Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Bomang ba ba Rerang Dikgang Tse di Molemo?

Ke Bomang ba ba Rerang Dikgang Tse di Molemo?

Ke Bomang ba ba Rerang Dikgang Tse di Molemo?

“ . . . di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.”—MATHAIO 24:14.

DIKGANG tse di molemo di rerwa ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Ba dira seno ka ditsela tse di farologaneng. Tsela nngwe ke ka . . .

Go Bua le Batho. Fela jaaka Jesu le barutwa ba gagwe, Basupi ba ga Jehofa ba isetsa batho dikgang tse di molemo. (Luke 8:1; 10:1) Ga ba a lebelela gore batho ba itlise kwa go bone. Go rerela batho ka Bogosi jwa Modimo ke sengwe se Basupi botlhe—ba ba fetang dimilione di le supa—ba se dirang. Ba rera ka ntlo le ntlo, mo mebileng, ka founo le ka mekgwa e mengwe. Ngogola Basupi ba ne ba fetsa diura di feta bilione le halofo ba rera.

Ga ba rute batho ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo fela mme gape ba ba ruta ‘dilo tsotlhe tse Jesu a di ba laetseng.’ (Mathaio 28:20) Ba tshwara dithuto tsa Baebele tsa mahala di feta dimilione di le robedi ka metlha.

Basupi ba rera mo lefatsheng lotlhe—mo dinageng di le 236. Ba rerela batho ba mefuta yotlhe. Ba rera mo metseselegaeng le mo ditoropong, kwa dikgweng tsa kwa Amazon le tsa kwa Siberia, kwa dikakeng tsa Afrika le kwa Dithabeng tsa Himalaya. Ga ba duelelwe go dira tiro eno; ba dirisa madi a bone le nako ya bone ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo le moagelani. Gape ba itsise dikgang tse di molemo ka . . .

Dikgatiso. Makasine ono, o setlhogo sa one se se feletseng e leng Tora ya Tebelo e Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa, gone jaanong o gatisiwa ka dipuo di le 185 mme go anamisiwa dikhopi di feta dimilione di le 42 tsa kgatiso nngwe le nngwe ya one. Makasine wa Tsogang! o o tsamaisiwang le ono le one o itsise ka Bogosi mme o gatisiwa ka dipuo di le 83 e bile go anamisiwa dikhopi di ka nna dimilione di le 40 tsa kgatiso nngwe le nngwe ya one.

Dibuka, diboroutšhara, dipampitshana, di-CD/MP3 le di-DVD tse di tlhalosang dithuto tsa Baebele di gone ka dipuo di ka nna 540. Basupi ba gatisitse le go anamisa dikgatiso tseno di feta dibilione di le 20 mo dingwageng di le lesome fela tse di fetileng, tse fa go dirwa palogare motho mongwe le mongwe mo lefatsheng a ka nnang le di le tharo!

Gape Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gatisa kgotsa ba kopa gore ba gatisediwe dithanolo tsa Baebele tse di farologaneng. Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo—e e ranotsweng, ya gatisiwa le go anamisiwa ke Basupi—jaanong e teng e feletse kgotsa e le karolo ya yone ka dipuo di le 96. Go anamisitswe dikhopi di feta dimilione di le 166. Gape Basupi ba ruta dikgang tse di molemo tsa Bogosi . . .

Kwa Dipokanong Tsa Bokeresete. Dipokano tsa beke le beke tse di tshwarwang mo Diholong Tsa Bogosi ga se ditirelo fela tsa bodumedi; di tshwarwa ka boikaelelo jwa go ruta. Dipuo tse di neelwang di theilwe mo Baebeleng e bile go dirisiwa makasine wa Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tse di thusang go ithuta Baebele. Gape kwa dipokanong Basupi ba ithuta go nna bareri ba ba ditswerere ba dikgang tse di molemo.

Basupi ba ithuta dikgatiso tse di tshwanang mo diphuthegong di feta 107 000 mo lefatsheng lotlhe, mme seo se dira gore ba nne seoposengwe. Mongwe le mongwe a ka ya kwa dipokanong tseno. Ga go tsewe koleke epe. Gone ke boammaaruri gore, ano e ne e ka nna matsapa a bophiri fa Basupi ka bobone ba ne ba sa tshele go dumalana le se ba se rutang. Ka jalo, ba leka go buelela dikgang tse di molemo ka . . .

Go Tlhoma Sekao. Ba leka go itshwara ka tsela e Bakeresete ba tshwanetseng go itshwara ka yone, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tshwara ba bangwe ka tsela e le bone ba neng ba ka rata go tshwarwa ka yone. (Mathaio 7:12) Le fa ba sa itekanela e bile ka dinako tse dingwe ba dira diphoso, ba leka ka bopeloephepa go bontsha batho botlhe lorato e seng fela ka go ba bolelela dikgang tse di molemo mme le ka go ba thusa ka ditsela tse dingwe fa go kgonega.

Basupi ba ga Jehofa ga ba leke go sokolola lefatshe ka tiro ya bone ya go rera. Go na le moo, fa tiro e weditswe go ya kafa Jehofa a batlang ka gone, bokhutlo bo tla tla jaaka Jesu a ne a bolelela pele. Mme go tla diragala eng ka lefatshe le batho ba ba nnang mo go lone?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa ba rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe