Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Latlha Badumedimmogo le Wena

O se Ka wa Latlha Badumedimmogo le Wena

O se Ka wa Latlha Badumedimmogo le Wena

“KA DINGWAGA di le lesome, re ne re iteilwe tsebe ke maphatsiphatsi a lefatshe la kgwebo, re humile tota. Le fa re godiseditswe mo boammaaruring, re ne re katogetse kgakala le Jehofa mme re se na maatla a go boa,” go ne ga bolela jalo Jarosław le mosadi wa gagwe, Beata. *

Mokaulengwe yo mongwe e bong Marek, a re: “Ka ntlha ya diphetogo tsa loago le tsa dipolotiki kwa Poland, ke ne ka nna ke latlhegelwa ke tiro ka makgetlo a le mantsi. Ke ne ke kgobegile marapo. Ke ne ke ntse ke tshaba go ipulela khampani ya me ka gonne ke ne ke se motho yo o ratang kgwebo. Kgabagare, ke ne ka raelesega go itshimololela kgwebo, ke akanya gore seno se tla nthusa gore ke kgone go tlamela lelapa la me ka se le se tlhokang mme se sa ame bomoya jwa me ka gope. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore ke ne ke fositse go le kana kang.”

Mo lefatsheng leno le maemo a botshelo a ntseng a thatafalela pele le botlhokatiro bo ntseng bo oketsega, batho bangwe ba tlhoka tsholofelo mme ka ntlha ya seo ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba dirile tshwetso ya go dumela go bereka morago ga tiro, go bereka ditiro tse di oketsegileng kgotsa go simolola kgwebo nngwe, tota le fa ba se na maitemogelo. Ba akanya gore lotseno lo lo oketsegileng lo tla thusa malapa a bone e bile seo se ka se ame kamano ya bone le Jehofa. Le fa go ntse jalo, ditiragalo tse di sa lebelelwang le ikonomi e e sa tlhomamang e ka senya tota le maikaelelo a a akanyeditsweng sentle. Ka ntlha ya seo, bangwe ba ile ba wela mo seraing sa bopelotshetlha mme ba tlogela go baya dilo tsa semoya kwa pele.—Mor. 9:11, 12.

Bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi ba tseneletse thata mo go batleng dithoto mo ba sa tlholeng ba na le nako ya go ithuta ba le nosi, ya go ya dipokanong le ya tirelo ya tshimo. Kwantle ga pelaelo, go itlhokomolosa dilo tseno go senya bomoya jwa bone le kamano e ba nang le yone le Jehofa. Gape ba ka nna ba latlha kamano e nngwe gape e e botlhokwa—botsala jwa bone le ‘ba ba amanang le bone mo tumelong.’ (Bagal. 6:10) Bangwe ba katogela kgakala le bakaulengwe ka iketlo. Akanya ka kelotlhoko ntlha eno e e botlhokwa.

Boikarabelo Jwa Rona mo Badumeding Mmogo le Rona

E re ka re le bakaulengwe le bokgaitsadi, re na le ditshono tse dintsi tsa go bontshana lorato. (Bar. 13:8) Mo phuthegong ya lona, o ka tswa o bone bangwe ‘ba ba bogisiwang ba goa ba kopa thuso.’ (Jobe 29:12) Bangwe ba ka tswa ba tlhoka dilo tsa botlhokwa tsa go itshedisa. Moaposetoloi Johane o ne a re gakolola gore seno se re naya boikarabelo bofe. “Le fa e le mang yo o nang le mo go tshegetsang botshelo ga lefatshe leno mme a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka mme le fa go ntse jalo a mo tswalela setswalo sa mapelotlhomogi, ke ka tsela efe lorato lwa Modimo lo ntseng mo go ene?”—1 Joh. 3:17.

O ka tswa o ile wa thusa bangwe ka bopelotshweu ka dilo tse di ntseng jalo tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, go kgatlhegela bakaulengwe ba rona ga se ka dilo tse ba di tlhokang mo nameng fela. Bangwe ba ka kopa thuso ka gonne ba jewa ke bodutu kgotsa ba kgobegile marapo. Ba ka tswa ba ikutlwa ba sa tshwanelegele go direla Jehofa, ba tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi kgotsa ba tlhokafaletswe ke mongwe yo ba mo ratang. Tsela nngwe ya go ba kgothatsa ke ka go ba reetsa le go bua le bone, fa re dira jalo re tla kgona go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong le mo semoyeng. (1 Bathes. 5:14) Gantsi seno se nonotsha lorato lo re ratang bakaulengwe ba rona ka lone.

Badisa ba semoya e ka nna bone ba segolobogolo ba ka kgonang go reetsa ka kutlwelobotlhoko, go tlhaloganya le go neela kgakololo e e lorato ya Dikwalo. (Dit. 20:28) Ka tsela eo, balebedi ba etsa moaposetoloi Paulo, yo o neng a na le “lorato lwa bopelonomi” mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba gagwe.—1 Bathes. 2:7, 8.

Le fa go ntse jalo, fa Mokeresete a katogela kgakala le letsomane, go direga eng ka boikarabelo jo a nang le jone mo badumeding mmogo le ene? Tota le balebedi ba ka nna le diteko tsa go gagamalela go batla dithoto. Go tweng fa Mokeresete a ka ineelela thaelo e e ntseng jalo?

Go Imelwa ke Ditlhobaelo Tsa Botshelo

Jaaka re lemoga, go kgaratlhela go tlamela lelapa ka dilo tse ba di tlhokang gantsi go felela ka ditlhobaelo mme seno se ka koafatsa bomoya jwa motho. (Math. 13:22) Marek, yo go builweng ka ene pelenyana, o tlhalosa jaana: “Fa kgwebo ya me e ne e sa atlege, ke ne ka swetsa ka gore ke ye go batla tiro e e duelang sentle kwa moseja. Ke ne ka tsamaya dikgwedi di le tharo fela, morago ga foo ka tsamaya tse dingwe di le tharo, jalo le jalo, mme ke ne ke boa gae ka nakwana fela go tla go ba bona. Mosadi wa me yo o sa dumeleng o ne a utlwa botlhoko mo maikutlong thata ka ntlha ya seo.”

Ga se botshelo jwa lelapa fela jo bo neng jwa nna le mathata. Marek o tswelela ka gore: “Mo godimo ga go bereka diura tse dintsi mo tlase ga kgatelelo, ke ne ke kopana le batho ba ba se nang maitseo ba ba neng ba leka go ja ba bangwe ntsoma. Ba ne ba tshwana le dinokwane. Ke ne ke ikutlwa ke ngomogile pelo e bile ke gateletswe. Ke ne ke se na le nako ya go itlhokomela, ke ne ka simolola go belaela gore a ke na le bokgoni jwa go direla ba bangwe.”

Ditlamorago tse di botlhoko tsa tshwetso e Marek a e dirileng, di tshwanetse go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba akanye. Tota le fa go lebega e kete go fudugela kwa moseja go ka rarabolola mathata a tsa madi, a go ka se bake mathata a mangwe? Ka sekai, go tla direga eng ka bomoya jwa lelapa la gago le maikutlo a lone? A go fuduga goo go ka felela ka go senya kamano e re nang le yone le bangwe mo phuthegong? A go ka se re amoge tshiamelo e re nang le yone ya go dira mmogo le badumedimmogo le rona?—1 Tim. 3:2-5.

Le fa go ntse jalo, fela jaaka o ka tswa o lemoga, motho ga a tlhoke go bereka kgakala le naga ya gaabo gore a tshwarege mo tirong ya boitshediso. Akanya ka Jarosław le Beata. Jarosław a re: “Tseno tsotlhe di simologile ka tsela e e neng e lebega e se na mathata. E re ka re ne re sa tswa go nyalana, re ne ra bula lefelo le lennye le le rekisang di-hotdog (dirolo tse di tsentsweng boroso mo teng) mo lefelong le le siametseng kgwebo. E re ka re ne re dira madi a mantsi re ne ra dira tshwetso ya go oketsa kgwebo ya rona. Mme re ne re se na nako, ka jalo re ne re sa nne gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Go ise go ye kae, ke ne ka tlogela go bulatsela le go nna motlhanka wa bodiredi. E re ka re ne re itumelela madi a re neng re a dira, re ne ra bula lebenkele le legolo mme ra kopanela kgwebo ya rona le motho yo o sa dumeleng. Ka bonako fela morago ga foo, ke ne ke tsaya maeto a go ya moseja ke ya go saena dikonteraka tsa dimilione tsa didolara. Ke ne ke nna ke se yo mo gae, mme kamano ya me le mosadi wa me le morwadiake e ne ya koafala. Kgabagare, kgwebo e e neng e dira madi a mantsi, e ne ya re robatsa semoyeng ka bonya ka bonya. E re ka re ne re katogetse kgakala le phuthego, re ne re sa akanye le go akanya ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.”

Re ka ithuta eng mo go seno? Keletso ya go batla go itirela botshelo jo bo monate e ka tsenya Mokeresete mo seraing se se felelang ka gore a se ka a kgotsofala—tota le go latlhegelwa ke “diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle,” e leng se se mo tlhaolang jaaka Mokeresete. (Tshen. 16:15) Seno se ka re kgaoganya le bakaulengwe ba mo nakong e e fetileng re neng re kgona go ba thusa.

Itshekatsheke ka Boikanyegi

Gongwe re ka nna ra ipolelela jaana, ‘Seno se ka se ntiragalele.’ Le fa go ntse jalo, rotlhe re tshwanetse go akanya thata ka gore tota re tlhoka go le kana kang mo botshelong. Paulo o ne a kwala jaana: “Ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Tim. 6:7, 8) Ke boammaaruri gore maemo a botshelo a farologana go ya ka dinaga. Se se ka tsewang e le madinyana a mannye fela kwa dinageng tse di tlhabologileng se ka tsewa e le botshelo jwa manobonobo mo dinageng tse dingwe tse dintsi.

Le fa re ka tswa re tshela mo maemong a a ntseng jang, re tshwanetse go akanyetsa mafoko a ga Paulo a a latelang: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.” (1 Tim. 6:9) Serai se bewa gore selo se se thaisiwang se se ka sa se bona. Se diretswe go tshwara selo se se thaisitsweng se sa lemoge. Re ka tila jang go wela mo seraing sa ‘dikeletso tse di utlwisang botlhoko’?

Go rulaganya dilo tse di tlang pele mo botshelong go ka re thusa gore re bone nako e ntsi ya dilo tse di direlwang Bogosi, go akaretsa le thuto ya motho a le nosi. Thuto e e ntseng jalo mmogo le thapelo, di ka thusa Mokeresete gore a “tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo” go thusa ba bangwe.—2 Tim. 2:15; 3:17.

Fa dingwaga di le mmalwa di ntse di feta, bagolwane ba ba lorato ba ne ba dira ka natla go thusa Jarosław le go mo kgothatsa. O ne a tlhotlheletsega go dira diphetogo tse dikgolo. A re: “Mo motlotlong mongwe o o botlhokwa thata, bagolwane ba ne ba nopola sekao sa Dikwalo sa lekawana le le humileng le le neng le batla go tshelela ruri mme le sa ikaelela go tlogela dikhumo tsa lone. Mme ka botlhale ba ne ba dira gore ke akanye kafa tshedimosetso eno e ka nkamang ka teng. Ruri seno se ne sa nthusa go akanya gore tota ke tshwanetse go dira sengwe!”—Dia. 11:28; Mar. 10:17-22.

Jarosław o ne a sekaseka boemo jwa gagwe ka boikanyegi mme a dira tshwetso ya go tlogela kgwebo e kgolo e a neng a le mo go yone. Mo dingwageng tse pedi, ene le lelapa la gagwe ba ne ba boelana gape le Jehofa. Gone jaanong o direla bakaulengwe ba gagwe e le mogolwane. Jarosław a re: “Fa bakaulengwe ba tshwarega thata mo kgwebong mo e bileng ba tlhokomologa bomoya jwa bone, ke dirisa sekao sa me go ba bontsha kafa go seng botlhale go pataganela jokwe le batho ba ba sa dumelang. Ga go motlhofo go gana ditshono tsa go dira madi le go katogela kgakala le mekgwa e e sa siamang.”—2 Bakor. 6:14.

Marek le ene o ne a ithuta ka tsela e e botlhoko. Le fa tiro e e dueleng madi a mantsi ya kwa moseja e ile ya kgona go thusa lelapa la gagwe ka tsa madi, kamano ya gagwe le Modimo le bakaulengwe ba gagwe e ne ya senyega. Fa nako e ntse e ya, o ne a baya dilo tse di tlang pele mo lefelong la tsone. A re: “Fa dingwaga di ntse di feta boemo jwa me bo ne jwa tshwana le jwa ga Baruke wa bogologolo yo o neng a ‘nna a ipatlela dilo tse dikgolo.’ Kgabagare ke ne ka bulela Jehofa mafatlha a me ke mmolelela ditlhobaelo tsa me, mme jaanong ke ikutlwa ke nonofile gape mo semoyeng.” (Jer. 45:1-5) Gone jaanong, Marek o gagamalela “tiro e e molemo” ya go nna molebedi mo phuthegong.—1 Tim. 3:1.

Marek o tlhagisa ba ba akanyetsang go ya go batla tiro e e duelang botoka kwa moseja jaana: “Fa o le kwa moseja, go motlhofo go wela mo diraing tsa lefatshe leno le le boikepo. Go se itse puo ya koo sentle go ka dira gore o palelwe ke go tlotla le batho ba bangwe. O ka nna wa boela gae o na le madi, mme gape o tla nna le matsadi a semoya a a ka tsayang lobaka lo loleele go fola.”

Go dira gore go nne le tekatekano magareng ga tiro ya boitshediso le se re tshwanetseng go se direla bakaulengwe ba rona go tla re thusa gore re ipedise Jehofa. Mme re ka nna dikao tse di tshelang tse di ka rotloetsang ba bangwe go dira ditshwetso tse di molemo. Ba ba ngomogileng pelo ba tlhoka kemonokeng ya rona, kutlwelobotlhoko, le sekao se se molemo sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. Bagolwane ba phuthego le batho bangwe ba ba godileng sentle, ba ka thusa badumedimmogo gore ba nne tekatekano ba bo ba tile go fekeediwa ke ditlhobaelo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi.—Baheb. 13:7.

Ee, le ka motlha a re se ka ra tlogela badumedimmogo le rona ka go tshwarega ka ditiro tsa boitshediso. (Bafil. 1:10) Go na le moo, a re ‘humeng malebana le Modimo’ fa re ntse re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong jwa rona.—Luke 12:21.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

A tiro ya gago ya boitshediso e go kgoreletsa go nna gone kwa dipokanong?

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

A o bona botlhokwa jwa ditshono tse o nang le tsone tsa go thusa bakaulengwe ba gago le bokgaitsadi?