Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Itshoka Le fa A ne A Lebane le Maemo a a Kgobang Marapo

O ne A Itshoka Le fa A ne A Lebane le Maemo a a Kgobang Marapo

Etsa Tumelo ya Bone

O ne A Itshoka Le fa A ne A Lebane le Maemo a a Kgobang Marapo

SAMUELE o ne a kgona go utlwa kafa batho ba kwa Shilo ba neng ba utlwile botlhoko ka teng. Motse otlhe o ne o le mo khutsafalong. Ke basadi le bana ba le kae ba ba neng ba lelela borraabone, banna ba bone, bomorwaabone le bokgaitsadiabone ba ba neng ba swetse kwa ntweng? Re itse fela gore Bafilisitia ba ne ba fentse Baiseraele botlhoko mme ga swa masole a le 30 000 a Baiseraele mme go ne go sa tswa go swa a mangwe a le 4 000 mo ntweng e nngwe.—1 Samuele 4:1, 2, 10.

Mme eo e ne e le tiragalo e le nngwe fela mo ditiragalong tse di neng di latelana tsa masetlapelo. Moperesiti yo Mogolo e bong Eli o ne a na le bana ba le babedi ba basimane ba ba bosula e bong Hofeni le Finease ba ba neng ba dule mo Shilo ba tshotse letlole le le boitshepo la kgolagano. Letlole leno la botlhokwa le ne le tshwantshetsa go nna teng ga Modimo mme gantsi le ne le nna mo karolong e e boitshepo ya motlaagana—tempele e e keteng mogope. Go tswa foo batho ba ne ba ya ntweng ba tshotse Letlole, ka boeleele ba akanya gore le ne le tla nna jaaka pheko e e neng e tla dira gore ba fenye. Mme Bafilisitia ba ne ba gapa Letlole, ba bo ba bolaya Hofeni le Finease.—1 Samuele 4:3-11.

Motlaagana wa kwa Shilo o ne o sa bolo go nna le tshiamelo ya gore Letlole le nne mo go one ka makgolokgolo a dingwaga. Jaanong le ne le sa tlhole le le teng. Fa Eli wa dingwaga tse 98 a utlwa dikgang tseo, o ne a wela kwa morago mo setulong sa gagwe mme a swa. Ngwetsi ya gagwe, e e neng e swetswe ke monna mo go lone letsatsi leo, e ne ya swa e belega. Pele ngwetsi eno e swa e ne ya re: “Kgalalelo e dule mo Iseraele e ile botshwarwa.” Ee ruri, Shilo e ne e fetogile gotlhelele.—1 Samuele 4:12-22.

Samuele o ne a tla itshokela jang maemo ano a a kgobang marapo? A tumelo ya gagwe e ne e tla nna e ntse e nonofile fa a tshwanelwa ke go thusa batho ba Jehofa a neng a sa tlhole a ba sireleditse le go ba amogela? Ka dinako dingwe rotlhe gompieno re ka lebana le mathata le dilo tse di kgobang marapo tse di lekang tumelo ya rona, ka jalo a re boneng gore re ka ithuta eng mo go Samuele.

O ne A “Diragatsa Tshiamo”

Go tloga fano Baebele ga e tlhole e bua ka Samuele mme e bua ka Letlole le le boitshepo, e bontsha kafa Bafilisitia ba neng ba boga ka teng ka gonne ba le tsere ba bo ba tshwanelwa ke go le busa. Fa e simolola go bua ka Samuele gape, go ne go setse go fetile dingwaga di ka nna 20. (1 Samuele 7:2) O ne a dirang mo dingwageng tseo? Ga re tlhoke go fopholetsa.

Re utlwa gore pele lobaka lono lo simologa, “lefoko la ga Samuele [le ne] la tswelela go tla mo Iseraele yotlhe.” (1 Samuele 4:1) Pego eno e bega gore morago ga gore lobaka loo lo fele, Samuele o ne a nna a etela mongwe le mongwe wa metse e meraro ya kwa Iseraele gangwe mo ngwageng, a rarabolola dikgotlhang le go araba dipotso. Go tswa foo o ne a boela kwa motseng wa gagabo wa Rama. (1 Samuele 7:15-17) Go bonala sentle gore Samuele o ne a nna a tshwaregile, mme mo lobakeng loo lwa dingwaga tse 20, o ne a na le tiro e ntsi.

Boitsholo jo bo sa siamang le ditiro tse di bosula tsa bomorwa Eli di ne di koafaditse tumelo ya batho. Go lebega gore seo se ne sa felela ka gore ba le bantsi ba simolole go obamela medingwana. Le fa go ntse jalo, morago ga go dira ka natla dingwaga di le 20, Samuele o ne a naya batho molaetsa ono: “Fa e le gore lo boela kwa go Jehofa ka pelo ya lona yotlhe, tlosang medimo e sele mo gare ga lona le ditshwantsho tsa ga Ashethorethe, mme lo kaele pelo ya lona ka tlhomamo kwa go Jehofa lo bo lo direle ene a le esi, mme o tla lo golola mo seatleng sa Bafilisitia.”—1 Samuele 7:3.

‘Seatla sa Bafilisitia’ se ne se gatelela batho. E re ka masole a Baiseraele a ne a fentswe gotlhelele, Bafilisitia ba ne ba gatelela batho ba Modimo ba sa boife sepe. Mme Samuele o ne a tlhomamisetsa batho gore dilo di ne di tla fetoga fa fela ba ne ba ka boela kwa go Jehofa. A ba ne ba iketleeleditse go dira jalo? Samuele o ne a itumela fa ba ne ba tlogela go obamela medingwana ba bo ba “simolola go direla Jehofa a le esi.” Samuele o ne a bitsa phuthego kwa Misepa, motse o o mo nageng e e dithaba kwa bokone jwa Jerusalema. Batho ba ne ba phuthega, ba itima dijo mme ba ikwatlhaela maleo a bone a mantsi a go obamela medingwana.—1 Samuele 7:4-6.

Le fa go ntse jalo, Bafilisitia ba ne ba utlwela ka kokoano eno e kgolo mme ba tsaya seo e le tshono ya go tlhasela. Ba ne ba romela masole a bone kwa Misepa gore ba bolaye baobamedi bao ba ga Jehofa. Baiseraele ba ne ba utlwela ka kotsi e e tlang. Ba ne ba tshogile mme ba kopa Samuele gore a ba rapelele. O ne a dira jalo a bo a ntsha setlhabelo. Ka nako ya kokoano eo e e boitshepo, masole a Bafilisitia a ne a tlhasela Misepa. Ka yone nako eo Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Samuele. Tota e bile Jehofa o ne a dira gore go utlwale modumo wa tšhakgalo. O ne a “dira gore maru a dume ka modumo o o kwa godimo mo letsatsing leo kgatlhanong le Bafilisitia.”—1 Samuele 7:7-10.

A mme re ka akanya gore Bafilisitia bao ba ne ba tshwana le bana ba ba boi ba ba iphitlhang ka bommaabone fa ba utlwa modumo wa legadima? Nnyaa, batho bano e ne e le masole a a nonofileng, a a thatafaditsweng ke ntwa. Ka jalo, tumo eno ya maru e tshwanetse ya bo e ne e le modumo o ba iseng ba tsamaye ba o utlwe. A ba ka tswa ba ne ba tshosiwa ke tsela e “modumo [ono] o o kwa godimo” o neng o utlwala ka teng? A o ka tswa o ne o duma mme loapi lo apogile kgotsa o utlwala go tswa mo dithabeng? Mme gone o ile wa dira gore Bafilisitia bao ba sale ba tlhakane tlhogo e bile ba roroma. Ba ntse ba tlhakane tlhogo jalo, dilo di ne tsa fetoga ka bonako mme ya nna bone ba tlhaselwang. Banna ba Baiseraele ba ne ba thologela foo ba tswa kwa Misepa mme ba ba fenya, ba ba leleka sekgala sa dikilometara di le dintsi go ya kwa borwabotlhaba jwa Jerusalema.—1 Samuele 7:11.

Ntwa eo e ne ya tlisetsa batho ba Modimo phetogo e kgolo. Bafilisitia ba ne ba nna ba boela morago ka nako ya fa Samuele e ne e le moatlhodi. Metse e e neng e gapilwe ya batho ba Modimo e ne ya nna ya bone gape.—1 Samuele 7:13, 14.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a umaka Samuele fa a bua ka baatlhodi le baporofeti ba ba ikanyegang ba ba neng ba “diragatsa tshiamo.” (Bahebera 11:32, 33) Ruri Samuele o ne a thusa go diragatsa se se molemo le se se siameng mo matlhong a Modimo. O ne a kgona go dira jalo ka gonne o ne a letela Jehofa ka bopelotelele, a nna a dira tiro ya gagwe le fa a ne a lebane le maemo a a kgobang marapo. Gape o ne a bontsha gore o na le kanaanelo. Morago ga phenyo ya kwa Misepa, Samuele o ne a tlhoma sefikantswe go gopola tsela e Jehofa a neng a thusitse batho ba gagwe ka yone.—1 Samuele 7:12.

A wena o batla go “diragatsa tshiamo”? Fa go le jalo go ka nna molemo gore o ithute sengwe mo tseleng e Samuele a neng a le pelotelele, a ikokobeditse e bile a anaanela ka yone. Ke mang mo go rona yo o sa tlhokeng dinonofo tseo? Go ne go le molemo gore Samuele a nne le dinonofo tseo a bo a di bontshe fa a ne a sa le mosha ka gonne o ne a lebana le maemo a a kgobang marapo tota fa a setse a godile.

“Bomorwao Ga ba A Tsamaya mo Ditseleng Tsa Gago”

Fa re tla go bala gape kaga Samuele, o “setse a tsofetse.” Ka nako eo Samuele o ne a na le bana ba babedi ba basimane ba ba neng ba setse ba godile e bong Joele le Abija, ba a neng a ba neile boikarabelo jwa go mo thusa mo tirong ya go atlhola. Le fa go ntse jalo, ba ne ba mo swabisa. Le fa Samuele a ne a ikanyega e bile a siame, bomorwawe ba ne ba dirisa maemo a bone ka bopelotshetlha, ba sokamisa katlholo e bile ba amogela pipamolomo.—1 Samuele 8:1-3.

Letsatsi lengwe, banna ba bagolwane ba Iseraele ba ne ba ya kwa moporofeting yono yo o godileng ba ya go ngongorega. Ba ne ba re: “Bomorwao ga ba a tsamaya mo ditseleng tsa gago.” (1 Samuele 8:4, 5) A Samuele o ne a itse ka bothata jono? Pego ga e tlhalose. Le fa go ntse jalo, Samuele e ne e se rre yo o molato jaaka Eli. Jehofa o ne a kgalema Eli a bo a mo otlhaela go bo a sa kgalemelela bomorwawe bosula jwa bone e bile a ile a tlotla bomorwawe go feta Modimo. (1 Samuele 2:27-29) Jehofa ga a ise a ke a bone Samuele molato ka sengwe se se ntseng jalo.

Pego ga e senole gore Samuele o ne a tlhabilwe ke ditlhong mo go kana kang, a tlhobaetse kgotsa a tshwenyegile go le kana kang fa a sena go utlwa ka boitsholo jo bo bosula jwa bomorwawe. Le fa go ntse jalo, batsadi ba le bantsi ba ka kgona go tlhaloganya gore o ne a ikutlwa jang. Mo metlheng eno e e bosula, go tlwaelegile thata gore bana ba tsuologele taolo le kotlhao ya batsadi ba bone. (2 Timotheo 3:1-5) Batsadi ba ba mo kutlobotlhokong e e ntseng jalo ba ka gomodiwa ke sekao sa ga Samuele mme sa ba kaela. Ga a ka a letla go tlhoka tumelo ga bomorwawe go fetola tsela e a neng a tshela ka yone ka tsela epe fela. Gakologelwa, le fa batsadi ba sa kgona go fitlhelela dipelo tsa bana ba bone tse di kgwaraletseng ka mafoko le ka go ba otlhaya, ba sa ntse ba ka nna ba di fitlhelela ka sekao sa bone se se molemo. Gape batsadi ba nna ba ntse ba na le sebaka sa go itumedisa Rraabone yo o kwa legodimong e bong Jehofa Modimo—fela jaaka Samuele a ne a dira.

“A ko O re Tlhomele Kgosi”

Bomorwa Samuele ba ne ba sa akanye gore bopelotshetlha le bogagapa jwa bone bo ne bo tla felela ka eng. Banna ba bagolwane ba Iseraele ba ne ba raya Samuele ba re: “Jaanong a ko o re tlhomele kgosi gore e re atlhole jaaka ditšhaba tsotlhe.” A kopo eo e ne ya dira gore Samuele a ikutlwe e kete ga a tlhole a ratiwa? Aitsane, go ne go setse go fetile masome a dingwaga Jehofa a mo dirisa go atlhola batho bao. Jaanong ba ne ba sa batle go atlholwa ke moporofeti fela yo o jaaka Samuele, ba ne ba batla go atlholwa ke kgosi. Ditšhaba tse di ba dikologileng di ne di na le dikgosi, mme Baiseraele le bone ba ne ba batla kgosi! Samuele o ne a itshwara jang? Pego ya re “selo seno se ne se le bosula” mo matlhong a gagwe.—1 Samuele 8:5, 6.

Ela tlhoko kafa Jehofa a ileng a araba ka teng fa Samuele a mo rapela ka kgang eno: “Reetsa lentswe la batho malebana le sotlhe se ba se go rayang; gonne ga ba a gana wena, mme ba ganne nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.” Ruri mafoko ao a ne a gomotsa Samuele, mme a bo batho bao ba ne ba tlhapaditse Modimo Mothatayotlhe jang ne! Jehofa o ne a bolelela moporofeti wa gagwe gore a tlhagise Baiseraele ka ditlamorago tse di botlhoko tse ba neng ba tla lebana le tsone fa ba nna le kgosi ya motho. Fa Samuele a dira jaaka a laetswe ba ne ba tatalala ba re: “Nnyaa, mme re tla okamelwa ke kgosi.” E re ka Samuele a ne a ikobela Modimo wa gagwe, o ne a ya go tlotsa kgosi e Jehofa a neng a e tlhophile.—1 Samuele 8:7-19.

Mme Samuele o ne a ikobela seo jang? A o ne a dira jalo ka go ikgolola? A o ne a letla pelo ya gagwe go kgotlelwa ke maemo ano a a kgobang marapo a bo a kgopisega? Batho ba le bantsi ba ka dira jalo fa ba lebane le seemo seno, mme Samuele ga a ka a dira jalo. O ne a tlotsa Saulo mme a dumela gore monna yono e ne e le ene yo Jehofa a mo tlhophileng. O ne a atla Saulo go bontsha gore o ne a mo amogela e bile a mo ikobela jaaka kgosi e ntšha. Mme o ne a raya batho a re: “A lo bone ene yo Jehofa a mo tlhophileng, gore ga go na ope yo o tshwanang le ene mo bathong botlhe?”—1 Samuele 10:1, 24.

Samuele ga a ka a tlhoma mogopolo mo diphosong tsa monna yo Jehofa a neng a mo tlhophile, go na le moo o ne a o tlhoma mo go se se molemo ka ene. Mme ene o ne a akanya kafa a neng a ikanyega ka teng mo Modimong e seng ka go amogelwa ke batho ba ba fetofetogang. (1 Samuele 12:1-4) Gape o ne a dira tiro ya gagwe ka boikanyegi, a gakolola batho ba Modimo ka dilo tse di ka koafatsang tumelo ya bone, a ba kgothaletsa gore ba nne ba ikanyega mo go Jehofa. Kgakololo ya gagwe e ne ya fitlhelela dipelo tsa batho, mme ba ne ba kopa Samuele gore a ba rapelele. O ne a ba araba jaana ka tsela e e molemo: “Go ka se direge gore ke leofele Jehofa ka go kgaotsa go lo rapelela; mme ke tla lo laya ka tsela e e molemo le e e siameng.”—1 Samuele 12:21-24.

A o kile wa ikutlwa o kgobegile marapo fa go tlhophiwa mongwe o sele gore a newe maemo mangwe kgotsa tshiamelo e e rileng? Sekao sa ga Samuele se re bontsha sentle gore le ka motlha ga re a tshwanela go itetla go fufega kgotsa go kgopisega. Modimo o naya mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang tiro e ntsi e e kgotsofatsang.

“O Tla Hutsafalela Saulo ka Lobaka lo lo Kae?”

Samuele o ne a bone sentle fa a bona se se molemo mo go Saulo; monna yono o ne a le molemo tota. O ne a katogile monyo e bile a na le ditebego, a le pelokgale e bile a le botlhale mme kwa tshimologong a le boingotlo a sa ikgogomose. (1 Samuele 10:22, 23, 27) Kwantle ga dinonofo tseo tse di molemo, o ne a na le mpho e nngwe e e tlhwatlhwakgolo—kgololesego ya go itlhophela, bokgoni jwa go itlhophela tsela e a neng a tla tshela ka yone le go itirela ditshwetso. (Duteronome 30:19) A o ne a dirisa mpho eo sentle?

Ka maswabi, gantsi fa motho a sa tswa go newa maemo mangwe, boingotlo bo a fela. Go ise go ye kae, Saulo o ne a simolola go ikgodisa. O ne a tlhopha go se ikobele ditaelo tsa ga Jehofa tse di neng di tla ka Samuele. Nako nngwe Saulo o ne a fela pelo a ba a ntsha setlhabelo se Samuele e neng e le ene fela a nang le tshwanelo ya go se ntsha. Samuele o ne a tshwanelwa ke go mo kgalemela mme a bolelela pele gore bogosi bo ne bo ka se tswelele bo le mo lelapeng la ga Saulo. Go na le gore Saulo a ithute mo kotlhaong eo, o ne a dira ditiro tse di maswe le go feta tse di bontshang go tlhoka kutlo.—1 Samuele 13:8, 9, 13, 14.

Jehofa o ne a dirisa Samuele go bolelela Saulo gore a tlhabane le Baamaleke. Nngwe ya ditaelo tsa ga Jehofa e ne e le gore Saulo a bolaye kgosi ya bone e e boikepo e bong Agage. Le fa go ntse jalo, Saulo ga a ka a bolaya Agage e bile ga a ka a senya dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di gapilweng tse di neng di tshwanetse go senngwa. Fa Samuele a tla go mo kgalemela, Saulo o ne a bontsha gore o fetogile fela thata. Mo boemong jwa go amogela kotlhao ka boikokobetso, o ne a dira diipato, a buelela se a se dirileng, a tlhokomologa kgang mme a leka go pega batho molato. Fa Saulo a ne a leka go tila kotlhao ka go bolela gore dingwe tsa diphologolo tse di neng di thopilwe di ne di tla dirisediwa go ntshetsa Jehofa setlhabelo, Samuele o ne a bua mafoko ano a a itsegeng thata: “Bona! Go utlwa go botoka go na le setlhabelo.” Samuele o ne a nna pelokgale mme a kgalemela monna yono a bo a bolela tshwetso ya ga Jehofa: Bogosi bo ne bo tla tsewa mo go Saulo mme bo newe mongwe o sele—mongwe yo o botoka mo go ene.—1 Samuele 15:1-33.

Samuele o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke diphoso tsa ga Saulo. O ne a lala bosigo jotlhe a rapela Jehofa ka kgang eno. O ne a ba a hutsafalela monna yono. Samuele o ne a bone gore Saulo o ne a tla dira dilo tse dintsi tse di molemo, jaanong o ne a mo swabisitse. Monna yo a neng a mo itse o ne a fetogile—o ne a sa tlhole a na le dinonofo tse di molemo e bile a tlhanogetse Jehofa. Samuele o ne a re ga a batle go tlhola a bona Saulo gape. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a gakolola Samuele jaana ka bonolo: “O tla hutsafalela Saulo ka lobaka lo lo kae, fa nna, kafa letlhakoreng le lengwe, ke mo ganne gore a se tlhole a busa e le kgosi ya Iseraele? Tlatsa lonaka lwa gago ka leokwane mme o tsamaye. Ke tla go roma kwa go Jese wa Mobethelehema, ka gonne ke ineile kgosi mo gare ga bomorwawe.”—1 Samuele 15:34, 35; 16:1.

Boikaelelo jwa ga Jehofa ga bo a ikaega ka batho ba ba sa itekanelang ba ka dinako tse dingwe ba sa ikanyegeng. Fa motho a sa ikanyege, Jehofa o tla bona yo mongwe gore a diragatse boikaelelo jwa Gagwe. Ka jalo, Samuele yo o godileng o ne a tlogela go hutsafalela Saulo. Samuele o ne a latela kaelo ya ga Jehofa mme a ya kwa legaeng la ga Jese kwa Bethelehema, mme a fitlhela bangwe ba bomorwawe ba ba nang le ditebego. Mme go simolola fela ka wa ntlha, Jehofa o ne a gopotsa Samuele a re: “O se ka wa leba ponalo ya gagwe le boleele jwa gagwe . . . Gonne Modimo ga a bone kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” (1 Samuele 16:7) Kgabagare, Samuele o ne a kopana le morwa yo mmotlana mo go bone botlhe, mme e ne e le ene yo Jehofa a mo tlhophileng—Dafide!

Mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, Samuele o ne a kgona go bona sentle gore ke eng fa tshwetso ya ga Jehofa ya go emisetsa Saulo ka Dafide e ne e tshwanetse. Saulo o ne a nna le lefufa le le neng la mo tlhotlheletsa go batla go bolaya Dafide a bo a nna motlhanogi. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a bontsha dinonofo tse di molemo—bopelokgale, bothokgami, tumelo le boikanyegi. Fa Samuele a ntse a tsofala, tumelo ya gagwe e ne ya nonofa le go feta. O ne a bona gore ga go na bothata kgotsa boemo bope jo bo kgobang marapo jo bo ka nnang bogolo thata gore Jehofa a ka bo rarabolola kgotsa a bo fetola tshegofatso. Kgabagare, Samuele o ne a swa, a sena go tshela botshelo jo bo molemo ka dingwaga tse di batlileng di tshwara lekgolo. Baiseraele botlhe ba ne ba hutsafalela loso lwa monna yoo yo o ikanyegang—mme seo ga se gakgamatse! Le gompieno, batlhanka ba ga Jehofa ba ka ipotsa jaana, ‘A ke tla nna le tumelo e e tshwanang le ya ga Samuele?’

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Samuele o ne a ka thusa batho ba gagabo jang go itshokela go swelwa mo go botlhoko le maemo a a kgobang marapo?

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Samuele o ne a itshokela jang boemo jo bo kgobang marapo jwa go nna le bana ba ba neng ba dira dilo tse di bosula?