Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikopano Tsa Kgaolo Tsa Kwa Russia Tse di Tshwarwang Selemo di a Ipedisa

Dikopano Tsa Kgaolo Tsa Kwa Russia Tse di Tshwarwang Selemo di a Ipedisa

Dikopano Tsa Kgaolo Tsa Kwa Russia Tse di Tshwarwang Selemo di a Ipedisa

NGWAGA le ngwaga ka selemo, Ba-Russia ba le bantsi ba ba ratang tlhago ba tswa mo matlong a bone a kwa toropong ba bo ba ya go nna kwa metseselegaeng mo matlong a mannye a a bidiwang di-dacha a go nniwang mo go one selemo. Ba e tsaya e le nako ya go tswa mo toropong e e tlhanaselang. Mo dingwageng di se kae tse di fetileng ka selemo, Basupi ba ga Jehofa kwa Russia le bone ba ile ba bonwa ba thologela kwa metseselegaeng—mme e le ka lebaka le lengwe.

Le fa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa kwa Russia e thibetswe kwa metseng mengwe, ba sa ntse ba kopana gore ba obamele mmogo phatlalatsa, ba dirisa kgololesego ya bone ya bodumedi e e kafa molaong. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya kganetso le kgatelelo e e tswang mo balaoding ba ba boleletsweng maaka kgotsa mo baruting ba kereke ya Orthodox ya kwa Russia, ka dinako tse dingwe Basupi ba ile ba thatafalelwa ke dilo fa ba kopa tetla ya go dirisa mafelo a a tshwanelang go tshwara dikopano tsa bone tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga ka selemo. Ka jalo Basupi ba ile ba rulaganya gore go tshwarwe dikopano kwa ntle kwa sekgweng kgotsa kwa mabaleng. Go tloga ka 2007 go ya go 2009, dikokoano tseno tse di tshwarelwang kwa ntle di ne tsa tshwarwa makgetlo a ka nna 40 mo mafelong a le 25 mo Russia.

Mosupi mongwe yo o nang le dingwaga di le dintsi a ya dikopanong kwa Russia o gopola jaana: “Mo dingwageng tse di fetileng fa re ne re hira ditadiamo le dikago mo ditoropong tse dikgolo, batho ba le bantsi ba ba peloephepa le balaodi ba mafelo ao ba ne ba kgona go bona le go itirela tshwetso ka phuthego ya rona ka ntlha ya bophepa le tsela e dilo di neng di dirwa ka thulaganyo ka yone. Jaanong re patelesega go kopanela kwa sekgweng. Ka maswabi batho ga ba kgone go bona dikokoano tseno tse di molemo tse kwa go tsone go tlang batho ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng, ba ditso tse di sa tshwaneng le ba ba tswang mo madumeding a a farologaneng.”

Le fa dikokoano tseno e le dinako tse di itumedisang, Mosupi mongwe a re: “Go a itumedisa go bona kafa Basupi ba bangwe ba bontshang moya wa go intsha setlhabelo le boikanyegi ka teng fa ba lebana le mathata. Mme gone, go bua boammaaruri fela, fa balaodi ba dira gore go nne thata gore re tshware dikopano, seo se ka re bakela tiro e ntsi e bile se ka re utlwisa botlhoko. Gape se dira gore re se ka ra nna le kgololesego ya go obamela Modimo Mothatayotlhe ka tsela e e nang le seriti.” Basupi ba ga Jehofa ba kwa Russia ba ile ba lebana le bothata jono jang?

Dikopano Tse di Tshwarelwang Kwa Dikgweng Kwa Russia

Gantsi fa ditumalano tsa go hirwa ga mafelo di phimolwa ka motsotso wa bofelo seo se dira gore barulaganyi ba kopano ba nne le malatsi a se kae fela a go direla batlakopanong ba le diketekete dithulaganyo tse dingwe. Ka sekai, ka 2008, Basupi ba kwa Cheboksary, kwa Repaboliking ya Chuvash, ba ne ba tshwanelwa ke go tshwara kopano ya kgaolo mo lebaleng le legolo le le dikologilweng ke ditlhare tse ditelele tsa birch tsa dikala tse ditshesane gaufi le Noka ya Volga. Ba ne ba lebanwe ke namane e tona ya tiro. Go ne go lebeletswe gore batho ba le 1 930 ba tle kopanong, mme ba le 1 700 ba bone ba ne ba tshwanetse go rulaganyediwa marobalo mo lebaleng leo. Ba ne ba tlhoka dishawara le disinki tse di nang le metsi a a molelo le a a tsididi, matlwana a boithomelo le motlakase. Mme batlakopanong botlhe ba ne ba tshwanetse go fiwa dijo.

Bakaulengwe ba ile ba dira ka natla go naya batlakopanong se ba se tlhokang. Go ne go na le ba ba dirang ka logong, ka motlakase le ba ba tsenyang diphaepe tsa metsi. Setlhopha sa baithaopi ba Basupi ba ka nna 350 se ile sa ithaopela go thusa ka tiro, mme ba le 14 ba bone ba ne ba nna mo lefelong leo ka malatsi a le lesome. Ba ne ba shaga mapolanka, ba goga matlhaka le go tlhoma ditente, dishawara le matlwana a boithomelo. Setlhopha se sengwe sa bakaulengwe se ne sa ya kwa toropong ka makgetlo a le mmalwa go ya go reka dilwana. E re ka go ne go se na setsidifatsi, bakaulengwe ba ne ba swetsa ka gore batlakopanong ba apeelwe dijo gararo ka letsatsi, gone mo lefelong la kopano. Batsamaisi ba lebala leo ba ne ba thusa ka go hira badiri bangwe gore ba direle batlakopanong dijo. Kgabagare, batlakopanong ba le 500 ba ne ba itlela ditente tsa bone, ba le 150 ba hira matlo a a gaufi le lebala, ba le 15 ba robala mo bojannyeng jo bo omileng mo bonnong jwa diruiwa mme ba bangwe ba nna mo ditenteng tse di tlhomilweng ke bakaulengwe.

Fa batlakopanong ba goroga, ba ne ba kgatlhantshiwa ke botala jwa ditulo tse dintsintsi tsa polasetiki tse di neng di rulagantswe sentle ka mela. Kwa pele go ne go na le dirala tse pedi tse di kgabisitsweng ka dithunya, se sengwe e le sa thulaganyo ya Se-Russia mme se sengwe e le sa thulaganyo ya Se-Chuvash. Mongwe le mongwe o ne a itumelela thulaganyo ya go rutiwa ka Baebele e bile a anaanela tiro ya bonatla e baithaopi ba e dirileng. Mongwe wa batho ba ba neng ba dira dijo o ne a re, “Fa nkabo ke sa iponela seno ka matlho, ke ne nka se dumele gore go na le phuthego e e dirang dilo ka thulaganyo jaaka ya lona!” Bangwe ba ne ba tshwantsha dithulaganyo tsa kopano le Moletlo wa Diobo o o neng o ketekwa ke setšhaba sa Iseraele mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele.

Mo metseng e mengwe, Basupi ba ne ba na le letsatsi le le lengwe fela go batla lefelo le lengwe le ba neng ba tla tshwarela kopano ya kgaolo mo go lone le go le baakanya. Go ne ga nna jalo kwa Nizhniy Novgorod, kwa baithaopi ba neng ba bereka ka go refosana bosigo le motshegare mo setsheng se e seng sa puso. Ba ne ba tshwanelwa ke go kgaola ditlhare le ditlhatshana, go sega bojang le go bolaya dikgofa le ditshoswane. Fa batlakopanong ba goroga ka Labotlhano mo mosong, baithaopi ba ne ba setse ba tlisitse ditulo tsa polasetiki di le 2 000 le matlwana a boithomelo a a kgonang go fudusiwa a le lesome, ba tlhomile disinki tsa metsi, ba agile serala e bile ba golagantse jenereitara le dibuelagodimo. Mokaulengwe mongwe o ne a re: “Selo se se gakgamatsang le go feta ke gore bakaulengwe ba ba neng ba ithaopile go dira bosigo le motshegare ga ba a ka ba batla go tlotlomadiwa. Ba ne ba tswelela ba direla ba bangwe ka boikokobetso ka nako ya kopano. Bakaulengwe bano ba ne ba dira ka natla gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba nne sentle mme ba itumelele go rutiwa Baebele.”

Mokaulengwe yo mongwe o ne a kwala jaana: “Ruri bakaulengwe ba ne ba dira ba le seoposengwe. Le mororo e ne e le lekgetlo la ntlha bakaulengwe ba rulaganya kopano e e tshwarelwang kwa ntle mme ba dira jalo mo nakong e khutshwane, ba ne ba akanyetsa mabaka otlhe gore fa thulaganyo e ntse e tsweletse go se ka ga nna le dilo di le dintsi tse di itayang bareetsi tsebe. Morago ga moo, ga re a ka ra ikutlwa re lapile. Jehofa o ne a re neile maatla le bokgoni jwa go dira tiro eo re sa lape!”

Moya wa Modimo o a Dira

Go rarabolola mathata a go rulaganyetsa dikopano go ne ga dira ka ditsela di le dintsi gore Basupi ba lefelo le kopano e tshwaretsweng kwa go lone ba atamalane mme ga bontsha kafa moya wa Modimo o dirang ka teng. Kwa Smolensk, dikopo tse dintsi tsa marobalo tse di neng di dirilwe di ne tsa phimolwa letsatsi pele ga kopano. Mogolwane mongwe a re: “Fa batlakopanong ba goroga ka dibese ka ura ya bongwe mo mosong go ne go se na kwa re ka ba robatsang teng. Ke ne ka simolola go lela ka gonne go ne go se na sepe se nka ba direlang sone. Ke ne ka rapela Jehofa ke mo kopa gore a rarabolole bothata jono. Ruri ke ne ka itumela thata fa re sena go bonela mongwe le mongwe marobalo morago ga ura! Go ne go gakgamatsa tota e bile go supa gore Jehofa ga a kitla a phuaganya batho ba gagwe ba ba siameng!” Kwa kopanong e nngwe e e neng e tshwaretswe mo sekgweng, bakaulengwe ba ne ba kopa marobalo mo bathong ba motse, mme ka ntlha ya leina le le molemo le Basupi ba le itiretseng mo lefelong leo, batho ba motse ba ne ba amogela batlakopanong ba le 2 000 mo magaeng a bone ka nako ya kopano.

Mosupi mongwe a re: “Lebaka la go bo re ne ra kgona go tshwara kopano eo ke bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa kafa go leng botlhokwa ka gone go ikaega ka Jehofa mo maemong otlhe.” Seno se ne sa bonala fa batho bangwe ba ba neng ba tla go sa lebelelwa ba ne ba leka go kgoreletsa kopano. Kwa Novoshakhtinsk, baruti ba kereke ya Orthodox ya kwa Russia le baganetsi ba ne ba tla mme ba opela difela ba bo ba buela mo dibuelagodimong gore sebui sa kopano se se ka sa utlwala. Le fa go ntse jalo, mapodise a ne a ba thibela go kgoreletsa thulaganyo. Fa mongwe wa baganetsi, yo e leng mosadi wa kereke ya Orthodox a ne a idibadiwa ke mogote, bakaulengwe ba ne ba mo tseela kwa Lefapheng la Thuso ya Potlako la kopano mme ba mo thusa ka tsa kalafi. O ne a sala a jele kgakge.

Ba Gakgamaditswe Ke se Ba se Boneng

E re ka batho ba tshwenyegile thata ka borukhutlhi, gantsi fa go nna le dikokoano tse dikgolo kwa Russia, mapodise le batho ba motse ba rata go bona gore go direga eng. Ka sekai, kopano e e neng e tshwaretswe kwa sekgweng kwa Volzhskiy, e ne e beilwe leitlho ke mapodise a a lwantshang borukhutlhi. Mongwe wa bone o ne a latlhegelwa ke founo ya selula ka nako ya thulaganyo, mme bakaulengwe ba ne ba mo thusa go e bona kwa Lefapheng la Dilo Tse di Latlhegileng. Nakwana fela morago ga foo, o ne a founelwa ke mookamedi wa gagwe yo o neng a batla go itse gore a go na le batho bape ba ba tlhotlheletsang thubakanyo kgotsa borukhutlhi mo kopanong. Lepodise le ne la re: “Dilo tsotlhe di apere tshiamo; go na le batho ba le 5 000 fano mme ga go na ope yo o tlolang molao. Wa re borukhutlhi? Kopano eno e dirile gore ke lebe dilo ka tsela e sele. Ke ne ka latlhegelwa ke founo mme ba ne ba e bona ba bo ba e tlisa kwa go nna!”

Motlhokomedi mongwe o ne a kgatlhiwa thata ke bophepa jwa mabala a kopano mme a gakgamadiwa ke gore le fa go ne go na le bana ba bantsi jaana, ga a ka a bona le fa e le pampiri e le nngwe fela ya dimonamone. Mong wa lebala le kopano e nngwe e neng e tshwaretswe kwa go lone o ne a kgatlhantsha mapodise a a neng a itsisitswe gore go na le kokoano e kgolo ya bodumedi. O ne a isa lefotenente wa mapodise kwa mathuding a boalo jwa boraro jwa kago e e gaufi le lebala a bo a mo raya a re: “A ko o ba lebe fela! Le wena o a bona. Ruri ba dira dilo ka thulaganyo!” Mong wa lefelo leo o ne a gakgamadiwa ke gore Basupi ga ba nwe e bile ga ba goge mme fa ba tsamaya ga ba tlogele sepe, le one matlakala ba tsamaya ka one. O ne a re: “E ne e kete ke paradaise!”

Batho ba Modimo ba Bontsha Gore ba Seoposengwe

Morago ga kopano nngwe e e neng e tshwaretswe kwa sekgweng, kgosana ya motse o o fa gaufi e ne ya tlhotlheletsega go re: “Ke dumela gore lo batho ba ba boingotlo mme tota lo na le bokgoni. Rona re rata go itlhaola, mme lona lo kgona go kopanya batho!” Go tswa kwa Kaliningrad go ya kwa Kamchatka, baagi ba naga eno e kgolo ba sa ntse ba kgatlhiwa ke tsela e batho ba Modimo ba leng seoposengwe ka yone fa ba le kwa dikokoanong tsa bone tse dikgolo tsa go ithuta Baebele. Le fa ba ka tshwanelwa ke go fetola dithulaganyo tsa bone ka bonako jang e bile ba sa lebelela, go na le sengwe se se sa fetogeng—tsela e ba tlotlang babusi le bangwe ka bone ka yone.

Le fa boemo jwa bone e ka nna bofe, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Russia ba tswelela ba ipelela go kopana mmogo gore ba ithute Baebele. Ba rapelela “dikgosi le botlhe ba ba mo maemong a a kwa godimo; gore [ba tle ba] tswelele [ba] tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng ka boineelo jo bo tletseng jwa bomodimo le bomasisi.”—1 Timotheo 2:2.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Mongwe wa baithaopi ba Basupi o thusa go baakanyetsa kopano e e tshwarelwang kwa ntle

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Basupi ba ga Jehofa kwa Russia ba tswelela pele ba tshela “botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng ka boineelo jo bo tletseng jwa bomodimo”

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Baithaopi ba ne ba dira mmogo go phepafatsa mabala pele ga kopano le go fepa diketekete tsa batlakopanong

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Mongwe le mongwe o ne a itumelela thulaganyo ya go rutiwa Baebele mme a anaanela tiro ya bonatla ya baithaopi