Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A Jehofa O a Re Rata Le fa Re le Ba-India?”

“A Jehofa O a Re Rata Le fa Re le Ba-India?”

Lekwalo le le Tswang Kwa Mexico

“A Jehofa O a Re Rata Le fa Re le Ba-India?”

MELESIO, monna yo o buang Se-O’dam, o ne a tle a fologe kwa dithabeng a tla go batla tiro. O ne a ya kwa dipokanong tsa Bokeresete a bo a tsaya dikgatiso tsa Baebele gore a di abele batho ba gagabo fa a boela gae. O ne a kopa gore mongwe a ba etele le go ba ruta go ya pele ka Baebele.

Ba-O’dam ke lotso lo lo nnang kgakala le batho ba bangwe kwa godimo kwa dithabeng tsa Sierra kwa bokonebogare jwa Mexico, dikilometara di ka nna 240 go tswa mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa e e gaufi. Bangwe ba rona re ne ra dira tshwetso ya go ba etela.

Re ne ra tsamaya ka bene e kgolo go tswa mo toropong ya Durango, re tshotse ditente le dilwana tsa go robala le dijo tse dintsi le peterolo e e ka tsayang malatsi a le mararo. Re ne ra simolola mosepele wa rona ka ura ya bonè mo mosong, ra kgweetsa diura di le robedi mo thabeng mo tseleng e e dithole go fitlha kwa e felelang teng. Fano go ne go simolola kgaolo ya Ba-O’dam. Kwa pele go ne go na le mokgatšha o o boteng le thaba e nngwe gape.

Re ne ra tlogela bene ya rona kwa ranchito, ke gore, motsana o o kwa thoko, mme mo diureng tse di latelang tse tharo re ne ra tsweletsa mosepele wa rona ka go tsamaya ka maoto re tshotse dithoto tsa rona mme ra fologela kwa tlase kwa mokgatšheng. Fa re le koo re ne ra tlhoma ditente, ra rwalela dikgong tse di lekaneng go gotsa molelo o mogolo gore o leleke diphologolo tse di tlhaga tsa naga, mme re tla re refosana go robala ka diura tse tharo gore re kgotletse molelo.

Mo mosong o o latelang re ne ra simolola go tlhatloga thaba go sa le phakela. Go ne go na le ditselana tse dintsi mo e leng gore re ne ra latlhega makgetlo a le mmalwa. Mo setlhopheng sa rona go ne go na le mongwe yo o kgonang go bua Se-O’dam go se kae, ka jalo re ne ra tlotla ka bokhutshwane ka molaetsa wa Baebele le batho ba ba nnang mo matlong a a fa tseleng. Re ne ra gakgamala tota go utlwa batho ba koo ba re bolelela gore kwa Los Arenales, kwa re neng re ya teng, go na le bangwe ba ba ipitsang Basupi ba ga Jehofa le gore ba ne ba tshwara dipokano tsa Baebele koo. Seno se ne sa re gakgamatsa mme gone e ne e le dikgang tse di kgothatsang.

Re ne ra goroga kwa Los Arenales re na le marophi mo maotong. Matlo a baagi ba koo a a neng a katogane a ne a agilwe ka mmu, a ruletswe ka dikhatebokoso—go se na dikolo le fa e le motlakase. Batho ba koo ba kgakala thata le batho ba bangwe mme ba tshelela mo khumanegong e e tlhomolang pelo, ba tshela fela ka senkgwe sa mmidi se se bidiwang tortilla le dijonyana tse dingwe tse e seng tsa sepe. Re ne ra fitlhela Melesio, lekawana la mmele o mosesane, le le neng la itumela thata fa le re bona. O ne a re laletsa kwa legaeng la gagwe la maemo a a kwa tlase mme a re bolelela gore o ntse a rapela Jehofa letsatsi le letsatsi gore a romele Basupi ba Gagwe gore ba tle go ruta ba lelapa la gagwe le batho ba gagabo ba Ba-O’dam Baebele. O ne a sa kgone go araba dipotso tsotlhe tsa bone.

Bodumedi jwa Ba-O’dam ke jwa boshaman. Ba itshireletsa ka dilo tse di jaaka mafofa a bontsu le marapo, ba obamela maatla a tlholego e bile ba boifa baperesiti ba bodumedi jwa boshaman ba ba ba sotlang. Melesio o ne a tlhalosa gore fa a ntse a ya kwa toropong o ne a ithuta gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri mme a fisa dilo tsotlhe tsa gagwe tsa kobamelo ya medingwana. Batho ba motse ba ne ba lebeletse gore medimo ya bone e mo otlhaye ka go mmolaya. Fa seo se sa diragale, ba ne ba lemoga gore Jehofa o na le maatla go feta medimo ya bone. Seo se ne sa dira gore ba nne gone mo thutong ya Baebele e Melesio a neng a e tshwarela ba lelapa la gagwe, a dirisa dikgatiso tsa rona.

Melesio a re: “Ke ne ka ba bolelela gore ba fise pele dipheko tsotlhe le medingwana ya bone.” Bontsi jwa bone ba ne ba fenya poifo e ba neng ba na le yone ya dilo tsa bodimona mme palo ya ba ba neng ba nna gone mo thutong ya Baebele e ne ya oketsega mme ga tla batho ba feta 80. Re ne ra gakgamalela go utlwa seo, mme ra swetsa ka gore re tshware dipokano mo go yone thapama eo. Re ne ra romela batho ba palame dipitse go ya go itsise batho ba ba neng ba tlhola ba tla go ithuta kwa ntlong ya ga Melesio. Le fa e ne e le fa gare ga beke e bile batho ba itsisitswe go le thari, go ne ga tla ba le 25, ba tla ka maoto le ka ditonki.

Re ne ra araba dipotso tsa Baebele tse batho ba neng ba di botsa re ranolelwa ke Melesio. Ba ne ba botsa dipotso tse di jaaka: “A Jehofa o a re rata le fa re le Ba-India?” “A o utlwa dithapelo fa di rapelwa ka Se-O’dam?” “Fa Haramagedona e tla, a Jehofa o tla re gopola le fa re nna kgakala jaana le ditoropo?” Re ne ra itumelela go tlhomamisetsa batho bao ba ba ikokobeditseng re dirisa Baebele gore Jehofa o amega ka batho ba ba pelonolo go sa kgathalesege gore ba bua puo efe kgotsa ba nna kgakala go le kana kang. Ba ne ba re kopa gore re ba romelele mongwe yo o tla ba rutang go ya pele.

Morago ga pokano re ne ra ja dijo tsa rona le ditsala tseno tse disha. Go ne go setse go le bosigo e bile go le tsididi, ka jalo re ne ra itumela fa ba ne ba re fa kamore e e sa ntseng e agiwa gore re robale mo go yone. Mo mosong o o latelang ba ne re buledisa go ya kwa beneng ya rona ka tsela e e kgaoletsang mme ra boela morago kwa Durango, re lapile mme re kgotsofetse.

Ruri e ne e le tshiamelo e kgolo go kopana le batho bao ba ba pelontle, ba bontsi jwa bone ba sa kgoneng go bala, go kwala kgotsa go bua Se-Spain mme ba batla go ithuta ka Modimo wa boammaaruri le go mo obamela! Fa e sa le re ba etetse, Basupi ba le barataro ba ile ba ba etela mme ba nna le bone dibeke di le tharo. Ba ne ba thusa batho ba ka nna 45 ba ka bopeloephepa ba neng ba batla go direla Jehofa, ba ba thusa gore ba mo itse. Botlhe ba nna gone ka metlha kwa dipokanong.

Kgang e nngwe e e kgatlhang ke eno. Lebenkele le lennye le e leng lone fela kwa Los Arenales ga le tlhole le rekisa motsoko. Seno ke ka gonne batho ba le bantsi ba ithuta Baebele mme botlhe ba tlogetse go goga motsoko. Gape ba kwadisitse manyalo a bone semolao.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Melesio le mosadi wa gagwe, bomorwadie ba banè le mogwagadie

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Thuto ya Baebele le pokano ya Bokeresete kwa Los Arenales

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Servicio Postal Mexicano, Correos de Mexico