Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhopha Ditsala Tsa Gago ka Botlhale

Tlhopha Ditsala Tsa Gago ka Botlhale

Tsela 4

Tlhopha Ditsala Tsa Gago ka Botlhale

BAEBELE E RUTA ENG? “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

RE KA LEBANA LE KGWETLHO EFE? Ditsala tsa rona di ka re thusa gore re ritibale kgotsa tsa dira gore re se ka ra ritibala. Tsela e ba ikutlwang ka yone le metlotlo ya bone e tla ama tsela e re lebang botshelo ka yone.—1 Bakorintha 15:33.

Ka sekai, akanya ka pego e e mo Baebeleng ya banna ba le 12 ba ba neng ba ile go tlhola motse wa Kanana. Bontsi jwa bone ba ne “ba nna ba tlisa pego e e bosula mo go bomorwa Iseraele ya lefatshe le ba neng ba le tlhodile.” Le fa go ntse jalo, banna ba le babedi mo go bone ba ne ba bua Kanana molemo, ba re ke “lefatshe le le molemo thatathata.” Mme boikutlo jo bo sa siamang jwa ditlhola tse di lesome bo ne jwa anama mo bathong. Pego eo ya re ‘phuthego yotlhe e ne ya tsholetsa lentswe la yone mme bomorwa Iseraele botlhe ba simolola go ngongorega.’—Dipalo 13:30–14:9.

Le gompieno batho ba le bantsi ke “bangongoregi, bagaladi kaga seemo sa bone sa botshelo.” (Jude 16) Go thata go nna o ritibetse fa o na le ditsala tse di sa kgotsofaleng.

O KA DIRANG? Akanya ka dilo tse lo tlotlang ka tsone le ditsala tsa gago. A gantsi ditsala tsa gago di ikgantsha ka dilo tse di nang le tsone kgotsa di nnela go ngongorega ka se di se nang sone? Mme wena o tsala e e ntseng jang? A o dira gore ditsala tsa gago di go tswele pelo, kgotsa o ba kgothaletsa go kgotsofalela se ba nang le sone?

Akanya ka sekai se se tlhomilweng ke Dafide yo o neng a tla nna kgosi, le Jonathane, morwa Kgosi Saulo. Dafide o ne a ntse a nna kwa nageng e le motshabi. Kgosi Saulo o ne a batla go bolaya Dafide e re ka a ne a akanya gore o tla mo tseela maemo. Le fa go ne go ka lebelelwa gore Jonathane e nne ene kgosi morago ga ga Saulo, e ne e le nngwe ya ditsala tse dikgolo tsa ga Dafide. Jonathane o ne a lemoga gore Modimo o ne a tlhomile Dafide gore e nne kgosi morago ga ga Saulo mme o ne a kgotsofalela go ema tsala ya gagwe nokeng.—1 Samuele 19:1, 2; 20:30-33; 23:14-18.

O tlhoka ditsala tse di ntseng jalo, tse di lekang ka natla go nna di ritibetse e bile di go eleletsa se se molemo. (Diane 17:17) Mme gore o nne le ditsala tse di ntseng jalo le wena o tshwanetse go nna le dinonofo tseo.—Bafilipi 2:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A ditsala tsa gago di go thusa gore o ritibale kgotsa di dira gore o se ka wa ritibala?