Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ipaakanyeditse Letsatsi le le Botlhokwa Thata mo Ngwageng?

A o Ipaakanyeditse Letsatsi le le Botlhokwa Thata mo Ngwageng?

A o Ipaakanyeditse Letsatsi le le Botlhokwa Thata mo Ngwageng?

DIURA di se kae fela pele Jesu a swa, o ne a tlhoma tsela e e kgethegileng ya go gopola loso lwa gagwe. Tiragalo eno e ne ya itsiwe e le “dijo tsa maitseboa tsa Morena” kgotsa “selalelo sa Morena.” (1 Bakorintha 11:20; Baebele e e Boitshepo) Go bontsha kafa tiragalo eno e leng botlhokwa ka teng, Jesu o ne a laela jaana: “Dirang mo, lo nkgopole ka gone.” (Luke 22:19, Baebele e e Boitshepo) A o batla go ikobela Jesu? Fa go le jalo, o tla tsaya letsatsi la Segopotso sa loso lwa ga Jesu sa ngwaga le ngwaga e le letsatsi le le botlhokwa thata mo ngwageng.

Segopotso seno se tshwanetse go tshwarwa leng? Mme o ka tlhomamisa jang gore o ipaakanyeditse sentle go tlhaloganya bokao jwa tiragalo eno ya botlhokwa? Tseno ke dipotso tse Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go di akanyetsa ka kelotlhoko.

Ga Kae?

Gantsi re gopola ditiragalo tse di botlhokwa ngwaga le ngwaga. Ka sekai, le fa batho ba kwa New York City ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone fa go ne go tlhaselwa World Trade Center ba sa lebale ditiragalo tse di botlhoko tsa September 11, 2001, ngwaga le ngwaga fa letlha leo le fitlha ba le tsaya le le botlhokwa.

Go ne go ntse fela jalo le mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele. (Esethere 9:21, 27) Jehofa o ne a laela gore ngwaga le ngwaga Baiseraele ba gopole go gololwa ga bone ka kgakgamatso mo bokgobeng jwa kwa Egepeto. Baebele e bitsa moletlo oo e re ke Tlolaganyo, mme Baiseraele ba ne ba ikgopotsa tiragalo eo gangwe ka ngwaga mo go lone letsatsi le ba falodisitsweng ka lone.—Ekesodo 12:24-27; 13:10.

Jesu o ne a sa tswa go keteka moletlo wa Tlolaganyo le baaposetoloi ba gagwe fa a ne a simolola sejo se se kgethegileng se e neng e tla nna sekao se se tla latelwang go gopola loso lwa gagwe. (Luke 22:7-20) Moletlo wa Tlolaganyo o ne o ketekwa ngwaga le ngwaga. Ka jalo, re ka swetsa ka gore tiragalo eno e ntšha e e neng e emisetsa Tlolaganyo le yone e tshwanetse go tshwarwa gangwe fela ka ngwaga. Mme e tshwanetse go tshwarwa leng?

Leng?

Go araba potso eo re tshwanetse go tlhaloganya dilo di le pedi. Sa ntlha, mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele letsatsi le ne le simolola maitseboa fa letsatsi le phirima, le bo le wela letsatsi le le latelang fa letsatsi le phirima. Ka jalo, letsatsi le ne le simolola maitseboa go fitlha mo maitseboeng a letsatsi le le latelang.—Lefitiko 23:32.

Sa bobedi, Baebele ga e dirise khalendara e re e dirisang gompieno. Ga e dirise maina a a jaaka March le April, go na le moo, e dirisa dikgwedi tse di jaaka Adare le Nisane. (Esethere 3:7) Bajuda ba ne ba bala dikgwedi tsa bone go tloga ka ngwedi o mosha go fitlha ka ngwedi o mosha. Ba ne ba keteka Tlolaganyo ka letsatsi la bo14 la Nisane e leng kgwedi ya ntlha mo khalendareng ya bone. (Lefitiko 23:5; Dipalo 28:16) Ka lone letsatsi leo la Nisane 14, Baroma ba ne ba bapola Morena wa rona Jesu Keresete. O ne a swa dingwaga di le 1 545 morago ga gore Tlolaganyo e ketekiwe lekgetlo la ntlha. Ruri Nisane 14 ke letsatsi le le kgethegileng!

Nisane 14 e tsamaisana le letlha lefe mo khalendareng ya rona gompieno? Tsela e e latelang e e motlhofo e re thusa go bona letlha le le tshwanetseng. Nisane 1 e simologa mo e ka nnang ka nako ya fa motshegare le bosigo di lekana ka boleele ka dikgakologo (tshimologo ya dikgakologo kwa Hemisefereng ya Bokone) fa ngwedi yo mosha a bonwa fa letsatsi le phirima kwa Jerusalema. Fa re bala malatsi a le 14 go tswa mo tiragalong eo, re fitlha mo go Nisane 14. Gantsi letlha leno ke letsatsi la ngwedi o o tletseng. Fa re dirisa mokgwa ono wa Baebele wa go bala matlha, monongwaga Nisane 14 e simolola fa letsatsi le phirima ka Sontaga, April 17, 2011. *

Ka jalo, monongwaga Basupi ba ga Jehofa ba ipaakanyetsa go phuthega mmogo le batho botlhe ba ba batlang go gopola loso lwa ga Jesu. Ba go laletsa ka lorato gore o kopanele le bone. Tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona mme o ba botse gore pokano eno e tla tshwarelwa kae le gore e tla tshwarwa nako mang. Ba tla tshwara tiragalo eno maitseboa fa letsatsi le sena go phirima e seng mo mosong kgotsa thapama. Ka ntlha yang? Ka gonne Baebele e bontsha gore e tshwanetse ya nna “dijo tsa maitseboa.” (1 Bakorintha 11:25) Maitseboa a Sontaga, April 17, 2011, e tla bo e le nako ya go gopola maitseboa a fa Jesu a ne a simolola tiragalo eno e e kgethegileng dingwaga di le 1 978 tse di fetileng. Gape go tla bo go simologa letsatsi le Jesu a neng a swa ka lone, Nisane 14. Ruri leno ke letsatsi le le tshwanelang la go gopola loso lwa gagwe.

Kafa o ka Ipaakanyang ka Teng

Ke eng se o ka se dirang jaanong go ipaakanyetsa tiragalo eno e e tlang gangwe fela ka ngwaga? Tsela nngwe ke ka go tlhatlhanya ka se Jesu a se re diretseng. Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? * e thusitse batho ba le bantsi go tokafatsa tsela e ba tlhaloganyang bokao jwa loso lwa ga Jesu ka yone.—Mathaio 20:28.

Tsela e nngwe e re ka ipaakanyetsang tiragalo eno e e kgethegileng ka yone ke ka go bala ka ditiragalo tsa malatsi a pele ga Jesu a swa. Mo ditsebeng tse di latelang, go na le tšhate e e tla go thusang. Mo kholomong ya ntlha o tla bona matlha go ya ka khalendara ya rona le go ya ka khalendara e e neng e dirisiwa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele. Kholomo ya bobedi e tlhalosa ditiragalo ka bokhutshwane mme ya boraro e bontsha gore re ka bala kae ka ditiragalo tseo mo Diefangeleng le mo bukeng ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. *

Ke ka ntlha yang fa o sa iphe nako ya go bala dingwe tsa ditemana tse di tlhalosang ditiragalo tse di diragetseng malatsi ka go latelana go fitlha ka nako ya Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa? Seno se tla go thusa go ipaakanyetsa letsatsi le le botlhokwa thata mo ngwageng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Letlha leno le ka tswa le sa tsamaisane le la Tlolaganyo e e ketekwang ke Bajuda ba motlha wa gompieno. Ka ntlha yang? Bajuda ba le bantsi gompieno ba keteka Tlolaganyo ka Nisane 15 ka gonne ba dumela gore taelo e e mo go Ekesodo 12:6 e bua ka letlha leo. (Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1990, tsebe 14.) Mme Jesu o ne a e keteka ka Nisane 14 go dumalana le se se kwadilweng mo Molaong wa ga Moshe. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le tsela ya go bona letlha leno, bona Tora ya Tebelo ya Seesemane ya June 15, 1977, tsebe 383-384.

^ ser. 14 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Bona tsebe 47-56, 206-208. O ka bona kgatiso eno mo atereseng ya Internet ya www.watchtower.org.

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Gopola loso lwa ga Jesu Sontaga, April 17, 2011

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 23, 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

BEKE YA BOFELO

2011 Labobedi April 12

Sabata

Johane 11:55–12:1

gt 101, ser. 2-4 *

NISANE 9 (e simolola fa letsatsi le phirima)

Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele letsatsi le simolola maitseboa fa letsatsi le sena go phirima mme le wela maitseboa a letsatsi le le latelang

▪ O ja le Simone wa molepero

▪ Marea o mo tlotsa ka naredo

▪ Bajuda ba etela Jesu le Lasaro

Matthew 26:6-13

Mareko 14:3-9

Johane 12:2-11

gt 101, ser. 5-9

2011 Laboraro April 13

▪ O tsena ka phenyo kwa Jerusalema

▪ O rera kwa tempeleng

Matthew 21:1-11, 14-17

Mareko 11:1-11

Luke 19:29-44

Johane 12:12-19

gt 102

NISANE 10 (e simolola fa letsatsi le phirima)

O fetsa bosigo jotlhe kwa Bethane

2011 Labone April 14

Loeto go ya Jerusalema

▪ O phepafatsa tempele

▪ Jehofa o bua a le kwa legodimong

Matthew 21:12, 13, 18, 19

Mareko 11:12-19

Luke 19:45-48

Johane 12:20-50

gt 103, 104

NISANE 11 (e simolola fa letsatsi le phirima)

2011 Labotlhano April 15

O rera kwa tempeleng a dirisa ditshwantsho

▪ O kgala Bafarasai

▪O bona fa motlholagadi a ntsha moneelo

▪ O bolelelapele go wa ga Jerusalema

▪ O nayaditshupo tsa dilo tse di tla diragalang

Mathaio 21:19–25:46

Mareko 11:20–13:37

Luke 20:1–21:38

gt 105 go ya go 112, ser. 1

NISANE 12 (e simolola fa letsatsi le phirima)

2011 Matlhatso April 16

O ikhuditse le barutwa ba gawe kwa Bethane

Judase o rulaganya go mo oka

Mathaio 26:1-5,14-16

Mark 14:1, 2, 10, 11

Luke 22:1-6

gt 112, ser. 2-4

NISANE 13 (e simolola fa letsatsi le phirima)

2011 Sontaga April 17

Petere le Johane ba baakanyetsa Tlolaganyo

▪ Jesu le baaposetoloi ba bangwe le ba ba le lesome ba kopana le bone maitseboa

Mathaio 26:17-19

Mareko 14:12-16

Luke 22:7-13

gt 112, ser. 5 to 113, ser. 1

NISANE 14 (e simolola fa letsatsi le phirima)

▪Ba keteka Tlolaganyo

▪ O tlhapisa baaposetoloi dinao

▪ O koba Judase

▪ O tlhoma Segopotso sa loso la gagwe

Mathaio 26:20-35

Mareko 14:17-31

Luke 22:14-38

Johane 13:1–17:26

gt 113, ser. 2 go ya kwa bofelong jwa tsebe 116

bosigogare

Mathaio 26:36-75

2011 Mantaga April 18

O okiwa le go tshwarwa kwa tshimong ya Gethesemane

▪ Baaposetoloi ba a sia

▪ O sekisiwa ke Sanehederine

▪ Petere o itatola Jesu

Mareko 14:32-72

Luke 22:39-62

Johane 18:1-27

gt 117 go ya kwa bofelong jwa tsebe 120

▪ O tlisiwa fa pele ga Sanehederine gape

▪ O isiwa kwa go Pilato, le kwa go Herode, go tswa foo o busediwa kwa go Pilato

▪ O atlholelwa loso go tswa foo a bo a bapolwa

▪ O swa ka ura ya boraro thapama

▪ Mmele wa gagwe o a tlosiwa o bo o fitlhwa

Matthew 27:1-61

Mareko 15:1-47

Luke 22:63–23:56

Johane 18:28-40

gt 121 go ya go 127, ser. 7

NISANE 15 (e simolola fa letsatsi le phirima)

▪ Sabata

2011 Labobedi April 19

Pilato o dumela gore go bewe balebedi kwa phupung ya ga Jesu

Matthew 27:62-66

gt 127, ser. 8-9

NISANE 16 (e simolola fa letsatsi le phirima)

2011 Laboraro April 20

▪ O a tsosiwa

▪ O iponatsa mo barutweng

Matthew 28:1-15

Mareko 16:2-8

Luke 24:1-49

Johane 20:1-25

gt 127, ser. 10 go ya go tsebe 129, ser. 10

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 29 Dinomoro tse di kwadilweng fano ke tsa dikgaolo tsa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela (gt). Fa o batla tšhate ya Dikwalo tse di tlhalosang karolo ya bofelo ya bodiredi jwa ga Jesu, bona buka ya “Lokwalo longwe le longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” tsebe 290 e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.