Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka eng fa a ne a re o na le “matshwao a pabolo a motlhanka wa ga Jesu” mo mmeleng wa gagwe?—Bagalatia 6:17.

Batho ba ba neng ba reeditse Paulo mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba ka tlhaloganya mafoko a gagwe ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, mo metlheng ya bogologolo, go ne go dirisiwa tshipi e e fisang go tshwaya magolegwa a ntwa, batho ba ba neng ba thukhutha ditempele le batshabi ba e neng e le makgoba. Fa letshwao leo le dirilwe mo mothong le ne le dira gore a nyatsege.

Le fa go ntse jalo, matshwao a pabolo a ne a sa tsewe e le selo se se nyatsegang ka dinako tsotlhe. Ditšhaba di le dintsi tsa bogologolo di ne di a dirisetsa go bontsha gore motho ke wa lotso lofe kgotsa ke wa bodumedi bofe. Ka sekai, go ya ka Theological Dictionary of the New Testament, Basiria ba ne ba ineela mo medimong e e bidiwang Hadad le Atargatis ka go ipabola matshwao mo lelokololong la seatla kgotsa mo thamong . . . Motho yo o obamelang Dionysus o ne a babolwa letshwao la lekakaba la setlhatshana sa ivy.”

Batho ba le bantsi ba ba akgelang ka Baebele gompieno ba tsaya gore Paulo o ne a bua ka mabadi a a neng a na le one ka ntlha ya go sotliwa fa a ne a dira tiro ya gagwe ya borongwa ya Bokeresete. (2 Bakorintha 11:23-27) Le fa go ntse jalo, gongwe Paulo o ne a kaya gore tsela ya gagwe ya botshelo—e seng matshwao ape a mmatota—e ne e mo tlhaola e le Mokeresete.

A metse ya botshabelo ya kwa Iseraele wa bogologolo e ne ya fetoga mafelo a dikebekwa di iphitlhang mo go one?

Mo metseng ya bogologolo ya boheitane, ditempele di le dintsi e ne e le mafelo a batshabi kgotsa dikebekwa di neng di tshabela kwa go one. Dikebekwa di ne di tle di iphitlhe mo mafelong a baitlami le mo dikerekeng tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete a metlha ya bogare. Le fa go ntse jalo, melao e e neng e laola metse ya botshabelo ya kwa Iseraele wa bogologolo, e ne e tlhomamisa gore metse eno ga e fetoge mafelo a dikebekwa di neng di ka iphitlha mo go one.

Molao wa ga Moshe o ne o re metse ya botshabelo e ne e sireletsa fela motho yo o bolaileng yo mongwe a sa ikaelela. (Duteronome 19:4, 5) O ne a ka tshabela mo motseng o o gaufi wa botshabelo. Fa a le mo motseng ono, mongwe wa losika lwa motho yo o bolailweng o ne a ka se mmolaye a ipusolosetsa ka ntlha ya madi a a tsholotsweng. Fa motshabi a sena go tlhalosetsa banna ba bagolwane ba motse se se diragetseng, o ne a ya go atlholelwa kwa motseng o o okametseng lefelo le motho yoo a bolaetsweng kwa go lone. Fa a le koo o ne a ka fa bosupi jwa gore ga a na molato. Bagolwane ba ne ba sekaseka gore motshabi o ne a dirisana jang le motho yo a mmolaileng, gore a o ne a ntse a mo tlhoile.—Dipalo 35:20-24; Duteronome 19:6, 7; Joshua 20:4, 5.

Fa motshabi a fitlhelwa a sena molato, o ne a boela kwa motseng wa botshabelo mme o ne a tshwanetse go nna mo go one. Metse eno e ne e se dikgolegelo. Motshabi o ne a bereka e bile a solegela setšhaba molemo. Fa moperesiti yo mogolo a swa, batshabi botlhe ba ne ba ka tswa mo metseng ya botshabelo ba sireletsegile.—Dipalo 35:6, 25-28.

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

METSE YA BOTSHABELO

1 KEDESHE

2 GOLANE

3 RAMOTHE-GILEADE

4 SHEKEMA

5 BESERE

6 HEBERONE

Noka ya Joredane