Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nkgakologelwe, Tlhe Modimo Wa me, Ka Molemo”

“Nkgakologelwe, Tlhe Modimo Wa me, Ka Molemo”

Atamalana le Modimo

“Nkgakologelwe, Tlhe Modimo Wa me, Ka Molemo”

“K E NE ke akanya gore Jehofa, yo o nkitseng sentle, a ka se nthate e bile a ka se nkamogele.” Mafoko ano a ne a kwalwa ke mosadi mongwe wa Mokeresete yo o ikanyegang yo o neng a na le maikutlo a go inyatsa. A o kile wa ikutlwa ka tsela e e tshwanang, o akanya gore Modimo ga a amege ka wena e bile ga a go amogele? Fa e le gore go ntse jalo, mafoko a a kwadilweng mo go Nehemia 13:31 (NW) a ka go kgothatsa.

Nehemia, yo e neng e le mmusi wa Bajuda mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E, o ne a dira ka natla gore a itumedise Modimo. O ne a etelela pele tiro ya go aga dipota tsa Jerusalema sesha le fa baba ba ne ba ba ganetsa. O ne a tlhomamisa gore Molao wa Modimo o a latelwa, a tlhokomela batho ba ba gateletsweng a bo a leka go nonotsha tumelo ya Baiseraele ka ene. A Modimo o ne a bona dilo tse di molemo tse monna yono yo o ikanyegang a neng a di dirile? A Nehemia o ne a amogelwa ke Jehofa? Re ka bona dikarabo mo mafokong a a konelang a buka e e bidiwang ka leina la gagwe.

Nehemia o ne a rapela a re: “Nkgakologelwe tlhe, Modimo wa me, ka molemo.” * A Nehemia o ne a boifa gore Modimo o ne a sa lemoga ditiro tsa gagwe tse di molemo kgotsa gore o ne a tla mo lebala? Nnyaa. Ga go pelaelo gore Nehemia o ne a itse mafoko a bakwadi ba Baebele ba pele ga gagwe a a bontshang gore Jehofa o kgatlhegela baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang le ditiro tsa bone tse di molemo. (Ekesodo 32:32, 33; Pesalema 56:8) Mme jaanong, o kopa gore Modimo a dire eng? Buka nngwe ya ditshupiso e bontsha gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe ‘gakologelwa’ le kaya “go rata sengwe le go dira dilo dingwe ka go bo o di gakologelwa.” E re ka Nehemia a ne a dumela a sa belaele gore thapelo e na le maatla, o ne a kopa Modimo gore a mo gakologelwe ka lorato a bo a mo segofatse.—Nehemia 2:4.

A Jehofa o tla araba thapelo ya ga Nehemia ya gore a mo gakologelwe? Ka tsela nngwe o setse a dirile jalo. Ntlha fela ya gore Jehofa o ne a bona go tshwanela gore thapelo ya ga Nehemia e kwalwe, le gore e nne karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, e re bontsha gore o gakologelwa Nehemia ka lorato. Mme “Moutlwi wa thapelo” o tla dira se se oketsegileng go araba thapelo ya ga Nehemia e e tswang pelong.—Pesalema 65:2.

Modimo o sa ntse a tla duela Nehemia ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a di diretseng kobamelo e e itshekileng. (Bahebera 11:6) Mo lefatsheng le lesha le le tlang la tshiamo le Jehofa a le solofeditseng, o tla segofatsa Nehemia ka go mo tsosa mo baswing. * (2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4) Ka nako eo, ka ntlha ya tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise, Nehemia o tla bona gore eleruri Jehofa o mo gakologetswe ka ntlha ya molemo o a neng a o dira.

Thapelo ya ga Nehemia e tlhomamisa boammaaruri jwa mafoko a ga Kgosi Dafide a a reng: “Wena ka bowena Jehofa, o tla segofatsa ope fela yo o siameng; o tla ba dikanyetsa ka kamogelo, jaaka e kete ke ka thebe e kgolo.” (Pesalema 5:12) Ee, Modimo o bona maiteko a rona a go mo itumedisa e bile o a tsaya a le botlhokwa. Fa fela o ka mo direla ka bojotlhe jwa gago, o ka tlhomamisega gore o tla go gakologelwa ka lorato le go go segofatsa fela thata.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka February:

Nehemia 1-13

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Leno ke lekgetlo la bofelo mo go a manè a a mo bukeng eno ya Baebele a mo go one Nehemia a rapelang Modimo ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tsa boikanyegi tse di dirileng gore go nne le molemo kgotsa matswela a a molemo.—Nehemia 5:19; 13:14, 22, 31, NW.

^ ser. 7 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka se Modimo a ikaeletseng go se direla batho ba ba ikanyegang mo lefatsheng, bona kgaolo 3 le 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.