Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sengwe sa Bodumedi?

A Ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sengwe sa Bodumedi?

Babadi ba a Botsa . . .

A Ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sengwe sa Bodumedi?

▪ A o boifa go tsena mo setlhopheng sengwe sa bodumedi ka gonne o sa itumedisiwe ke boitimokanyi le go sa utlwane ga batho ba ba tsenang dikereke tota le e leng baruti? Fa go le jalo, seane sa Sefora se ka tswa se tlhalosa kafa o ikutlwang ka gone, “Ope fela yo o bapileng le kereke gantsi o a bo a le kgakala le Modimo.”

Gongwe o tlotla Baebele e bile o akanya gore dipuso le batho ba tshwanetse go tlotla tshwanelo ya motho ya go nna mo setlhopheng sengwe sa bodumedi. Mme gone, o ka tswa o ipotsa jaana, ‘A ruri Modimo a re batho ba ba batlang go mo obamela ka tsela e a e amogelang ba tshwanetse go tsena mo setlhopheng se se rileng sa bodumedi?’

Ka bokhutshwane fela re ka re, ee. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega ka seno? A mme Modimo o amogela mekgatlho yotlhe ya bodumedi?

Ela tlhoko sekai sa ga Jesu. A o ne a le mo mokgatlhong mongwe wa bodumedi? Fa Jesu a ne a sa le mosha, o ne a tsamaya le lelapa la gagabo la Bajuda le batho ba bangwe ba ba neng ba tlwaetse go ya go obamela Modimo mmogo kwa tempeleng kwa Jerusalema. (Luke 2:41-43) Fa Jesu a setse a godile, o ne a ya go obamela Modimo mmogo le Bajuda ka ene kwa sinagogeng ya mo lefelong la bone. (Luke 4:14-16) Fa Jesu a ne a bua le mosadi mongwe wa bodumedi jo bo farologaneng le jwa gagwe, o ne a mo raya a re: “Rona re obamela se re se itseng.” (Johane 4:22) Jesu o ne a bontsha sentle gore o mo bodumeding jwa Bajuda.

Moragonyana Jesu o ne a re, e re ka setšhaba sa Bajuda se ne sa mo gana, Modimo o ne a tla gana kobamelo ya bone e e sokameng. (Mathaio 23:33–24:2) Le fa go ntse jalo, o ne a bontsha gore batho ba ba batlang go obamela Modimo ka tsela e a e batlang ba tshwanetse go nna mo setlhopheng sengwe. O ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Morutwa wa ga Keresete o ne a tla tshwanelwa ke go ikopanya le badumedi ka ene gore a ba bontshe lorato. Tota e bile, Jesu o ne a bontsha gore go na le ditsela di le pedi fela tsa bodumedi. E nngwe o ne a e tlhalosa e le “kgoro e tshesane” e e isang kwa “tshenyegong.” Mme o ne a bua sengwe se se farologaneng le seo fa a ne a re: “Kgoro e e isang botshelong yone e . . . tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba . . . mmalwa.”—Mathaio 7:13, 14.

Ka jalo, ga se tsela nngwe le nngwe ya bodumedi e e siameng. Baebele e re tlhagisa malebana le go itsalanya le ba ba “tla dirang gore ba lebege ba le mo bodumeding mme ba latola maatla a jone.” Lefoko la Modimo le tswelela ka go re, “mme batho ba ba ntseng jalo o ba tile.” (2 Timotheo 3:5, The NET Bible) Ka fa letlhakoreng le lengwe, re solegelwa molemo thata ke go nna mo setlhopheng sa batho ba ba leng mo tseleng e e isang kwa botshelong le go itsalanya le bone. Gone jaanong re a kgothadiwa le go engwa nokeng e bile re na le tsholofelo e e itumedisang ya isagwe.—Bahebera 10:24, 25.

O ka lemoga jang gore ke setlhopha sefe sa bodumedi se se leng mo tseleng eo e tshesane? Ke eng fa o sa sekaseke dikarabo tse di theilweng mo Baebeleng tse di fitlhelwang mo go kgaolo 15 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? * Tshedimosetso eo e tla go thusa go dira tshwetso e e dumalanang le se Baebele e se buang malebana le gore o tsenele mokgatlho ofe wa bodumedi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.