Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tshwanetse go Buisana le Mang yo o Kwa Lefelong la Moya?

Re Tshwanetse go Buisana le Mang yo o Kwa Lefelong la Moya?

Re Tshwanetse go Buisana le Mang yo o Kwa Lefelong la Moya?

MODIMO MOTHATAYOTLHE o neetse dibopiwa dingwe tsa moya maikarabelo a a rileng. Ka sekai, o neile Jesu Keresete boikarabelo jwa go busa lefatshe, mme o tlhomile baengele ba ba ikanyegang gore ba thuse go kaela tiro ya go rera dikgang tse di molemo. (Tshenolo 14:6) Mme ga a dira jalo mo kgannyeng ya thapelo. Ga a neela ope boikarabelo jwa go reetsa dithapelo. Re tshwanetse go rapela Modimo fela mme re dira jalo ka tlhamalalo.

Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) O reetsa dithapelo tsa rona a bo a di araba. Moaposetoloi Johane o ne a kwalela batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa jaana malebana le thapelo: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, [Modimo] o a re utlwa. Gape, fa re itse gore o a re utlwa mabapi le sengwe le sengwe se re se kopang, re a itse gore re tla nna le dilo tse re di kopang e re ka re di kopile mo go ene.”—1 Johane 5:14, 15.

Baengele ba ba ikanyegang ga ba batle gore re buisane le bone kgotsa re ba rapele. Ba tlhaloganya thulaganyo ya Modimo ya thapelo e bile ba dirisana le yone, mme ka dinako tse dingwe ba nna le seabe ka tlhamalalo mo go yone. Ba dira seo jang? Fa moporofeti Daniele a ne a rapela Jehofa malebana le go senngwa ga Jerusalema, Modimo o ne a araba thapelo ya ga Daniele ka go romela moengele Gabariele kwa go ene gore a mo neye molaetsa o o kgothatsang.—Daniele 9:3, 20-22.

A Baswi ba Kgona go Buisana le Rona?

A re tshwanetse go leka go buisana le batho ba ba suleng? Go na le dipego tse dintsi tsa batho ba ba reng ba ile ba buisana le se ba akanyang gore ke meya ya baswi. Ka sekai, mosadi mongwe wa kwa Ireland o ne a kopana le motho yo o buisanang le meya yo o neng a mo raya a re o ne a letse a buisane le monna wa mosadi yoo e bong Fred mo bosigong jo bo fetileng. Le fa go ntse jalo, Fred o ne a setse a na le dibeke di se kae a tlhokafetse. Mme motho yono yo o buisanang le meya o ne a tlhalosa dilo tse di neng di builwe ke motho yo a neng a tsaya gore ke Fred, tse mosadi wa ga Fred a neng a tsaya gore ke ene fela a di itseng. Ruri go ne go ka lebega go utlwala gore mosadi yono a dumele gore Fred o ne a tshela mo lefelong la moya e bile o ne a leka go buisana le ene ka motho yo a sa mo itseng. Le fa go ntse jalo, go dumela seo go tla bo go ganetsana le se Baebele e se tlhalosang sentle ka boemo jwa baswi.—Bona lebokose le le fa tlase.

Dipego tse di ntseng jalo di ka tlhalosiwa jang? Tsela e nngwe e madimona a lekang go tsietsa batho ka yone ke ka go iphetola batho ba ba suleng, jaaka ba ne ba dira ka Fred. Boikaelelo jwa bone ke bofe? Go faposa batho mo go se Baebele e se rutang le go koafatsa tumelo ya bone mo go Jehofa le go dira gore ba se ka ba mo ikanya. Kwantle ga pelaelo, Satane le madimona ba tsietsa batho “ka tiro nngwe le nngwe e e maatla le ditshupo tsa maaka le dikgakgamatso le ka tsietso nngwe le nngwe e e sa siamang mo go ba ba nyelelang.”—2 Bathesalonika 2:9, 10.

Ruri go na le batho ba ba buisanang le meya le ba ba dirisanang le bone ba ba dumelang tota gore ba buisana le batho ba ba suleng. Boammaaruri ke gore, fa e le gore batho bano ba buisana le mongwe, ba buisana le meya e e leng kgatlhanong le Jehofa. Ka tsela e e tshwanang, go na le batho ba ba dumelang gore ba obamela Modimo mme go sa nna jalo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala tlhagiso eno e e utlwalang sentle: “Dilo tse ditšhaba di di isang setlhabelo di di isetsa madimona setlhabelo, mme e seng Modimo.”—1 Bakorintha 10:20, 21.

Fa re itse gore re ka rapela Mogodimodimo, yo o re ratang e bile a amega ka rona, ke eng fa re ka batla go rapela mongwe o sele? E bile Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 Ditiragalo 16:9.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Fa re itse gore re ka rapela Mogodimodimo, yo o re ratang e bile a amega ka rona, ke eng fa re ka batla go rapela mongwe o sele?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Boammaaruri Le se E Seng Boammaaruri

BOAMMAARURI: SATANE O TENG

“Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi.”—2 Bakorintha 11:14.

“Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.”—1 Petere 5:8.

“Yo o tsamayang mo boleong o tswa mo go Diabolo, ka gonne Diabolo o ntse a leofa go tloga kwa tshimologong.”—1 Johane 3:8.

“Ka jalo, ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”—Jakobe 4:7.

“Diabolo . . . e ne e le mmolai fa a ne a simologa, mme o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene. Fa a bua maaka, o bua go ya ka tshekamelo ya gagwe, ka gonne ke moaki le ramaaka.”—Johane 8:44.

SE E SENG BOAMMAARURI: BATHO BOTLHE FA BA SWA BA YA KWA LEFELONG LA MOYA

“O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.”—Genesise 3:19.

“Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.”—Moreri 9:5.

“Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago, gonne ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [lebitla], lefelo le o yang kwa go lone.”—Moreri 9:10.

“Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.”—Pesalema 146:4.

BOAMMAARURI: BAENGELE BA BA IKANYEGANG BA AMEGA KA RONA

“Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.”—Pesalema 34:7; 91:11.

“A botlhe [baengele] ga se meya e e direlang botlhe, e e rometsweng go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko?”—Bahebera 1:14.

“Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho, a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo.’”—Tshenolo 14:6, 7.

SE E SENG BOAMMAARURI: JESU O LEKANA LE MODIMO

“Ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.”—1 Bakorintha 11:3.

“Fa dilo tsotlhe di tla bo di beilwe mo taolong ya gagwe, go tswa foo Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”—1 Bakorintha 15:28.

“Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya, Morwa ga a ka ke a dira selo le fa se le sengwe ka boene fela, fa e se fela se a bonang Rara a se dira.”—Johane 5:19.