Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Bone Kafa Boammaaruri Jwa Baebele bo Leng Maatla ka Gone

Ke Bone Kafa Boammaaruri Jwa Baebele bo Leng Maatla ka Gone

Ke Bone Kafa Boammaaruri Jwa Baebele bo Leng Maatla ka Gone

Jaaka go boletse Vito Fraese

GONGWE ke la ntlha o utlwa leina Trentinara. Ke torotswana e nnye e e kwa borwa jwa Naples kwa Italy. Batsadi ba me le nkgonne e bong Angelo ba tsholetswe koo. Fa Angelo a sena go tsholwa, batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa United States mme ba aga kwa Rochester, kwa New York, e leng kwa ke neng ka tsholelwa teng ka 1926. Ka 1922, Rre o ne a kopana la ntlha le Basupi ba ga Jehofa ba ka nako eo ba neng ba bidiwa Baithuti ba Baebele. Go ise go ye kae ene le Mmè ba ne ba nna Baithuti ba Baebele.

Rre e ne e le motho yo o ritibetseng maikutlo le yo nnang a iketse ka megopolo, mme gone o ne a galefisiwa ke tshiamololo. O ne a sa rate tsela e baruti ba neng ba tlogetse batho mo lefifing ka yone, ka jalo o ne a dirisa tshono nngwe le nngwe e a e bonang go ba bolelela boammaaruri jwa Baebele. Fa a sena go rola tiro o ne a tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng mme a tswelela mo go jone go fitlha botsogo jo bo bokoa le mariga a a bogale di mo pateletsa go emisa fa a le dingwaga di le 74. Tota le ka nako eo, o ne a tswelela a rera mme o ne a kgona go dira diura di le 40 go ya go di le 60 ka kgwedi go fitlha a setse a le mo dingwageng tsa bo90. Sekao sa ga Rre se ne sa nkama fela thata. Le fa a ne a tle a dire metlae, e ne e le motho yo o tsayang dilo masisi. O ne a rata go re, “Boammaaruri bo tshwanetse go tsewa masisi.”

Rre le Mmè ba ne ba leka ka natla go ruta rona bana ba bone ba batlhano Lefoko la Modimo. Ke ne ka kolobediwa ka August 23, 1943, mme ka June 1944, ka nna mmulatsela. Kgaitsadiake e bong Carmela o ne a bulatsela le Fern yo o matlhagatlhaga kwa Geneva, kwa New York. Ga go a ntsaya lobaka go lemoga gore Fern ke kgarebe e ke neng nka rata go tshela botshelo jotlhe jwa me le yone. Ka jalo, re ne ra nyalana ka August 1946.

Tiro ya Borongwa

Dikabelo tse pedi tsa rona tsa ntlha di ne di le kwa Geneva le Norwich kwa New York, mme re ne re le babulatsela ba ba kgethegileng koo. Ka August 1948, re ne ra nna le tshiamelo ya go nna teng kwa tlelaseng ya bo12 ya Gileade. Go tswa foo, rona le banyalani bangwe e bong Carl le Joanne Ridgeway re ne ra romelwa kwa Naples kwa Italy. Ka nako eo, go ne go na le mathata kwa Naples ka ntlha ya ditlamorago tsa ntwa. Go ne go le thata go bona ntlo, ka jalo re ne ra fetsa dikgwedi di le mmalwa re nna mo dikamoreng tse pedi tse dinnye mo kagong nngwe.

Fa ke gola ke ne ke tlhola ke utlwa batsadi ba me ba bua Se-Naples, e leng puo nngwe e e neng e buiwa kwa Italy, ka jalo batho ba ne ba kgona go ntlhaloganya fa ke bua Sentadiana—le fa gone go ne go utlwala gore ke Moamerika. Fern ene o ne a sa itse puo eo gotlhelele. Mme gone go ise go ye kae, o ne a setse a kgona go e bua mme moragonyana o ne a e bua go nkgaisa.

Kwa tshimologong, batho ba ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa rona kwa Naples e ne e le lelapa la maloko a le manè. Ba ne ba na le kgwebo e e seng kafa molaong ya go rekisa metsoko. Letsatsi lengwe le lengwe, leloko lengwe la lelapa leo e bong Teresa, le ne le fetoga ka tsela e e gakgamatsang fa le ya tirong. Mo mosong, Teresa o ne a subela metsoko mo seketeng sa gagwe se se nang le dikgetsana tse dintsi mme o ne a lebega a le mokima. Mme fa e nna maitseboa, o ne a lebega a le mosesane jaaka letlhokwa. Boammaaruri bo ne jwa fetola lelapa leno gotlhelele. Kgabagare, maloko a le 16 a lelapa leno a ne a nna Basupi. Gone jaanong go na le Basupi ba ka nna 3 700 mo motseng wa Naples.

Tiro ya Rona e a Ganediwa

Morago ga dikgwedi di le robongwe fela re le kwa Naples, balaodi ba ne ba pateletsa bonè jwa rona go tswa mo motseng. Re ne ra ya go nna kgwedi kwa Switzerland mme ra boela kwa Italy re dirisa lekwalo la mosepele la bajanala. Nna le Fern re ne ra ya go direla kwa Turin. Kwa tshimologong, mosadi mongwe o ne a re hirisetsa kamore mme re ne ra tshwanelwa ke go dirisa ntlwana ya gagwe ya botlhapelo le ya boapeelo. Mme fa booraRidgeway ba goroga kwa Turin, re ne ra hira kago nngwe mme ra nna mmogo. Fa nako e ntse e ya, re ne re nna re le banyalani ba le batlhano ba barongwa mo ntlong e le nngwe.

Fa balaodi ba ne ba re pateletsa go tswa mo Turin ka 1955, go ne go setse go na le diphuthego di le nnè tse disha. Bakaulengwe ba lefelo leo ba ba nang le bokgoni ba ne ba ka tlhokomela diphuthego tseo. Balaodi ba ne ba re raya ba re, “Re tlhomamisegile gore fa lona Baamerika lo sena go tsamaya, go tla bo go fedile ka ditiro tsotlhe tsa lona.” Le fa go ntse jalo, koketsego e e neng ya nna teng morago ga moo, e ne ya bontsha gore tiro ya rona e ikaegile ka Modimo gore e atlege. Gompieno go na le Basupi ba ba fetang 4 600 le diphuthego di le 56 kwa Turin.

Florence—Motse o o Kgatlhang

Kabelo ya rona e e latelang e ne ya nna kwa Florence. Re ne re a tle re utlwe ka motse ono, ka gonne kgaitsadiake Carmela le monna wa gagwe Merlin Hartzler, ba ne ba direla koo e le barongwa. Le fa go ntse jalo, seo ga se tshwane le fa o setse o nna koo. Mafelo a a jaaka, Piazza della Signoria, Ponte Vecchio, Piazzale Michelangelo le Palazzo Pitti, a ne a dira gore e nne motse o o kgatlhang tota! Ruri go ne go itumedisa go bona kafa batho bangwe ba kwa Florence ba neng ba itshwara ka gone fa ba utlwa dikgang tse di molemo.

Re ne ra ithuta le lelapa lengwe mme batsadi ba teng ba ne ba kolobediwa. Le fa go ntse jalo, rre wa lelapa leo o ne a goga motsoko. Ka ngwaga wa 1973, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa tlhalosa gore go goga ke mokgwa o o sa siamang mme wa rotloetsa babadi gore ba o tlogele. Bana ba gagwe ba bagolwane ba ne ba mo emelela gore a tlogele go goga. O ne a ba solofetsa gore o tla tlogela, mme ga a ka a go dira. Maitseboa mangwe mosadi wa gagwe o ne a laela mawelana a bone a dingwaga di le robongwe gore a ye go robala mme o ne a se ka a ya go rapela le bone pele ga ba robala. Moragonyana o ne a ikutlwa molato mme a ya kwa phaposing ya bone. Ba ne ba setse ba ithapeletse. O ne a ba botsa jaana: “Lo rileng fa lo rapela?” Ba ne ba re: “Re rile, ‘tsweetswee Jehofa, re kopa o thuse Papa gore a tlogele go goga.’” Mosadi o ne a bitsa monna wa gagwe, “Tlaa o utlwe thapelo ya bana ba gago.” Fa a e utlwa o ne a thubega ka selelo mme a re: “Ga nkitla ke tlhola ke goga gape!” O ne a boloka tsholofetso ya gagwe, mme jaanong maloko a a fetang 15 a lelapa leo ke Basupi.

Go Direla Kwa Afrika

Ka 1959 re ne ra romelwa kwa Mogadishu, kwa Somalia le barongwa ba bangwe ba babedi e bong Arturo Leveris le nkgonne, Angelo. Re ne ra fitlhela maemo a koo a dipolotiki a sa itumedise. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne le laetse puso ya Italy gore e thuse Somalia go bona boipuso, mme go ne go bonala maemo a ntse a senyega go ya pele. Bantadiana bangwe ba re neng re ithuta le bone, ba ne ba fuduga mme go ne ga nna thata go tlhoma phuthego koo.

Mo nakong eo, molebedi yo o etelang makala o ne a nkopa gore ke nne mothusi wa gagwe. Ka jalo, re ne ra simolola go etela dinaga tse di gaufi. Batho bangwe ba re neng re ithutile le bone ba ne ba gatela pele, le fa go ntse jalo ba ile ba tshwanelwa ke go tswa mo dinagagaeng tsa bone gonne ba ne ba ganediwa. Bangwe ba bone ba ile ba sala le fa gone ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela go bogisiwa botlhoko. * Matlho a rona a sa ntse a gelela dikeledi fa re akanya ka tsela e ba neng ba rata Jehofa ka yone le ka maemo a ba neng ba tshwanelwa ke go a itshokela.

Gantsi Somalia le Eritrea di ne di le mogote e bile di le bongola ka tsela e e feteletseng. Dijo dingwe tsa lefelo leo di ne di baba mo di neng di dira gore re gotele le go feta. Lekgetlho la ntlha fa re ne re ja dijo tseno kwa legaeng la motho mongwe yo re neng re ithuta Baebele le ene, mosadi wa me o ne a dira motlae a re, ditsebe tsa gagwe di hibitse mo e keteng ke roboto e khibidu!

Re ne ra sala re le rosi fa Angelo le Arturo ba ne ba newa kabelo e nngwe. Go ne go le thata e re ka go ne go se ope yo o re kgothatsang. Le fa go ntse jalo, boemo joo bo ne jwa re thusa gore re atamalane le Jehofa le go mo ikanya ka botlalo. Go etela dinaga tse tiro ya go rera e neng e thibetswe kwa go tsone go ne ga re kgothatsa fela thata.

Re ne ra lebana le mathata a le mantsi kwa Somalia. Re ne re se na setsidifatsi, ka jalo re ne re reka dijo tse re neng re ka kgona go di fetsa mo letsatsing leo, ka dinako dingwe re ne re tshwanelwa ke go reka nama e e kgabetleletsweng ya shaka ya hammerhead, kgotsa maungo a lefelo leo a a jaaka dimenku, diphopho, dipomelo, dikhokonate kgotsa dipanana. Gantsi re ne re tshwenngwa ke ditshenekegi tse di fofang. Ka dinako dingwe di ne di kotama mo melaleng ya rona fa re ntse re tshwere dithuto tsa magae tsa Baebele. Ka lesego re ne re na le sethuthuthu, ka jalo re ne re sa tsamaye diura tse dintsi mo letsatsing le le tseremang.

Re Boela Kwa Italy

E re ka re ne re batla go ya kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Turin ka 1961, ditsala dingwe tsa rona tse di pelotshweu di ne tsa re thusa gore re boele kwa Italy ka sekepe se se rwalang dipanana. Re ne ra utlwa gore re tlile go newa kabelo e nngwe. Ka September 1962, re ne ra boela kwa Italy, kwa ke neng ka nna molebedi wa potologo gone. Re ne ra reka kolotsana e re neng ra e dirisa dingwaga di le tlhano fa re ntse re etela dipotologo tse pedi tse re neng re di abetswe.

Morago ga go nna kwa Afrika e e mogote, jaanong re ne re tshwanelwa ke go itshokela maemo a a tsididi. Mariga a rona a ntlha koo fa re ne re etetse phuthego e e neng e le kwa tlase ga dithaba tsa Alps, re ne ra robala mo phaposing e e neng e se na sepe sa go ikomosa, e e agilweng mo godimo ga bobolokelo jwa bojang. Tsela e go neng go le tsididi ka yone, re ne ra robala re apere dijase. Gaufi le fa re neng re le teng, dikoko tse nnè le dintša tse pedi di ne tsa bolawa ke serame mo bosigong joo!

Moragonyana, ke ne ka nna molebedi wa kgaolo. Ka nako eo, re ne re bereka Italy yotlhe. Mafelo mangwe a a jaaka Calabria le Sicily, re ne re a etela gantsintsi. Re ne re kgothatsa basha gore ba gole semoyeng mme ba kgaratlhele go nna balebedi ba phuthego, badiredi ba ba etang kgotsa maloko a lelapa la Bethele.

Re ithutile dilo di le dintsi mo ditsaleng tsa rona tse di ikanyegang tse di diretseng Jehofa ka pelo yotlhe. Re anaanela thata dinonofo tsa bone tse di molemo tse di jaaka, go ikanyega ka botlalo mo go Jehofa, go nna pelotshweu, go rata bakaulengwe ba bone le moya o montle wa go kgona go fetofetoga le maemo le go intsha setlhabelo. Re ile ra nna teng mo manyalong a a tshwaretsweng mo Diholong Tsa Bogosi. Manyalo ano a ne a tsamaisiwa ke Basupi ba ba tlhomilweng semolao go nna badiredi ba bodumedi e leng sengwe se mo dingwageng tse di fetileng re neng re sa akanye gore se ka letlelelwa mo nageng eo. Bakaulengwe ba kwa Turin ga ba tlhole ba tshwarela dipokano mo matlwaneng a go apeela a bakaulengwe kgotsa ba nna mo godimo ga mapolanka jaaka ba ne ba dira pele. Go na le moo, diphuthego di le dintsi di na le Diholo tse dintle tsa Bogosi tse di tlotlomatsang Jehofa. Ga re tlhole re tshwanelwa ke go tshwarela dikopano mo mafelong a bobogelo a seemo sa one se sa kgatlheng, go na le moo re di tshwarela mo Diholong tse dikgolo tsa Dikopano. A bo re ile ra itumela jang ne fa re bona palo ya baboledi e gola e bo e feta 243 000. Fa re goroga kwa Italy, go ne go na le baboledi ba le 490 fela.

Re Dirile Ditshwetso Tse di Siameng

Re ile ra lebana le maemo mangwe a a thata a a jaaka go lwala le go tlhologelelwa gae. Fern o ne a tlhologelela gae ka metlha fa a bona lewatle. Gape o ile a tshwanelwa ke go dirwa dikaro di le tharo tse dikgolo. Nako nngwe fa a ne a ya go tshwara thuto ya Baebele, motho mongwe yo o ganetsang o ne a mo tlhasela mme a mo tlhaba ka foroko ya bojang. O ne a gobala mo a ileng a tshwanelwa ke go ya bookelong.

Le fa ka dinako tse dingwe re ne re kgobega marapo, re ile ra dira se se tlhalositsweng mo go Dikhutsafalo 3:24, mme ra ‘letela Jehofa.’ Ke Modimo wa kgomotso. Nako nngwe fa re ne re ikutlwa re kgobegile marapo, Fern o ne a amogela lekwalo le le monate le le tswang kwa go Mokaulengwe Nathan Knorr. O ne a kwadile gore, e re ka a ne a tsholetswe gaufi le Bethlehem, Pennsylvania, kwa Fern a simolotseng teng go bulatsela, o ne a itse sentle gore basadi ba Bajeremane ba kwa Pennsylvania ba ba tshwanang le Fern, ba nonofile e bile ke digatlhamelamasisi. O ne a nepile. Mo dingwageng tseno tsotlhe, re ile ra kgothadiwa ka ditsela di le dintsi ke batho ba le bantsi.

Le fa re ne re lebana le mathata, re ne re leka go tswelela re tlhagafetse mo bodireding. Fa Fern a ne a bapisa tlhagafalo le Lambrusco, e leng beine e e monate ya Italy e e lebegang e kete e a bela, o ne a tlhola a dira motlae a re, “le rona re tshwanetse go tlhomamisa gore tlhagafalo ya rona e nna e bela.” Morago ga dingwaga tse di fetang 40 re ntse re etela diphuthego mo potologong le mo kgaolong, re ne ra newa tshiamelo e ntšha ya go etela le go rulaganya ditlhopha le diphuthego ka dipuo tse dingwe tse e seng tsa Sentadiana. Ditlhopha tseno di rerela batho ba ba tswang kwa Bangladesh, China, Ditlhaketlhake tsa Philippine, Eritrea, Ethiopia, Ghana, India, Nigeria, Sri Lanka le kwa dinageng tse dingwe. Letsatsi le ka tlhaba la bo la wela, fa re ka re re tlhalosa ditsela tse di molemo tse re boneng ka tsone gore maatla a Lefoko la Modimo a kgona go fetola matshelo a batho ba ba boneng bopelonomi jwa ga Jehofa.—Mik. 7:18, 19.

Re rapela gore letsatsi le letsatsi Jehofa a tswelele go re nonotsha mo maikutlong le mo mmeleng gore re kgone go tswelela mo bodireding. Boipelo jwa Morena ke jone bo re nonotshang. Bo re naya kgotsofalo le go re tlhomamisetsa gore re dirile ditshwetso tse di siameng mo botshelong fa re ntse re anamisa boammaaruri jwa Baebele.—Baef. 3:7; Bakol. 1:29.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Bona 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tsebe 95-184.

[Tšhate/Setshwantsho mo go tsebe 27-29]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Batsadi ba me kwa Rochester, NY

1948

Ka nako ya tlelase ya bo12 ya Gileade, kwa South Lansing

1949

Ke na le Fern pele re ya Italy

Kwa Capri, Italy

1952

Re na le barongwa ba bangwe kwa Turin le kwa Naples

1963

Fern le batho bangwe ba a neng a ithuta Baebele le bone

“Re tshwanetse go tlhomamisa gore tlhagafalo ya rona e nna e bela”