Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Opelela Jehofa!

Opelela Jehofa!

Opelela Jehofa!

“Ke tla leletsa Modimo wa me pina fa fela ke sa ntse ke le teng.”—PES. 146:2.

1. Ke eng se se tlhotlheleditseng Dafide yo mosha gore a tlhame dipesalema dingwe tsa gagwe?

FA Dafide a ne a sa ntse a le mosha, o ne a fetsa diura di le dintsi a le kwa masimong gaufi le Bethelehema a tlhokometse letsomane la ga rraagwe. Fa a ntse a tlhokometse dinku o ne a kgona go bona popo e e gakgamatsang ya ga Jehofa: dinaledi tse dintsintsi tsa legodimo, “dibatana tsa naga e e bulegileng” le “dinonyane tsa legodimo.” O ne a amilwe thata ke se a neng a se bona—mo e leng gore o ne a tlhotlheletsega go tlhamela Modiri wa dilo tseno tse di gakgamatsang dipina tsa pako tse di amang pelo. Bontsi jwa dipina tse Dafide a di tlhamileng di ka fitlhelwa mo bukeng ya Dipesalema. *Bala Pesalema 8:3, 4, 7-9.

2. (a) Motho a ka amiwa maikutlo jang ke mmino? Naya sekai. (b) Pesalema 34:7, 8 le Pesalema 139:2-8 di re ruta eng ka kamano e Dafide a neng a na le yone le Jehofa?

2 Go bonala Dafide a ne a tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go opela ka yone nako eo. O ne a nna le bokgoni thata jaana mo e leng gore o ne a kopiwa gore a tle go tshamekela Kgosi Saulo harepa. (Dia. 22:29) Mmino wa ga Dafide o ne o lapolosa kgosi eno e e neng e na le mathata, fela jaaka le gompieno mmino o o monate o ka lapolosa batho. Fa Dafide a ne a tshameka harepa ya gagwe, “Saulo o ne a gololesega a bo a ikutlwa sentle.” (1 Sam. 16:23) Dipina tse di tlhamilweng ke seopedi seno se se boifang Modimo, se gape e neng e le mokwadi wa dipina, le gompieno di sa ntse di le botlhokwa. Akanya fela! Gompieno, dingwaga tse di fetang 3 000 fa e sa le Dafide a tshotswe, batho ba le dimilionemilione ba ditso tse di farologaneng le ba ba tswang mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, ka metlha ba bala dipesalema tsa ga Dafide gore di ba gomotse le go ba naya tsholofelo.—2 Ditir. 7:6; Bala Pesalema 34:7, 8; 139:2-8; Amos. 6:5.

Seabe se se Botlhokwa sa Mmino mo Kobamelong ya Boammaaruri

3, 4. Mo motlheng wa ga Dafide go ne go dirilwe dithulaganyo dife tsa go opela le go tshameka mmino o o boitshepo?

3 Dafide o ne a na le bokgoni, mme o ne a bo dirisa ka tsela e e molemolemo—go galaletsa Jehofa. Fa Dafide a sena go nna kgosi ya Iseraele, o ne a rulaganya gore ditirelo tsa kwa motlaaganeng di akaretse gore go nne le mmino o o monate. Mo Balefing botlhe ba ba neng ba direla mo tempeleng, ba ka nna 4 000 ba bone ba ne ba abetswe go ‘naya pako ka diletswa,’ mme ba le 288 ba ‘thapiseditswe go opelela Jehofa, e le ditswerere botlhe.’—1 Ditir. 23:3, 5; 25:7.

4 Dafide ke ene a tlhamileng bontsi jwa dipina tse Balefi ba neng ba di opela le go di tshameka. Baiseraele ba ba neng ba na le tshiamelo ya go nna gone fa dipesalema tsa ga Dafide di opelwa, ba ka tswa ba ile ba amiwa thata ke se ba neng ba se utlwa. Moragonyana fa letlole la kgolagano le ne le tlisiwa mo Jerusalema, “Dafide a bolelela balaodi ba Balefi gore ba emise bomorwarraabone e bong baopedi ka diletswa tsa pina, diletswa tsa megala le diharepa le disemebala, ba leletse kwa godimo go dira gore modumo wa go ipela o tlhatloge.”—1 Ditir. 15:16.

5, 6. (a) Ke eng fa mmino o ne o tseelwa matsapa jaana mo motlheng wa ga Dafide? (b) Re itse jang gore mmino o ne o tsewa o na le seabe sa botlhokwa mo kobamelong kwa Iseraele wa bogologolo?

5 Ke eng fa mmino o ne o tsewa o le botlhokwa jaana mo motlheng wa ga Dafide? A ke fela ka gonne kgosi e ne e le seopedi? Nnyaa, go ne go na le lebaka le lengwe le le neng la senolwa makgolokgolo a dingwaga moragonyana fa Kgosi Hesekia yo o neng a siame a ne a tsosolosa ditiro tsa kwa tempeleng. Re bala jaana mo go 2 Ditiragalo 29:25: “[Hesekia] a dira gore Balefi ba emisiwe kwa ntlong ya ga Jehofa, ka disemebala, ka diletswa tsa megala le ka diharepa, ka taelo ya ga Dafide le ya ga Gada mmoni wa diponatshegelo wa kgosi le ya ga moporofeti Nathane, taelo e ne e tla ka baporofeti ba ga Jehofa e le ka seatla sa gagwe.”

6 Ee, Jehofa o ne a ntsha taelo ka baporofeti gore baobamedi ba gagwe ba mmake ka pina. Baopedi ba e neng e le ba lotso lwa boperesiti ba ne ba sa dire ditiro tse Balefi ba bangwe ba neng ba laetswe go di dira e le gore baopedi bao ba kgone go nna le nako e e lekaneng ya go tlhama dipina le go nna ba di opela go fitlha ba di itse sentle.—1 Ditir. 9:33.

7, 8. Fa re opela dipina tsa Bogosi, ke eng se se botlhokwa go feta go nna le bokgoni jwa go opela?

7 O ka nna wa re: “Tota nna ke letlaila, ka jalo ke ne nka se akarediwe mo ditswerereng tse di neng di opela kwa motlaaganeng!” Mme gone ga se baopedi botlhe ba Balefi ba e neng e le ditswerere. Go ya ka 1 Ditiragalo 25:8, go ne go na le bangwe ba e neng e le ‘baithuti.’ Gape go botlhokwa go lemoga gore mo ditsong tse dingwe tsa Iseraele go ka tswa go ne go na le bangwe ba e neng e le ditswerere mo mminong, le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a neile Balefi boikarabelo jwa mmino. Re ka tlhomamisega gore le fa e ne e le ‘ditswerere’ kgotsa e le ‘baithuti,’ Balefi botlhe ba ba ikanyegang ba ne ba dira kabelo ya bone ka tlhagafalo.

8 Dafide e ne e le setswerere sa mmino e bile a o rata. Mme gone, a Modimo o lebile fela gore re nne le bokgoni? Dafide o ne a kwala jaana mo go Pesalema 33:3: “Dirang gotlhe mo lo ka go kgonang go letsa megala le go goa ka boipelo.” Ga go mmè o rile: Sa botlhokwa ke gore re ‘dire gotlhe mo re ka go kgonang’ fa re baka Jehofa.

Seabe sa Mmino Morago ga Motlha wa ga Dafide

9. Tlhalosa gore o ka bo o bone le go utlwa eng fa o ne o le teng fa tempele e kgakolwa ka nako ya puso ya ga Solomone.

9 Mo pusong ya ga Solomone, mmino o ne o na le seabe sa botlhokwa mo kobamelong e e itshekileng. Fa tempele e ne e kgakolwa, go ne go na le setlhopha sa okhestra se se nang le diterompeta di le 120. (Bala 2 Ditiragalo 5:12.) Baebele ya re “ba ba letsang diterompeta [ba e neng e le baperesiti botlhe] le baopedi ba ne ba le seoposengwe mo go direng gore go utlwale modumo o le mongwe fela mo go bakeng le mo go lebogeng Jehofa, . . . ‘gonne o molemo, gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.’” Fela fa mmino oo o o itumedisang o sena go ya magoletsa, “ntlo ka boyone ya tlala leru,” go supa gore Jehofa o ne a kgatlhiwa ke se se diregang. Ruri go tshwanetse ga bo go ne go jesa kgakge e bile go itumedisa tota go utlwa kafa modumo wa diterompeta tseo tsotlhe le wa baopedi ba le diketekete o neng o tsamaisana ka gone!—2 Ditir. 5:13.

10, 11. Ke eng se se bontshang gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dirisa mmino mo kobamelong?

10 Bakeresete ba bogologolo le bone ba ne ba dirisa mmino mo kobamelong. Ee, ke boammaaruri gore baobamedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba kopanela mo magaeng a bakaulengwe e seng mo metlaaganeng kgotsa mo ditempeleng. Mme ka ntlha ya pogiso le mabaka a mangwe, gantsi ba ne ba kopana jalo ba sa gololesega. Le fa go ntse jalo, Bakeresete bao ba ne ba baka Modimo ka pina.

11 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba kwa Kolosa jaana: “Nnang lo . . . tlhagisane ka dipesalema, dipako tse di yang kwa Modimong, dipina tsa semoya di na le bopelontle.” (Bakol. 3:16) Fa Paulo le Silase ba sena go tsenngwa mo kgolegelong, ba ne ba simolola go “rapela e bile ba baka Modimo ka pina” le fa ba ne ba se na dikopelo. (Dit. 16:25) Fa o ne o ka tsenngwa mo kgolegelong, ke dipina di le kae tse o di itseng ka tlhogo tse o neng o ka kgona go di opela?

12. Re ka bontsha jang gore re anaanela dipina tsa rona tsa Bogosi?

12 E re ka mmino o na le seabe sa botlhokwa mo kobamelong ya rona, go molemo gore re ipotse jaana: ‘A tota ke a o anaanela? A ke leka ka natla gore ke goroge ka nako kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo gore ke opele pina e e simololang le bakaulengwe le bokgaitsadi, mme a ke opela go tswa pelong? A ke ruta bana ba me gore ba se ka ba tsaya gore fa go opelwa, morago ga Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le morago ga puo ya phatlalatsa ke nako ya go tswela kwa ntle go sa tlhokege, gongwe ba ya go itshidila dinao?’ Go opela ke karolo ya kobamelo ya rona. Ee, le fa re ka tswa re le ‘ditswerere’ kgotsa re le ‘baithuti’ rotlhe re ka kgona—e bile re tshwanetse—go opela mmogo re bake Jehofa.—Bapisa 2 Bakorintha 8:12.

Fa Nako e Ntse E ya, Go Nna le Diphetogo

13, 14. Ke eng fa go le botlhokwa go opela go tswa pelong fa re le kwa dipokanong tsa phuthego? Naya sekai.

13 Dingwaga tse di fetang 100 tse di fetileng, makasine wa Zion’s Watch Tower o ne wa tlhalosa lengwe la mabaka a a dirang gore dipina tsa rona tsa Bogosi di nne botlhokwa. O ne wa re: “Tsela e nngwe e e molemo e e thusang gore boammaaruri bo nwelele kwa teng mo megopolong le mo dipelong tsa batho ba Modimo, ke go opela ka jone.” Bontsi jwa mafoko a a mo dipineng tsa rona a tswa mo Baebeleng, ka jalo go ithuta mafoko a dipina dingwe e ka nna tsela e e molemolemo ya go dira gore boammaaruri bo nwelele mo dipelong tsa rona. Batho bangwe ba ba etelang dipokano tsa rona la ntlha ba a tle ba amiwe maikutlo thata ke tsela e phuthego e opelang go tswa pelong ka yone.

14 Maitseboa mangwe ka ngwaga wa 1869, fa C. T. Russell a ne a boela gae a tswa tirong, o ne a utlwa batho ba opela mo holong e e kwa tlase mo kagong nngwe. Mo nakong eo, o ne a setse a latlhetse seditse gore ga a na go tlhola a itse boammaaruri ka Modimo. Ka jalo, o ne a sweditse ka gore a dire ka natla mo kgwebong ya gagwe, a ipoleletse gore fa a ka dira madi o tla kgona go thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang e re ka a ne a paletswe ke go ba thusa semoyeng. Mokaulengwe Russell o ne a tsena mo holong eo e e tletseng lerole le e e leswe mme a fitlhela gore go ne go tshwarelwa ditirelo tsa bodumedi mo go yone. O ne a nna fa fatshe mme a reetsa. Moragonyana o ne a kwala gore se a neng a se utlwa mo bosigong joo ‘se ne se lekane go ka nonotsha gape tumelo ya gagwe e e reketlang, le go mmontsha gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo.’ Ela tlhoko gore se totatota se neng sa ngokela Mokaulengwe Russell kwa pokanong eo ke tsela e ba neng ba opela ka yone.

15. Ke diphetogo dife mo tseleng e re tlhaloganyang dilo ka yone tse di neng tsa dira gore go tlhokege gore kopelo ya rona e tokafadiwe?

15 Fa nako e ntse e ya, go dirwa diphetogo mo tseleng e re tlhaloganyang Dikwalo ka yone. Diane 4:18 ya re: “Tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.” Lesedi le le ntseng le phatsimela pele le dira gore go tlhokege diphetogo mo tseleng e re ntseng re ‘opela boammaaruri’ ka yone. Mo dingwageng di le 25 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le dintsi ba ntse ba itumelela go dirisa kopelo ya setlhogo se se reng Opelelang Jehofa Dipako. * Fa e sa le buka eo e gatisiwa la ntlha, lesedi le ile la nna le phatsimela pele mo dikgannyeng di le mmalwa tsa Baebele, mme mafoko mangwe a a dirisitsweng mo kopelong eo ga a tlhole a dirisiwa. Ka sekai, ga re tlhole re re, “thulaganyo e ntšha” go na le moo ra re, “lefatshe le lesha.” Gone jaanong ra re leina la ga Jehofa le tla “itshepisiwa” e seng, le tla “tlotlomadiwa.” Ka jalo, go bonala sentle gore ka ntlha ya dithuto tseno le tse dingwe, go ile ga tlhokega gore kopelo ya rona e tokafadiwe.

16. Kopelo ya rona e ntšha e tla re thusa jang go reetsa kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baefeso 5:19?

16 Ka ntlha ya mabaka ao le a mangwe, Setlhopha se se Laolang se ile sa bona go tshwanela gore go gatisiwe kopelo e ntšha ya setlhogo se se reng, Opelelang Jehofa. Palo ya dipina tse di mo bukeng ya rona e ntšha e fokoditswe go nna 135. E re ka jaanong dipina tse re tshwanetseng go ithuta tsone di le mmalwa fela, go tla nna motlhofo gore re tshware mafoko a dipina dingwe tse disha ka tlhogo. Seno se dumalana sentle le kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baefeso 5:19.—E bale.

Bontsha Gore O a E Anaanela

17. Ke dintlha dife tse di ka re thusang gore re se ka ra tshaba go tsenwa ke matlho fa re opela kwa dipokanong?

17 A re tshwanetse go letla go tshaba go tsenwa ke matlho a batho go dira gore re se ka ra opela kwa dipokanong tsa Bokeresete? Leba kgang eno jaana: A ga se boammaaruri gore “re kgotšwa makgetlo a le mantsi” fa re bua? (Jak. 3:2) Le fa go ntse jalo, ga re letle go se nne ga rona dikgeleke mo puong go re thibela go baka Jehofa ka ntlo le ntlo. Jaanong, goreng re tshwanetse go letla mantswe a rona a a sa itseng go opela sentle a re thibela go baka Modimo ka pina? Jehofa “yo o diretseng motho molomo” o itumelela go re reetsa fa re ntse re dirisa mantswe a rona go mo opelela dipako.—Ekes. 4:11.

18. Neela dikakantsho tsa kafa o ka ithutang mafoko a dipina tseno ka gone.

18 Go gatisitswe di-CD tsa setlhogo se se reng, Sing to Jehovah—Vocal Renditions ka dipuo di le mmalwa. Di na le dipina tse disha tse di opelwang monate ka mantswe le ka diletswa. Ruri o tla itumelela go reetsa tsela e mmino ono o rulagantsweng ka yone. Di reetse gangwe le gape; fa o dira jalo o tla kgona go tshwara mafoko a dingwe tsa dipina tseno ka tlhogo. Mafoko a bontsi jwa dipina tseno a tlhamilwe ka tsela e e tla go thusang gore fa o opela mola mongwe, o kgone go lemoga gore o o latelang a ka tswa o reng. Ke eng fa o sa leke go opela khorase fa o ntse o reeditse CD? Fa o tlwaelana sentle le mafoko a tsone o le kwa gae, ruri o tla kgona go opela sentle thata fa o le kwa Holong ya Bogosi.

19. Ke matsapa afe a a tsewang go baakanyetsa dipina tsa Bogosi tse di tshamekiwang ka diletswa?

19 Re ka nna ra se ka ra bontsha kanaanelo mo mminong o o lediwang kwa dikopanong tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe le kwa dikopanong tsa potologo le tsa kgaolo. Go tserwe matsapa a mantsi go o baakanyetsa. Fa mmino o o tlileng go dirisiwa o sena go tlhophiwa, go rulaganngwa setlhopha sa Watchtower sa maloko a le 64 gore se o tshameke ka diletswa. Go tswa foo, baopedi bao ba fetsa diura tse dintsintsi ba baakanyetsa dipina tseo le go nna ba di boaboeletsa mme kgabagare ba di gatisa kwa setudiong sa rona kwa Patterson, New York. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le lesome mo go bano ga ba nne mo United States. Mme botlhe ba go tsaya e le tshiamelo go nna le seabe mo mminong ono o o monate o o tla dirisediwang ditiro tsa puso ya Modimo. Re ka bontsha gore re anaanela matsapa ano a ba a dirang ka lorato. Fa modulasetulo kwa dikopanong tsa rona tse dinnye le tse dikgolo a re kopa gore re nne fa fatshe, a re nneng ka yone nako eo mme re reetse ka tidimalo mmino ono o re o baakanyeditsweng ka lorato.

20. O ikemiseditse go dira eng?

20 Jehofa o a reetsa fa re mmaka ka dipina. O di tsaya di le botlhokwa. Re ka itumedisa pelo ya gagwe ka go mo opelela go tswa pelong ka metlha fa re kopane go mo obamela. Ee, re ka tswa re le ditswerere tsa mmino kgotsa re le baithuti, a re ‘opeleleng Jehofa’!—Pes. 104:33.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 1 Se se kgatlhang ke gore makgolokgolo a dingwaga morago ga loso lwa ga Dafide, masomosomo a baengele a ne a itsise ka ga go tsholwa ga ga Mesia, a itsise badisa ba ba neng ba tlhokometse motlhape wa bone kwa nageng gaufi le Bethelehema.—Luke 2:4, 8, 13, 14.

^ ser. 15 Dipina di le 225 tse di mo kopelong eno di ne di gatisitswe ka dipuo di feta 100.

O Akanya Eng?

• Ke dikai dife tsa mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele tse di bontshang gore mmino o botlhokwa mo kobamelong ya rona?

• O akanya gore go ikobela taelo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 22:37 go amana jang le go opela dipina tsa Bogosi go tswa pelong?

• Ke ditsela dife tse dingwe tse re ka bontshang ka tsone gore tota re anaanela dipina tsa rona tsa Bogosi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

A o ruta bana ba gago gore ba se ka ba tswela kwa ntle go sa tlhokege fa go opelwa?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A o ithuta mafoko a dipina tsa rona tse disha fa o le kwa lapeng?