Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo O ne A Bopa Diabolo?

A Modimo O ne A Bopa Diabolo?

Babadi ba a Botsa . . .

A Modimo O ne A Bopa Diabolo?

▪ E re ka Baebele e re Modimo o “bopile dilo tsotlhe,” bangwe ba sweditse ka gore o tshwanetse a bo a bopile Diabolo. (Baefeso 3:9; Tshenolo 4:11) Baebele e bontsha sentle gore ga go a nna jalo.

Jehofa o ne a bopa motho yo o neng a fetoga Diabolo. Ka jalo, go nna gone ga moganetsi yono yo mogolo wa Modimo go tshwanetse ga bapisiwa le se Dikwalo di se senolang ka ga Jehofa e le Mmopi. Di bolela jaana ka Modimo: “Tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:3-5) Go tswa mo mafokong ao, re ka swetsa ka gore kwa tshimologong Satane o ne a itekanetse e bile a siame e le mongwe wa bomorwa Modimo ba baengele. Mo go Johane 8:44, Jesu o ne a re Diabolo o ne a “se ka a itsetsepela mo boammaaruring,” mo go rayang gore Satane o kile a bo a na le boammaaruri e bile a se na molato.

Le fa go ntse jalo, jaaka dibopiwa tse dingwe tse di botlhale tsa ga Jehofa, moengele yo o neng a nna Satane o ne a na le kgololesego ya go tlhopha se se siameng kgotsa se se sa siamang. Ka go tlhopha go ganetsa Modimo le go tlhotlheletsa banyalani ba ntlha gore le bone ba ganetse Modimo, o ne a itira Satane, mo go rayang “Moganetsi.”—Genesise 3:1-5.

Gape sebopiwa seo sa moya se se boikepo se ne sa itira Diabolo, mo go rayang “yo o senyang batho maina.” Satane ke ene motho yo o sa bonaleng yo o neng a dirisa noga ka boferefere go tsietsa Efa gore a se ka a ikobela molao wa Mmopi o o neng beilwe ka tsela e e utlwalang sentle. Ke gone ka moo Jesu a neng a re Satane ke “ramaaka.”—Johane 8:44.

Mme go ne ga tla jang gore sebopiwa sa moya se se itekanetseng—se se se nang makoa e bile se sa tshele le batho ba ba boikepo—se dire phoso? Go bonala a ne a eletsa kobamelo e e neng e tshwanetse go newa Modimo fela mme a bona go ka kgonega gore a buse batho go na le gore ba busiwe ke Jehofa. Ka go nna a akanya ka keletso ya gagwe ya go batla go busa mme a sa e tlose mo mogopolong, o ne a itetla go nna a akanya thata ka yone go fitlha a e diragatsa. Buka ya Jakobe e tlhalosa kgang eno jaana: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.”—Jakobe 1:14, 15; 1 Timotheo 3:6.

Re ka tshwantsha jaana: Akanya ka akhaontente yo o bonang go ka kgonega gore a fetole dipego tsa madi a khampani e a e berekelang gore a utswe madi. A ka tlosa kakanyo eo e e sa siamang ka bonako mo mogopolong. Mme fa a ka tswelela a akanya ka yone, kgopolo ya go dira jalo e tla gola a bo a feleletsa a utswile. Fa a ka utswa, tota o tla bo a itirile legodu. Fa a ka bua maaka ka se a se dirileng, gape e tla bo e le moaki. Ka tsela e e tshwanang, e re ka moengele yo Modimo a mmopileng a ile a nna le dikeletso tse di sa siamang a bo a di diragatsa, o ne a dirisa kgololesego ya gagwe ya go itlhophela ka go tsietsa a bo a tsuologela Rraagwe, ka jalo a itira Satane Diabolo.

Se se itumedisang ke gore, Satane Diabolo o tla senngwa ka nako ya Modimo e e tshwanetseng. (Baroma 16:20) Fa go sa ntse go le jalo, baobamedi ba ga Jehofa Modimo ba itsisiwe ka maano a ga Satane a boferefere e bile ba sirelediwa mo go one. (2 Bakorintha 2:11; Baefeso 6:11) Ka jalo, “ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”—Jakobe 4:7.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Ka go tlhopha go nna kgatlhanong le Modimo, moengele yo o itekanetseng o ne a itira Satane