Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgang Tse di Molemo ke Eng?

Dikgang Tse di Molemo ke Eng?

Dikgang Tse di Molemo ke Eng?

“Dikgang tse di molemo tseno . . . ”—MATHAIO 24:14.

BAKERESETE ba tshwanetse go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ ka go bolelela batho ka jone le go ba tlhalosetsa gore Bogosi ke puso ya mo isagweng e e tla busang lefatshe ka tshiamo. Le fa go ntse jalo, polelwana e e reng “dikgang tse di molemo” e dirisiwa le ka ditsela tse dingwe gape mo Baebeleng. Ka sekai, go buiwa ka “dikgang tse di molemo tsa poloko” (Pesalema 96:2); “dikgang tse di molemo tsa Modimo” (Baroma 15:16); le “dikgang tse di molemo kaga Jesu Keresete.”—Mareko 1:1.

Ka bokhutshwane re ka re dikgang tse di molemo di akaretsa dithuto tsotlhe tsa boammaaruri tse Jesu a buileng ka tsone le tse barutwa ba gagwe ba di kwadileng. Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Ka jalo, tiro ya Bakeresete ba boammaaruri ga se fela go itsise batho ka Bogosi; gape ba tshwanetse go iketleeletsa go dira barutwa.

A dikereke di dira jalo? Batho ba ba sa tlhaloganyeng gore Bogosi ke eng—ba ba leng bantsi—ga ba ka ke ba kgona go ruta batho ba bangwe boammaaruri ka jone. Go na le moo, ba rera ka dithuto tse batho ba di ratang tse di malebana le go itshwarelwa ga maleo le go dumela mo go Jesu. Gape ba ngoka batho ka go leka go tokafatsa matshelo a bone kgotsa go aga maokelo, dikolo le go agela batho ba ba humanegileng matlo. Le fa go dira jalo go ka dira gore batho ba le bantsi ba tsene kereke, ga go dire gore go nne le Bakeresete ba boammaaruri ba ka bopeloephepa ba batlang go tshela go dumalana le se Jesu a neng a se ruta.

Moithutabodumedi mongwe o ne a kwala jaana: “Bakanoki ba le bantsi kgotsa baeteledipele ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba dumela gore re tshwanetse go dira batho barutwa ba ga Jesu le go ba ruta go dira dilo tsotlhe tse a di buileng. . . . Mme gone, ditaelo tsa ga Jesu di utlwala sentle mo kgannyeng eno. Ke fela gore ga re dire se a se buileng. Ga re leke le go se dira. Tota e bile go lebega re sa itse gore re ka se dira jang.”

Ka tsela e e tshwanang, patlisiso e e dirilweng mo Bakatoliking ba kwa United States e senotse gore diperesente di le 95 tsa bone di dumela gore mo bodumeding jwa bone go rera dikgang tse di molemo ke selo se se tshwanetseng go dirwa. Le fa go ntse jalo, mo e batlang e le botlhe ba ne ba re tsela e e molemo ya go dira jalo e ne e se go bua ka jone, mme ke go tshela botshelo jwa bone ka tsela e e tlhomelang ba bangwe sekao. Mongwe wa batho ba ba neng ba bodiwa o ne a re: “Go rera ga se go bua fela. Re tshwanetse go tshela go dumalana le Dikgang Tse di Molemo.” Makasine wa U.S. Catholic o o neng o dira patlisiso eno wa re batho ba le bantsi ga ba bolelele ba bangwe ka tumelo ya bone ka ntlha ya “leina le le maswe le kereke e iteretseng lone ka kgang ya bosheng ya go sotla bana ka tlhakanelodikobo le dithuto tsa kereke tse di bakang mathata.”

Kwa lefelong le lengwe, mobishopo mongwe wa Methodist o ne a hutsafadiwa ke gore batho ba ba tsenang dikereke tsa gagwe ba makgaoganyane e bile ba tlhakane tlhogo, ga ba na bopelokgale jwa go dira tiro e ba tshwanetseng go e dira mme ba tshela botshelo jo bo tshwanang le jwa batho ba ba sa tseneng kereke. O ne a botsa jaana a utlwile botlhoko: “Ke bomang ba ba tshwanetseng go bolelela batho ka efangele ya Bogosi?”

Mobishopo ga a ka a araba potso e a neng a e boditse. Mme go na le karabo. O tla e bona mo setlhogong se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Dikgang tse di molemo di malebana le Bogosi jwa Modimo le go bolokwa ka go nna le tumelo mo go Jesu Keresete