Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Baengele ba re Amang ka Teng

Kafa Baengele ba re Amang ka Teng

Se re Se Ithutang mo go Jesu

Kafa Baengele ba re Amang ka Teng

Jesu o ne a nna le Rraagwe kwa lefelong la semoya “pele lefatshe le nna gone.” (Johane 17:5) Ka jalo, a ka kgona go araba dipotso tse di latelang sentle.

A baengele ba amega ka rona?

▪ Jesu o re bolelela gore baengele ba kgatlhegela batho thata. O ne a re: “Go tsoga boipelo mo baengeleng ba Modimo kaga moleofi a le mongwe yo o ikwatlhayang.”—Luke 15:10.

Jesu o ne a re senolela gore baengele ba neilwe boikarabelo jwa go thusa batlhanka ba Modimo gore ba nne ba na le kamano e e gaufi le ene. Ka jalo, Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana malebana le go kgopisa ba bangwe: “Tlhokomelang gore lo se ka lwa nyatsa mongwe wa ba bannye bano; gonne ke a lo bolelela ka re baengele ba bone kwa legodimong ba bona sefatlhego sa ga Rre yo o kwa legodimong ka metlha.” (Mathaio 18:10) Ka go rialo, Jesu o ne a sa reye gore mongwe le mongwe wa balatedi ba gagwe o na le moengele yo o abetsweng go mo tlhokomela. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha gore baengele ba ba dirang le Modimo ba amega ka maloko a phuthego ya Bokeresete.

Diabolo a ka nna kotsi mo go rona jang?

▪ Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe gore Satane o leka go thibela batho gore ba se ka ba ithuta boammaaruri ka Modimo. Jesu o ne a re: “Koo mongwe a utlwang lefoko la bogosi mme a sa le tlhaloganye, yo o boikepo o a tla mme o tsubula se se jetsweng mo pelong ya gagwe.”—Mathaio 13:19.

Jesu o ne a senola tsela nngwe e Satane a tsietsang batho ka yone fa a ne a bua ka setshwantsho sa monna yo o neng a jala peo ya korong mo tshimong ya gagwe. Monna yono o ne a tshwantshetsa Jesu mme korong e ne e tshwantshetsa Bakeresete ba boammaaruri ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re mmaba o ne a tla mme “a jala mefero mo gare ga korong.” Mefero e tshwantshetsa Bakeresete ba maaka. “Mmaba yo o e jadileng ke Diabolo.” (Mathaio 13:25, 39) Fela jaaka mefero e ka lebega jaaka matlhogela a korong, batho ba ba reng ke Bakeresete ba ka lebega jaaka baobamedi ba boammaaruri. Madumedi a a rutang dithuto tsa maaka a tsietsa batho gore ba se ka ba ikobela Modimo. Satane o dirisa bodumedi jwa maaka go dira gore batho ba se ka ba nna le botsalano le Jehofa.

Re ka dira jang gore Satane a se ka a nna kotsi mo go rona?

▪ Jesu o ne a re Satane ke “mmusi wa lefatshe.” (Johane 14:30) Fa Jesu a ne a rapela Modimo o ne a senola kafa re ka sirelediwang ka teng mo go Satane. Jesu o ne a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong jaana malebana le barutwa ba gagwe: “Ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe. Ba itshepise ka boammaaruri; lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:15-17) Go itse Lefoko la Modimo go ka re sireletsa gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke lefatshe la batho ba ba busiwang ke Satane.

Baengele ba re ama jang gompieno?

▪ Jesu o ne a re: “Mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo: baengele ba tla tswa mme ba ntshe ba ba boikepo mo go ba ba siameng.” (Mathaio 13:49) Jaanong re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo,’ mme batho ba le bantsi ba amogela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 24:3, 14.

Mme ga se batho botlhe ba ba simololang go ithuta Lefoko la Modimo ba Modimo a ba amogelang. Baengele ba kaela tiro ya batlhanka ba ga Jehofa, mme batho ba ba ratang Modimo ka bopeloephepa ba tlhaolwa mo bathong ba ba sa batleng go dirisa se ba se ithutang. Jesu o ne a tlhalosa batho ba Modimo a ba amogelang jaana: “Bano ke ba e reng, fa ba sena go utlwa lefoko ka pelo e e molemo le e e siameng, ba le tshegetse mme ba ungwe maungo ka boitshoko.”—Luke 8:15.

Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 10 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Baengele ba thusa mo tirong ya go phutha batho ba ba peloephepa gore ba tle mo phuthegong ya Bokeresete