Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi . . . ”—MATHAIO 24:14.

MO THERONG e e itsegeng thata ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ne a ruta thapelo ya sekao e e akaretsang go kopa Modimo jaana: “A bogosi jwa gago bo tle.” Batho ba le bantsi ba tshwere thapelo eno ka tlhogo e bile ba e boaboeletsa gantsi. Buka nngwe ya tshedimosetso ya re “ke thapelo ya konokono e e rapelwang ka metlha ke Bakeresete botlhe fa ba obamela.” Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba e boaboeletsang ga ba itse gore Bogosi ke eng kgotsa gore bo tla dira eng fa bo tla.—Mathaio 6:9, 10.

Seno ga se gakgamatse. Baeteledipele ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba tlhalosa Bogosi ka ditsela tse di sa tshwaneng, tse di tlhakanyang tlhogo le tse di raraaneng. Mongwe wa bone a re Bogosi jwa Modimo ke “sengwe sa maatla a a fetang a a tlwaelegileng . . . tsela nngwe ya go golaganya batho le Modimo . . . , kamano e banna le basadi ba nang le yone le Modimo e e dirang gore ba bolokwe.” Yo mongwe o tlhalosa efangele ya Bogosi e le “melao ya kereke.” Buka ya Catechism of the Catholic Church ya re: “Bogosi jwa Modimo [ke] tshiamo, kagiso le boipelo mo Moyeng o o Boitshepo.”

Mme makasine ono o na le tlhaloso e e utlwalang sentle mo go tsebe 2. Ya re: “Bogosi jwa Modimo, jo e leng puso ya mmatota kwa legodimong, bo tla tloga bo fedisa boikepo jotlhe le go fetola lefatshe go nna paradaise.” Mma re bone gore Baebele e dumalana jang le tlhaloso eno.

Batho ba ba Tla Busang Lefatshe Lotlhe mo Isagweng

Bogosi ke puso e e eteletsweng pele ke kgosi. Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ke Jesu Keresete yo o tsositsweng. Go tlhomiwa ga gagwe kwa legodimong go ne ga tlhalosiwa mo ponatshegelong e e neng ya bontshiwa moporofeti Daniele yo o neng a kwala jaana: “Ke ne ka nna ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bona! go ne go tla mongwe yo o tshwanang le morwa motho [Jesu] mo marung a magodimo; mme a kgona go tsena kwa go Mogologolo wa Malatsi [Jehofa Modimo], mme ba mo atametsa fa pele ga Ene yoo. Mme o ne a newa bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle. Bobusi jwa gagwe ke bobusi jo bo nnang ka bosakhutleng jo bo se kitlang bo feta, mme bogosi jwa gagwe ke jo bo se kitlang bo senngwa.”—Daniele 7:13, 14.

Gape buka ya Baebele ya Daniele e bontsha gore Modimo o ne a tla tlhomamisa Bogosi ka thata, le gore bo tla fedisa dipuso tsotlhe tsa batho e bile bo ka se ka jwa senngwa. Kgaolo 2 e tlhalosa toro e e tlhotlheleditsweng e mo go yone kgosi ya Babelona e neng ya bona setshwantsho se segolo se se tshwantshetsang dipuso tse dikgolo tsa lefatshe ka go latelana ga tsone. Moporofeti Daniele o ne a tlhalosa toro eo. O ne a kwala jaana: “Go ela kwa bokhutlong jwa metlha, . . . Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:28, 44.

Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ga e buse e le esi. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a tlhomamisetsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang gore bone le batho ba bangwe ba ne ba tla tsosediwa kwa legodimong mme ba ne ba tla nna mo ditulong tsa bogosi. (Luke 22:28-30) O ne a sa bue ka ditulo tsa mmatota tsa bogosi, ka gonne jaaka Jesu a bontshitse, Bogosi bo ne bo tla nna kwa magodimong. Baebele e tlhalosa gore batho bano ba ba tla busang le ene ba tswa “mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.” Ba ne ba tla nna “bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.”—Tshenolo 5:9, 10.

Lebaka La go Bo Dikgang Tsa Bogosi di le Molemo

Ela tlhoko gore Keresete Jesu o neilwe bobusi gore a buse “ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe” le gore ba ba nang le ene “ba tla busa lefatshe e le dikgosi.” Jaanong babusiwa ba Bogosi e tla bo e le bomang? Ke batho ba ba amogelang dikgang tse di molemo tse di rerwang gompieno. Gape babusiwa ba akaretsa batho ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng mme ba tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri.

Baebele e tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle masego a batho ba tla a itumelelang fa ba busiwa ke Bogosi. Mangwe a one ke ano:

“O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.”Pesalema 46:9.

“Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.”Isaia 65:21, 22.

[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”Tshenolo 21:3, 4.

“Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.”Isaia 35:5, 6.

“Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe [Jesu] ka yone mme ba tla tswa, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo.”Johane 5:28, 29.

“Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”Pesalema 37:11.

Ruri tseo ke dikgang tse di molemo! Mo godimo ga moo, boporofeti jo bo diragaditsweng jwa Baebele bo bontsha gore Bogosi bo tloga bo busa ka tshiamo mo lefatsheng lotlhe.