Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago go Nna Tlotlo

Ruta Bana ba Gago go Nna Tlotlo

Ruta Bana ba Gago go Nna Tlotlo

SEANE sa se Jeremane sa re: “Monna yo o rolang hutshe o amogelwa gongwe le gongwe.” Mo ditsong di le dintsi, fa monna a rola hutshe fa a tsena mo lelapeng la mongwe kgotsa a dumedisa, go tsewa e le go nna le maitseo mme seo se dira gore a ikgapele tlotlo. Ka jalo, bokao jwa seane se se fa godimo ke gore gantsi batho ba tshwara batho ba ba maitseo ka bopelonomi e bile ba a ba rata.

Ruri go a itumedisa fa basha ba na le maitseo! Molebedi yo o etang wa kwa Honduras yo o tsamayang le baboledi ba dingwaga tse di farologaneng mo bodireding jwa ntlo le ntlo o ne a re: “Ke lemogile gore gantsi ngwana yo rutilweng sentle le yo o nang le tlotlo, o kgona go ama mong wa ntlo go feta kafa se ke se buang se mo amang ka gone.”

Mo metlheng eno e go tlhoka tlotlo go ntseng go oketsega mo go yone, go mosola e bile go solegela molemo go itse kafa o tshwanetseng go dirisana le batho ba bangwe ka gone. Mo godimo ga moo, Dikwalo di re gakolola gore re ‘itshware ka mokgwa o o tshwanelang dikgang tse di molemo ka ga Keresete.’ (Bafil. 1:27; 2 Tim. 3:1-5) Go botlhokwa gore re rute bana ba rona go tlotla ba bangwe. Ba ka thusiwa jang gore ba se ka ba lebega fela e kete ba maitseo mme ba nne le tlotlo ya mmatota? *

Go ba Ruta Maitseo Ka go Ba Tlhomela Sekao

Bana ba ithuta ka go etsa dikao tse ba di bonang. Ka jalo, tsela ya konokono e batsadi ba ka jalang mekgwa e mentle mo baneng ba bone ke ka gore bone ka bobone ba nne le mekgwa e mentle. (Dute. 6:6, 7) Go tlotla le ngwana wa gago ka gore o tshwanetse go nna maitseo ke kgang ya botlhokwa mme go bua fela ka bogone ga go a lekana. Fa o ntse o mo gakolola, go botlhokwa thata gore o mo tlhomele sekao se se molemo.

Akanya ka kgang ya ga Paula, * yo o godiseditsweng mo lelapeng la Bakeresete, a godisiwa ke motsadi a le mongwe. Go tlotla mongwe le mongwe e ne ya nna karolo ya botho jwa gagwe. Ka ntlha yang? O araba jaana: “Mama o ne a re tlhomela sekao se se molemo, ka jalo rona bana re ne ra tlwaela go nna le tlotlo.” Mokeresete mongwe yo o bidiwang Walter o ne a ruta bomorwaawe go tlotla mmaabone yo e neng e se modumedi. A re: “Ke ne ka ruta basimane ba me go tlotla mmaabone ka go re ke ba tlhomele sekao, le ka motlha ke ne ke sa bue bosula ka mosadi wa me.” Walter o ne a tswelela a ruta bomorwaawe ka Lefoko la Modimo, mme a rapelela thuso ya ga Jehofa. Gone jaanong, mongwe wa bone o direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa mme yo mongwe ene ke mmulatsela. Bomorwaawe ba rata batsadi ba bone boobabedi e bile ba a ba tlotla.

Baebele ya re: “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.” (1 Bakor. 14:33) Sengwe le sengwe se Jehofa a se dirang se na le thulaganyo. Bakeresete ba tshwanetse go kgaratlhela go etsa nonofo eno ya Modimo mme ba tshole legae la bone le le phepa. Batsadi bangwe ba rutile bana ba bone go alola bolao letsatsi lengwe le lengwe pele ba ya sekolong, go baya diaparo tsa bone fa go tshwanetseng, le go thusa ka ditiro tsa fa gae. Fa bana ba bona legae la bone le rulagane sentle e bile le le phepa, le bone ba ka nna ba phepafatsa diphaposi tsa bone le go baya dilwana tsa bone sentle.

Bana ba gago ba leba jang se ba ithutang sone kwa sekolong? A ba bontsha kanaanelo mo go se barutabana ba ba direlang sone? A wena motsadi, o bontsha kanaanelo eo? Bana ba gago ba tla bontsha maikutlo a a tshwanang le a gago ka tiro ya kwa sekolong le ka barutabana. Ke eng fa o sa ba kgothaletse gore ba tlwaele go leboga barutabana ba bone? Go bontsha tebogo ka ntlha ya ditirelo tse o di direlwang ke tsela e e molemo thata ya go tlotla ba bangwe, e ka tswa e le morutabana, ngaka, mong wa lebenkele kgotsa mongwe le mongwe fela. (Luke 17:15, 16) Basha ba Bakeresete ba ba farologaneng le bana ba ba tsenang le bone sekolo ka gonne bone ba na le maitseo le boitsholo jo bo siameng ba tshwanetse go akgolwa.

Maloko a phuthego ya Bokeresete a tshwanetse go tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng ya go nna le maitseo. Ruri go a itumedisa go bona basha ba ba mo phuthegong ba bontsha bopelontle ka go re, “ke a kopa” le go re, “ke a leboga”! Fa bagolo ba bontsha go tlotla Jehofa ka go reetsa ka kelotlhoko ditaelo tse ba di newang kwa dipokanong, basha ba tla tlhotlheletsega go ba etsa. Bana ba ka ithuta go tlotla baagelani fa ba lemoga dikao tse di molemo tsa batho ba ba nang le maitseo kwa Holong ya Bogosi. Ka sekai, Andrew wa dingwaga di le nnè o setse a ithutile go re, “Ke kopa go feta” fa a tshwanetse go feta mo gare bagolo.

Batsadi ba ka dira eng gape go thusa bana ba bone gore ba ithute tsela e e molemo e ba tshwanetseng go itshwara ka yone? Batsadi ba tshwanetse go ipha nako ya go tlotla le bana ba bone ka dithuto tse ba ka ithutang tsone mo dikaong di le dintsi tse di fitlhelwang mo Lefokong la Modimo.—Bar. 15:4.

Ba Rute go Tswa mo Dikaong Tse di mo Baebeleng

Mmaagwe Samuele o tshwanetse a bo a ne a mo rutile gore a obame fa pele ga Moperesiti yo Mogolo e bong Eli. Fa a ne a isa Samuele kwa motlaaganeng, o tshwanetse a bo a ne a le dingwaga di le tharo kgotsa di le nnè fela. (1 Sam. 1:28) A le wena o ka ruta ngwana wa gago yo mmotlana tsela e e tshwanetseng ya go dumedisa? Fela jaaka Samuele, ngwana wa gago le ene a ka “ratega mo ponong ya ga Jehofa le ya batho.”—1 Sam. 2:26.

Ke eng fa o sa dirise dipego tsa Baebele go gatelela pharologano e e leng teng magareng ga go nna tlotlo le go tlhoka tlotlo? Ka sekai, fa Kgosi Ahasia yo o sa ikanyegeng wa kwa Iseraele a ne a batla go bona moporofeti Elija, o ne a roma molaodi wa ba ‘masome a matlhano le banna ba le masome a matlhano’ go ya go mmitsa. Molaodi o ne a laela moporofeti gore a tle le ene. Eo e ne e se tsela ya go bua le monna yo e neng e le moemedi wa Modimo. Elija o ne a araba jang? O ne a re: “Fa ke le monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa magodimong mme o go laile wena le batho ba gago ba ba masome a matlhano.” Mme go ne ga direga fela jalo. “Molelo wa tla o fologa kwa magodimong mme wa mo laila ene le batho ba gagwe ba ba masome a matlhano.”—2 Dikg. 1:9, 10.

Go ne ga romelwa molaodi wa bobedi wa ba le 50 go ya go bitsa Elija. Le ene o ne a leka go laela Elija gore a tle le ene. Mme le ene o ne a lailwa ke molelo o o tswang kwa legodimong. Mme go ne ga romelwa molaodi wa boraro wa ba le 50 kwa go Elija. Monna yono o ne a bontsha tlotlo. Go na le gore a laele Elija, o ne a khubama ka mangole mme a mo kopa a re: “Monna wa Modimo wa boammaaruri, tsweetswee mma moya wa me le moya wa batlhanka ba ba masome a matlhano bano ba gago o nne tlhwatlhwakgolo mo go wena. Bona, molelo o ne wa fologa kwa magodimong mme wa laila balaodi ba pele ba setlhopha sa ba ba masome a matlhano le batho ba bone ba ba masome a matlhano, mme jaanong a moya wa me o nne tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gago.” A moporofeti wa Modimo o ne a tla laela gore molelo o laile mongwe yo o neng a boifa e bile a buile ka tlotlo jalo? Legoka! Go na le moo, moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela Elija gore a tsamaye le molaodi yono. (2 Dikg. 1:11-15) A seo ga se gatelele botlhokwa jwa go bontsha tlotlo?

Fa moaposetoloi Paulo a ne a tshwarwa ke masole a Baroma kwa tempeleng, ga a ka a tsaya gore o na le tshwanelo ya go bua. O ne a botsa molaodi yo o ikarabelelang jaana ka tlotlo: “A ke letlelelwa go go bolelela sengwe?” Ka ntlha ya seo, Paulo o ne a newa tshono ya go ipuelela.—Dit. 21:37-40.

Fa Jesu a ne a le mo tshekong o ne a fapholwa mo sefatlhegong. Le fa go ntse jalo, o ne a itse tsela e e siameng ya go bontsha gore seo se ne se le phoso, o ne a re: “Fa ke buile ka tsela e e phoso, supa ka ga phoso eo; mme fa ke buile sentle, ke ka ntlha yang fa o ntitaya?” Ga go ope yo o neng a kgona go supa gore Jesu o ne a buile ka tsela e e phoso.—Joh. 18:22, 23.

Lefoko la Modimo gape le naya dikai tsa gore re ka araba jang fa re kgalemelwa ka tsela e e bogale le gore re ka amogela jang ka tlotlo diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fitileng kgotsa dilo dingwe tse re neng re di tlhokomologile. (Gen. 41:9-13; Dit. 8:20-24) Ka sekai, Abigaile o ne a kopa tshwarelo ka ntlha ya tsela e e tlhokang maitseo e monna wa gagwe e bong Nabale a ileng a tshwara Dafide ka yone. Mme mo godimo ga go kopa maitshwarelo o ne a naya Dafide mpho ya dijo tse dintsi. Dafide o ne a kgatlhega thata jaana ka se Abigaile a se dirileng mo e rileng morago ga loso lwa ga Nabale a mo tsaya go nna mosadi wa gagwe.—1 Sam. 25:23-41.

Ruta bana ba gago gore go botlhokwa go nna tlotlo, e ka tswa e le kgang ya go bontsha tlotlo mo maemong a a thata kgotsa ya go nna maitseo fela. Go dira gore ‘lesedi la rona le phatsime fa pele ga batho’ ka tsela eno, go tla ‘naya Rraarona yo o kwa magodimong kgalalelo.’—Math. 5:16.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Ke boammaaruri gore batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone gore ba bone pharologano magareng ga go tlotla bagolo le go ikobela motho yo o nang le maitlhomo a a ka nnang kotsi. Bona Tsogang! ya October 2007, tsebe 3-11.

^ ser. 7 Maina mangwe a fetotswe.