o o boitshepo ke motho, mongwe yo o tla ba thusang le go ba ruta.

Thebe: Le nna ke ntse ke e tlhaloganya jalo.

Katlego: A go ka direga gore Jesu o ne a dirisa sekapuo sengwe? Jaanong ela tlhoko se Jesu a neng a se bua ka botlhale, mo go Luke 7:35: “Le fa go ntse jalo, botlhale bo supiwa e le jo bo siameng ke bana botlhe ba jone.” A o ka re botlhale ke motho, le gore bo na le bana?

Thebe: Nnyaa. Ga go pelaelo gore o ne a dirisa sekapuo.

Katlego: Ke dumalana le wena. Fano Jesu o bontsha gore botlhale bo bonala ka ditiro. Gantsi Baebele e dirisa sekapuo se se bidiwang mothofatso—seo se raya go bua ka sengwe se se sa tsheleng jaaka e kete se a tshela. Gantsi le rona re dirisa sekapuo seo mo metlotlong ya rona. Ka sekai, mo mosong fa letsatsi le tlhabile, go tlwaelegile gore o re, “Bula sesiro gore letsatsi le tsene,” a ga go jalo?

Thebe: Ke tlhola ke rialo.

Katlego: A o a bo o re letsatsi ke motho yo o ka tsenang mo ntlong ya lona a lo etetse?

Thebe: Nnyaa, le e seng. Ke sekapuo.

Katlego: Ka jalo, fa Jesu a ne a re moya o o boitshepo ke mothusi kgotsa morutisi, a a ka tswa a ne a dirisa sekapuo?

Thebe: Ke akanya jalo. Seno se dumalana le ditemana tse o di badileng tse di bontshang gore moya o tshololelwa mo bathong le gore batho ba kolobediwa ka one. Mme gone moya o o boitshepo ke eng, fa e le gore ga se motho?

Moya o o Boitshepo ke Eng?

Katlego: Mo go Ditiro 1:8, Jesu o re bolelela gore moya o o boitshepo ke eng. A o ka rata go e bala?

Thebe: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”

Katlego: Ela tlhoko gore Jesu o amanya moya o o boitshepo le maatla. Mme go ya ka ditemana tse re di badileng, o akanya gore maatla ao a tswa kae?

Thebe: Kwa Modimong, e bong Rara.

Katlego: Go ntse jalo. Moya o o boitshepo ke one maatla ao, a Modimo a a dirisitseng go bopa lobopo. Temana ya bobedi mo Baebeleng e bua ka one. Genesise 1:2 ya re: “Maatla a a dirang a Modimo a ne a ya kwa le kwa mo godimo ga metsi.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “maatla a a dirang” gape le ranolwa e le “moya.” Ke maatla a a dirang a a sa bonaleng a Modimo a a dirisang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe le go senola thato ya gagwe. Mma ke go bontshe temana e nngwe. Ke Luke 11:13. A o ka bala temana eno, tsweetswee?

Thebe: “Le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!”

Katlego: Fa e le gore Rre yo o kwa legodimong o laola moya o o boitshepo e bile o o naya ba ba o kopang, a go ka direga gore moya o o boitshepo o lekana le Rara?

Thebe: Nnyaa. Ke a tlhaloganya jaanong.

Katlego: Thebe, ga ke batle go go dia. O ile wa re o na le metsotso e sekae fela. Go sobokanya motlotlo wa rona, mma ke go botse potso. Go ya ka ditemana tse re di sekasekileng, o ka re moya o o boitshepo ke eng?

Thebe: Ke maatla a Modimo a a dirang.

Katlego: Ke boammaaruri. Fa Jesu a ne a re moya o o boitshepo ke mothusi kgotsa morutisi mo go Johane 14:26, o ne a dirisa sekapuo se se bidiwang mothofatso.

Thebe: Ke ne ke sa itse seo.

Katlego: Go na le sengwe se re ka tlhomamisegang ka sone se re ka se ithutang mo mafokong a ga Jesu.

Thebe: Ke eng seo?

Katlego: Re ka kopa Modimo gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo gore o re thuse go lebana le maemo a a thata. Gape re ka kopa moya wa gagwe gore o re thuse go ithuta boammaaruri ka ene.

Thebe: Ke ne ke sa itse. Ke tla tshwanela ke go akanya ka gone.

Katlego: Pele ga ke tsamaya, mma ke go bolelele sengwe se o ka akanyang ka sone. E re ka moya o o boitshepo e le maatla a Modimo a a dirang, re ka dumalana gore Modimo a ka a dirisa go diragatsa sengwe le sengwe se a se tlhophang.

Thebe: Go ntse fela jalo.

Katlego: Fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa a ise a dirise maatla ao a a ka se lekanngweng le ape go fedisa kutlobotlhoko le boikepo jotlhe jo re bo bonang mo lefatsheng? A o kile wa ipotsa potso eo? *

Thebe: Ee, nkile ka e ipotsa.

Katlego: Go ka nna jang fa nka tla gape beke e e tlang ka yone nako eno mme re tlotle ka yone?

Thebe: Nka itumelela seo fela thata. Tsamaya sentle.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 59 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.